Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13

Jehofa o go Sireletsa Jang?

Jehofa o go Sireletsa Jang?

“Morena o a ikanyega, e bile o tla lo nitamisa a bo a lo boloke mo go yo o boikepo.”—2 BATHES. 3:3.

PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Goreng Jesu a ile a kopa Jehofa gore a tlhokomele barutwa ba gagwe?

MO BOSIGONG jwa bofelo fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a akanya ka mathata a barutwa ba gagwe ba neng ba tlile go lebana le one. E re ka a ne a ba rata, o ne a kopa Rraagwe gore a “ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.” (Joh. 17:14, 15) Jesu o ne a itse gore go ise go ye kae o tlile go boela kwa legodimong, le gore Satane Diabolo o tla tswelela a lwa le batho ba ba batlang go direla Jehofa. Ka jalo, batho ba ga Jehofa ba ne ba tla tlhoka go sirelediwa.

2. Ke eng se se ka re tlhomamisetsang gore Jehofa o tlile go araba dithapelo tsa rona?

2 Jehofa o ile a araba dithapelo tsa Morwawe ka gonne a mo rata. Le rona fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go itumedisa Jehofa, o tla re rata gape o tla re araba fa re mo kopa gore a re thuse le go re sireletsa. Jehofa o rata bana ba gagwe, ka jalo, o tla tswelela a ba tlhokomela. Fa a sa dire jalo, leina la gagwe le tlile go gogoba mo seretseng!

3. Goreng re tlhoka gore Jehofa a re sireletse?

3 Re tlhoka gore Jehofa a re sireletse go gaisa le e leng pele. Satane o latlhetswe mo lefatsheng “a le bogale jo bogolo.” (Tshen. 12:12) O dirile gore batho bangwe ba akanye gore fa ba re bogisa ba direla “Modimo tirelo e e boitshepo.” (Joh. 16:2) Batho bangwe ba ba sa dumeleng mo Modimong ba a re bogisa ka gonne re sa tshwane le batho ba lefatshe leno. Mme gone, ga re tshoge fa batho ba re bogisa. Goreng? Ka gonne Baebele e a re: “Morena o a ikanyega, e bile o tla lo nitamisa a bo a lo boloke mo go yo o boikepo.” (2 Bathes. 3:3) Jehofa o re sireletsa jang? A re tlotleng ka dilo tse pedi tse a re nayang tsone.

JEHOFA O RE NAYA SEAPARO SA TLHABANO

4. Baefeso 6:13-17 e a re Jehofa o re neile eng?

4 Jehofa o re neile seaparo sa tlhabano se se ka re sireletsang fa Satane a re tlhasela. (Bala Baefeso 6:13-17.) Seaparo seno se Jehofa a re neileng sone se nonofile! Mme gone, gore seaparo seno se re sireletse, re tshwanetse go nna re dirisa karolo nngwe le nngwe ya sone, e bile re tshwanetse go nna re se apere. Karolo nngwe le nngwe ya sone e emela eng? Mma re bone.

5. Lebante la boammaaruri ke eng mme goreng re tshwanetse go le apara?

5 Lebante la boammaaruri le emela boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimong e leng Baebele. Goreng re tshwanetse go gatlha letheka la rona kgotsa go apara lebante leno? Ka gonne Satane “ke . . . ramaaka.” (Joh. 8:44) O feditse dingwaga di le dintsi a bua maaka e bile o tsieditse batho botlhe mo lefatsheng! (Tshen. 12:9) Mme gone, boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo re thusa gore a se ka a re tsietsa. Re ka bontsha jang gore re apere lebante leno? Ka go ithuta ka Jehofa, ka go mo obamela “ka moya le ka boammaaruri,” le go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.—Joh. 4:24; Baef. 4:25; Baheb. 13:18.

Lebante: Boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo

6. Seiphemelo sa sehuba sa tshiamo ke eng, mme goreng re tshwanetse go se apara?

6 Seiphemelo sa sehuba sa tshiamo se emela melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang. Goreng re tshwanetse go se apara? Fela jaaka seiphemelo sa sehuba se sireletsa pelo ya lesole, seiphemelo sa sehuba sa tshiamo, se re sireletsa mo dilong tse di bosula tsa lefatshe leno gore di se ka tsa fetola se re leng sone. (Dia. 4:23) Jehofa o lebeletse gore re mo rate le go mo direla ka pelo yotlhe. (Math. 22:36, 37) Ka jalo, Satane o leka go dira gore re se ka ra direla Jehofa ka pelo yotlhe, ka go dira gore re rate dilo tse Jehofa a di tlhoileng. (Jak. 4:4; 1 Joh. 2:15, 16) Mme fa leano la gagwe le sa bereke, o tlile go re bogisa a leka go dira gore re dire sengwe se se ka utlwisang Jehofa botlhoko.

Seiphemelo sa sehuba: Melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang

7. Re bontsha jang gore re apere seiphemelo sa sehuba sa tshiamo?

7 Re apara seiphemelo sa sehuba sa tshiamo, ka go ikobela melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang le go tshela ka yone. (Pes. 97:10) Batho bangwe ba ka nna ba akanya gore go tshela ka melao ya Modimo go thata. Mme fa re tlogela go tshela ka melaometheo ya Baebele, re tla bo re tshwana le lesole le le apolang seiphemelo sa sehuba fa le ntse le le mo ntweng, fela ka gonne le akanya gore seiphemelo seo se bokete. Seo e tla bo e le bomatla! Fa re rata Jehofa, ga re kitla re tsaya melao ya gagwe e le boima. Go na le moo, re tla e leba e le sengwe se se re sireletsang.—1 Joh. 5:3.

8. Go nna re rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo mo dinaong go kaya eng?

8 Paulo gape o re kgothaletsa gore mo dinaong tsa rona re nne re rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso. Seno se raya gore re tshwanetse go nna re ipaakanyeditse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Fa re bolelela ba bangwe molaetsa wa Baebele tumelo ya rona e a nonofa. Fa re bona batho ba ga Jehofa ba dirisa tshono nngwe le nngwe e ba nang le yone go rerela batho gongwe le gongwe kwa ba leng gone, seo se a re kgothatsa. Ka sekai, ba rera fa ba le kwa tirong, kwa sekolong, ka ntlo le ntlo, kwa mafelong a kgwebo, fa ba ya dishopong le fa ba etetse ba masika ba e seng Basupi. Gape ba rerela batho ba bangwe ba ba ba itseng e bile ba rera le fa ba sa kgone go tswa mo magaeng a bone. Fa re emisa go rera dikgang tse di molemo ka go bo re boifa, re tla bo re tshwana le lesole le le rolang ditlhako tsa lone fa le le kwa ntweng. Dinao tsa lone di ka nna tsa gobala. Ka jalo, go tla nna thata gore a itshireletse fa a tlhaselwa le go reetsa ditaelo tsa molaodi wa gagwe.

Ditlhako: Go nna re ikemiseditse go rera dikgang tse di molemo

9. Goreng re tshwanetse go nna re tshwere thebe e kgolo ya tumelo?

9 Thebe e kgolo ya tumelo e emela tumelo ya rona mo go Jehofa. Re na le tumelo ya gore Jehofa o tlile go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Tumelo eo e tla re thusa “go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo.” Goreng re tshwanetse go nna re tshwere thebe e kgolo? Ka gonne e re sireletsa gore re se ka ra tsiediwa ke dithuto tsa batlhanogi le gore re se ka ra kgobega marapo fa batho ba nyatsa se re se dumelang. Fa re se na tumelo, re tlile go ineela fa batho ba re gatelela gore re se ka ra obamela Jehofa. Mme nako le nako fa re le kwa tirong kgotsa kwa sekolong, re bo re gana go dira sengwe se Jehofa a sa se batleng, re a bo re sireleditswe ke tumelo ya rona. (1 Pet. 3:15) Nako le nako fa re gana go amogela tiro e e duelang madi a le mantsi, mme gone, e tla dira gore re palelwe ke go direla Jehofa ka tsela e re neng re mo direla ka yone pele, re a bo re sireleditswe ke tumelo ya rona. (Baheb. 13:5, 6) Gape fa re nna re direla Jehofa le fa batho ba re ganetsa, re a bo re sireleditswe ke tumelo ya rona.—1 Bathes. 2:2.

Thebe: Tumelo e re nang le yone mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe

10. Tlhoro ya phemelo ya poloko ke eng, mme goreng re tshwanetse go e rwala?

10 Tlhoro ya phemelo ya poloko ke tsholofelo e Jehofa a re nayang yone. Tsholofelo eo ke ya gore Jehofa o tlile go segofatsa batho botlhe ba ba dirang thato ya gagwe le gore le fa re ka swa, o tlile go re tsosa. (1 Bathes. 5:8; 1 Tim. 4:10; Tito 1:1, 2) Fela jaaka tlhoro e sireletsa tlhogo ya lesole, tsholofelo e re nang le yone e sireletsa tsela e re akanyang ka yone. Re raya jang? E re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo dilong tse Jehofa a re solofetsang tsone, le gore re se ka ra fekeediwa ke mathata a rona. Re ka bontsha jang gore re rwele tlhoro eo? Ka go ikutlwa ka tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka dilo dingwe. Ka sekai, ga re beye tsholofelo ya rona mo dikhumong tse di sa tlhomamang, go na le moo, re solofela mo go Jehofa.—Pes. 26:2; 104:34; 1 Tim. 6:17.

Tlhoro: Tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng

11. Tšhaka ya moya ke eng, mme goreng re tshwanetse go e dirisa?

11 Tšhaka ya moya ke Lefoko la Modimo e leng Baebele. Tšhaka eo e na le maatla a go senola maaka le go golola batho mo dithutong tsa maaka le mo dilong tse di ka ba utlwisang botlhoko. (2 Bakor. 10:4, 5; 2 Tim. 3:16, 17; Baheb. 4:12) Phuthego ya Modimo e re ruta go dirisa tšhaka eno mme gape re ka kgona go itse go e dirisa fa re ithuta re le nosi. (2 Tim. 2:15) Mme go na le sengwe gape se Jehofa a re nayang sone gore a re sireletse. Selo seo ke eng?

Tšhaka: Lefoko la Modimo e leng Baebele

JEHOFA O RE NAYA THUSO E NNGWE GAPE

12. Ke eng gape se re se tlhokang, mme ka ntlha yang?

12 Lesole le le nang le maitemogelo le a itse gore ga le kitla le kgona go lwa le masole a le mantsi le le nosi le bo le kgona go fenya. Le a itse gore le tlhoka thuso ya masole a mangwe. Le rona ga re ka ke ra kgona go lwa le Satane le batho ba gagwe re le nosi; re tlhoka thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi. Jehofa o re neile bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe, ba ba ka re thusang go lwa ntwa eno.—1 Pet. 2:17.

13. Bahebera 10:24 le 25 e re dipokano di re thusa jang?

13 Re newa thuso e nngwe gape fa re le kwa dipokanong. (Bala Bahebera 10:24, 25.) Ka dinako dingwe rotlhe re a tle re kgobege marapo. Fa re ikutlwa jalo, go ya dipokanong go ka re thusa. Fa re le koo, dikarabo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi di a re kgothatsa. Dipuo le dipontsho tse di neelwang kwa dipokanong di re kgothatsa gore re tswelele re direla Jehofa. Gape re kgothadiwa ke go tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi fa re le kwa dipokanong. (1 Bathes. 5:14) Gape dipokano di re naya tshono ya go thusa ba bangwe mme seo se dira gore re itumele. (Dit. 20:35; Bar. 1:11, 12) Gape di re thusa go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone. Ka sekai, re rutiwa gore re ka dirisa jang Lebokoso la go Ruta. Ka jalo, pele o ya dipokanong, baakanyetsa sentle. Fa o le kwa go tsone, reetsa ka kelotlhoko. Morago ga dipokano, dirisa se o ithutileng sone. Fa o dira jalo, o tla nna “lesole le le molemo la ga Keresete.”—2 Tim. 2:3.

14. Ke thuso efe gape e Jehofa a re nayang yone?

14 Baengele le bone ba a re thusa. Mme baengele bano ba bantsi e bile ba maatla. Akanya fela gore moengele a le mongwe a ka kgona go dira eng! (Isa. 37:36) Jaanong, akanya fela gore baengele ba le bantsi ba ka kgona go dira eng. Ga go na motho ope kgotsa ledimona lepe le le ka kgonang go fenya baengele ba Modimo. Jehofa o na le maatla a magolo. Ka jalo, fa a re thusa, re tla kgona go fenya baba ba rona go sa kgathalesege gore ba bantsi go le go kae. (Baatlh. 6:16) Re ka tlhomamisega gore re ka kgona go fenya! Fa batho ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone kgotsa ba ba sa dumeleng mo go Jehofa ba go raya sengwe kgotsa ba go dira sengwe se se go utlwisang botlhoko, akanya ka thuso e Jehofa le baengele ba go nayang yone. Gopola gore ga o nosi, Jehofa ke ene a go kaelang.

JEHOFA O TLA NNA A RE SIRELETSA

15. Go ya ka Isaia 54:15 le 17, goreng go se na ope yo o ka dirang gore batlhanka ba Modimo ba tlogele go rera?

15 Batho ba lefatshe la ga Satane ba na le mabaka a mantsi a go re tlhoa. Ga re tshegetse mekgatlho ya dipolotiki gape ga re nne le seabe mo dintweng. Re tlotlomatsa leina la Modimo, re rerela batho gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla tlisang kagiso e bile re ikobela melao ya ga Jehofa. Re lemotsha batho gore mmusi wa lefatshe leno ke ramaaka e bile ke mmolai. (Joh. 8:44) Gape re ba bolelela gore go ise go ye kae, lefatshe la ga Satane le tlile go fedisiwa. Le fa go ntse jalo, Satane le batho ba gagwe ga ba kitla ba dira gore re tlogele go rerela batho! Go na le moo, re tla tswelela re baka Jehofa ka tsela nngwe le nngwe e re ka e kgonang! Le fa gone Satane a le maatla, ga a kgone go re thibela go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Seno ke ka gonne Jehofa o a re sireletsa.—Bala Isaia 54:15, 17.

16. Jehofa o tla sireletsa jang batho ba gagwe ka nako ya pitlagano e kgolo?

16 Go tlile go diragala eng mo nakong e e tlang? Ka nako ya pitlagano e kgolo, Jehofa o tla re boloka ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, o tla sireletsa batho ba gagwe fa a tla bo a tlhotlheletsa dikgosi tsa lefatshe gore di senye mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka e leng, Babelona o Mogolo. (Tshen. 17:16-18; 18:2, 4) Gape o tla sireletsa batho ba gagwe, fa a tla bo a fedisa karolo e e setseng ya lefatshe la ga Satane ka ntwa ya Haramagedona.—Tshen. 7:9, 10; 16:14, 16.

17. Go atamalana le Jehofa go tla re thusa jang?

17 Fa re nna re atamalane le Jehofa, ga go na sepe se Satane a ka se dirang se se ka re utlwisang botlhoko go ya go ile. Tota e bile, Satane ke ene yo a tlileng go fedisiwa go ya go ile. (Bar. 16:20) Ka jalo, dirisa karolo nngwe le nngwe ya seaparo sa tlhabano mme o nne o se apere. O se ka wa leka go lwa le Satane le batho ba gagwe o le nosi. Tshegetsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme o latele kaelo ya ga Jehofa. Fa o dira jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go naya maatla e bile o tla go sireletsa.—Isa. 41:10.

PINA 149 Pina ya Phenyo

^ ser. 5 Baebele e re solofetsa gore Jehofa o tla re sireletsa mo dilong tse di ka senyang botsala jwa rona le ene. Gape e a re o tlile go re sireletsa mo dilong tse di ka re utlwisang botlhoko go ya go ile. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso tseno: Goreng re tlhoka gore Jehofa a re sireletse? Jehofa o re sireletsa jang? Mme re tshwanetse go dira eng gore a re thuse?