Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 38

Atamalana le Jehofa le Lelapa la Gagwe

Atamalana le Jehofa le Lelapa la Gagwe

“Ke tlhatlogela kwa go Rre, yo e leng Rraalona.”JOH. 20:17.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Batho ba ba ikanyegang ba ka nna le kamano efe le Jehofa?

JESU, yo e leng “leitibolo la popo yotlhe” le baengele ba bantsintsi, ke karolo ya lelapa la ga Jehofa. (Bakol. 1:15; Pes. 103:20) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a thusa batho ba ba ikanyegang gore ba tlhaloganye gore ba ka kgona go bitsa Jehofa Rraabone. Fa a ne a bua le barutwa ba gagwe o ne a bitsa Jehofa a re ke “Rre, yo e leng Rraalona.” (Joh. 20:17) Ka jalo, fa re ineela mo go Jehofa re bo re kolobediwa, re nna karolo ya lelapa le le lorato la bakaulengwe le bokgaitsadi.—Mar. 10:29, 30.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Batho bangwe ba thatafalelwa ke go leba Jehofa e le Rre yo o lorato. Ba bangwe ba ka tswa ba sa itse gore ba ka bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone jang gore ba a ba rata. Mo setlhogong seno, re tla bona kafa Jesu a re thusang ka gone go leba Jehofa e le Rraarona yo o lorato yo re ka atamalanang le ene. Gape re tla bona gore re ka etsa Jehofa jang ka tsela e re tshwarang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka yone.

JEHOFA O BATLA GORE O ATAMALANE LE ENE

3. Thapelo ya Morena e re thusa jang gore re atamalane le Jehofa?

3 Jehofa ke Rre yo o lorato. Jesu o batla gore re lebe Jehofa ka tsela e ene a mo lebang ka yone. Re mo lebe e le motsadi yo o lorato yo re ka buang le ene nako nngwe le nngwe, e seng e le motho yo o seng botsalano yo o re bolelelang fela se re tshwanetseng go se dira. Re kgona go bona seo mo go se Jesu a ileng a ruta barutwa ba gagwe gore ba se rapelele. O ne a simolola thapelo ya Morena ka lefoko le le reng: “Rraarona.” (Math. 6:9) Jesu a ka bo a ile a re re bitse Jehofa “Mothatayotlhe,” “Mmopi” kgotsa “Kgosi ya bosakhutleng,” e leng direto tse Jehofa a bidiwang ka tsone mo Baebeleng. (Gen. 49:25; Isa. 40:28; 1 Tim. 1:17) Go na le moo, Jesu o ne a re re bitse Jehofa, “Rraarona.”

4. Re itse jang gore Jehofa o batla gore re atamalane le ene?

4 A go thata gore o lebe Jehofa e le Rre yo o lorato? Bangwe ba rona ba thatafalelwa ke go dira jalo. Go ka tswa go se motlhofo gore re lebe Jehofa e le motsadi yo o lorato fa e le gore re godisitswe ke motsadi yo o sa re kgathaleleng. Go gomotsa tota go itse gore Jehofa o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone. O batla go atamalana le rona. Ke gone ka moo Lefoko la gagwe le re kgothaletsang go dira seno: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jak. 4:8) Jehofa o a re rata mme o re bolelela gore e tla nna Rre yo o molemo go gaisa botlhe.

5. Go ya ka Luke 10:22, Jesu a ka re thusa jang gore re atamalane le Jehofa?

5 Jesu a ka re thusa gore re atamalane le Jehofa. O itse Jehofa sentle e bile o etsa dinonofo tsa gagwe ka botlalo, ka jalo o ne a re: “Ope fela yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:9) E re ka Jesu e le ene morwa yo mogolo mo lelapeng la ga Jehofa, a ka re ruta kafa re ka tlotlang Rraarona le go mo ikobela ka gone, se re ka se dirang gore re se ka ra mo utlwisa botlhoko le se re ka se dirang gore re mo itumedise. Mme tsela e Jesu a neng a tshela ka yone fa a ne a le mo lefatsheng e re bontsha sentle gore Jehofa o lorato e bile o pelonomi. (Bala Luke 10:22.) A re bone dikai dingwe tsa seo.

E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, o ne a nonotsha Morwawe a dirisa moengele (Bona serapa 6) *

6. Naya dikai tse di bontshang gore Jehofa o ne a reetsa Jesu.

6 Jehofa o reetsa bana ba gagwe. Akanya ka tsela e Jehofa a ileng a reetsa morwawe wa leitibolo ka yone. Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a utlwa dithapelo tse dintsi tse Morwawe a neng a di rapela fa a ne a le mo lefatsheng. (Luke 5:16) O ne a utlwa fa Jesu a ne a rapela pele a dira ditshwetso tse di botlhokwa, jaaka fa a ne a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba le 12. (Luke 6:12, 13) Gape Jehofa o ne a utlwa fa Jesu a ne a rapela a tshwenyegile thata. Pele ga Judase a mo tshwarisa, Jesu o ne a rapela Rraagwe a tlhoafetse a mmolelela dilo tse di neng di tla tloga di mo diragalela. Jehofa o ile a utlwa thapelo ya Morwawe yo a mo ratang a bo a roma moengele gore a mo nonotshe.—Luke 22:41-44.

7. Go itse gore Jehofa o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe go dira gore o ikutlwe jang?

7 Jehofa o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe le gompieno, mme o di araba ka nako e e tshwanetseng le ka tsela e e molemo. (Pes. 116:1, 2) Kgaitsadi mongwe wa kwa India o ile a bona kafa Jehofa a ileng a araba dithapelo tsa gagwe ka gone. O ne a na le bothata jwa go tlhobaela thata mme o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse. A re: “Thulaganyo ya JW Broadcasting® ya May 2019 e e buang ka se re ka se dirang fa re tlhobaela thata kgotsa re tshwenyega, e ne e le sone se ke neng ke se tlhoka. Eo e ne e le tsela e Jehofa a neng a nkaraba ka yone.”      

8. Jehofa o ile a bontsha Jesu jang gore o a mo rata?

8 Jehofa o a re rata e bile o a re tlhokomela, fela jaaka a ne a rata Jesu e bile a mo tlhokomela ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng. (Joh. 5:20) O ne a thusa Jesu gore a tswelele a na le tumelo e e nonofileng, a mo kgothatsa fa a ne a tshwenyegile a bo a tlhomamisa gore o na le sengwe le sengwe se a se tlhokang. Mme Jehofa o ne a bolelela Morwawe gore o a mo rata e bile o a mo amogela. (Math. 3:16, 17) Jesu o ne a itse gore Rraagwe yo o kwa legodimong ka metlha o a mo thusa, ka jalo o ne a sa ikutlwe a le nosi.—Joh. 8:16.

9. Re itse jang gore Jehofa o a re rata?

9 Fela jaaka Jesu, rotlhe re bone ka ditsela tse dintsi gore Jehofa o a re rata. Akanya fela: Jehofa o re gogetse kwa go ene, e bile o re neile bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba dirang gore re itumele le go re kgothatsa fa re tshwenyegile. (Joh. 6:44) Gape Jehofa o re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re tswelele re na le tumelo e e nonofileng. E bile o re thusa go bona dilo tse re di tlhokang gore re tshele. (Math. 6:31, 32) Fa re akanya ka tsela e Jehofa a re ratang ka yone, re tla mo rata le go feta.

TSHWARA BAKAULENGWE KA TSELA E JEHOFA A BA TSHWARANG KA YONE

10. Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a tshwarang bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone?

10 Jehofa o rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Mme gone, ga se ka metlha go leng motlhofo gore rona re ba rate re bo re ba bontshe gore re a ba rata. Sengwe se se dirang gore go nne thata ke gore re godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile re tswa mo ditsong tse di sa tshwaneng. Mme rotlhe re dira diphoso tse di ka kgopisang batho ba bangwe kgotsa tsa ba utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka leka ka natla go nonotsha tsela e re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone. Re ka dira seo jang? Ka go etsa tsela e Rraarona a ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka yone. (Baef. 5:1, 2; 1 Joh. 4:19) A re bone se re ka se ithutang mo sekaong sa ga Jehofa.

11. Jesu o ne a etsa Jehofa jang ka go nna “pelotlhomogi”?

11 Jehofa o “pelotlhomogi thata.” (Luke 1:78) Motho yo o pelotlhomogi o utlwa botlhoko fa a lemoga gore batho ba bangwe ba a boga, e bile o batla ditsela tse a ka ba thusang ka tsone le go ba gomotsa. Tsela e e lorato e Jesu a neng a tshwara batho ka yone, e ne e bontsha gore o etsa Jehofa. (Joh. 5:19) Nako nngwe fa Jesu a ne a bona boidiidi jwa batho o ne a “ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36) Jesu ga a ka a ba tlhomogela pelo fela mme o ne a dira sengwe go bontsha gore o a ba rata. O ne a fodisa ba ba neng ba lwala a bo a lapolosa ba ba neng ba ‘dira ka natla le ba ba imelwang.’—Math. 11:28-30; 14:14.

Etsa Jehofa ka go tlhomogela bakaulengwe le bokgaitsadi pelo le ka go ba abela dilo ka bopelotshweu (Bona dirapa 12-14) *

12. Re ka bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi jang gore re ba tlhomogela pelo?

12 Fa re akanya ka mathata a bakaulengwe le bokgaitsadi ba nang le one, re tla kgona go bona ditsela tse re ka ba bontshang ka tsone gore re ba tlhomogela pelo. Ka sekai, go ka tswa go na le kgaitsadi mongwe yo o lwalang thata. Le fa a sa ke a ngongorega, a ka itumela fa mongwe a ka mo thusa. Gongwe ga a kgone go direla lelapa la gagwe dilo tse le di tlhokang. A ka nna a itumelela gore mongwe a mo thuse ka go mo apeela dijo kgotsa go mo phepafaletsa ntlo. Kgotsa mokaulengwe mongwe a ka tswa a feletswe ke tiro. Re ka mo naya mpho e nnye ya madi a a ka nnang a mo thusa go fitlha a bona tiro e nngwe, gongwe e bile re sa mmolelele gore a tswa kwa go mang.

13-14. Re ka etsa bopelotshweu jwa ga Jehofa jang?

13 Jehofa o pelotshweu. (Math. 5:45) Ga re a tshwanela go leta gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba re kope thuso pele re ba thusa. Fela jaaka Jehofa, re ka ba direla dilo dingwe ba ise ba re kope. Jehofa o re tlhabisetsa letsatsi ka metlha re sa mo kopa. Mongwe le mongwe o solegelwa molemo ke tlhabo ya letsatsi, tota le batho ba ba sa lebogeng. Jehofa o re bontsha gore o a re rata ka go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. Bopelotshweu le bopelonomi jwa ga Jehofa di dira gore re mo rate.

14 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le bantsi ba etsa Rraabone yo o kwa legodimong ka go nna pelotshweu. Ka sekai, ka 2013, Setsuatsue se Segolo se se bidiwang Haiyan se ne sa baka tshenyo e kgolo kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Philippine. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matlo le dithoto tsa bone. Mme badumedimmogo le bone mo lefatsheng lotlhe, ba ne ba ba thusa ka bonako. Bontsi jwa bone ba ne ba ntsha meneelo kgotsa ba nna le seabe mo tirong ya go aga mme seo se ne sa felela ka gore mo ngwageng o le mongwe fela go baakanngwe go bo go agiwe matlo a ka nna 750! Ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19, Basupi ba le bantsi ba ne ba dira ka natla gore ba eme bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone nôkeng. Fa re thusa badumedi ka rona ka bonako, re bontsha gore re a ba rata.

15-16. Luke 6:36 e a re re ka etsa Rraarona yo o kwa legodimong jang?

15 Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o a itshwarela. (Bala Luke 6:36.) Rraarona yo o kwa legodimong o re utlwela botlhoko letsatsi le letsatsi. (Pes. 103:10-14) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba dira diphoso, le fa go ntse jalo Jesu o ne a ba utlwela botlhoko e bile a ba itshwarela. E bile o ne a ikemiseditse go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore re itshwarelwe maleo. (1 Joh. 2:1, 2) A ga o ikutlwe o atamalane le Jehofa le Jesu ka gonne ba le kutlwelobotlhoko e bile ba itshwarela?

16 Fa re ‘itshwarelana ka pelo yotlhe’ re tla ratana le go feta. (Baef. 4:32) Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ka nna thata gore re itshwarele ba bangwe. Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla go dira jalo. Kgaitsadi mongwe o tlhalosa gore setlhogo se se reng “Itshwarelaneng lo Gololesegile” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo, se ne sa mo thusa gore a itshwarele ba bangwe. * A re: “Setlhogo seno se ne sa nthusa go tlhaloganya kafa go itshwarela batho ba bangwe go ka ntsholegelang molemo ka gone. Se tlhalosa gore go bo o iketleeditse go itshwarela ba bangwe ga go reye gore o dumalana le se se phoso se ba se dirileng kgotsa o nyenyefatsa tshenyo e seo se e bakileng. Le fa go ntse jalo, go itshwarela go kaya gore o se ka wa nna o kgopisitswe ke diphoso tseo mme o tswelele o na le kagiso.” Fa re itshwarela bakaulengwe le bokgaitsadi ka pelo yotlhe re bontsha gore re a ba rata e bile re etsa Rraarona e bong Jehofa.

ITUMELELE GO NNA KAROLO YA LELAPA LA GA JEHOFA

Basha le bagolo ba bontsha bakaulengwe ba bone gore ba a ba rata (Bona serapa 17) *

17. Go ya ka Mathaio 5:16, re ka bontsha jang gore re tlotla Rraarona yo o kwa legodimong?

17 Re leboga go bo re na le lelapa la bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ba ratanang. Re batla gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone ba obamele Modimo le rona. Ka jalo, ga re batle go dira sepe se se ka dirang gore batho ba lebe Rraarona yo o kwa legodimong kgotsa batho ba gagwe ka tsela e e sa tshwanelang. Re leka go itshwara ka tsela e e tla dirang gore batho ba batle go ithuta ka Jehofa le go mo direla.—Bala Mathaio 5:16.

18. Ke eng se se ka re thusang gore re rere re le pelokgale?

18 Ka dinako dingwe, bangwe ba ka re tshwayatshwaya diphoso kgotsa ba re bogisa ka go bo re ikobela Rraarona yo o kwa legodimong. Re ka dira eng fa re tshaba go bolelela ba bangwe se re se dumelang? Re ka tlhomamisega gore Jehofa le Morwawe ba tla re thusa. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ga ba a tshwanela go tshwenyega ka gore ba tla bua jang le gore ba tla reng. Goreng? O ne a re: “Lo tla itse se lo tla se buang ka yone nako eo; gonne e tla bo e se lona fela ba lo buang, mme moya wa ga Rraalona e tla bo e le one o o lo thusang go bua.”—Math. 10:19, 20.

19. Naya sekai sa mongwe yo a neng a rera ka bopelokgale.

19 Akanya ka sekai sa ga Robert wa kwa Afrika Borwa. Mo nakong e e fetileng fa a ne a sa tswa go ithuta Baebele mme a se na kitso e kalo, o ne a tshwanelwa ke go ya kwa kgotlatshekelo mme a tlhalosetse moatlhodi gore ke ka ntlha yang fa a sa tsenele bosole. O ne a le pelokgale mme a tlhalosetsa kgotlatshekelo gore ga a batle go tsenela bosole ka gonne a rata bakaulengwe ba gagwe. O ne a itumelela go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. Moatlhodi o ne a botsa jaana: “Bakaulengwe ba gago ke bomang?” Robert o ne a sa lebelela gore o tla bodiwa potso eo, le fa go ntse jalo, ka bonako fela o ne a gopola temana ya letsatsi leo. E ne e le Mathaio 12:50 e e reng: “Mongwe le mongwe yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa legodimong, yoo ke ene nkgonne le nnake le mmê.” Tota le fa Robert a ne a sa tswa go simolola go ithuta Baebele, moya wa ga Jehofa o ne wa mo thusa gore a arabe potso eo le dipotso tse dingwe tse a neng a sa di lebelela. Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a ne a le motlotlo ka Robert! Mme Jehofa o motlotlo le ka rona fa re ikaega ka ene gore a re thuse go neela bosupi fa re lebane le maemo a a thata.

20. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng? (Johane 17:11, 15)

20 A re tswelele re bontsha gore re itumelela go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa le le lorato. Re na le Rre yo o molemo go gaisa, le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba re ratang. Ga re a tshwanela go tsaya tshiamelo eno lotsatsa. Satane le balatedi ba gagwe ba ba bosula ba batla gore re akanye gore Jehofa ga a re rate e bile ba batla go senya kutlwano e re nang le yone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kopa Jehofa gore a re tlhokomele a bo a thuse lelapa la rona gore le tswelele le le seoposengwe. (Bala Johane 17:11, 15.) Jehofa o sa ntse a araba thapelo eo. Fela jaaka Jesu, a re se ka ra belaela gore Rraarona yo o kwa legodimong o a re rata e bile o tla re tlhokomela. A re ikemisetseng go tswelela re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

PINA 99 Boidiidi Jwa Bakaulengwe

^ ser. 5 Re itumelela go nna karolo ya lelapa le le lorato la bakaulengwe le bokgaitsadi. Rotlhe re batla go nonotsha lorato lo re ratanang ka lone. Re ka dira seo jang? Ka go etsa tsela e Rraarona yo o lorato a re tshwarang ka yone le ka go etsa sekao sa ga Jesu le sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Jehofa o ne a roma moengele gore a nonotshe Jesu fa a ne a le kwa tshimong ya Gethesemane.

^ ser. 59 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19 bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba dira ka natla go kokoanya dijo le go di isetsa bakaulengwe ba ba di tlhokang.

^ ser. 61 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mmê o na le morwadie fa a kwalela mokaulengwe yo o kwa kgolegelong lekwalo le le kgothatsang.