Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 33

Shathila Cha u no Shinga mu Gubungano

Shathila Cha u no Shinga mu Gubungano

“Bona kwe mesho koyita pana kupembela kwe yemula.”—NRE. 6:9.

LUMBO 111 Mabaka a Rona a go Ipela

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Bathu banjinji ba no linga chini zwi no sheteka mu gubungano?

 RE NA le tiro e e seng kana ka sepe e re tshwanetseng go e dira fa bokhutlo bo ntse bo atamela. (Math. 24:14; Luke 10:2; 1 Pet. 5:2) Rotlhe re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa. Ba le bantsi ba batla go dira mo go oketsegileng mo bodireding. Bangwe ba bone ba batla go nna babulatsela. Ba bangwe ba batla go direla kwa Bethele kgotsa go nna le seabe mo dikagong tsa mafelo a kobamelo. Mme bakaulengwe ba le bantsi ba kgaratlhela go tshwanelegela go nna batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane. (1 Tim. 3:1, 8) Ruri Jehofa o a itumela fa a bona batho ba gagwe ba eletsa go mo direla jalo!—Pes. 110:3; Isa. 6:8.

2. Ti nga zwibata chini ha ti singa khone ku shinga mishingo ya ta ka be ta zwimisila ku i shingila Jehova?

2 Re ka kgobega marapo fa e le gore go feta lobaka lo loleele re sa fitlhelele mekgele e re ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa, kgotsa fa e le gore dingwaga le maemo a rona a dira gore re se ka ra kgona go nna le ditshiamelo dingwe. (Diane 13:12) Seo ke sone se se neng sa diragalela Melissa. * O ne a batla go direla kwa Bethele kgotsa go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi, le fa go ntse jalo a re: “Dingwaga ga di tlhole di ntetla gore ke dire dikabelo tseo. Ka dinako dingwe ke kgobega marapo.”

3. Bangwe ba nga tola thambo dzipi kuti ba khone ku shingila Jehova?

3 Bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa ntseng ba le basha e bile ba na le botsogo jo bontle, ba ka tswa ba tlhoka go nna le dinonofo tse di rileng pele ba tshwanelegela go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng. Ka sekai, bangwe ba bone ba ka tswa ba le botlhale, ba kgona go dira ditshwetso ka bonako e bile ba ikemiseditse go dira ka natla. Le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba sa ntse ba tlhoka go nna pelotelele, go nna kelotlhoko fa ba dira tiro ya bone le go tlotla batho ba bangwe. Fa o lwela go nna le dinonofo tse di tlhokegang, o ka newa maikarabelo ka nako e o sa e lebelelang. Akanya ka se se diragaletseng Nick. Fa a ne a na le dingwaga di le 20, o ne a utlwile botlhoko tota ka gonne a ne a sa tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi. A re: “Ke ne ke tsaya gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se phoso ka nna.” Le fa go ntse jalo, Nick ga a ka a ineela. O ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona mo phuthegong le mo bodireding. Gompieno ke leloko la Komiti ya Lekala.

4. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

4 A o kgobegile marapo ka gonne o ise o fitlhelele mokgele mongwe mo phuthegong ya ga Jehofa? Fa go ntse jalo, bolelela Jehofa kafa o ikutlwang ka gone. (Pes. 37:5-7) Mo godimo ga moo, kopa bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo gore ba go neye dikakantsho tsa kafa o ka tokafatsang ka gone mo tirelong ya gago, go tswa foo o dire sotlhe se o ka se kgonang go dirisa kgakololo e ba go neileng yone. Fa o dira jalo, o ka kgona go fitlhelela mokgele o o ipeetseng one. Le fa go ntse jalo, jaaka Melissa, gongwe gone jaanong ga go kgonege gore o direle Jehofa kafa o neng o ka rata ka gone. Mme gone, o ka dira eng gore o itumele? Setlhogo seno se tlile go araba potso eo, ka go tlotla ka gore (1) ke eng se se ka dirang gore o itumele (2) o ka dira eng gore o tswelele o itumetse le gore (3) ke mekgele efe e o ka ipeelang yone e e ka dirang gore o itumele le go feta?

KWA TI NGA SHAKA KU SHATHA

5. Kuti ti shathe, ta ka fanila lingisa mikumbulo yedu mu ni? (Nreri 6:9)

5 Moreri 6:9 e tlhalosa se re ka se dirang gore re itumele. (E bale.) Motho yo o itumelelang “se matlho a se bonang,” o kgotsofalela se a nang le sone kgotsa maemo a gagwe. Mme motho yo o kgarakgatshiwang ke dikeletso tsa gagwe, o nna a eletsa sengwe se a ka se kang a kgona go nna le sone. Re ithuta eng? Gore re itumele, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse re nang le tsone, e seng mo dilong tse re ka se kang ra kgona go nna le tsone.

6. Towo zwidiya ne kwe itshwantsho chipi, ngono towo lingisa mikumbulo yedu mu ni?

6 A tota go a kgonega gore o kgotsofalele se o nang le sone? Ke boammaaruri gore fa nako e ntse e tsamaya, ke ga tlholego gore re batle go dira ditiro tse dingwe. Mme gone, go a kgonega gore motho a kgotsofalele se a nang le sone. Go na le gore re kgotsofalele fela “se matlho a se bonang,” re tshwanetse go se itumelela. Re ka dira seo jang? Gore re bone karabo, a re sekaseke setshwantsho sa ga Jesu sa ditalenta se se mo go Mathaio 25:14-30. Re tlile go bona gore ke eng se se ka dirang gore re itumele le gore re ka dira jang gore re tswelele re itumetse.

SE KWA U NGA PAPHIDZA KU SHATHA KUKO

7. Buyulila itshwantsho cha Jeso che dzitalenta.

7 Mo setshwantshong sa ditalenta, monna mongwe o ne a tloga a tsaya loeto. Pele a tsamaya, o ne a bitsa batlhanka ba gagwe a bo a ba naya ditalenta tse ba neng ba tla dira kgwebo ka tsone. * Monna yoo o ne a itse gore batlhanka ba gagwe ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng, ka jalo o ne a naya yo mongwe ditalenta di le tlhano, yo mongwe ditalenta di le pedi, mme yo mongwe e le nngwe. Batlhanka ba ntlha ba babedi ba ne ba dira ka natla gore ba oketse madi a mong wa bone. Mme motlhanka wa boraro ene, ga a ka a dira sepe ka madi a a neng a a neilwe. Ka jalo, mong wa gagwe o ne a mo leleka.

8. Ini nlanda we kutanga mu itshwantsho a ka shatha?

8 Motlhanka wa ntlha o tshwanetse a bo a ne a itumeletse gore mong wa gagwe o mo neile ditalenta di le tlhano. E ne e le madi a mantsi tota, mme seo se ne se bontsha gore mong wa gagwe o a mo tshepa! Mme go tweng ka motlhanka wa bobedi? O ne a ka kgobega marapo ka gonne a sa newa ditalenta tse di lekanang le tsa motlhanka wa ntlha. Mme gone, o ne a dira eng?

Re ithuta eng mo motlhankeng wa bobedi yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu? (1) Mong wa gagwe o ne a mo naya ditalenta di le pedi (2) O ne a dira ka natla gore a oketse madi a mong wa gagwe (3) O ne a oketsa ditalenta tsa mong wa gagwe ka tse dingwe tse pedi (Bona dirapa 9-11)

9. Ini chi sa ka legwa na Jeso ne kwe nlanda we bubili? (Matewu 25:22, 23)

9 Bala Mathaio 25:22, 23. Jesu ga a ka a re motlhanka wa bobedi o ne a kgopisega kgotsa a tenega ka gonne a neilwe ditalenta di le pedi fela. E bile Jesu ga a ka a re motlhanka yoo o ne a ngongorega a re: ‘A seno ke sone fela se ke se newang? Le nna ke dira ka natla fela jaaka motlhanka yo o neilweng ditalenta tse tlhano! Fa e le gore mong wa me ga a re sepe ka se ke se dirang, ke tla epela ditalenta tsa gagwe tse pedi mo mmung ke bo ke ya go ipereka.’

10. Nlanda we bubili wa ka thamani ne dzitalenta dzidze?

10 Fela jaaka motlhanka wa ntlha, motlhanka yono wa bobedi le ene o ne a itse gore tiro e mong wa gagwe a mo neileng yone e botlhokwa, mme o ne a mo direla ka natla. Ka jalo, o ne a oketsa ditalenta tse mong wa gagwe a mo neileng tsone ka tse dingwe tse pedi. Mong wa gagwe o ne a mo duelela tiro ya bonatla e a e dirileng. Gape o ne a mo akgola a bo a mo naya maikarabelo a a oketsegileng.

11. Ti nga paphidza ku shatha kwedu chini?

11 Ka tsela e e tshwanang, le rona re ka itumela le go feta fa re dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong epe e re e newang mo phuthegong ya ga Jehofa. “Tlhoma mogopolo thata” mo tirong ya go rera mme o dire ka natla mo phuthegong. (Dit. 18:5; Baheb. 10:24, 25) Baakanyetsa dipokano sentle gore o kgone go araba dikarabo tse di kgothatsang. Tsaya dikabelo dipe fela tse o di newang mo dipokanong tsa mo gare ga beke di le botlhokwa thata. Fa o kopiwa gore o dire tiro nngwe mo phuthegong, tshwara nako mme o bontshe gore o ka ikanngwa. O se ka wa akanya gore kabelo epe e o e newang ga e botlhokwa e bile ga o tlhoke go fetsa nako ya gago mo go yone. Leka ka natla go tokafatsa tsela e o dirang tiro ya gago ka yone. (Diane 22:29) Fa o nna o direla Jehofa ka natla, o tla atamalana thata le ene mme o tla itumela le go feta. (Bagal. 6:4) E bile go tla nna motlhofo gore o itumele le ba bangwe fa ba newa maikarabelo a o neng o ka rata go nna le one.—Bar. 12:15; Bagal. 5:26.

12. Bafakazi babili ba ka tola thambo dzipi ku paphidza ku shatha kwabo?

12 A o sa ntse o gopola kgaitsadi Melissa, yo o neng a batla go direla kwa Bethele kgotsa go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi? Le fa a sa kgone go fitlhelela se a neng a se batla, a re: “Ke leka go dira sotlhe se nka se kgonang mo tirong ya bobulatsela e bile ke rera ka ditsela tse di farologaneng. Seo se dirile gore ke itumele fela thata.” Mme Nick ene o ne a dira eng fa a ne a sa tlhomiwe go nna motlhanka wa bodiredi? A re: “Ke ne ka tlhoma mogopolo mo dilong tse ke neng nka kgona go di dira tse di jaaka go rera le go araba dikarabo tse di kgothatsang kwa dipokanong. E bile ke ne ka tsenya kopo ya go ya go direla kwa Bethele, mme mo ngwageng o o latelang ke ne ka bidiwa.”

13. Ku shinga nshingo uwo ne masimba ku nga be ne belelo lipi? (Nreri 2:24)

13 Fa o dira sotlhe se o ka se kgonang mo kabelong e o nang le yone gone jaanong, a o tla newa maikarabelo a a oketsegileng mo nakong e e tlang? Fela jaaka Nick, o ka nna wa a newa. Mme fa o sa a newe, fela jaaka Melissa, o ka kgona go itumela le go kgotsofalela se o kgonang go se direla Jehofa. (Bala Moreri 2:24.) E bile o tla itumela fela thata ka gonne o itse gore o itumedisa Mong wa rona e bong Jesu Keresete.

MAZWIMISILO A NGA PAPHIDZA KU SHATHA KWEDU

14. Ta ka fanila kumbulani ne kwe mazwimisilo edu e ku shingila Ndzimu?

14 A fa re dira sotlhe se re ka se kgonang gone jaanong mo tirelong ya ga Jehofa, ga go tlhokege gore re nne re leka ka natla go dira mo go oketsegileng? Nnyaa! Re tshwanetse go ipeela mekgele e e tla re thusang gore re tokafatse tsela e re rerang ka yone le e re rutang ka yone, le gore re leke ka natla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Re tla fitlhelela mekgele eno fa re tlhoma mogopolo mo go thuseng batho ba bangwe go na le go o tlhoma mo go rona.—Diane 11:2; Dit. 20:35.

15. I mazwimisilo api mangwe a nga ku batsha ku paphidza ku shatha kuko?

15 O ka ipeela mekgele efe? Kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela. (Diane 16:3; Jak. 1:5) O ka leka go fitlhelela mongwe wa mekgele e go builweng ka yone mo  serapeng sa ntlha sa setlhogo seno, e e jaaka go nna mmulatsela yo o thusang kgotsa wa ka metlha, go direla kwa Bethele kgotsa go nna le seabe mo dikagong tsa mafelo a kobamelo. Gongwe o ka ithuta puo e nngwe gore o kgone go rerela batho ba puo eo, kgotsa o ka ya kwa nageng e nngwe gore o kgone go rerela batho ba naga eo. O ka ithuta mo go oketsegileng ka mengwe ya mekgele eo ka go bala kgaolo 10 ya buka ya Re Rulaganyeditse go Dira Thato ya ga Jehofa le ka go bua le bagolwane ba phuthego ya lona. * Fa o leka go fitlhelela mekgele eno, ba bangwe ba tla lemoga gore o gatela pele mme o tla itumela le go feta.

16. U nga thamani ha u singa khone ku thama mazwimisilo awo ngwenu?

16 Mme go tweng fa e le gore gone jaanong ga o kgone go fitlhelela mekgele e re tlotlileng ka yone? Batla mokgele o mongwe o o ka kgonang go o fitlhelela. Akanya ka dilo tseno tse o ka di dirang.

Ke mekgele efe e mengwe e o ka kgonang go e fitlhelela? (Bona serapa 17-19) *

17. Ku yenda na 1 Timoti 4:13, 15, nzwalani u nga thamani ku be nreri u butuka?

17 Bala 1 Timotheo 4:13, 15. Fa e le gore o mokaulengwe yo o kolobeditsweng, o ka leka go tokafatsa tsela e o buang ka yone le e o rutang ka yone. Goreng? Ka gonne fa o dira ka natla gore o bale, o bue o bo o rute sentle, o tla kgona go thusa ba ba go reeditseng. Leka go ipeela mokgele wa go ithuta le go dirisa thuto nngwe le nngwe e e tlhalosiwang mo boroutšhareng jwa Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta. Ithute thuto e le nngwe, ikatise kwa lapeng, o bo o dirise se o se ithutileng fa o neela dipuo, go tswa foo o ka fetela mo thutong e nngwe. Kopa dikgakololo mo mogakoloding yo o thusang kgotsa mo bagolwaneng ba bangwe ba ba “dirang ka natla go bua le go ruta.” * (1 Tim. 5:17) Mme o se ka wa tlhoma mogopolo fela mo go se o se ithutileng mo boroutšhareng joo, leka go akanya gore o ka nonotsha jang tumelo ya ba ba go reeditseng le gore o ka ba kgothaletsa jang go dirisa se o se rutang. Fa o dira jalo, o tla dira gore ba itumele, mme le wena o tla itumela.

Ke mekgele efe e mengwe e o ka kgonang go e fitlhelela? (Bona serapa 18) *

18. Ini chi nga ti batsha ku khona mazwimisilo edu mu nshingo we ku rera?

18 Rotlhe re na le tshiamelo ya go rera le go dira batho barutwa. (Math. 28:19, 20; Bar. 10:14) A o ka rata go tokafatsa bokgoni jwa gago mo tirong eno ya botlhokwa? Bala boroutšhara jwa Go Ruta, go tswa foo o ipeele mekgele e e tla go thusang gore o dirise se o se ithutileng. O ka bona dikakantsho tse di oketsegileng mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona le mo dibidiong tsa dipuisano tse di lebelelwang mo dipokanong tsa mo gare ga beke. Leka go dirisa dikakantsho tse di farologaneng go bona gore ke efe e e go berekelang sentle. Fa o dirisa dikakantsho tseno, o tla tokafatsa tsela e o rutang ka yone mme seo se tla dira gore o itumele.—2 Tim. 4:5.

Ke mekgele efe e mengwe e o ka kgonang go e fitlhelela? (Bona serapa 19) *

19. U nga kudza mazwibato e Bukirisiti chini?

19 Fa o ntse o akanyetsa mekgele e o ka e ipeelang, o se ka wa lebala gore mokgele wa botlhokwa o o ka ipeelang one ke go nna le dinonofo tse di itumedisang Modimo. (Bagal. 5:22, 23; Bakol. 3:12; 2 Pet. 1:5-8) O ka dira eng gore o fitlhelele mokgele oo? Ka sekai, a re re o batla go nna le tumelo e e nonofileng. O ka nna wa bala ditlhogo tse di mo dikgatisong tsa rona tse di nang le dikakantsho tse di ka go thusang gore o nonotshe tumelo ya gago. O tla solegelwa molemo ke go leba dikarolo dingwe tsa JW Broadcasting®, tse di bontshang kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba bontsha ka gone gore ba na le tumelo e e nonofileng fa ba lebana le diteko tse di farologaneng. Go tswa foo, leka go bona kafa o ka etsang tumelo ya bone ka gone mo botshelong jwa gago.

20. Ti nga paphidza ku shatha kwedu chini kuti ti si nyalemoyo?

20 Ga go pelaelo gore rotlhe re eletsa go direla Jehofa go feta ka tsela e re mo direlang ka yone gone jaanong. Kwa lefatsheng le lesha, re tla kgona go direla Modimo sotlhe se re batlang go mo direla sone. Mme fa gone jaanong re dirisa ditshono tse re nang le tsone go mo direla, re tla kgona go itumela e bile ga re kitla re kgobega marapo. Sa botlhokwa le go feta ke gore re tla tlotlomatsa Jehofa “Modimo [wa rona] yo o itumetseng” e bile re tla mmaka. (1 Tim. 1:11) Ka jalo, a re itumeleleng ditshiamelo tse re nang le tsone!

LUMBO 82 “A Lesedi la Lona le Phatsime”

^ ndi. 5 Re rata Jehofa fela thata e bile re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong ya gagwe. Seo se ka dira gore re batle go dira mo go oketsegileng mo bodireding, kgotsa re kgaratlhele go nna le ditshiamelo dingwe mo phuthegong. Mme go tweng fa e le gore ga re kgone go fitlhelela mekgele mengwe le fa re dira sotlhe se re ka se kgonang? Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa le gore re tswelele re itumetse? Re bona karabo ya dipotso tseo mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta.

^ ndi. 2 Maina mangwe a fetotswe.

^ ndi. 7 TLHALOSO: Talenta e ne e le madi a motho a neng a ka a berekela ka dingwaga di ka nna 20.

^ ndi. 15 Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba kgothalediwa gore ba kgaratlhele go tshwanelegela go nna batlhanka ba bodiredi le bagolwane. Buka ya Re Rulaganyeditse go Dira Thato ya ga Jehofa kgaolo 5 le 6, e na le ditshwanelego tsa batlhanka ba bodiredi le bagolwane.

^ ndi. 17 TLHALOSO: Mogakolodi yo o thusang ke mogolwane yo o abetsweng go gakolola bagolwane le batlhanka ba bodiredi kwa thoko fa go tlhokega, fa ba sena go neela dipuo mo phuthegong.

^ ndi. 64 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona gore a kgone go fitlhelela mokgele o a ipeetseng one wa go tokafatsa tsela e a rutang ka yone.

^ ndi. 66 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o ipeetseng mokgele wa go neela bosupi a se mo bodireding o naya motho yo o berekang mo resetšhurenteng karata ya go ikgolaganya le rona.

^ ndi. 68 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o ipeetseng mokgele wa go nna pelotshweu o naya kgaitsadi yo mongwe mpho.