Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 27

Yedza ku Dzikitadza Kwa Jehova

Yedza ku Dzikitadza Kwa Jehova

“Nge kudzikitadza kwenyu, mowowana butjilo gwenyu.”LUKA 21:19.

LUMBO 114 “Nnang Pelotelele”

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1-2. Matama a Jehova a ka kwagwa mu na Izaya 65:16, 17 a no ti kulumbidza chini kuti ti si nyale moyo?

SETLHOGO sa thulaganyo ya kopano ya tikologo ya 2017 se ne se re, “O se Ka wa Ineela!” Kopano eo e ile ya re bontsha kafa re ka tswelelang re itshokile ka gone fa re lebana le diteko. Gone jaanong go setse go fetile dingwaga di le nnê re tswa kwa kopanong eo, mme re sa ntse re itshoketse go tshela mo lefatsheng leno le le bosula.

2 Bosheng jaana, o ile wa lebana le bothata bofe? A o ile wa tlhokafalelwa ke mongwe mo lelapeng kgotsa tsala nngwe e o e ratang? A o na le bolwetse bongwe jo bo bolayang? A botshelo bo ntse bo nna thata ka gonne o tsofala? A o amilwe ke masetlapelo a tlholego, pogiso kgotsa bolwetse bongwe jo bo jaaka COVID-19? Ruri re lebile pele go bona letsatsi le mathata ano otlhe a tla bong a fedile, a lebetswe e bile a ka se ka a tlhola a nna teng gape!—Bala Isaia 65:16, 17.

3. Ini cha ta ka fanila thama ngwenu, ngono ne ku tini?

3 Botshelo bo thata mo lefatsheng leno le le bosula, mme re ka nna ra lebana le mathata a a boima le go feta mo nakong e e tlang. (Math. 24:21) Ka jalo, re tshwanetse go ithuta go itshoka go feta kafa re dirang ka gone mo nakong eno. Goreng? Ka gonne Jesu o ile a re: “Lo tla boloka matshelo a lona fa lo ka tswelela lo itshokile.” (Luke 21:19) Fa re akanya ka tsela e ba bangwe ba itshokelang diteko tse di tshwanang le tsa rona ka yone, seo se tla dira gore re kgone go itshoka.

4. Ini ti nga ti Jehova i chilakidzilo chi no pinda zose che ku dzikitadza?

4 Ke mang yo o re tlhomelang sekao se se molemo sa go itshoka? Ke Jehofa Modimo. A karabo eo e a go gakgamatsa? Kwa tshimologong e ka go gakgamatsa mme fa o akanya ka yone o tla kgona go bona lebaka la go bo re re Jehofa o itshokile. Lefatshe leno le laolwa ke Diabolo e bile le tletse mathata. Jehofa o na le maatla a go le fedisa ka ponyo ya leitlho, le fa go ntse jalo o emetse letsatsi le a le tlhomileng gore a dire jalo. (Bar. 9:22) Mme mo nakong eno, Modimo wa rona o tswelela a itshokile go fitlha nako eo e goroga. A re tlotleng ka dilo di le robongwe tse Jehofa a tlhophileng go di itshokela.

JEHOVA WA KA SHALULA KU DZIKITADZA MU NI?

5. Zina le Ndzimu la ka chinyiwa chini, ngono iwe u no zwihwa chini ne kwako?

5 Go nyadiwa ga leina la gagwe. Jehofa o rata leina la gagwe, e bile o batla gore botlhe ba le tlotle. (Isa. 42:8) Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di ka nna 6 000 leina la gagwe le le molemo le ntse le nyadiwa. (Pes. 74:10, 18, 23) Seno se simologile kwa tshimong ya Edene fa Diabolo (e leng leina le le kayang “Motho yo o Senyang Batho ba Bangwe Maina”) a ne a latofatsa Modimo ka gore o tima Adame le Efa sengwe se ba neng ba se tlhoka gore ba itumele. (Gen. 3:1-5) Fa e sa le ka nako eo, Jehofa o ntse a latofadiwa ka gore o tima batho dilo tse ba di tlhokang. Jesu o ne a amegile ka leina la ga Rraagwe ka gonne le ne le nyadiwa. Ke gone ka moo a neng a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapele ba re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Math. 6:9.

6. Ini Jehova a ka lecha kuti ku be ne chibaka cha ka lizana a sathu a ka tambunudza khani ye fanilo iye ye ku busa?

6 Go bo ba le bantsi ba le kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe. Jehofa ke ene fela a nang le tshwanelo ya go busa kwa legodimong le mo lefatsheng, mme tsela e a busang ka yone e molemo thata. (Tshen. 4:11) Le fa go ntse jalo, Diabolo o lekile go tsietsa baengele le batho gore ba akanye gore Modimo ga a na tshwanelo eo. Kgang eno ya gore Jehofa o na le tshwanelo ya go busa e ne e ka se ka ya rarabololwa ka bonako fela. Modimo o ile a bontsha gore o botlhale ka go letla gore go fete nako e telele gore batho ba lemoge gore fa motho a ipusa a sa busiwe ke Mmopi ga a kitla a atlega. (Jer. 10:23) Bopelotelele jwa Modimo bo tla dira gore fa kgang eno e rarabololwa go se ka ga tsoga dipelaelo gape. O tla tlotlomadiwa fa batho botlhe ba lemoga gore Bogosi jwa gagwe ke jone fela jo bo ka dirang gore go nne le kagiso le tshireletsego mo lefatsheng.

7. Ndi boyani ba ka thama bukomba mu na Jehova, ngono u no wo thamani ne kwabo?

7 Go tlhanogelwa ke bangwe ba bana ba gagwe. Jehofa o bopile bana ba gagwe botlhe e bong baengele le batho ba se na boleo. Le fa go ntse jalo, morwa Modimo wa moengele yo a neng a mo tlhanogela e bong Satane (e leng leina le le kayang “Moganetsi”) o ne a dira gore Adame le Efa le bone ba tlhanogele Jehofa. Baengele ba bangwe le batho ba bangwe, le bone e ne ya nna batlhanogi. (Jude 6) Moragonyana, tota le bangwe mo setšhabeng sa Iseraele, e leng batho ba Modimo a neng a ba tlhophile, ba ne ba mo tlogela mme ba simolola go obamela medimo ya maaka. (Isa. 63:8, 10) Jehofa o ne a utlwa botlhoko. Le fa go ntse jalo, o ile a itshoka e bile o tla tswelela a itshokile go fitlha nako e a e beileng e goroga ya gore a fedise botlhe ba ba mo tlhanogelang. Ka nako eo, Jehofa mmogo le botlhe ba ba ikanyegang mo go ene ba tla itumelela go bo ba sa tlhole ba tlhoka go itshokela bosula jo bo diregang mo lefatsheng leno.

8-9. I manyepkhwa api a no legwa ne kwa Jehova, ngono to a linga chini?

8 Maaka a ga Diabolo. Satane o ne a latofatsa Jobe le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa a re ba obamela Modimo ka mabaka a bopelotshetlha. (Jobe 1:8-11; 2:3-5) Le gompieno, Diabolo o sa ntse a latofatsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. (Tshen. 12:10) Re ka bontsha gore Satane o bua maaka fa re itshokela diteko le fa re tswelela re ikanyega mo go Jehofa ka gonne re mo rata. Mme fa re itshoka, Jehofa o tla re segofatsa fela jaaka a ile a segofatsa Jobe.—Jak. 5:11.

9 Satane o dirisa baeteledipele ba bodumedi jwa maaka go bolelela batho gore Jehofa o setlhogo le gore ke ene a dirang gore batho ba boge. Bangwe ba bone ba re fa bana ba tlhokafala, Modimo o ba tsere ka gonne o tlhoka baengele ba ba oketsegileng kwa legodimong. Ruri seo ke go tlontlolola Modimo! Rona re a itse gore Jehofa ke Modimo yo o lorato. Fa re tshwerwe ke bolwetse jo bo bolayang kgotsa re tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang, ga re pege Modimo wa rona molato. Go na le moo, re na le tumelo ya gore letsatsi lengwe o tla baakanya dilo. E bile re bolelela mongwe le mongwe yo o re reetsang gore Jehofa ke Modimo yo o lorato. Fa re dira jalo, Jehofa a ka kgona go araba yo o mo kgobang.—Diane 27:11.

10. Pisalema 22:23, 24 i no chenesani ne kwa Jehova?

10 Go boga ga batlhanka ba gagwe ba a ba ratang. Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko. O utlwa botlhoko fa a re bona re boga gongwe ka ntlha ya pogiso, bolwetse kgotsa ka ntlha ya diphoso tsa rona. (Bala Pesalema 22:23, 24.) Jehofa o tlhaloganya botlhoko jo re bo utlwang, o batla go bo fedisa, mme e bile o tla bo fedisa. (Bapisa Ekesodo 3:7, 8; Isaia 63:9.) Go tla tla letsatsi le ka lone ‘a tla phimolang dikeledi tsotlhe mo matlhong a rona, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.’—Tshen. 21:4.

11. Jehova u no shathilani ne kwe balanda babe ba ka fa?

11 Go tlhokafalelwa ke ditsala tsa gagwe. Jehofa o ikutlwa jang ka banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba tlhokafetseng? O tlhologelelwa go ba bona gape. (Jobe 14:15) Akanya fela gore Jehofa o tshwanetse a bo a tlhologelelwa tsala ya gagwe Aborahame jang. (Jak. 2:23) Kgotsa Moshe yo a neng a bua le ene “ba lebane difatlhego.” (Ekes. 33:11) Kgotsa akanya kafa a tshwanetseng a bo a eletsa go utlwa Dafide le bakwadi ba bangwe ba dipesalema ba mo opelela dipina tse di monate tsa pako! (Pes. 104:33) Le fa ditsala tseno tsa Modimo di tlhokafetse, Jehofa ga a di lebala. (Isa. 49:15) O gopola sengwe le sengwe ka botho jwa bone. Tota e bile re ka re “ba a tshela mo go ene.” (Luke 20:38, ntlh.) Ka letsatsi lengwe, o tla ba tsosa e bile o tla utlwa dithapelo tsa bone gape a bo a amogela kobamelo ya bone. Fa e le gore o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang, e kete dintlha tseno di ka go gomotsa.

12. Jehova u no hwisiwa zogwadza neni kwazokwazo mu chibaka ichechi che bupelo cha ka bipa?

12 Go bo batho ba ba bosula ba utlwisa batho ba bangwe botlhoko. Fa botlhanogi bo ne bo simologa kwa Edene, Jehofa o ne a itse gore maemo a ne a tla nna maswe le go feta pele ga dilo di tokafala. Jehofa o tlhoile bosula, go tlhoka tshiamiso le thubakanyo e e leng mo lefatsheng gompieno. Ga a bolo go amega thata ka batho ba ba sa kgoneng go itshireletsa le ba ba bokoa ba ba jaaka dikhutsana le batlholagadi. (Seka. 7:9, 10) Jehofa o utlwa botlhoko thata fa a bona batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba gatelelwa e bile ba tsenngwa mo dikgolegelong. Lo ka tlhomamisega gore o a lo rata lona lotlhe ba lo itshokileng fela jaaka ene.

13. Ludzi gwe nthu go tolegwa pasi chini mu mesho e Ndzimu, ngono u no wo thamani ne kwako?

13 Go bo boitsholo jo bo maswe bo ntse bo anama. Satane o rata go dira gore batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo, ba dire dilo tse di bosula. Mo motlheng wa ga Noa, Modimo “o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo” ka jalo “o ne a ikwatlhaela go bo a dirile batho mo lefatsheng, mme pelo ya gagwe e ne ya utlwa botlhoko.” (Gen. 6:5, 6, ntlh., 11) A maemo a nnile botoka fa e sa le ka nako eo? Le e seng! Ruri Diabolo o tshwanetse a bo a itumela fa a bona kafa mefuta yotlhe ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e anameng ka gone, go akaretsa boitsholo jo bo sa siamang magareng ga batho ba bong bo sele le batho ba bong jo bo tshwanang! (Baef. 4:18, 19) Satane o itumela le go feta fa a kgona go dira gore baobamedi ba boammaaruri ba leofe. Fa bopelotelele jwa ga Jehofa bo fela, o tla bontsha kafa a sa rateng boitsholo jo bo sa siamang ka gone.

14. Nthu u no thamani mu lubumbo gwe Ndzimu gu mu shango?

14 Go senngwa ga popo ya gagwe. Motho o laola motho yo mongwe “gore a mo utlwise botlhoko” e bile ga a tlhokomele lefatshe le diphologolo tse Jehofa a mo neileng maikarabelo a gore a di tlhokomele. (Mor. 8:9; Gen. 1:28) Baitsesaense ba akanya gore mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, batho ba tla dira gore mefuta e le 1 000 000 ya diphologolo le dimela e nyelele. Ga go gakgamatse go bo batho ba tshwenyegile ka tikologo. Re itumelela go bo Jehofa a solofetsa gore o tla ‘senya ba ba senyang lefatshe’ le go dira gore polanete eno e boe e nne paradaise gape.—Tshen. 11:18; Isa. 35:1.

CHA TI NO ZWIDIYA MU KU DZIKITADZA KWA JEHOVA

15-16. Ini chi nga ti sundidzila ku yendidzana ne ku dzikitadza kwa Jehova? Fanisa.

15 Akanya ka mathata otlhe a Rraarona yo o kwa legodimong a ntseng a itshoketse one ka dingwaga di le diketekete. (Bona lebokose le le reng “ Se Jehofa a se Itshoketseng.”) Jehofa a ka kgona go fedisa lefatshe leno le le bosula nako nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, boitshoko jwa gagwe bo re solegetse molemo thata. A re akanye ka sekai seno. A re re monna le mosadi ba bolelelwa gore ngwana wa bone yo o iseng a tsholwe o tla tsholwa a na le bogole jo bo rileng le gore o tla nna le mathata a botsogo a bo a tlhokafala a sa ntse a le monnye. Le fa go ntse jalo, batsadi bano ba a itumela fa ngwana yoo a tsholwa tota le fa go tla nna thata gore ba mo tlhokomele. E re ka ba rata ngwana wa bone, ba itshokela mathata ape fela e le gore ba kgone go dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba mo tlhokomele.

16 Ka tsela e e tshwanang, bana botlhe ba ga Adame le Efa, le bone ba tsholwa ba na le boleo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o a ba rata e bile o a ba tlhokomela. (1 Joh. 4:19) Mme go farologana le batsadi ba re buileng ka bone, Jehofa a ka kgona go dira sengwe ka boemo jono. O tlhomile letsatsi le ka lone a tla fedisang pogo yotlhe e batho ba lebaneng le yone. (Math. 24:36) Lorato lo Jehofa a re ratang ka lone lo tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re tswelele re itshokile fela jaaka ene.

17. Zila Jeso ya a no legwa nayo i mu na Bahebera 12:2, 3 ino ti kulumbidza chini ku dwilila ta ka dzikitadza?

17 Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo sa go itshoka. Jesu o ile a itshoka fela jaaka Rraagwe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itshokela go kgobiwa, go sotliwa le go kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso ka ntlha ya rona. (Bala Bahebera 12:2, 3.) Ruri sekao se Jehofa a se tlhomileng sa go itshoka, se ile sa thusa Jesu gore le ene a itshoke. Le rona se ka re thusa.

18. 2 Pita 3:9 i no ti batsha chini ku hwisisa belelo le ku be moyonlefu kwa Jehova?

18 Bala 2 Petere 3:9. Jehofa o itse nako e e siameng ya gore a fedise lefatshe leno le le bosula. Bopelotelele jwa gagwe bo ile jwa dira gore batho ba le bantsi ba ithute ka ene, mme gone jaanong batho ba le dimilione ba a mo obamela. Botlhe ba itumelela go bo Jehofa a ile a itshoka go fitlha ba tsholwa, ba ithuta ka ene ba bo ba ineela mo go ene. Fa rotlhe re itshoka go fitlha kwa bokhutlong go tla bonala gore Jehofa o ne a dirile tshwetso e e siameng ya gore a itshoke.

19. Ini cha ta ka zwimisila ku thama, ngono to wo bona mbayilo upi?

19 Sekao sa ga Jehofa se re bontsha kafa re ka itshokang ka gone re itumetse. Le fa Satane a dirile gore re utlwe botlhoko re bo re boge, Jehofa e sa ntse e le “Modimo yo o itumetseng.” (1 Tim. 1:11) Le rona re ka kgona go tswelela re itumetse fa re ntse re letetse Jehofa ka bopelotelele gore a itshepise leina la gagwe, a tlotlomatse bolaodi jwa gagwe, a bo a fedise bosula le mathata otlhe a re nang le one gompieno. A re ikemisetseng go tswelela re itshokile le go gomodiwa ke go itse gore Rraarona yo o kwa legodimong le ene o itshokile. Fa re dira jalo, re tla bona boammaaruri jwa mafoko ano: “Go itumela motho yo o tswelelang a itshokela diteko, ka gonne fa Modimo a mo amogela, o tla amogela serwalo sa botshelo, se Jehofa a se solofetsang ba ba tswelelang ba mo rata.”—Jak. 1:12.

LUMBO 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

^ ndi. 5 Rotlhe re na le mathata. Mme bontsi jwa one ga a na tharabololo gone jaanong, ka jalo re tshwanetse go itshoka. Le fa go ntse jalo, ga se rona fela ba re itshokileng. Jehofa le ene o itshoketse dilo di le dintsi. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo di le robongwe tse Jehofa a di itshoketseng. Gape re tla bona gore ke dilo dife tse di molemo tse di ileng tsa direga ka go bo Jehofa a itshokile le gore re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe.