Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 2

Cha ti Nga Zwidiya mu “Ndiyiwa wa ka be e Diwa na Jesu”

Cha ti Nga Zwidiya mu “Ndiyiwa wa ka be e Diwa na Jesu”

“Badiwa nga ti daneni nge kuti ludo nge gwe Ndzimu.”—1 JOH. 4:7.

LUMBO 105 “Modimo ke Lorato”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ludo gwe Ndzimu go thama kuti u zwihwe chini?

MOAPOSETOLOI JOHANE o ile a re, “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8) Re a itse gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Mme mafoko ao a re gopotsa gore lorato lo tswa kwa go ene. Jehofa o a re rata! Tsela e a re ratang ka yone e dira gore re ikutlwe re sireletsegile gape e dira gore re itumele.

2. Ku yenda na Matewu 22:37-40, i milayo ipi mibili mikulu, ngono ini ku nga ti simila ku hwilila we bubili?

2 Bakeresete ga ba itlhophele gore a ba tla rata batho ba bangwe kgotsa ga ba kitla ba ba rata. Go rata batho ba bangwe ke taelo e ba tshwanetseng go e ikobela. (Bala Mathaio 22:37-40.) Fa re itse Jehofa sentle, go nna motlhofo gore re ikobele taelo ya ntlha. Seno ke ka gonne Jehofa ga a dire diphoso, o amega ka rona e bile o dirisana sentle le rona. Mme gone, go ka nna thata gore re ikobele taelo ya bobedi. Ka ntlha yang? Ka gonne batho bangwe ba Baebele e reng ke baagelani ba rona ke bakaulengwe le bokgaitsadi mme ba dira diphoso. Ka jalo, ba ka nna ba bua kgotsa ba dira dilo dingwe tse di ka re utlwisang botlhoko. Jehofa o ne a itse gore go tlile go nna thata gore re ikobele taelo eno. Ka jalo, o ile a dirisa bakwadi ba Baebele go re ruta gore ke eng fa re tshwanetse go ratana le gore re ka bontsha jang gore re rata ba bangwe. Mongwe wa bakwadi bao ke Johane.—1 Joh. 3:11, 12.

3. Johani wa ka tshambilidza kuti ku thangweni?

3 Mo makwalong a Johane a ileng a a kwala, o nna a boaboeletsa kgang ya gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana. Tota e bile, mo bukeng ya Baebele e a ileng a e kwala ka botshelo jwa ga Jesu, o bua ka lorato makgetlho a le mantsi go feta Mathaio, Mareko le Luke. Johane o ne a na le dingwaga di ka nna lekgolo fa a ne a kwala dibuka tse di bidiwang ka leina la gagwe. Mo dibukeng tseo tsa Baebele, re ithuta gore sengwe le sengwe se re se dirang re tshwanetse go se dira re tlhotlhelediwa ke lorato. (1 Joh. 4:10, 11) Mme gone, go ile ga tsaya lobaka lo loleele pele Johane a ithuta gore o tshwanetse go rata ba bangwe.

4. Apa Johani wa ka be e gala e lakidza bangwe ludo?

4 Fa Johane a ne a le mosha, ga se ka metlha a neng a bontsha ba bangwe gore o a ba rata. Nako nngwe Jesu o ne a feta kwa Samarea le barutwa ba gagwe ba ya kwa Jerusalema. Batho ba kwa motseng wa Samarea ba ne ba gana go ba amogela. Johane o ile a dira eng? Ene le morwarraagwe e bong Jakobe, ba ile ba botsa Jesu gore a ba kope gore molelo o tswe kwa legodimong mme o senye batho botlhe ba motse oo! (Luke 9:52-56) Mo lekgetlhong le lengwe gape, Johane ga a ka a bontsha gore o rata baaposetoloi ba bangwe. Go bonala ene le Jakobe ba ile ba kopa mmaabone gore a kope Jesu gore a ba neye maemo a a kwa godimo mo Bogosing. Fa baaposetoloi ba bangwe ba utlwa ka se Jakobe le Johane ba ileng ba se dira, ba ile ba galefa. (Math. 20:20, 21, 24) Le fa gone Johane a ne a dira diphoso, Jesu o ne a mo rata.—Joh. 21:7.

5. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

5 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka sekao sa ga Johane le dilo dingwe tse a ileng a di kwala tse di buang ka lorato. Re tla ithuta gore re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Gape re tlile go ithuta gore ke dilo dife tsa botlhokwa tse tlhogo ya lelapa a ka di dirang go bontsha gore o rata lelapa la gagwe?

LUDO GO LAKIDZIWA NE MISHINGO

Jehofa o ile a bontsha gore o a re rata ka go romela Morwawe mo lefatsheng gore a re swele (Bona serapa 6-7)

6. Jehova wa ka ti lakidza ludo gugwe chini?

6 Re ka akanya gore re rata ba bangwe fela ka gonne re ikutlwa re ba rata kgotsa re tlhola re ba bolela gore re a ba rata. Mme gone, ga re a tshwanela go bolelela ba bangwe fela gore re a ba rata, re tshwanetse go ba bontsha seo ka go ba direla dilo tse di molemo. (Bapisa Jakobe 2:17, 26.) Ka sekai, Jehofa o a re rata. (1 Joh. 4:19) Mme o re bolelela gore o a re rata a dirisa Baebele. (Pes. 25:10; Bar. 8:38, 39) Jehofa ga a re bolelele fela gore o a re rata mme o re bontsha seo ka dilo tse a di dirang. Johane o ile a re: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene.” (1 Joh. 4:9) Jehofa o ile a letla gore Morwawe a boge a bo a re swela. (Joh. 3:16) Ka jalo, ga re belaele gore Jehofa o a re rata.

7. Jesu wa ka thamani i li ku ti lakiza ludo gugwe?

7 Jesu o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore o a ba rata. (Joh. 13:1; 15:15) Mme gone, o ile a dira sengwe se se bontshang gore o a ba rata le gore le rona o a re rata. Jesu o ile a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Joh. 15:13) Fa re akanya ka se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone, seo se tshwanetse gore tlhotlheletsa gore re dire eng?

8. 1 Johani 3:18 i kati ta ka fanila thamani?

8 Re bontsha gore re rata Jehofa le Jesu ka go ba ikobela. (Joh. 14:15; 1 Joh. 5:3) Jesu o ile a re laela gore re ratane. (Joh. 13:34, 35) Re tshwanetse go bolelela le go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata. (Bala 1 Johane 3:18.) Ke dilo dife tse re ka di dirang go bontsha gore re a ba rata?

IDANI BAZWALANI NE DZIAZWADZI DZENYU

9. Ludo gwa ka sundidzila Johani ku thamani?

9 Johane a ka bo a ile a tlhopha go nna kwa gae le rraagwe gore a tsweletse kgwebo ya lelapa ya go tshwara ditlhapi le go di rekisa. Mme gone, o ile a tlhopha go dirisa nako ya gagwe go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa le Jesu. Tiro e a neng a e tlhophile e ne e se motlhofo. O ile a bogisiwa mme fa a setse a tsofetse o ne a tsenngwa mo kgolegelong. (Dit. 3:1; 4:1-3; 5:18; Tshen. 1:9) Fa Johane a ntse a le kwa kgolegelong, o ile a bontsha gore o rata ba bangwe. Ka sekai, fa a ntse a le kwa kgolegelong kwa setlhaketlhakeng sa Patamose, o ile a kwala buka ya Tshenolo a bo a e romela kwa diphuthegong gore ba tle ba itse dilo ‘tse di tlogang di direga.’ (Tshen. 1:1) Mme fa a sena go gololwa kwa kgolegelong, o ile a kwala pego ya botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe. Gape o ile a kwala makwalo a mararo gore a kgothatse bakaulengwe le bokgaitsadi. O ka etsa jang sekao sa ga Johane?

10. U nga lakidza chini kuti u no da bathu?

10 O ka bontsha gore o rata batho ka se o tlhophang go se dira ka botshelo jwa gago. Satane le batho ba lefatshe la gagwe ba batla gore o ikakanyetse o le nosi, o itirele madi a mantsi e bile o itsege. Go na le moo, Bakeresete ba dirisa nako ya bone go rera dikgang tse di molemo le go thusa batho gore ba atamalane le Jehofa. Bangwe ba kgona go dira tiro ya go rera le go ruta batho Baebele letsatsi le letsatsi.

Re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi le ba malapa a rona ka dilo tse re ba direlang tsone (Bona serapa 11, 17) *

11. Bareri banjinji ba no thembeka ba no lakidza chini kuti ba no da Jehova ne bazwalani ne dziazwadzi dzabo?

11 Bakeresete ba le bantsi ba tshwanetse go bereka ka gonne ba tlhoka go tlamela ba malapa a bone. Le fa go ntse jalo, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tshegetsa dithulaganyo tse di dirwang mo phuthegong ya Modimo. Ka sekai, bangwe ba kgona go thusa fa go na le masetlapelo, go thusa mo tirong ya dikago mme batho botlhe ba na le tshono ya go ntsha moneelo go thusa mo tirong ya lefatshe lotlhe. Ba dira seno ka gonne ba rata Modimo le batho. Re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ka go ya dipokanong beke le beke le go tsaya karolo mo go tsone. Re nna gone kwa dipokanong tseno le fa re lapile. Re a arabela le fa gone re tshoga. Mme fa re le kwa dipokanong re kgothatsa ba bangwe le fa le rona re na le mathata. (Baheb. 10:24, 25) Ruri re lebogela maiteko a bakaulengwe le bokgaitsadi ba a dirang go tshegetsa tiro ya Modimo!

12. Johani wa ka lakidza ludo ne zila ingwe ipi mu bazwalani ne dziazwadzi?

12 Johane o ile a bontsha gore o rata bakaulengwe le bokgaitsadi, ka go ba akgola le go ba naya kgakololo. Ka sekai, o ile a ba akgola ka gonne ba na le tumelo e bile ba dira dilo tse di molemo. Mme gape o ne a ba naya kgakololo ka kgang ya go dira boleo. (1 Joh. 1:8–2:1, 13, 14) Le rona re tshwanetse go akgolela bakaulengwe le bokgaitsadi dilo tse di molemo tse ba di dirang. Mme fa mongwe a simolola go nna le mekgwa e e sa siamang kgotsa a dira sengwe se se ka senyang botsala jwa gagwe le Jehofa, re tshwanetse go bontsha gore re a mo rata ka go mo gakolola. Gone ga go motlhofo go naya mongwe kgakololo mme gone, Baebele ya re ditsala tsa boammaaruri di a gakololana.—Dia. 27:17.

13. Ini cha ti sa ka fanila thama?

13 Re ka bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ka go sa kgopisege motlhofo. Akanya ka se se ileng sa diragala fa Jesu a tloga a bolawa. O ile a bolelela barutwa ba gagwe gore fa ba batla go bona botshelo jo bo sa khutleng, ba tshwanetse go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe. (Joh. 6:53-57) Bontsi jwa barutwa ba gagwe ba ne ba sa rate se a neng a se bua, ka jalo, ba ne ba tlogela go mo sala morago. Mme ditsala tsa mmatota tsa ga Jesu, go akaretsa le Johane, ga di a ka tsa tlogela go mo sala morago. Le bone ba ne ba sa tlhaloganye se Jesu a neng a se bua e bile gongwe ba ne ba gakgametse. Mme gone, ga ba a ka ba fetsa ka gore se Jesu a neng a se bua se ne se le phoso ba bo ba kgopisega. Go na le moo, ba ne ba mo tshepa ka gonne ba itse gore o bua boammaaruri ka metlha. (Joh. 6:60, 66-69) Le rona ga re a tshwanela go kgopisiwa motlhofo ke dilo dingwe tse batho ba di buang. Go na le go dira jalo, re tshwanetse go ba naya tshono ya go tlhalosa gore ba kaya eng.—Dia. 18:13; Mor. 7:9.

14. Ini ti sa ka fanila lechedzela lubengo gu kula mu mimoyo yedu?

14 Gape Johane o ile a re kgothaletsa gore re se ka ra tlhoa bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa re sa ikobele kgakololo eo, Satane a ka re tlhotlheletsa go dira dilo tse di sa siamang. (1 Joh. 2:11; 3:15) Seo se ile sa diragalela Bakeresete ba bogologolo. Ka nako eo, Satane o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang gore batlhanka ba Modimo ba tlhoane le gore go nne le makoko mo phuthegong. Ka nako ya fa Johane a ne a kwala makwalo a gagwe, batho ba ba nang le mokgwa o o tshwanang le wa ga Satane, wa go baka makoko le dikgaogano ba ne ba setse ba le teng mo phuthegong. Ka sekai, Dioterefese o ne a dira gore go nne le makoko mo phuthegong. (3 Joh. 9, 10) O ne a nyatsa bagolwane ba ba neng ba tlhomilwe ke setlhopha se se laolang gore ba etele diphuthego. Gape o ne a batla go ntsha mo phuthegong bakaulengwe ba ba neng ba rata go amogela batho ba ene a neng a sa ba rate. Seo e ne e le mokgwa o o maswe! Le gompieno, Satane o sa ntse a leka go dira gore batho ba Modimo ba se ka ba nna seoposengwe. Ka jalo, ga re a tshwanela go tlhoa bakaulengwe le bokgaitsadi le go tlogela go ba ema nokeng.

IDA BE NSHA UWO

Jesu o ile a kopa Johane gore a tlhokomele Marea le go mo thusa gore a tswelele a direla Jehofa. Tlhogo ya lelapa le ene o tshwanetse go tlhokomela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang (Bona serapa 15-16)

15. Nsholo we nsha wa ka fanila gala a ka kumbulani?

15 Tlhogo ya lelapa a ka bontsha gore o rata ba lelapa la gagwe ka go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:8) Mme gone, o tshwanetse go gopola gore selo sa botlhokwa ke go ba thusa gore ba nne ditsala tsa ga Jehofa. (Math. 5:3) Jesu o ile a tlhomela ditlhogo tsa malapa sekao se se molemo. Buka ya Johane e re bolelela gore fa Jesu a ne a tloga a swa, o ne a akantse ka ba lelapa la gagabo. Johane le mmaagwe Jesu e bong Marea ba ne ba eme kwa lefelong le Jesu a neng a bolaelwa kwa go lone. Le fa Jesu a ne a le mo ditlhabing, o ne a kopa Johane gore a tlhokomele Marea. (Joh. 19:26, 27) O ne a na le bomorwarraagwe ba ba neng ba ka tlhokomela Marea ka dilo tse a neng a di tlhoka. Mme ka nako eo, go ne go sena ope wa bomorwarraagwe Jesu yo e neng e le morutwa wa gagwe. Ka jalo, Jesu o ne a batla gore go nne le mongwe yo o neng a ka tlhokomela Marea le go mo kgothaletsa gore a tswelele a direla Jehofa.

16. Johani wa ka be a na nshingo nkulu ku ngapani?

16 Johane o ne a na le maikarabelo a le mantsi. E ne e le moaposetoloi, ka jalo, o ne a tshwanetse go tlhagafala mo tirong ya go rera. Gape gongwe o ne a nyetse, ka jalo, o ne a tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe le go ba thusa gore e nne ditsala tsa Modimo. (1 Bakor. 9:5) Ke eng se ditlhogo tsa malapa di ka ithutang sone?

17. Ini i li chithu chikulu mu nsholo we nsha ku thokomela be nsha uwe ne zwidiyo zwe bundzimu?

17 Fa mokaulengwe e le tlhogo ya lelapa, a ka nna le maikarabelo a le mantsi. Ka sekai, o tshwanetse go bereka ka natla fa a le kwa tirong gore batho ba tle ba galaletse Jehofa. (Baef. 6:5, 6; Tito 2:9, 10) Gape a ka tswa a na le maikarabelo a le mantsi mo phuthegong, a a jaaka go kgothatsa le go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi le go tlhoma sekao ka go nna gone mo tirelong ya tshimo. Gape o tlhoka go bala Baebele le ba lelapa la gagwe ka metlha. Ba lelapa la gagwe ba tla mo rata le go feta ka gonne a ba thusa gore ba nne ba itumetse le gore ba tswelele ba direla Jehofa.—Baef. 5:28, 29; 6:4.

“GALILANI CHOSE MU LUDO GWANGU”

18. Johani wa ka be a galabgwe mu ni?

18 Johane o ile a tshela dingwaga di le dintsi gape o ile a diragalelwa ke dilo di le dintsi tse di kgatlhang. O ile a lebana le dikgwetlho tse di neng di ka koafatsa tumelo ya gagwe. Mme gone, o ile a dira sotlhe se a se kgonang gore a ikobele ditaelo tsa ga Jesu, jaaka ya go rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka ntlha ya seo, Johane o ne a tlhomamisegile gore Jehofa le Jesu ba a mo rata le gore ba tla mo naya maatla a go itshokela diteko tsotlhe. (Joh. 14:15-17; 15:10; 1 Joh. 4:16) Satane le batho ba lefatshe la gagwe ba ne ba ka se kgone go dira gore Johane a palelwe ke go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe gore o a ba rata.

19. 1 Johani 4:7 i no ti kulumbidza ku thamani, ngono ne kutini?

19 Fela jaaka Johane, le rona re tshela mo lefatsheng le le busiwang ke Satane e bile o tlhoile batho botlhe. (1 Joh. 3:1, 10) O batla go dira gore re tlogele go rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme fa re sa mo letle, ga a kitla a kgona go dira jalo. Re ikemiseditse go dira sotlhe se re ka se kgonang go rata bakaulengwe le go ba bontsha gore re a ba rata ka dilo tse re di buang le tse re di dirang. Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi re tla itumelela go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa e bile re tla itumelela botshelo.—Bala 1 Johane 4:7.

LUMBO 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

^ ndi. 5 Go lebega moaposetoloi Johane e le ene yo Baebele e reng ke “morutwa . . . yo Jesu a kileng a bo a mo rata.” (Joh. 21:7) Le fa Johane a ne a sa ntse a le mosha fa a ne a simolola go nna morutwa wa ga Jesu, o ne a na le dinonofo kgotsa botho jo bo molemo. Mme fa a setse a godile, Jehofa o ile a mo dirisa go kwala dibuka tsa Baebele mme mo dibukeng tseo o ne a bua thata ka lorato. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo dingwe tse Johane a ileng a di kwala le go bona gore re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe.

^ ndi. 59 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Tlhogo ya lelapa o thusa kwa go nang le masetlapelo gone, o ntsha moneelo go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe gape o laleditse banyalani bangwe gore ba nne gone mo kobamelong ya bone ya lelapa.