Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 43

U si Tongo Zwitoboka!

U si Tongo Zwitoboka!

“Ngatisinyadziweni nge kushinga bubuya.”—BAG. 6:9.

LUMBO 68 Go Jala Peo ya Bogosi

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Wu tolegwa pezhugwi ne ku shatha kupi kwa ti na ko?

RE ITUMELA tota e bile re motlotlo go bo re le Basupi ba ga Jehofa! E re ka re le batho ba ga Jehofa, re bontsha gore re basupi ba gagwe ka go rerela batho le ka go ba ruta ka ene. Re a itumela fa re kgona go thusa motho yo ‘pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang gore a amogele boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng.’ (Dit. 13:48) Re ikutlwa fela jaaka Jesu yo ‘moya o o boitshepo o neng wa dira gore a itumele thata’ fa barutwa ba gagwe ba ne ba mmolelela maitemogelo a a monate a ba nnileng le one fa ba ne ba rera.—Luke 10:1, 17, 21.

2. Ti nga lakidza chini kuti to tolela nshingo wedu we ku rera pezhugwi?

2 Re tsaya tiro ya rona ya go rera e le botlhokwa thata. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Timotheo jaana: “Ikele tlhoko o bo o tlhokomele tsela e o rutang ka yone.” Gape Paulo o ne a mo raya a re, ‘fa o dira dilo tseno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.’ (1 Tim. 4:16) Ka jalo, tiro ya rona ya go rera e boloka matshelo. Re ikela tlhoko ka gonne re busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. Re batla gore ka metlha re dire dilo tse di tla dirang gore Jehofa a bakwe le go bontsha gore re dumalana le dikgang tse di molemo tse re di rerang. (Bafil. 1:27) Re bontsha gore re ‘tlhokomela tsela e re rutang ka yone’ fa re baakanyetsa pele ga re ya bodireding le fa re kopa Jehofa gore a re thuse pele re rerela batho.

3. Bangwe ba nga ti bata chini ha ti ba rerela ne kwe Bushe gwe Ndzimu? Fanisa.

3 Tota le fa re dira sotlhe se re se kgonang mo tirong ya go rera, batho ba le bantsi mo lefelong la rona ba ka nna ba se ka ba reetsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Akanya ka maitemogelo a ga Mokaulengwe Georg Lindal yo o neng a rera a le nosi mo dikarolong tse di farologaneng tsa Iceland go tloga ka 1929 go ya go 1947. Le fa gone a ne a tsamaisa dikgatiso tse dintsi, ga go na ope yo o neng a nna Mosupi. O ne a re: “Batho bangwe ba ne ba ganetsa molaetsa wa Baebele, mme ba le bantsi bone ba ne ba sa o kgatlhegele.” Le fa barongwa ba ba neng ba alogile kwa Sekolong sa Gileade ba sena go romelwa kwa Iceland gore ba ye go thusa ka tiro ya go rera, go ne ga feta dingwaga di le dintsi ba rera mme go se na ope yo o kgatlhegang. Mme morago ga dingwaga di le robongwe ba le koo, e ne ya nna gone batho bangwe ba kwa Iceland ba ineelang mo go Jehofa ba bo ba kolobediwa. *

4. Ti nga toleka chini ha bathu ba singa de ku reregwa ndebo buya?

4 Re utlwa botlhoko fa batho ba sa amogele molaetsa wa dikgang tse di molemo. Re ka nna ra ikutlwa jaaka Paulo fa a ne a re o na le “khutsafalo e kgolo le kutlobotlhoko e e sa kgaotseng” ka gonne Bajuda ba ne ba sa batle go dumela gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. (Bar. 9:1-3) Go tweng fa e le gore o ithuta Baebele le mongwe e bile o ntse o mo rapelela, mme o tshwanelwa ke go emisa thuto eo ka gonne a sa dirise se a se ithutang? Kgotsa go tweng fa e le gore ga o ise o thuse ope gore a kolobediwe? A ke phoso ya gago kgotsa seo se raya gore Jehofa ga a itumelele bodiredi jwa gago? Mo setlhogong seno re tlile go araba dipotso tseno tse pedi: (1) Ke eng se se bontshang gore tiro ya rona ya go rera e a atlega? (2) Re tshwanetse go solofela eng fa re rerela batho?

INI CHI NO THAMA KUTI NSHINGO WE KU RERA U BE NE MBAYILO?

5. Ini mu zwibaka zwingwe nshingo wa ti no thamila Jehova u singa khoneke se kwa ti shaka?

5 Baebele e bua jaana ka motho yo o dirang thato ya Modimo: “Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pes. 1:3) Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore sengwe le sengwe se re se direlang Jehofa se tla direga jaaka re batla. Botshelo bo “tletse matshwenyego” ka gonne rotlhe re na le boleo. (Jobe 14:1) Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe batho ba ba re ganetsang ba ka nna ba re thibela go rera re gololesegile. (1 Bakor. 16:9; 1 Bathes. 2:18) Ka jalo, ke eng se se dirang gore Jehofa a tseye tiro e re mo direlang yone e atlega? Akanya ka melaometheo mengwe ya Baebele e e ka re thusang go araba potso eno.

Jehofa o anaanela tiro ya rona ya go rera, re ka tswa re rerela batho difatlhego di lebane, ka makwalo kgotsa ka founo (Bona serapa 6)

6. Jehova u no lingani mu ku khona kwedu kwe ku nshingila?

6 Jehofa o bona matsapa a rona le boitshoko jwa rona. Jehofa o a itumela fa re rera ka matlhagatlhaga ka gonne re mo rata, tota le fa batho ba bangwe ba sa batle go re reetsa. Paulo o ne a re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le tsela e lo ratang leina la gagwe ka yone; lo bontsha seo ka go direla badumedimmogo le lona go tla go fitlha jaanong.” (Baheb. 6:10) Jehofa o gopola tiro e re mo direlang yone le lorato lo re mo ratang ka lone, tota le fa re sa kgona go thusa ope gore a kolobediwe. Ka jalo, go sa kgathalesege gore o kgonne go fitlhelela se o neng o se solofetse kgotsa nnyaa, le wena o ka kgothadiwa ke mafoko ano a Paulo a neng a a bolelela Bakorintha a a reng: “Tiro e lo e direlang Morena ka natla ga se ya lefela.”—1 Bakor. 15:58.

7. Ti nga zwidiyani mu na cha ka legwa na mpostolo Paulo mu nshingo we ku rera?

7 Moaposetoloi Paulo e ne e le morongwa yo o atlegileng yo o neng a tlhoma diphuthego mo metseng e mentsi. Le fa go ntse jalo, fa batho bangwe ba ne ba mo tshwayatshwaya diphoso e bile ba re ga a itse go ruta, Paulo ga a a ka a ba bolelela gore o thusitse batho ba le bantsi go le kae gore e nne Bakeresete. Go na le moo o ne a re: “Ke dirile ditiro tse dintsi thata.” (2 Bakor. 11:23) Fela jaaka Paulo, le rona re tshwanetse go gopola gore selo sa botlhokwa mo go Jehofa ke gore re dire ka natla mme re se ka ra ineela.

8. Ta ka fanila kumbulani ne kwe nshingo wedu we ku rera?

8 Bodiredi jwa rona bo itumedisa Jehofa. Jesu o ne a roma barutwa ba le 70 gore ba ye go rera molaetsa wa Bogosi mme ba ne ba “boa ba itumetse.” Ke eng se se neng se dirile gore ba itumele? Ba ne ba re: “Tota le madimona re kgona go a leleka re dirisa leina la gago.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba thusa gore ba lebe dilo sentle fa a ne a re: “Lo se ka lwa itumelela gore lo kgona go leleka madimona, go na le moo, itumeleleng gore maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.” (Luke 10:17-20) Jesu o ne a itse gore ba ne ba ka se ka ba nna le maitemogelo a a monate jalo ka metlha mo bodireding. Tota e bile, ga re itse gore mo bathong ba barutwa ba ga Jesu ba neng ba bua le bone, ke ba bakae ba ba neng ba nna Bakeresete. Barutwa bano ba ne ba tshwanetse go lemoga gore ba ne ba sa tshwanela go itumedisiwa fela ke gore batho ba a ba reetsa, go na le moo selo sa botlhokwa se se neng se tshwanetse go ba itumedisa ke go itse gore Jehofa o ne a itumelela matsapa a bone.

9. Ku yenda ne Bagalatiya 6:7-9, towo bona mbayilo upi ha ti simidzila mu nshingo we ku rera?

9 Fa re sa lape go rera, re tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go rera le go ruta dikgang tse di molemo, re tla bo re itetla go ‘kaelwa ke moya o o boitshepo’ mo botshelong jwa rona. Fa ‘re sa lese go dira se se molemo’ e bile “re sa lape,” Jehofa o solofetsa gore o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng, tota le fa re sa thusa ope gore a kolobediwe.—Bala Bagalatia 6:7-9.

TA KA FANILA KU LINGA ZWITHU NE NJELE

10. Ini chi no lakidza kuti bathu ba no kumbula chini ne kwe nshingo wedu we ku rera?

10 Gore a batho ba tla reetsa boammaaruri kgotsa nnyaa go ikaegile ka se se mo dipelong tsa bone. Jesu o ne a tlhalosa boammaaruri jwa kgang eno mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi yo o jalang peo mo mefuteng e e farologaneng ya mmu. Le fa go ntse jalo, peo e e wetseng mo mmung o o siameng ke yone fela e e neng ya ungwa. (Luke 8:5-8) Jesu o ne a re mefuta eo e e farologaneng ya mmu e emela batho ba ba itshwarang ka ditsela tse di farologaneng fa ba utlwa “lefoko la Modimo.” (Luke 8:11-15) Fela jaaka mojadi yono, ga re kgone go dira gore lefoko la Modimo le gole mo dipelong tsa batho ba re ba rerelang. Tiro ya rona ke go jala peo ya molaetsa wa Bogosi. Paulo o ne a re “motho mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe ya bonatla,” e seng go ya ka se a se fitlheletseng mo tirong eo.—1 Bakor. 3:8.

Le fa Noa a ile a fetsa dingwaga di le dintsi a rera ka boikanyegi, ga go na ope yo o ileng a tsena mo arakeng fa e se ene le ba lelapa la gagwe fela. Le fa go ntse jalo, Noa o ne a atlegile ka gonne o ne a dirile se Modimo a neng a mo laetse gore a se dire! (Bona serapa 11)

11. Ini Nuwa a ka khona ku be “nreri we ndulamo”? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

11 Fa e sa le go tloga bogologolo, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ntse ba rerela batho ba ba sa batleng go ba reetsa. Ka sekai, go ka direga gore Noa o feditse dingwaga di ka nna 40 kgotsa 50 e le “moreri wa tshiamo.” (2 Pet. 2:5) Ga go pelaelo gore o ne a solofetse gore batho ba tla mo reetsa, mme Jehofa ga a a ka a re seo se tla direga. Go na le moo, fa Modimo a ne a laela Noa gore a age araka o ne a re: “O tshwanetse go tsena mo arakeng, wena, bomorwao, mosadi wa gago le basadi ba bomorwao.” (Gen. 6:18) Fa Modimo a ne a mmolelela gore a age araka e e kana kang, Noa o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore ga se batho ba le bantsi ba ba neng ba tla mo reetsa ka gonne ba ne ba ka se ka ba lekana mo arakeng. (Gen. 6:15) Jaaka re itse, ga go na ope yo o neng a reetsa Noa. (Gen. 7:7) A Jehofa o ne a bona e kete Noa ga a dira tiro ya go rera sentle? Nnyaa le e seng! Jehofa o ne a itumeletse se Noa a neng a se dirile ka gonne o ne a dirile sotlhe se a neng a mo laetse gore a se dire.—Gen. 6:22.

12. Jeremiya wa ka shathila chini nshingo uwe we ku rera nenguba a ka be a ka lingisana ne bathu ba singa dumile ne ku nyanyayidza?

12 Moporofeti Jeremia le ene o ne a rerela batho ka dingwaga di feta 40, tota le fa ba ne ba sa mo reetse e bile ba mo ganetsa. O ne a kgobega marapo ka gonne baganetsi ba gagwe ba ne ba mo ‘tlhapatsa le go mo sotla,’ mo a neng a batla go tlogela tirelo ya gagwe. (Jer. 20:8, 9) Le fa go ntse jalo, Jeremia ga a a ka a ineela! Ke eng se se neng sa mo thusa gore a tswelele ka bodiredi jwa gagwe le gore a bo itumelele? O ne a tlhoma mogopolo mo dintlheng tse pedi tsa botlhokwa. Ya ntlha, molaetsa wa Modimo o Jeremia a neng a o bolelela batho, o ne o tla ba naya “bokamoso le tsholofelo.” (Jer. 29:11) Ya bobedi, Jehofa o ne a tlhophile Jeremia gore a bidiwe ka leina la Gagwe. (Jer. 15:16) Le rona re naya batho molaetsa wa tsholofelo, e bile re bidiwa ka leina la ga Jehofa. Fa re tlhoma mogopolo mo dintlheng tseno tse pedi tsa botlhokwa, re tla itumelela bodiredi go sa kgathalesege gore a batho ba a re reetsa kgotsa nnyaa.

13. To zwidiyani mu itshwantsho cha Jesu chi mu na Mako 4:26-29?

13 Go tsaya nako gore motho a nne le tumelo. Jesu o bontshitse boammaaruri jwa seo mo setshwantshong sa mojadi yo o neng a jala a bo a robala. (Bala Mareko 4:26-29.) Fa mojadi yoo a sena go jala peo, peo eo e ne ya gola ka iketlo mme go ne go se na sepe se a neng a ka se dira gore e gole ka bonako. Le rona re ka nna ra tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele pele re bona motho yo re ithutang le ene a simolola go dirisa se a se ithutang. Ga re ka ke ra dira gore tumelo ya batho ba re ithutang le bone e gole ka bonako jaaka re batla, fela jaaka molemi le ene a ka se ka a dira gore dijalo di gole ka bonako. Ka jalo, o se ka wa kgobega marapo kgotsa wa ineela fa motho yo o ithutang le ene a sa gatele pele ka bonako jaaka o ne o solofetse. Fela jaaka molemi, le rona re tshwanetse go leta motho yo re ithutang le ene ka bopelotelele gore a dire tshwetso ya go kolobediwa.—Jak. 5:7, 8.

14. Ini chi no lakidza kuti mbayilo we nshingo wedu we ku rera ha u nga boneke chinyolocho?

14 Mo mafelong a mangwe, go tsaya lobaka lo loleele pele batho ba reetsa molaetsa wa rona. Akanya ka maitemogelo a ga Gladys le Ruby Allen, bana ba motho ba ba neng ba ya go direla e le babulatsela ba ka metlha kwa motseng mongwe kwa porofenseng ya kwa Quebec kwa Canada ka 1959. * Batho ba ne ba sa batle go ba reetsa ka gonne ba ne ba boifa gore baagelani ba bone le baruti ba kereke ya Katoliki ba ne ba tla itshwara jang fa ba ba bona ba bua le Basupi. Gladys a re: “Kwa lefelong lengwe, re ne re dirisa diura di le robedi ka letsatsi re tsena ka ntlo le ntlo ka lobaka lwa dingwaga tse pedi mme go se na ope yo o re arabang! Batho ba ne ba tla go okomela fela ba bo ba tswala digaretene. Mme re ne re sa itlhoboge.” Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba ne ba nna botsalano mme ba simolola go ba reetsa. Gone jaanong go na le diphuthego di le tharo kwa motseng oo.—Isa. 60:22.

15. 1 Bakorinta 3:6, 7 i no ti diyani ne kwe nshingo we ku thama badiyiwa?

15 Motho a le mongwe a ka thusiwa ke batho ba le bantsi gore a nne morutwa. Batho ba le bantsi mo phuthegong ba ka kgona go thusa motho a le mongwe gore a kolobediwe. (Bala 1 Bakorintha 3:6, 7.) Ka sekai, mokaulengwe a ka tlogelela motho yo o kgatlhegang pampitshana kgotsa makasine. Mme e re ka a sa kgone go boela kwa mothong yoo yo o kgatlhegang, o kopa mmoledi yo mongwe gore a boele kwa go ene. Mmoledi yoo o kgona go simolola thuto ya Baebele. Go tswa foo, o kopa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe gore ba tsamaye le ene fa a ya go tshwara thuto, mme mongwe le mongwe wa bone o kgothatsa moithuti yoo ka ditsela tse di farologaneng. Mokaulengwe le kgaitsadi mongwe le mongwe yo o tlotlang le moithuti yoo o tla mo thusa go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa. Ka jalo, botlhe ba ba thusitseng motho yoo ba tla itumela fa a kolobediwa.—Joh. 4:35-38.

16. U nga shathila chini nshingo uwo we ku rera nenguba u gwala kene u si china masimba?

16 Go tweng fa e le gore ga o sa tlhole o kgona go rera le go ruta jaaka pele ka gonne o lwala kgotsa o se na maatla? O sa ntse o ka kgona go itumelela seabe se o nang le sone mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Akanya ka se se neng sa direga fa Kgosi Dafide le banna ba gagwe ba ne ba ya go namola ba malapa a bone le dithoto tsa bone mo setlhopheng sa dirukhutlhi sa Baamaleke. E re ka banna ba le 200 ba ne ba lapile, ga ba a ka ba kgona go tsamaya le bone kwa ntweng, ka jalo ba ne ba sala ba tlhokometse dithoto. Dafide le banna ba gagwe ba ne ba fenya ntwa eo, ba bo ba tseela Baamaleke dilo tsa bone tsa botlhokwa. Fa ba boa, Dafide o ne a laela gore banna ba ba neng ba ile ntweng le ba ba neng ba setse ba kgaogane dilo ka go lekana. (1 Sam. 30:21-25) Pego eno e re ruta selo sa botlhokwa ka tiro ya rona ya go dira barutwa. Fa rotlhe re dira ka natla mo tirong ya go rera, re tla itumela nako nngwe le nngwe fa re bona mongwe a simolola go ithuta ka Jehofa a bo a kolobediwa.

17. Ini cha ta ka fanila bokela Jehova?

17 Re leboga Jehofa ka gonne a leba tiro e re mo direlang yone ka tsela e e lorato. O a itse gore ga re ka ke ra pateletsa batho gore ba re reetse kgotsa ba simolole go mo obamela. Mme o a bona gore re dira ka natla le gore re a mo rata, e bile o tla re segofatsa. Gape o re ruta gore re itumelele se re kgonang go se dira mo tirong ya go rera. (Joh. 14:12) Re ka tlhomamisega gore Modimo o tla itumelela sotlhe se re se dirang fa re sa ineele!

LUMBO 67 “Rera Lefoko”

^ ndi. 5 Re a itumela fa batho ba batla go ithuta Baebele le rona, mme re utlwa botlhoko fa ba gana go ithuta le rona. Gongwe o ithuta Baebele le mongwe yo a sa diriseng se a se ithutang kgotsa gongwe ga o ise o thuse ope gore a kolobediwe, a seno se raya gore o palelwa ke go dira barutwa? Mo setlhogong seno, re tlile go bona mabaka a go bo bodiredi jwa rona bo atlega le gore re ka dira eng gore re tswelele re itumetse go sa kgathalesege gore a batho ba a re reetsa kgotsa ga ba re reetse.

^ ndi. 14 Bona kgang ya botshelo jwa ga Gladys Allen mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 1, 2002, mo setlhogong se se reng “Ke ne Nka se Fetole Sepe!