Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baakanya Kamano ya Gago le Jehofa

Baakanya Kamano ya Gago le Jehofa

NGWAGA le ngwaga go nna le dinku tse dintsi tse di tlhwatlhwakgolo tse di busediwang mo phuthegong ya ga Jehofa. Akanya kafa go ‘nnang le boitumelo jo bogolo kwa legodimong’ ka gone fa mongwe le mongwe wa bone a busediwa mo phuthegong! (Luke 15:7, 10) Fa e le gore o buseditswe, tlhomamisega gore Jesu, baengele le Jehofa ba itumelela gore o boetse mo phuthegong. Mme gone, fa o ntse o baakanya kamano ya gago le Jehofa, o ka lebana le dikgwetlho. Dingwe tsa tsone ke dife, mme ke eng se se ka go thusang?

DIKGWETLHO

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba sa ntse ba ikutlwa ba kgobegile marapo le fa ba setse ba buseditswe mo phuthegong. Gongwe seo se dira gore o tlhaloganye tsela e Kgosi Dafide a neng a ikutlwa ka yone. Tota le fa a ne a itshwaretswe maleo a a neng a a dirile, o ne a re: “Melato ya me e mentsi thata.” (Pes. 40:12; 65:3) Fa motho a sena go boela kwa go Jehofa, o sa ntse a ka ikutlwa molato kgotsa a tlhabiwa ke ditlhong ka dingwaga di le dintsi. Isabelle o ne a fetsa dingwaga di feta 20 a kgaotswe. * O ne a re: “Go ne go le thata gore ke dumele gore Jehofa a ka intshwarela.” Fa o kgobega marapo, kamano ya gago le Jehofa e ka koafala gape. (Diane 24:10) Leka ka natla gore seo se se ka sa go diragalela.

Bangwe ba tshwenngwa ke gore ba ka nna ba se ka ba kgona go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang gore ba atamalane le Jehofa gape. Fa Antoine a sena go busediwa, o ne a re: “Ke ne ke lebetse dilo tse dintsi tse ke neng ke di ithutile le tse ke neng ke di dira mo phuthegong pele ke kgaolwa.” Maikutlo ao a ka dira gore bangwe ba se ka ba dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa.

Ka sekai, fa setsuatsue se sentse ntlo ya mongwe, motho yoo a ka nna a ikutlwa a imetswe tota fa a akanya ka tiro le nako e e tla tlhokegang gore a baakanye ntlo eo. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore kamano ya gago le Jehofa e sentswe ke boleo jo bo masisi jo o bo dirileng, o ka nna le maikutlo a gore go tla go tlhoka tiro e ntsi gore o e baakanye. Mme gone, o se ka wa tshwenyega ka gonne ga o tlhoke go kgaratlha o le nosi.

Jehofa o re kopa jaana: “Jaanong tlang, mme re tlhamalatse dilo fa gare ga rona.” (Isa. 1:18) O setse o dirile ka natla gore o “tlhamalatse dilo.” Jehofa o go rata tota ka gonne o tsere kgato eo. E re ka o boetse kwa go Jehofa, a ka dirisa sekao sa gago go bontsha Satane gore ke moaki!—Diane 27:11.

O setse o atamalane le Jehofa ka gonne o boetse kwa go ene, mme le ene o solofetsa gore o tla atamalana le wena. (Jak. 4:8) Le fa go le molemo gore batho mo phuthegong ba lemoge gore o buseditswe, ga go felele foo. O tshwanetse go tswelela o nonotsha tsela e o ratang Rrago le Tsala ya gago e bong Jehofa ka yone. O ka dira seo jang?

IPEELE MEKGELE E O KA E FITLHELELANG

Leka go ipeela mekgele e o ka e fitlhelelang. Gongwe o sa ntse o gakologelwa dithuto tsa motheo tse o di ithutileng ka Jehofa le ka ditsholofetso tsa gagwe tsa Paradaise. Le fa go ntse jalo, gone jaanong o tlhoka go ikaga ka go dira dilo tsa botlhokwa tse o neng o tle o di dire tse di jaaka go rera ka metlha, go ya dipokanong le go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Akanya ka mekgele e e latelang.

Bua le Jehofa ka metlha. Rrago o a tlhaloganya gore o ka nna wa thatafalelwa ke go mo rapela ka gonne o ipona molato ka ntlha ya boleo jo o bo dirileng. (Bar. 8:26) Le fa go ntse jalo, ‘nna o rapela’ o bolelela Jehofa gore o batla go nna tsala ya gagwe. (Bar. 12:12) Andrej a re: “Ke ne ke ikutlwa ke le molato tota, e bile ke tlhabilwe ke ditlhong. Mme nako le nako fa ke sena go rapela, maikutlo ao a ne a fokotsega. Ke ne ke nna le kagiso.” Fa o sa itse gore o ka rapelela eng, akanya ka dithapelo tsa ga Kgosi Dafide yo o neng a ikwatlhaya, tse di mo go Pesalema 51 le 65.

Ithute Baebele ka metlha. Fa o dira jalo tumelo ya gago e tla nonofa e bile tsela e o ratang Jehofa ka yone e tla gola. (Pes. 19:7-11) Felipe o ne a re: “Selo se se dirileng gore tumelo ya me e koafale ke bo ke utlwise Jehofa botlhoko, ke gore ke ne ke se na thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele le go ithuta. Ke ne ke sa batle go utlwisa Jehofa botlhoko gape, ka jalo ke ne ka tlhomamisa gore ke ithuta ka metlha ke le nosi.” Le wena o ka dira se se tshwanang. Fa e le gore o tlhoka thuso ya go tlhopha se o ka se ithutang, o ka kopa tsala e e atamalaneng thata le Jehofa gore e go thuse.

Baakanya kamano ya gago le bakaulengwe le bokgaitsadi. Bangwe ba ba boelang mo phuthegong, ba tshwenyega ka gore batho ba bangwe ba ka se ba tshware sentle. Larissa a re: “Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong tota. Ke ne ke ikutlwa e kete ke swabisitse bakaulengwe le bokgaitsadi ba me le gore ke ba utlwisitse botlhoko. Ke ne ka ikutlwa jalo ka lobaka lo loleele.” Tlhomamisega gore bagolwane, bakaulengwe le bokgaitsadi ba batla go go thusa gore o baakanye kamano ya gago le Jehofa. (Bona lebokose le le reng, “ Se Bagolwane Ba ka Se Dirang.”) Ba itumeletse gore o boetse mo phuthegong, e bile ba batla gore o itumele!—Diane 17:17.

Ke eng se se ka go thusang gore o atamalane le phuthego? Nna gone kwa dipokanong tsotlhe o bo o ye tshimong ka metlha le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Seo se tla go thusa jang? Felix a re: “Phuthego e ne e itumeletse gore ke boile. Ke ne ka lemoga gore ba a nthata. Botlhe mo phuthegong ba ne ba nthusa gore ke ikutlwe ke le karolo ya phuthego gape, ke lemoge gore Jehofa o intshwaretse le gore nka kgona go tswelela ke mo direla.”—Bona lebokose le le reng, “ Se o Ka se Dirang.”

O SE KA WA INEELA!

Satane o tla nna a go tlisetsa ditsuatsue tse dingwe gore a go koafatse fa o ntse o baakanya kamano ya gago le Jehofa. (Luke 4:13) Ipaakanyetse seo ka go nonotsha kamano ya gago le Jehofa gone jaanong.

Jehofa o solofetsa gore o tla dira seno ka dinku tsa gagwe: “Ke tla batla e e latlhegileng, ke tla busa e e faletseng, ke tla hapa e e gobetseng, e bile ke tla nonotsha e e bokoa.” (Esek. 34:16) Jehofa o thusitse batho ba le bantsi gore ba baakanye kamano ya bone le ene. Tlhomamisega gore o batla go go thusa gore o tswelele o nonotsha kamano ya gago le ene.

^ ser. 4 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.