Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 32

Nonotsha Tumelo ya Gago mo Mmoping

Nonotsha Tumelo ya Gago mo Mmoping

“Tumelo ke . . . bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore dilo tse di sa bonweng ruri di teng.”—BAHEB. 11:1.

PINA 11 Popo e Baka Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. O rutilwe eng ka Mmopi wa rona?

FA E le gore o godisitswe ke Basupi ba ga Jehofa, o ka tswa o ithutile ka Jehofa o sa ntse o le monnye. O ka tswa o rutilwe gore ke Mmopi, o na le dinonofo tse di molemo le gore o batla go dira gore lefatshe lotlhe le nne paradaise.—Gen. 1:1; Dit. 17:24-27.

2. Batho bangwe ba leba jang batho ba ba dumelang gore Modimo o bopile dilo tsotlhe?

2 Batho ba le bantsi ga ba dumele gore Modimo o teng le gore o bopile dilo tsotlhe. Go na le moo, ba dumela gore botshelo bo itshimologetse fela ka bojone, bo simolotse ka ditshedi tse dinnye di bo di fetoga go nna ditshedi tse dikgolo. Bangwe ba batho ba ba dumelang thuto eno ba rutegile thata mme ba re saense e na le bosupi jwa gore Baebele ga e bue boammaaruri le gore batho ba ba dumelang mo Mmoping ga ba a rutega, ga ba botlhale e bile ba tsietsega motlhofo.

3. Goreng go le botlhokwa gore re nonotshe tumelo ya rona?

3 A se se buiwang ke batho bangwe ba ba rutegileng, se tla dira gore re belaele gore Jehofa ke Mmopi yo o lorato? Seo se tla ikaega ka lebaka la go bo re dumela gore Jehofa ke Mmopi. A ke ka gonne re ile ra bolelelwa gore Jehofa ke Mmopi kgotsa ke ka gonne re ipatletse bosupi jwa seo? (1 Bakor. 3:12-15) Go sa kgathalesege gore ke lobaka lo lokae re le Basupi ba ga Jehofa, rotlhe re tshwanetse go nna re nonotsha tumelo ya rona. Fa re dira jalo, ga re kitla re tsiediwa ke “botlhale jwa lefatshe le maaka” a a rutiwang ke batho ba ba reng Baebele ga e boammaaruri. (Bakol. 2:8; Baheb. 11:6) Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka (1) lebaka la go bo batho ba le bantsi ba sa dumele gore go na le Mmopi, (2) tsela e re ka nonotshang tumelo ya rona ka yone mo Mmoping wa rona e bong Jehofa le (3) se re ka se dirang gore tumelo eo e nne e nonofile.

LEBAKA LA GO BO BATHO BA LE BANTSI BA SA DUMELE GORE GO NA LE MMOPI

4. Go ya ka Bahebera 11:1 le ntlha e e kwa tlase, tumelo ya mmatota e theilwe mo go eng?

4 Batho bangwe ba akanya gore go nna le tumelo go kaya go dumela sengwe se o se nang bosupi jwa sone. Mme Baebele e tlhalosa gore eo ga se tumelo ya mmatota. (Bala Bahebera 11:1 le ntlha e e kwa tlase.) Ela tlhoko gore go dumela mo dilong tse di sa bonaleng, jaaka go dumela mo go Jehofa, Jesu le mo Bogosing jo bo kwa legodimong, go ikaegile ka bosupi jo bo bonalang sentle. (Baheb. 11:3) Rasaense mongwe yo o neng a nna Mosupi wa ga Jehofa a re: “Re na le mabaka a go dumela se re se dumelang e bile ga re itlhokomolose dilo tse di utlwalang tse saense e di rutang.”

5. Goreng batho ba le bantsi ba sa dumele gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe?

5 Goreng batho ba le bantsi ba sa dumele gore Modimo o bopile dilo tsotlhe le fa go na le bosupi jo bontsi jaana jwa gore o di bopile? Lebaka le lengwe ke gore batho bangwe ga ba a ipha nako ya go itshekatshekela bosupi jwa seo. Robert yo gone jaanong e leng Mosupi wa ga Jehofa a re: “Kwa sekolong re ne re sa rutiwe gore go na le Mmopi, ka jalo ke ne ke sa akanye gore o teng. Fa ke na le dingwaga di ka nna 20, ke ne ka tlotla le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a mpontsha mabaka a a utlwalang a a tswang mo Baebeleng a a bontshang gore Modimo o bopile sengwe le sengwe.” *—Bona lebokose le le reng “Molaetsa o o Botlhokwa go Batsadi.”

6. Goreng batho bangwe ba sa dumele gore go na le Mmopi?

6 Batho bangwe ga ba dumele gore go na le Mmopi ka gonne ba re ba dumela dilo tse ba kgonang go di bona fela. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse ba dumelang gore di teng le fa ba sa di bone tse di jaaka, maatlakgogedi, ka gonne ba bona bosupi jwa gore a teng. Tumelo e Baebele e buang ka yone e akaretsa bosupi jwa gore “dilo tse di sa bonweng ruri di teng.” (Baheb. 11:1) Go tsaya nako le matsapa gore re ithute ka bosupi joo mme batho ba le bantsi ga ba batle go ipha nako ya go dira jalo. Motho yo o sa ipheng nako ya go sekaseka bosupi joo a ka nna a akanya gore Modimo ga a yo.

7. A batho botlhe ba ba rutegileng ga ba dumele gore Modimo o bopile dilo tsotlhe? Tlhalosa.

7 Fa baitsesaense bangwe ba sena go sekaseka bosupi jwa gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe, ba ile ba dumela se ba neng ba se ithuta. * Fela jaaka Robert yo re buileng ka ene pelenyana, bangwe ba ka tswa ba dumela gore ga go na Mmopi ka gonne ba sa rutiwa ka ene kwa yunibesithing. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba bantsi ba ithutile ka Jehofa e bile ba a mo rata. Fela jaaka baitsesaense bano ba dirile, rotlhe re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona mo Modimong go sa kgathalesege gore re rutegile go le kae. Ga go ope yo o ka re direlang seo.

SE O KA SE DIRANG GORE O DUMELE MO MMOPING

8-9. (a) Gone jaanong re tla tlotla ka potso efe? (b) Go ithuta ka popo go tla go solegela molemo jang?

8 O ka dira eng gore o dumele gore Modimo o bopile dilo tsotlhe? A re bone dilo tse nnê tse o ka di dirang.

9 Ithute ka popo. O ka nonotsha tumelo ya gago mo Mmoping ka go leba diphologolo, dimela le dinaledi. (Pes. 19:1; Isa. 40:26) Fa o ntse o ithuta ka dilo tseno, o tla tlhatswega pelo gore Jehofa o bopile dilo tsotlhe. Gantsi dikgatiso tsa rona di na le ditlhogo tse di buang ka popo. O se ka wa feta ditlhogo tseno fela o sa di bala le fa go ka tswa go le thata go di tlhaloganya. Dira sotlhe se o ka se kgonang go ithuta mo go tsone. O se ka wa lebala go tsena mo websaete ya rona ya jw.org mme o lebe gape dibidio tsa popo tse di tshamekilweng kwa dikopanong tsa rona tsa tikologo tsa bosheng jaana.

10. Naya sekai se se bontshang gore go na le Mmopi. (Baroma 1:20)

10 Fa o ntse o ithuta ka popo, leka go bona gore e go ruta eng ka Mmopi. (Bala Baroma 1:20.) Ka sekai, letsatsi le ntsha mogote le lesedi le le tlhokegang mo lefatsheng, mme gape marang a mangwe a lone a ka nna kotsi. Ka jalo re tlhoka go sirelediwa mo go one. Mme re sireleditswe! Re sireleditswe jang? Lefatshe la rona le na le digase tse di le sireleditseng mo marannyeng ao a a kotsi. Fa marang ao a oketsega, digase tse di sireletsang lefatshe le tsone di a oketsega. A jaanong o a lemoga gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o laolang dilo tseno tsotlhe le gore motho yoo e tshwanetse ya bo e le Mmopi wa rona yo o botlhale le yo o lorato?

11. O ka bona kae dintlha tse di ka nonotshang tumelo ya gago ka popo? (Bona lebokose le le reng “ Tshedimosetso E e Ka Nonotshang Tumelo ya Gago mo Mmoping.”)

11 O ka bona dintlha tse dintsi mo Watch Tower Publications Index tse di buang ka popo kgotsa o ka dira dipatlisiso mo jw.org gore o nonotshe tumelo ya gago. O ka nna wa simolola ka ditlhogo le dibidio tsa motseletsele wa “A di Tlhamilwe?” le wa “A di Dirilwe ke Mongwe?” Ditlhogo tseno le dibidio tseno di dikhutshwane, le fa go ntse jalo di tlhalosa dintlha tse di utlwalang ka diphologolo le ka dijalo. Gape di bontsha dikai tsa kafa baitsesaense ba ileng ba leka ka gone go etsa se ba se bonang mo popong.

12. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di ela tlhoko fa re ithuta Baebele?

12 Ithute Baebele. Kwa tshimologong, rasaense yo re mo umakileng pelenyana, o ne a sa dumele gore go na le Mmopi. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go nna le tumelo. A re: “Ga ke a ka ka nna le tumelo fela ka ntlha ya se ke neng ke ithuta sone mo saenseng, gape ke ne ka thusiwa ke se ke neng ke ithuta sone mo Baebeleng.” Gongwe o setse o itse dithuto dingwe tsa Baebele sentle. Le fa go ntse jalo, gore o kgone go nonotsha tumelo ya gago mo Mmoping, o tshwanetse go tswelela o ithuta Lefoko la Modimo. (Josh. 1:8; Pes. 119:97) Ka sekai, akanya kafa Baebele e nepileng ka gone fa e tlhalosa ditiragalo tse dingwe tse di diragetseng mo nakong e e fetileng. Gape ela tlhoko kafa dilo tse Baebele e ileng ya di bolelela pele di diragetseng ka gone le kafa bakwadi ba ba farologaneng ba Baebele ba dumalanang ka gone. Fa o dira jalo, o ka nonotsha tumelo ya gago gore Mmopi yo o lorato le yo o botlhale o re bopile le gore ke ene a tlhotlheleditseng gore Baebele e kwalwe. *2 Tim. 3:14; 2 Pet. 1:21.

13. Ke sekai sefe se se re bontshang gore kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo e mosola?

13 Fa o ntse o ithuta Lefoko la Modimo, ela tlhoko kafa kgakololo ya lone e leng mosola ka gone. Ka sekai, Baebele ga e bolo go tlhagisa gore go rata madi go kotsi e bile go baka “ditlhabi tse dintsi.” (1 Tim. 6:9, 10; Diane 28:20; Math. 6:24) A tlhagiso eo e sa ntse e le mosola le gompieno? Buka ya The Narcissism Epidemic e tlhalosa jaana: “Batho ba le bantsi ba ba ratang dikhumo, ga ba a itumela e bile ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Tota le batho ba ba batlang go nna le madi a mantsi, ga ba a itumela e bile ba na le mathata a botsogo.” Ka jalo, ruri tlhagiso ya Baebele ya gore re se ka ra rata madi, e mosola le gompieno! A o ka akanya ka melaometheo e mengwe ya Baebele e e go solegetseng molemo? Fa re akanya ka kgakololo e e molemo e re e bonang mo Baebeleng, re tla lemoga gore Mmopi wa rona o lorato le gore o itse se se ka re solegelang molemo. Mme go ka nna molemo gore re ikaege ka kgakololo ya gagwe. (Jak. 1:5) Fa re dira jalo, re tla nna le botshelo jo bo itumedisang.—Isa. 48:17, 18.

14. Go ithuta Baebele go tla go ruta eng ka ga Jehofa?

14 Ithute Baebele ka boikaelelo jwa go itse Jehofa botoka. (Joh. 17:3) Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla ithuta ka botho jwa ga Jehofa le dinonofo tsa gagwe, e leng dinonofo tse o di lemogileng fa o ithuta ka popo. Fa re ithuta ka dinonofo tsa ga Jehofa, re tla tlhatswega pelo gore ruri Jehofa o gone. (Ekes. 34:6, 7; Pes. 145:8, 9) Fa o ntse o ithuta ka Jehofa mo go oketsegileng, tumelo ya gago e tla nonofa, o tla mo rata le go feta e bile lo tla nna ditsala tse di atamalaneng.

15. O tla solegelwa molemo jang ke go bolelela ba bangwe ka Modimo?

15 Bolelela ba bangwe se o ithutileng sone ka Modimo. Fa o dira jalo, tumelo ya gago e tla nonofa le go feta. Mme go tweng fa motho yo o mo rerelang a belaela gore Modimo o gone mme o sa itse gore o ka mo araba jang? Leka go batla karabo ya potso eo mo Baebeleng o dirisa dikgatiso tsa rona mme o e dirise go mo araba. (1 Pet. 3:15) Gape o ka kopa Mosupi mongwe yo o nang le maitemogelo gore a go thuse go araba motho yoo. Go sa kgathalesege gore motho yoo o reetsa se o mmolelelang sone se se tswang mo Baebeleng kgotsa nnyaa, o tla solegelwa molemo ke go bo o dirile dipatlisiso. Tumelo ya gago e tla nonofa. Mme ga o kitla o tsiediwa ke batho ba ba lebegang ba le botlhale kgotsa ba ba rutegileng ba ba reng ga go na Mmopi.

TSWELELA O NONOTSHA TUMELO YA GAGO!

16. Ke eng se se ka diregang fa re sa tswelele re nonotsha tumelo ya rona?

16 Le fa re ka tswa re na le lobaka lo loleele re direla Jehofa, re tshwanetse go tswelela re nonotsha tumelo ya rona mo go ene. Goreng? Ka gonne fa re se kelotlhoko, tumelo ya rona e ka koafala. Gopola gore tumelo e akaretsa bosupi jwa gore dilo tse di sa bonweng ruri di teng. Go motlhofo go lebala dilo tse re sa di boneng. Ke gone ka moo, Paulo a ileng a re go sa nne le tumelo ke “boleo jo bo re raelang motlhofo.” (Baheb. 12:1) Ka jalo, re ka dira eng go tlhomamisa gore tumelo ya rona e nna e nonofile?—2 Bathes. 1:3.

17. Ke eng se se ka re thusang go tswelela re na le tumelo?

17 Sa ntlha, kopa Jehofa gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo mme o dire jalo gangwe le gape. Goreng? Ka gonne tumelo ke nonofo e moya o o boitshepo o re thusang gore re nne le yone. (Bagal. 5:22, 23) Ga re kitla re tswelela re na le tumelo mo Mmoping wa rona fa re sa thusiwe ke moya wa gagwe o o boitshepo. Fa re nna re kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe, o tla re naya one. (Luke 11:13) Tota e bile re ka rapela ra re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.”—Luke 17:5.

18. Go ya ka Pesalema 1:2, 3, re na le mpho efe e re ka itumelelang yone gone jaanong?

18 Selo se sengwe gape se o ka se dirang ke go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha. (Bala Pesalema 1:2, 3.) Fa pesalema eo e ne e kwalwa, Baiseraele ba le bantsi ba ne ba se na khopi e e feletseng ya Molao wa Modimo. Le fa go ntse jalo, kgosi le baperesiti ba ne ba ka kgona go nna le dikhopi tsa Molao oo mme morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le supa, go ne go dirwa thulaganyo ya gore “banna, basadi, bana” le batswakwa ba ba neng ba nna mo Iseraele ba kgone go reetsa fa Molao wa Modimo o balwa. (Dute. 31:10-12) Mo motlheng wa ga Jesu, e ne e le batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba na le dikhopi tsa Dikwalo, mme bontsi jwa tsone di ne di bewa kwa sinagogeng. Go farologana le bone, batho ba le bantsi gompieno ba na le Lefoko la Modimo le feletse kgotsa dikarolo tsa lone. Ruri eo ke mpho e e molemo! Re ka bontsha jang gore re anaanela mpho eo?

19. Re tshwanetse go dira eng gore re nne re na le tumelo e e nonofileng?

19 Re ka bontsha gore re anaanela mpho e re e neilweng ya Lefoko la Modimo ka go le bala ka metlha. Re tshwanetse go beela nako kwa thoko gore re bale le go ithuta Baebele, ga re a tshwanela go e bala fela fa re na le nako. Fa re tlhomamisa gore re ithuta Baebele ka metlha, tumelo ya rona e tla nna e nonofile.

20. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 Go farologana le “batho ba ba botlhale le ba ba rutegileng” ba lefatshe leno, rona re na le tumelo e e nonofileng e e theilweng mo Lefokong la Modimo. (Math. 11:25, 26) Go ithuta Baebele go re thusitse go itse gore ke ka ntlha yang fa maemo a lefatshe a nna maswe le go feta le gore Jehofa o tla dira eng ka one. Ka jalo, a re ikemisetseng go tswelela re nonotsha tumelo ya rona le go thusa batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka gone gore ba dumele gore go na le Mmopi. (1 Tim. 2:3, 4) Mme a re nneng re lebile pele kwa nakong e botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ba tla bong ba bua mafoko ano a Tshenolo 4:11: “Wena Jehofa, Modimo wa rona yo o maatla, o tshwanelwa ke go galalediwa . . . ka gonne o bopile dilo tsotlhe.”

PINA 2 Leina la Gago ke Jehofa

^ ser. 5 Baebele e bua ka tlhamalalo gore Jehofa Modimo ke ene a bopileng sengwe le sengwe. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba dumele seo. Ba dumela gore botshelo bo itshimologetse ka bojone fela. Fa re ka nonotsha tumelo mo Modimong le mo Baebeleng, se ba se buang ga se kitla se dira gore re belaele gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Setlhogo seno se tla re bontsha gore re ka dira seo jang.

^ ser. 5 Kwa dikolong tse dintsi, barutabana ga ba umake kgang ya gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Bangwe ba bone ba akanya gore fa ba ka dira jalo, ba tla bo ba pateletsa baithuti go dumela gore Modimo o teng.

^ ser. 7 Watch Tower Publications Index e na le dikakgelo tsa batho ba ba fetang 60 ba ba rutegileng go akaretsa le baitsesaense ba ba dumelang gore go na le Mmopi. Leba mo go buiwang ka Sciencemme o bo o batla setlhogo se se reng “scientists expressing belief in creation.” Dingwe tsa dikakgelo tseno di ka fitlhelwa le mo Kaeding ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa. Mo go buiwang ka “Saense le Thekenoloji” batla setlhogo se se reng “‘Potsolotso’ (Motseletsele o o makasineng wa Tsogang!).”

^ ser. 12 Ka sekai, bona setlhogo se se reng “A Saense le Baebele di a Tsamaisana?” mo makasineng wa Tsogang! wa February 2011 le setlhogo se se reng “Se Jehofa a se Bolelelang Pele se a Direga” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1, 2008.