Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 36

Tolela Pezhugwi Masimba e Batshwa

Tolela Pezhugwi Masimba e Batshwa

“Gudzo le bazhuzha isimba labo.”—ZWIA. 20:29.

LUMBO 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Ti nga zwibigila mazwimisilo api ha ti ntse ti kula?

FA RE ntse re gola, re ka nna ra tshwenyega, re akanya gore Jehofa ga a kitla a re dirisa jaaka a ne a re dirisa fa re ne re sa ntse re le basha. Gone ke boammaaruri gore re ka tswa re sa tlhole re na le maatla jaaka pele, mme re ka kgona go dirisa botlhale le maitemogelo a re nang le one go thusa basha gore ba dirisiwe ke phuthego ya ga Jehofa le gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng. Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le dintsi e le mogolwane o ne a re: “Fa ke ntse ke tsofala e bile ke sa tlhole ke kgona go dira tiro e ke neng ke e dira pele, ke itumelela gore go na le bakaulengwe ba basha ba ba tshwanelegang ba ba kgonang go dira tiro eo.”

2. Towo leba ne kweni mu nsholo iwoyo?

2 Mo setlhogong se se fetileng, re bone kafa basha ba solegelwang molemo ka gone fa ba itsalanya le Bakeresete ba ba godileng. Mo setlhogong seno, re tlile go bona kafa dinonofo tse di jaaka go nna boikokobetso, go nna boingotlo, go leboga le go nna pelotshweu, di ka thusang Bakeresete ba ba godileng ka gone gore ba dirisane le basha, e leng se se tla thusang phuthego yotlhe.

ZWIYISE PASI

3. Ku yenda na Bafilipi 2:3, 4, ku zwiyesa pasi ini, ngono ku nga batsha Nkirisiti chini?

3 Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetse go nna boikokobetso gore ba kgone go thusa basha. Motho yo o boikokobetso o tsaya batho ba bangwe ba le botlhokwa go mo gaisa e bile ba na le bokgoni jo bo fetang jwa gagwe. (Bala Bafilipi 2:3, 4.) Bakeresete ba ba godileng ba ba ikokobeditseng, ba a lemoga gore gantsi go na le ditsela tse di farologaneng tse di dumalanang le melaometheo ya Baebele tsa go dira tiro nngwe. Ka jalo, ga ba a lebelela gore mongwe le mongwe a dire dilo ka tsela e ba neng ba di dira ka yone mo nakong e e fetileng. (Mor. 7:10) Le fa ba ka tswa ba na le maitemogelo a ba ka ratang go a bolelela basha, ba a lemoga gore “seemo sa lefatshe leno se a fetoga” le gore ba ka tshwanelwa ke go ithuta ditsela tse disha tsa go dira dilo.—1 Bakor. 7:31.

Bakeresete ba ba godileng ba bolelela ba bangwe maitemogelo a bone (Bona dirapa 4-5) *

4. Balingilili be poteleko ba no lakidza chini nkumbulo u nonga we Balevi?

4 Bakeresete ba ba godileng e bile ba le boikokobetso ba a lemoga gore fa ba ntse ba tsofala, ba ka se ka ba tlhola ba kgona go dira ditiro tse ba neng ba di dira pele. Ka sekai, akanya ka balebedi ba potologo. Fa ba tshwara dingwaga di le 70 ba kopiwa gore ba dire dikabelo tse dingwe. Seo se ka nna thata ka gonne ba ne ba itumelela go thusa bakaulengwe ba bone. Ba ne ba rata tiro ya bone fela thata e bile ba sa ntse ba e rata. Mme gone, ba a tlhaloganya gore go ka nna botoka gore tiro eo e dirwe ke bakaulengwe ba basha. Ba ikutlwa jaaka Balefi ba kwa Iseraele wa bogologolo, ba ba neng ba tshwanelwa ke go emisa tiro e ba neng ba e dira kwa motlaaganeng fa ba tshwara dingwaga di le 50. Balefi bao ba ba godileng ba ne ba itumelela kabelo epe fela e ba neng ba e dira. Ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona e bile ba ne ba thusa Balefi ba basha. (Dipa. 8:25, 26) Le fa gompieno bakaulengwe ba e neng e le balebedi ba potologo ba sa tlhole ba etela diphuthego, ba thusa diphuthego tse ba abetsweng kwa go tsone e bile ba a di kgothatsa.

5. U no zwidiyani mu chilakidzilo cha Dan na Katie?

5 Akanya ka sekai sa ga Dan, yo o neng a nna molebedi wa potologo ka dingwaga di le 23. Fa Dan a ne a tshwara dingwaga di le 70, ene le mosadi wa gagwe e bong Katie, ba ne ba newa kabelo e ntšha ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Ba ikutlwa jang ka kabelo ya bone e ntšha? Dan a re gone jaanong o tshwaregile thata go feta le fa e le leng pele! O dira maikarabelo a gagwe mo phuthegong, o thusa bakaulengwe gore ba tshwanelegele go nna batlhanka ba bodiredi e bile o katisa ba bangwe gore ba rere mo ditoropong tse dikgolo le mo dikgolegelong. Bakeresete ba ba godileng, lo ka kgona go thusa ba bangwe go sa kgathalesege gore lo mo tirelong ya nako e e tletseng kgotsa ga lo mo go yone. Lo ka dira seo jang? Itumeleleng tiro ya lona e ntšha, ipeeleng mekgele e mesha lo bo lo tlhome mogopolo mo go se lo ka kgonang go se dira e seng se lo sa kgoneng go se dira.

ZWITOLELE PASI

6. Ini ili buchenjedu ku zwitolela pasi? Fanisa.

6 Motho yo o boingotlo o a lemoga gore go na le dilo tse a sa kgoneng go di dira. (Diane 11:2, Thanolo ya Lefatshe le Lesha) E re ka a le boingotlo, ga a ka ke a lebelela gore a dire dilo tse a ka se kgoneng go di dira. Seo se tla dira gore a nne a itumetse le gore a tswelele a dira ka natla. Re ka tshwantsha motho yo o boingotlo le motho yo o kgweetsang koloi mme a tlhatloga thaba. Mokgweetsi o tla tlhoka go fokotsa lobelo gore koloi e kgone go tlhatloga. Le fa gone a tla bo a fokoditse lobelo, koloi yone e tla bo e sa ntse e tsamaya. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o boingotlo o a itse fa e le nako ya go fokotsa lobelo le go dira diphetogo gore a kgone go tswelela a direla Jehofa le go thusa ba bangwe.—Bafil. 4:5.

7. Bharizilai wa ka lakidza chini kuti u no zwitolela pasi?

7 Akanya ka sekai sa ga Barisilai yo o neng a na le dingwaga di le 80 fa Kgosi Dafide a ne a mo kopa gore a nne karolo ya lelapa la segosi. Barisilai o ne a le boingotlo, ka jalo ga a ka a amogela kopo eo ya kgosi. O ne a lemoga gore botsofe bo ne bo tla dira gore a se ka a kgona go dira mo gontsi, ka jalo o ne a akantsha gore Kimehame yo a neng a sa le mosha a tsamaye mo boemong jwa gagwe. (2 Sam. 19:35-37) Fela jaaka Barisilai, banna ba ba godileng ba itumelela go naya bakaulengwe ba ba sa ntseng ba le basha tshono ya go direla mo phuthegong.

Kgosi Dafide o ne a dumalana le tshwetso ya Modimo ya gore morwawe a age tempele (Bona serapa 8)

8. She Dafite wa ka lakidza chini kuti u no zwitolela pasi ha ku zha mu ku bakiwa kwe tempele?

8 Kgosi Dafide le ene o ne a tlhoma sekao se sentle sa go nna boingotlo. O ne a batla go agela Jehofa ntlo ka pelo ya gagwe yotlhe. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a mmolelela gore o tlile go naya morwawe e bong Solomone tshiamelo eo, Dafide o ne a dumalana le tshwetso ya ga Jehofa a bo a dira sotlhe se a ka se kgonang go ema tiro ya go aga tempele nôkeng. (1 Ditir. 17:4; 22:5) Dafide o ne a sa tseye gore ke ene a neng a ka kgona go dira tiro eo botoka ka gonne Solomone ‘a le mmotlana e bile a se na maitemogelo.’ (1 Ditir. 29:1) Dafide o ne a itse Jehofa ke ene a neng a tla segofatsa tiro ya go aga tempele, e ne e ka se ikaege ka gore ba ba e eteletseng pele ba godile kgotsa ba na le maitemogelo. Fela jaaka Dafide, Bakeresete ba ba godileng ba tswelela ba dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa tota le fa dikabelo tsa bone di fetoga. Ba a itse gore Jehofa o tlile go segofatsa basha ba ba dirang tiro e ba neng ba e dira.

9. Nngwe we Komiti ye Litabi wa ka lakidza chini kuti u no zwitolela pasi?

9 Mokaulengwe Shigeo ke sekao sa gompieno sa go nna boingotlo. Ka 1976 fa a ne a na le dingwaga di le 30, o ne a tlhomiwa go nna leloko la Komiti ya Lekala. Ka 2004, o ne a nna morulaganyi mo Komiting ya Lekala. Moragonyana o ne a lemoga gore ga a tlhole a na le maatla a go dira tiro ya gagwe ka bonako jaaka pele. O ne a rapelela kgang eno mme a akanya ka melemo e e tla nnang gone fa mokaulengwe yo mosha a ka tsaya maikarabelo ao. Le fa Shigeo e sa tlhole e le morulaganyi, o tswelela a dira mmogo le maloko a mangwe a Komiti ya Lekala. Jaaka re bone mo sekaong sa ga Barisilai, Kgosi Dafide le Shigeo, motho yo o boikokobetso le yo o boingotlo ga a kitla a tlhoma mogopolo mo kgannyeng ya gore basha ga ba na maitemogelo, mme o tla o tlhoma mo bokgoning jwa bone. E bile ga a kitla a batla go gaisana le bone, mme o tla ba leba e le badirimmogo le ene.—Diane 20:29.

BOKA

10. Ba chi kula ba no shingidzana chini ne batshwa mu gubungano?

10 Bakeresete ba ba godileng ba tsaya basha e le dimpho tse di tswang kwa go Jehofa e bile ba leboga se ba se dirang. Fa maatla a bone a ntse a fokotsega, ba itumelela gore basha ba ba nang le maatla e bile ba ikemiseditse go dira ka natla ba tla kgona go thusa phuthego.

11. Ruthi 4:13-16 i no lakidza chini makombolelo a no zhisiwa ne ku amuchila ne ku boka batsho ye batshwa?

11 Mo Baebeleng, Naomi ke sekao se se molemo sa motho yo o godileng yo o neng a itumelela go thusiwa ke motho yo a neng a sa ntse a le mosha. Fa morwa Naomi a sena go tlhokafala, Naomi o ne a kgothaletsa ngwetsi ya gagwe e bong Ruthe gore a boele kwa bathong ba gagabo. Le fa go ntse jalo, Ruthe o ne a gana go boela kwa bathong ba gagabo mme o ne a tsamaya le Naomi kwa Bethelehema. Naomi o ne a itumelela gore Ruthe o ne a mo ema nôkeng. (Ruthe 1:7, 8, 18) Ruri seo se ne sa solegela basadi bano ba babedi molemo! (Bala Ruthe 4:13-16.) Bakeresete ba ba godileng e bile ba le boikokobetso ba tla etsa sekao sa ga Naomi.

12. Mpostolo Paulo wa ka lakidza chini ku boka kukwe?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore o lebogela thuso e ba bangwe ba neng ba mo naya yone. Ka sekai, o ne a leboga Bakeresete ba kwa Filipi ka gonne ba ile ba mo romelela dilo tse a neng a di tlhoka. (Bafil. 4:16) O ne a leboga Timotheo ka gonne a ile a mo thusa. (Bafil. 2:19-22) Gape Paulo o ne a leboga Modimo ka gonne bakaulengwe ba ne ba tla go mo kgothatsa fa a ne a isiwa kwa kgolegelong kwa Roma. (Dit. 28:15) Paulo e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, o ne a tsamaya sekgala se seleele a ya go rera le go kgothatsa diphuthego. Le fa go ntse jalo, o ne a le boikokobetso e bile a letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba mo thuse.

13. Ba chi kula ba nga lakidza chini kuti ba no bokela batshwa?

13 Bakeresete ba ba godileng, lo ka bontsha ka ditsela tse di farologaneng gore lo lebogela go bo lo na le basha mo phuthegong. Fa ba batla go lo thusa ka sepalangwa, go lo ela dishopong kgotsa go lo direla dilo dingwe tse lo di tlhokang, amogelang thuso ya bone. Gakologelwang gore fa ba lo thusa, ke tsela e nngwe e Jehofa a lo bontshang ka yone gore o a lo rata. Lo ka atamalana thata le batho ba ba lo thusang lo bo lo tsalana le bone. Ka metlha lekang go thusa basha bano ba e leng ditsala tsa lona gore ba atamalane le Jehofa mme lo ba bolelele gore lo itumelela go ba bona ba dira ka natla mo phuthegong. Ikemisetseng go fetsa nako le bone lo ba bolelela maitemogelo a lona. Fa lo dira jalo, lo tla bontsha gore ‘ka metlha lo leboga’ go bo Jehofa a gogetse basha bano mo phuthegong.—Bakol. 3:15; Joh. 6:44; 1 Bathes. 5:18.

IBE MOYO NCHENA

14. She Dafite wa ka lakidza chini kuti u moyo nchena?

14 Nonofo e nngwe e e botlhokwa e re e bonang mo sekaong sa ga Kgosi Dafide e Bakeresete ba ba godileng ba ka e etsang, ke go nna pelotshweu. O ne a ntsha madi le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo mo letlotlong la gagwe gore a eme tiro ya go aga tempele nôkeng. (1 Ditir. 22:11-16; 29:3, 4) O ne a dira jalo, tota le fa tempele eo e ile ya bidiwa tempele ya ga Solomone. Fa re sa tlhole re na le maatla a go bereka mo diporojekeng tsa kago tse di dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa, re ka tswelela re ema diporojeke tseo nôkeng ka go ntsha meneelo kafa re ka kgonang ka gone. E bile re ka kgona go thusa basha gore ba solegelwe molemo ke maitemogelo a re nnileng le one fa dingwaga di ntse di tsamaya.

15. Mpostolo Paulo wa ka pa Timoti zwipo zwipi zwikulu?

15 Akanya ka sekao sa ga moaposetoloi Paulo sa go nna pelotshweu. O ne a kopa Timotheo gore a tsamaye le ene kwa maetong a borongwa mme o ne a ruta lekawana leno mekgwa e a neng a e dirisa ya go rera le go ruta. (Dit. 16:1-3) Paulo o ne a katisa Timotheo gore a atlege mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (1 Bakor. 4:17) Timotheo le ene o ne a dirisa mekgwa e Paulo a mo rutileng yone go katisa ba bangwe.

16. Ini Shigeo a ka diya bangwe?

16 Bakeresete ba ba godileng gompieno, ga ba tshoge gore fa ba ka katisa basha gore ba dire tiro e ba neng ba e dira mo phuthegong, ga ba ka ke ba tlhola ba tsewa ba le botlhokwa. Ka sekai, fa dingwaga di ntse di tsamaya, Shigeo yo re buileng ka ene pelenyana, o ne a thapisa maloko a masha a Komiti ya Lekala. O ne a dira jalo go thusa gore tiro e e direlwang Bogosi mo nageng e a nnang kwa go yone, e tswelele. Mme fa a ne a sa tlhole a kgona go nna morulaganyi, mokaulengwe yo mongwe yo o katisitsweng sentle, o ne a kgona go dira tiro eo. Shigeo o na le dingwaga di feta 45 e le leloko la Komiti ya Lekala mme o ntse a dirisa maitemogelo a gagwe go thusa bakaulengwe ba basha. Ruri bakaulengwe ba ba tshwanang le Shigeo ba thusa batho ba Modimo!

17. Ku dumana na Luka 6:38, ba chi kula ba nga pani bangwe?

17 Lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, lo bosupi jwa gore fa motho a na le tumelo e bile a direla Jehofa ka boikanyegi o tla tshela botshelo jo bo itumedisang. Sekao sa lona se re bontsha gore go ithuta melaometheo ya Baebele le go e dirisa mo botshelong jwa rona go molemo. Lo a itse gore dilo di ne di dirwa jang mo nakong e e fetileng, mme gone lo a lemoga gore go botlhokwa gore lo fetofetoge le maemo. Lona Bakeresete ba ba godileng ba lo sa tswang go kolobediwa, le lona lo ka thusa ba bangwe ka ditsela tse dintsi. Lo ka ba bolelela gore go itse Jehofa go lo thusitse jang gore lo itumele le fa lo setse lo godile. Basha ba tla itumelela go utlwa maitemogelo a lona le dilo tse lo di ithutileng. Fa o ‘itlwaetsa go aba’ go tswa mo mabolokelong a gago a maitemogelo, Jehofa o tla go segofatsa fela thata.—Bala Luke 6:38.

18. Ba chi kula ne batshwa ba nga shathila mbayilo upi?

18 Fa Bakeresete ba ba godileng ba tsalana le basha, ba tla kgona go thusana. (Bar. 1:12) Mongwe le mongwe wa bone o na le sengwe sa botlhokwa se yo mongwe a se nang sone. Bakeresete ba ba godileng ba ile ba nna le botlhale le maitemogelo fa dingwaga di ntse di tsamaya. Basha bone ba na le maatla. Fa basha le bagolo ba dira mmogo e le ditsala, ba baka Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong e bile ba thusa botlhe mo phuthegong.

LUMBO 90 A re Kgothatsaneng

^ ndi. 5 Re itumelela gore mo diphuthegong tsa rona go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba le bantsi ba ba dirang ka natla go ema phuthego ya ga Jehofa nôkeng. Go sa kgathalesege gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba tswa mo ditsong dife kgotsa ba godisitswe ka ditsela dife, ba ka thusa basha gore ba dirise maatla a bone ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa.

^ ndi. 55 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa molebedi wa potologo a tshwara dingwaga di le 70, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba newa kabelo e ntšha. Maitemogelo a ba nnileng le one fa dingwaga di ntse di tsamaya, a ba thusitse gore ba katise ba bangwe mo phuthegong e ba leng mo go yone.