Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 24

O ka Kgona go Tswa mo Diraing Tsa ga Satane!

O ka Kgona go Tswa mo Diraing Tsa ga Satane!

‘Tswang mo serung sa ga Diabolo.’—2 TIM. 2:26.

PINA 36 A re Diseng Dipelo Tsa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Goreng re ka tshwantsha Satane le motho yo o tsomang?

BOIKAELELO jwa motho yo o tsomang ke go tshwara phologolo kgotsa go e bolaya. A ka dirisa dirai le diru tse di farologaneng, e leng sengwe se mogomotsi mongwe wa maaka wa ga Jobe a ileng a se lemoga. (Jobe 18:8-10) Ke eng se motsomi a ka se dirang gore phologolo e wele mo seraing sa gagwe? O ithuta phologolo eo. E rata go ya kae? E rata eng? E ka tshwarwa ke serai sefe? Satane o tshwana le motsomi yoo. O a re ithuta. O leba gore re rata go ya kae le gore re rata eng. Go tswa foo, o re beela serai se a solofelang gore re tla wela mo go sone re sa lebelela. Mme gone, Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re ka wela mo seraing seo, re sa ntse re ka kgona go tswa. Gape e re ruta gore re ka dira eng gore re se ka ra wela mo diraing tseo.

Boikgogomoso le bopelotshetlha ke dirai tse pedi tse Satane a atlegang thata fa a di dirisa (Bona serapa 2) *

2. Ke dirai dife tse pedi tse Satane a atlegang thata fa a di dirisa?

2 Dirai tse pedi tse Satane a atlegang thata fa a di dirisa ke boikgogomoso le bopelotshetlha. * Satane o ile a kgona go dirisa mekgwa eno e e sa rategeng ka dingwaga di le dintsi. O tshwana le motshwaradinonyane yo o lekang go okela dinonyane mo seraing sa gagwe. (Pes. 91:3) Mme gone, Satane ga a tshwanela go re tshwara. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o re senoletse dirai tse Satane a di dirisang.—2 Bakor. 2:11.

Re ka kgona go ithuta mo dikaong tsa ba bangwe gore re kgone go tila dirai tsa ga Diabolo kgotsa go tswa mo go tsone (Bona serapa 3) *

3. Goreng Jehofa a ile a dira gore go kwalwe dikai dingwe tse di re tlhagisang mo Baebeleng?

3 Jehofa o dirisa dikai tsa batho bangwe go re tlhagisa kafa boikgogomoso le bopelotshetlha bo leng kotsi ka gone. Ela tlhoko gore mo dikaing tse re tlileng go tlotla ka tsone, Satane o ile a kgona go raela batho ba ba neng ba na le lobaka lo loleele ba direla Jehofa. A seo se raya gore le rona re tlile go palelwa? Nnyaa. Jehofa o dirile gore dikai tseno di kwalwe mo Baebeleng gore “e nne tlhagiso mo go rona.” (1 Bakor. 10:11) O a itse gore re ka kgona go ithuta mo dikaing tseo tse di re tlhagisang gore re kgone go tila kgotsa go tswa mo diraing tsa ga Diabolo.

SERAI SA BOIKGOGOMOSO

Bona serapa 4

4. Boikgogomoso bo felela ka eng?

4 Satane o batla gore re ikgogomose. O a itse gore fa re ka nna boikgogomoso, re tla tshwana le ene mme ra se ka ra bona botshelo jo bo sa khutleng. (Dia. 16:18) Tota e bile, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore motho a ka ‘gogomosiwa ke boikgogomoso mme a wela mo katlholong e Diabolo a atlhotsweng ka yone.’ (1 Tim. 3:6, 7) Seo se ka diragalela mongwe le mongwe wa rona, go sa kgathalesege gore a ke gone re ithutang boammaaruri kgotsa re na le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa.

5. Jaaka go tlhalositswe mo go Moreri 7:16 le 20, motho a ka bontsha jang gore o boikgogomoso?

5 Batho ba ba ikgogomosang ba ikakanyetsa ba le bosi. Satane o batla gore re ikakanyetse re le rosi le gore fa re lebana le dikgwetlho re akanye ka rona, e seng ka Jehofa. Ka sekai, a o kile wa latofadiwa ka sengwe se o sa se dirang? Kgotsa a mongwe o kile a se ka a go tshwara sentle? Satane a ka itumelela go go bona o pega Jehofa kgotsa bakaulengwe ba gago molato. Diabolo o batla gore o akanye gore o ka baakanya dilo ka tsela ya gago go na le gore o latele kaelo e Jehofa a re nayang yone ka Lefoko la gagwe.—Bala Moreri 7:16, 20.

6. O ithuta eng mo maitemogelong a kgaitsadi mongwe wa kwa Netherlands?

6 Akanya ka maitemogelo a kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Netherlands yo o neng a kgopisiwa ke makoa a batho ba bangwe. O ne a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a fetsa nako le batho bao. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke le nosi e bile ke sa kgone go ba itshwarela. Ke ne ka bolelela monna wa me gore re tshwanetse go fudugela kwa phuthegong e nngwe.” Go tswa foo, kgaitsadi yono o ne a lebelela thulaganyo ya JW Broadcasting® ya March 2016. Thulaganyo eo e na le dikakantsho tse di bontshang gore re ka itshokela jang makoa a ba bangwe. Kgaitsadi yono a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go nna boikokobetso mme ke akanye ka diphoso tse nna ke di dirang go na le go leka go fetola tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba dirang dilo ka yone. Thulaganyo eo e ile ya nthusa gore ke tlhome mogopolo mo go Jehofa le mo bolaoding jwa gagwe.” Ke eng se o se ithutang? Fa o lebana le diteko, tlhoma mogopolo mo go Jehofa. Mo kope gore a go thuse gore o lebe batho ba bangwe ka tsela e a ba lebang ka yone. Rre wa gago yo o kwa legodimong o bona diphoso tsa bone; mme o ikemiseditse go ba itshwarela. O batla gore le wena o ba itshwarele.—1 Joh. 4:20.

Bona serapa 7

7. Ke eng se se neng sa diragalela Kgosi Usia?

7 Boikgogomoso bo ile jwa dira gore Kgosi ya Juda e bong Usia a gane go amogela kgakololo mme a dire sengwe se a neng a sa tshwanela go se dira. Usia o ne a na le bokgoni. O ne a atlega mo bosoleng, mo diporojekeng tsa kago le mo tirong ya go lema. ‘Modimo wa boammaaruri o ne a mo atlegisa.’ (2 Ditir. 26:3-7, 10) Baebele ya re: “Fela fa a sena go nonofa, pelo ya gagwe ya nna mabela gore a bo a dire bosula.” Jehofa o ne a laetse gore baperesiti ke bone fela ba ba neng ba letleletswe go ntsha maswalo kwa tempeleng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Usia o ne a dira se a neng a sa tshwanela go se dira, o ne a tsena mo tempeleng a bo a fisa maswalo. Jehofa ga a a ka a itumelela seo mme o ne a itaya monna yoo yo o boikgogomoso ka lepero. Usia o ne a nna molepero botshelo jwa gagwe jotlhe.—2 Ditir. 26:16-21.

8. Go ya ka 1 Bakorintha 4:6 le 7, re ka dira eng gore re se ka ra nna boikgogomoso?

8 A boikgogomoso bo ka dira gore re wele mo seraing se Usia a wetseng mo go sone? Akanya ka sekai sa ga José. E ne e le rakgwebo yo o neng a atlegile e bile e le mogolwane yo o tlotliwang thata mo phuthegong. O ne a neela dipuo kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo e bile balebedi ba potologo ba ne ba a tle ba kope dikgakololo mo go ene. A re: “Ke ne ke ikanya bokgoni jwa me le kitso e ke nang le yone. Ke ne ke kgaphetse Jehofa kwa thoko. Ke ne ke akanya gore ke nonofile, ka jalo ga ke a ka ka reetsa dikgakololo le ditlhagiso tse Jehofa a re nayang tsone.” José o ne a dira boleo jo bo masisi a bo a tlosiwa mo phuthegong. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, o ne a busediwa mo phuthegong. Gone jaanong a re: “Jehofa o nthutile gore selo sa botlhokwa ga se go nna le ditshiamelo mme ke go dira se a re kopang gore re se dire.” A re nneng re gopotse gore bokgoni jo re nang le jone le ditshiamelo tse re nang le tsone mo phuthegong, di tswa kwa go Jehofa. (Bala 1 Bakorintha 4:6, 7.) Fa re ikgogomosa, Jehofa ga a kitla a re dirisa.

SERAI SA BOPELOTSHETLHA

Bona serapa 9

9. Bopelotshetlha bo ne jwa dira gore Satane le Efa ba dire eng?

9 Fa re akanya ka bopelotshetlha, gongwe motho wa ntlha yo o tlang mo mogopolong ke Satane Diabolo. E re ka Satane e ne e le moengele wa ga Jehofa, o tshwanetse a bo a ne a na le ditshiamelo tse dintsi tse di molemo. Mme o ne a sa kgotsofala. O ne a batla kobamelo e e tshwanetseng Jehofa fela. Satane o batla gore re tshwane le ene, ka jalo o leka go dira gore re se ka ra kgotsofalela se re nang le sone. O ne a dira jalo fa a ne a bua le Efa. Jehofa o ne a neile Efa le monna wa gagwe letlepu la dijo tse di kgotsofatsang, ba ne ba ka ja “mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana” ntle le se le sengwe fela. (Gen. 2:16) Le fa go ntse jalo, Satane o ile a tsietsa Efa a bo a dira gore a akanye gore o tshwanetse go ja leungo la setlhare se a neng a sa tshwanela go se ja. Efa ga a a ka a kgotsofalela se a neng a na le sone, mme o ne a batla se se neng se sa mo tshwanela. Re a itse gore seo se ile sa felela ka eng. Efa o ile a leofa a bo a feleletsa a sule.—Gen. 3:6, 19.

Bona serapa 10

10. Bopelotshetlha bo ne jwa nna serai jang mo go Kgosi Dafide?

10 Bopelotshetlha bo ile jwa dira gore Kgosi Dafide a lebale dilo tse Jehofa a neng a mo neile tsone, go akaretsa dikhumo, taolo le gore o ile a mo thusa go fenya baba ba gagwe ba bantsi. Dafide o ne a lemoga gore dimpho tse Jehofa a neng a mo neile tsone di ne di le ‘dintsi go gaisa ka mo a ka anelang ka teng!’ (Pes. 40:5) Mme gone, nako nngwe Dafide o ne a lebala dilo tse Jehofa a mo neileng tsone. O ne a nna pelotshetlha a bo a batla se se fetang se Modimo a neng a mo neile sone. Le fa Dafide a ne a na le basadi ba le bantsi, o ile a itetla go eletsa mosadi wa monna yo mongwe. Mosadi yoo e ne e le Bathesheba mme monna wa gagwe e ne e le Uria wa Mohite. Dafide o ne a nna pelotshetlha a bo a tlhakanela dikobo le Bathesheba, mme Bathesheba o ne a ima. Se Dafide a neng a se dira, se ne se le bosula. Mme o ne a dira se se bosula go feta seo, o ne a rulaganya gore Uria a bolawe! (2 Sam. 11:2-15) Tota Dafide o ne a akantse eng? A o ne a akanya gore Jehofa o ne a ka se kgone go bona dilo tseno? Motlhanka yoo wa ga Jehofa yo o kileng a bo a ikanyega, o ile a nna pelotshetlha mme seo se ile sa dira gore a boge. Se se itumedisang ke gore fa nako e ntse e tsamaya, Dafide o ne a amogela phoso ya gagwe a bo a ikwatlhaya. O ne a itumelela gore Jehofa o ile a mo itshwarela.—2 Sam. 12:7-13.

11. Go ya ka Baefeso 5:3 le 4, ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra nna pelotshetlha?

11 Re ithuta eng mo sekaong sa ga Dafide? Re ithuta gore fa re lebogela dilo tsotlhe tse Jehofa a re neileng tsone, ga re kitla re nna pelotshetlha. (Bala Baefeso 5:3, 4.) Re tshwanetse go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone. Fa re ithuta Baebele le batho, re ba kgothaletsa gore ba akanye ka selo se le sengwe se Jehofa a ba neileng sone, mme ba mo leboge. Mo go rayang gore fa motho a dira jalo letsatsi le letsatsi, fa beke e fela o tla bo a lebogetse dilo di le supa tse di farologaneng. (1 Bathes. 5:18) A le wena o dira se se tshwanang? Fa o akanya thata ka dilo tse Jehofa a go diretseng tsone, seo se tla go thusa gore o leboge. Mme fa o leboga, o tla kgotsofalela se o nang le sone. Fa o kgotsofetse, ga o kitla o nna pelotshetlha.

Bona serapa 12

12. Bopelotshetlha bo ne jwa dira gore Judase Isekariota a dire eng?

12 Bopelotshetlha bo ne jwa dira gore Judase Isekariota a rekise Jesu. Mme gone, kwa tshimologong e ne e se motho yo o bosula. (Luke 6:13, 16) Jesu o ne a mo tlhophile gore e nne moaposetoloi. Go lebega Judase a ne a ikanyega ka gonne ke ene a neng a tshwara letlole la madi. Jesu le baaposetoloi ba gagwe, ba ne ba dirisa madi ao go itlamela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka fa ba ntse ba rera. Madi ao, a tshwana le meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe gompieno. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Judase o ile a simolola go utswa, tota le fa Jesu a ne a ba tlhagisa ka makgetlo a le mantsi ka bopelotshetlha. (Mar. 7:22, 23; Luke 11:39; 12:15) Judase o ile a itlhokomolosa ditlhagiso tseo.

13. Bopelotshetlha jwa ga Judase bo ne jwa bonala sentle leng?

13 Bopelotshetlha jwa ga Judase bo ne jwa bonala sentle mo go se se neng sa direga nakwana pele Jesu a bolawa. Jesu le barutwa ba gagwe, go akaretsa Marea le mogoloe e bong Maratha, ba ne ba etetse Simone wa molepero. Fa ba ntse ba ja, Marea o ne a ema a bo a tshela Jesu mo tlhogong ka leokwane le le nkgang monate le le jeleng madi a mantsi. Judase le barutwa ba bangwe ba ne ba galefa fela thata. Barutwa ba bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore madi ao a ka bo a dirisitswe mo tirong ya go rera. Mme Judase ene o ne a akantse sengwe se se farologaneng. E ne e le “legodu” e bile o ne a batla go utswa madi a a mo letloleng. Moragonyana, bopelotshetlha bo ne jwa dira gore Judase a rekise Jesu ka madi a go neng go rekwa lekgoba ka one.—Joh. 12:2-6; Math. 26:6-16; Luke 22:3-6.

14. Banyalani bangwe ba ne ba dirisa jang kgakololo e e mo go Luke 16:13?

14 Jesu o ile a gopotsa balatedi ba gagwe ntlha eno e e boammaaruri: “Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Bala Luke 16:13.) Kgang eno e sa ntse e le boammaaruri le gompieno. Ka sekai, a re utlwe gore banyalani bangwe ba kwa Romania ba ne ba dirisa jang mafoko ao a ga Jesu. Ba ne ba solofediwa tiro ya nakwana kwa nageng e e neng e atlegile thata. Ba re: “Kwa tshimologong, re ne re ithaya re re Jehofa ke ene a re nayang tiro eno ka gonne re ne re kolota banka madi a mantsi a re neng re tshwanetse go a duela.” Le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata. Tiro eo e ne e tlile go ba kgoreletsa go direla Jehofa. Fa ba sena go bala setlhogo se se reng “Nnang lo Ikanyega ka Pelo e e Kitlaneng” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 2008, ba ne ba kgona go dira tshwetso. Ba re: “Fa re ka bo re ile ra ya go bereka kwa nageng e nngwe fela ka gonne re batla madi, seo se ne se tla bo se bontsha gore ga re tseye botsala jwa rona le Jehofa bo le botlhokwa. Re ne re tlhomamisegile gore botsala jwa rona le Jehofa bo ne bo tlile go fela.” Ka jalo, ba ne ba gana tiro eo. Go ne ga direga eng? Monna yoo o ne a bona tiro mo nageng e ba neng ba nna mo go yone e bile tiro eo e ne e mo duela madi a ba neng ba a tlhoka. Mosadi wa gagwe a re: “Ka metlha Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe.” Banyalani bano ba itumelela go bo ba ile ba dira Jehofa Mong wa bone, e seng madi.

TILA DIRAI TSA GA SATANE

15. Ke eng se se re tlhomamisetsang gore re ka kgona go tswa mo diraing tsa ga Satane?

15 Re ka dira eng fa re lemoga gore re a ikgogomosa kgotsa re pelotshetlha? Re ka kgona go fetoga! Paulo o ne a re ba Diabolo a ‘ba tshwereng ba tshela’ ba ka kgona go tswa mo serung seo. (2 Tim. 2:26) Dafide o ne a reetsa fa Nathane a ne a mo kgalemela, a ikwatlhaela go bo a nnile pelotshetlha mme a nna tsala ya ga Jehofa gape. O se ka wa lebala gore Jehofa o maatla go gaisa Satane. Ka jalo, fa re amogela thuso ya ga Jehofa, re ka kgona go tswa mo seraing kgotsa mo serung sepe fela se Diabolo a ka re beelang sone.

16. Ke eng se se tla re thusang go tila dirai tsa ga Satane?

16 Gone le fa re ka kgona go tswa mo diraing kgotsa mo dirung tsa ga Satane, re tshwanetse go lwela go di tila gotlhelele. Jehofa a ka re thusa gore re kgone go dira jalo. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go itshepa thata. Tota le batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo diretseng ka lobaka lo loleele ba ile ba ikgogomosa kgotsa ba nna pelotshetlha. Ka jalo, kopa Jehofa letsatsi le letsatsi gore a go thuse go lemoga gore a tsela e o akanyang ka yone le e o dirang dilo ka yone ga e bontshe gore o na le mekgwa eno e e sa siamang. (Pes. 139:23, 24) Dira ka natla gore o se ka wa nna le mekgwa eo!

17. Mo nakong e e sa fediseng pelo, go tlile go direga eng ka mmaba wa rona e bong Diabolo?

17 Satane o na le dingwaga di le dintsi e le motsomi. Le fa go ntse jalo, mo nakong e e sa fediseng pelo o tlile go tshwarwa go tswa foo a bo a fedisiwa. (Tshen. 20:1-3, 10) Re swegaswega pelo gore letsatsi leo le tla leng. Mme fa letsatsi leo le ise le tle, nna o etse tlhoko dirai tsa ga Satane. Leka ka natla gore o se ka wa ikgogomosa kgotsa wa nna pelotshetlha. Ikemisetse go ‘ganetsa Diabolo, mme o tla go tshaba.’—Jak. 4:7.

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

^ ser. 5 Satane o tshwana le motho yo o itseng go tsoma. O batla gore re wele mo diraing tse a re beelang tsone, go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kae re direla Jehofa. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta gore Satane o leka jang go dirisa boikgogomoso le bopelotshetlha go senya botsala jwa rona le Modimo. Gape re tlile go ithuta mo dikaong tsa batho ba ba ileng ba wela mo seraing sa boikgogomoso le sa go nna pelotshetlha mme re tlile go bona gore re ka tila jang dirai tseo.

^ ser. 2 TLHALOSO: Setlhogo seno se tlotla ka boikgogomoso, e leng boikutlo jwa gore motho o botoka go gaisa batho ba bangwe, le bopelotshetlha e leng keletso e e feteletseng ya go batla go nna le madi a mantsi, go nna le taolo, go tlhakanela dikobo le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo.

^ ser. 53 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Boikgogomoso bo dira gore mokaulengwe a gane kgakololo. Kgaitsadi yo o nang le dilo tse dintsi o sa ntse a batla tse di oketsegileng.

^ ser. 55 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Moengele mongwe wa Modimo le Kgosi Usia ba ne ba nna boikgogomoso. Bopelotshetlha bo ne jwa dira gore Efa a je leungo le a neng a sa tshwanela go le ja, Dafide a dire boaka le Bathesheba le gore Judase a utswe madi.