Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke ne Ke Batla Lebaka La go Bo re Tshela

Ke ne Ke Batla Lebaka La go Bo re Tshela

NAKO nngwe fa ke le mo gare ga Lewatle la Mediterranean, ke ne ka lemoga gore mokoro wa me o o neng o onetse o a dutla le gore metsi a mantsi a ne a tsena mo teng ga one. Ka yone nako eo, setsuatsue se ne sa simologa. Ke ne ka tshoga ke bo ke rapela lekgetlo la ntlha mo dingwageng di le dintsi. Go tlile jang gore ke iphitlhele ke le mo boemong jono? A ke go tlotlele gore kgang eno e simologile kae.

Fa ke na le dingwaga di le supa nna le lelapa la gaetsho re ne re nna kwa Brazil

Ke tsholetswe kwa Netherlands ka ngwaga wa 1948. Mme mo ngwageng o o latelang, re ne ra fudugela kwa São Paulo, kwa Brazil. Batsadi ba me ba ne ba ya kerekeng ka metlha, e bile re ne re tlwaetse go bala Baebele re le mmogo morago ga dijo tsa maitseboa. Ka 1959, re ne ra fudugela kwa United States, mme re ne ra nna kwa Massachusetts.

Re ne re le bana ba le barataro mo lelapeng la gaetsho, mme rre o ne a dira ka natla go re tlamela. O ne a berekela dikhampani tse di farologaneng, o ile a rekisetsa khampani nngwe, a bereka mo kagong ya ditsela, go tswa foo a bereka mo khampaning ya difofane. Lelapa lotlhe le ne le itumetse fa rre a bona tiro kwa difofaneng ka gonne re ne re nna re tsaya maeto.

Fa ke ne ke le kwa sekolong se segolwane, ke ne ke nna ke ipotsa gore, ‘Ke tlile go dira eng fa ke gola?’ Bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba tlhopha go ya kwa yunibesithing, mme ba bangwe bone ba ne ba tsenela bosole. Ke ne nka se ye bosoleng ka gonne ke sa rate dikgogakgogano le dintwa. Ke ne ka tlhopha go ya yunibesithing gore ke se ka ka ya bosoleng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go thusa batho ka gonne ke akanya gore fa ke dira jalo ke tla itse gore ke tshelela eng.

KWA YUNIBESITHING

Ke feditse dingwaga di le dintsi ke batla go itse gore ke tshelela eng

Fa ke le kwa yunibesithing, ke ne ke kgatlhegela thata dithuto tse di buang ka batho le setso ka gonne ke ne ke batla go itse gore botshelo bo simologile kae. Re ne re rutiwa thuto ya gore dilo di iphetogetse go nna tse dingwe e bile barutisi ba ne ba batla gore re dumele gore thuto eo e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, thuto eo e ne e sa utlwale mme go ne go lebeletswe gore re e dumele le fa go ne go se na bosupi jwa gore e boammaaruri.

Kwa yunibesithing, re ne re sa rutiwe go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Go na le moo, re ne re rutiwa gore motho o tshwanetse go dira sengwe le sengwe gore a atlege. Ke ne ke itumela fa ke na le ditsala tsa me kwa diphathing re lekeletsa mefuta e e farologaneng ya diritibatsi, mme boitumelo joo e ne e le jwa nakwana fela. Ke ne ke ipotsa gore, ‘A mme seno ke sone se motho a tshwanetseng go se tshelela?’

Moragonyana ke ne ka fudugela kwa toropong ya Boston mme ka ikwadisa kwa yunibesithing ya koo. Fa dikolo di tswetswe, ke ne ka bona tiro gore ke kgone go duelela dithuto tsa me, mme fa ke le kwa tirong eo ke ne ka kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mosupi yoo yo ke neng ke bereka le ene o ne a bua le nna ka boporofeti jo bo buang ka “metlha e le supa” jo bo mo go Daniele kgaolo 4 a bo a ntlhalosetsa gore re tshela mo metlheng ya bofelo. (Dan. 4:13-17) Ke ne ka lemoga gore fa nka tswelela ke tlotla le ene ka Baebele e bile ke dumela se a se nthutang, ke ne ke tla tshwanelwa ke go fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ka jalo, ke ne ka dira sotlhe se ke se kgonang gore ke se ka ka kopana le ene.

Fa ke le kwa yunibesithing, ke ne ka tlhopha dithuto tse di neng di tla nthusa go dira tiro ya go ithaopa kwa Amerika Borwa. Ke ne ke akanya gore fa nka thusa batho ba bangwe, ke ne ke tla bona gore ke tshelela eng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke sa kgotsofala. E re ka ke ne ke kgobegile marapo, ke ne ka tlogela go ya yunibesithing morago ga dikgwedi di le thataro fela.

KE YA KWA DINAGENG TSE DINGWE GO BATLA LEBAKA LA GO BO KE TSHELA

Ka May 1970, ke ne ka fudugela kwa Amsterdam, kwa Netherlands, gore ke ye go bereka mo khampaning ya difofane e rre a neng a bereka kwa go yone. Tiro eo e ne e dira gore ke etele dinaga di le dintsi kwa Afrika, kwa ditlhaketlhakeng tsa Amerika, kwa Yuropa le kwa Asia. Ke ne ka lemoga gore mo nageng nngwe le nngwe e ke neng ke ya kwa go yone, batho ba ne ba na le mathata a mantsi mme go ne go se na ope yo o kgonang go a rarabolola. Ke ne ke sa ntse ke batla go dira sengwe sa botlhokwa mo botshelong, ka jalo ke ne ka boela kwa United States ke bo ke ikwadisa gape kwa yunibesithing e ke neng ke tsena kwa go yone kwa Boston.

Ke ne ka lemoga gore dithuto tsa yunibesithi di ne di sa ntse di sa kgone go araba dipotso tsa me ka botshelo. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng, ka jalo ke ne ka bua le porofesa mongwe ke mo kopa gore a nkgakolole. O ne a nkgakgamatsa tota fa a ne a nthaya a re: “O sa ntse o batlang fano? Goreng o sa tswe mo yunibesithing?” Ke ne ka dirisa kgakololo ya gagwe ka tlogela yunibesithi, mme ga ke a ka ka tlhola ke boela.

E re ka ke ne ke sa ntse ke batla go itse lebaka la go bo ke tshela, ke ne ka ikgolaganya le setlhotshwana sengwe sa batho ba ba neng ba sa latele ditsela tse di tlwaelegileng tsa go tshela e bile ba rotloetsa batho gore ba nne le kagiso le gore ba ratane. Nna le ditsala tsa me re ne ra tsaya loeto go tswa kwa United States go ya kwa Acapulco, kwa Mexico re ntse re kopa dilifite. Re ne ra nna le batho ba ba bidiwang mahipi, ba ba neng ba sa latele melao e e tlwaelegileng e bile go ne go lebega e kete ga ba tshwenyege ka sepe e bile ga ba na mathata mo botshelong. Fa ke ntse ke nna le bone, ke ne ka lemoga gore botshelo jo ba bo tshelang ga bo kgotsofatse e bile bo dira gore motho a itumele ka nakwana. Gape ke ne ka lemoga gore bontsi jwa batho bano ba a tsietsa e bile ga ba ikanyege.

KE TSWELELA KA LETSHOLO LA ME KE LE MO MOKORONG

Ke ne ke batla setlhaketlhake se se jaaka paradaise ke na le tsala ya me

Ka nako eo, ke ne ka akanya ka sengwe se ke neng ke eletsa go se dira fa ke ne ke sa le monnye. Ke ne ke batla go tsaya maeto ka sekepe, mme e le nna ke se kgweetsang. Ke ne nka kgona go tsaya maeto ao fa ke ne ke na le mokoro wa me. E re ka tsala ya me, e bong Tom le ene a ne a eletsa go dira se se tshwanang, re ne ra dira tshwetso ya go tsaya loeto loo mmogo. Ke ne ke batla setlhaketlhake se sentle se se jaaka paradaise, kwa ke neng ke tla nna gone ke gololesegile mme ke sa laolwe ke melao epe.

Nna le Tom re ne ra ya kwa Arenys de Mar, gaufi le Barcelona, kwa Spain. Fa re le koo, re ne ra reka mokoro wa dimetara di le 9,4 o o bidiwang Llygra. Re ne ra simolola go baakanya mokoro oo gore re kgone go tsamaya ka one mo lewatleng. E re ka re ne re sa itlhaganelela gope, re ne ra ntsha enjene mme mo e neng e le teng re ne ra tsenya metsi a re tla a nwang. Gore re kgone go emisa mokoro oo kwa mafelong a mannye a dikepe di emang kwa go one, re ne ra reka dikota tse pedi tsa go tsamaisa mokoro, tsa boleele jwa dimetara di le 5. Re ne ra simolola loeto lwa rona lwa go ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Seychelles, tse di mo Lewatleng la India. Re ne re ikaeletse go tsamaya ka mokoro gaufi le lotshitshi lo lo ka fa bophirima jwa Afrika go ya go fitlha kwa Cape of Good Hope, kwa Afrika Borwa. Re ne re dirisa dinaledi, dimmapa, dibuka le didirisiwa dingwe tse dinnye gore di re bontshe tsela. Ke ne ke gakgamadiwa ke gore re ne re kgona go bona gore re fa kae.

Go ise go ye kae, re ne ra lemoga gore mokoro wa rona o o onetseng o ne o sa siamela go tsamaya mo lewatleng. Mokoro oo o ne o tsena metsi a a kana ka dilitara di le 22, ura nngwe le nngwe! Jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong, ka nako ya setsuatsue ke ne ka tshoga ke bo ke rapela lekgetlo la ntlha mo dingwageng di le dintsi ke solofetsa Modimo gore fa re ka falola, ke tla leka ka natla go ithuta ka ene. Setsuatsue seo se ne sa kgaotsa, mme mo lekgetlong leno ke ne ka dira se ke neng ke se solofeditse.    

Ke ne ka simolola go bala Baebele fa re ntse re le mo lewatleng. Akanya fela o le mo mokorong mo gare ga Lewatle la Mediterranean, o bona ditlhapi ka mefuta ya tsone le loapi, e bile o le kgakala le lotshitshi. Fa go le bosigo, ke ne ke kgatlhiwa ke go bona dinaledi di le dintsi mo loaping, mme ke ne ka tlhatswega pelo gore go na le Modimo yo o amegang ka batho.

Morago ga dibeke di le mmalwa re le mo lewatleng, re ne ra goroga kwa boemakepeng jwa Alicante, kwa Spain. Fa re le koo re ne ra leka go rekisa mokoro wa rona gore re kgone go reka o mongwe o o botoka. Go ne go se motlhofo go bona motho yo o ka rekang mokoro wa kgale o o se nang enjene e bile o tsena metsi! Le fa go ntse jalo, eo e ne e le nako e e siameng tota ya gore ke bale Baebele.

Fa ke ntse ke bala Baebele, ke ne ka lemoga gore ke buka e e nang le ditaelo tse di ka re thusang gore re itumelele botshelo. Ke ne ke kgatlhiwa ke gore Baebele e ne e sa raraana fa e bua ka boitsholo jo bo siameng, ke bo ke ipotsa gore ke eng fa batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete, go akaretsa le nna, ba itlhokomolosa se Baebele e se buang.

Ke ne ke ikemiseditse go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa me, ka jalo ke ile ka tlogela go dirisa diritibatsi. Ke ne ke ipolelela gore go tshwanetse ga bo go na le batho ba ba ikobelang se Baebele e se rutang, e bile ke ne ke batla go kopana le bone. Ke ile ka rapela Modimo ka lekgetlo la bobedi ke mo kopa gore a nthuse go ba bona.

KE BATLA BODUMEDI JWA BOAMMAARURI

Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tlhatlhobe bodumedi bongwe le bongwe go fitlha ke bona bodumedi jwa boammaaruri. Fa ke ntse ke tsamaya mo mebileng ya Alicante, ke ne ka bona dikago tse dintsi tsa bodumedi. Mme e re ka bontsi jwa tsone di ne di na le ditshwantsho, ke ne ke itse gore ga se tsa bodumedi jwa boammaaruri.

Sontaga mongwe go le thapama, ke ne ke ntse mo godimo ga thota ke lebile kwa boemakepeng, ke bala Jakobe 2:1-5 e e re tlhagisang gore re se ka ra tseela batho ba ba humileng kwa godimo. Fa ke le mo tseleng ke boela kwa mokorong, ke ne ka feta kago nngwe e e lebegang jaaka kago ya bodumedi e kwadilwe mafoko a a reng, “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa” mo godimo ga lebati.

Ke ne ka re, ‘E re ke tsene ke bone gore a batho bano ba tla nkamogela.’ Ke ne ka tsena mo Holong ya Bogosi ke sa rwala ditlhako, ke le ditedu e bile ke apere borokgwe jo bo makgasa. Motlhokomedi o ne a mpontsha setulo se se gaufi le mosadimogolo mongwe yo o neng a nthusa go bona ditemana fa sebui se ntse se tsweletse. Fa dipokano di tswa, ke ne ke gakgametse tota fa ke bona batho ba le bantsi ba tla go ntumedisa ka lorato. Monna mongwe o ne a ntaletsa kwa ga gagwe gore re ye go tlotla ka Baebele, mme e re ka ke ne ke ise ke fetse go bala Baebele, ke ne ka mo raya ka re, “Ke tla go bolelela fa ke siame.” Mme gone, ke ne ka tswelela ke ya dipokanong ka metlha.

Morago ga dibeke di le mmalwa, ke ne ka etela monna yoo kwa legaeng la gagwe mme o ne a araba dipotso tsa me tsa Baebele. Mo bekeng e e latelang, o ne a nnaya bêkê e e tletseng diaparo tse dintle. O ne a mpolelela gore mong wa diaparo tseo o kwa kgolegelong ka gonne a ikobela taelo e e mo Baebeleng ya gore re ratane le gore re se ka ra tlhola re ithuta ntwa. (Isa. 2:4; Joh. 13:34, 35) Jaanong ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke bone se ke neng ke se batla, e leng batho ba ba tshelang ka melao ya Baebele ya boitsholo! Ke ne ke sa tlhole ke batla setlhaketlhake se se tshwanang le paradaise, mme ke ne ke batla go ithuta Baebele gore ke e tlhaloganye. Ka jalo ke ne ka boela kwa Netherlands.

KE BATLANA LE TIRO

Go ne ga ntsaya malatsi a le manê gore ke fitlhe kwa toropong ya Groningen, kwa Netherlands ke ntse ke kopa dilifite. Fa ke fitlha koo, ke ne ke tshwanetse go batla tiro. Ke ne ka ya go e batla kwa khampaning nngwe e e berekang ka logong. Ke ne ka newa foromo e e nang le dipotso, mme nngwe ya dipotso tseo e ne e le gore ke wa bodumedi bofe. Ke ne ka kwala gore, “Ke Mosupi wa ga Jehofa.” Fa mong wa khampani a bala se ke se kwadileng, ke ne ka bona sefatlhego sa gagwe se fetoga. O ne a nthaya a re, “Ke tla go founela.” Mme ga a ka a founa.

Kwa khampaning e nngwe e e dirang ka logong, ke ne ka botsa mong wa yone gore a o tlhoka mongwe yo o ka mo thusang. O ne a nkopa dipampiri tsa tiro e ke e ithutetseng le makwalo a a tswang kwa bathong ba ba neng ba nthapile. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore nkile ka baakanya mokoro wa logong. Ke ne ke gakgametse tota fa a nthaya a re, “O ka simolola tiro thapama, mme ga ke batle gore o ntlele ka mathata ka gonne ke Mosupi wa ga Jehofa e bile ke tshela ka melaometheo ya Baebele.” Ke ne ka mo leba ke gakgametse tota ke bo ke re, “Le nna ke Mosupi wa ga Jehofa!” O ne a itse gore ga ke Mosupi wa ga Jehofa ka gonne ke ne ke na le moriri o moleele le ditedu, ka jalo o ne a nthaya a re, “Go siame ke tla ithuta Baebele le wena!” Ke ne ka dumela gore a ithute le nna. Ke ne ke lemoga gore Jehofa ke ene a dirileng gore monna wa ntlha a se ka a nthapa. Jehofa o ne a araba dithapelo tsa me. (Pes. 37:4) Ke ne ka bereka kwa khampaning ya mokaulengwe yoo lobaka lwa ngwaga. Mo nakong eo, o ne a ithuta Baebele le nna mme ke ne ka kolobediwa ka January 1974.

KE FELELETSA KE BONE LEBAKA LA GO BO KE TSHELA!

Kgwedi morago ga moo, ke ne ka simolola go nna mmulatsela, e leng tiro e e neng ya dira gore ke itumele thata. Mo kgweding e e latelang ke ne ka fudugela kwa Amsterdam gore ke ye go thusa setlhopha se se neng se sa tswa go tlhomiwa sa Se-Spain. Ke ne ke itumeletse go tshwara dithuto tsa Baebele ka Se-Spain le Sepotokisi! Ka May 1975, ke ne ka newa tshiamelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng.

Letsatsi lengwe, kgaitsadi mongwe yo e neng e le mmulatsela yo o kgethegileng yo o bidiwang Ineke, o ne a tla kwa dipokanong tsa rona a tlisitse motho yo a ithutang Baebele le ene yo o tswang kwa Bolivia gore a tle go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba buang Se-Spain. Nna le Ineke re ne ra simolola go kwalelana makwalo gore re itsane botoka mme fa nako e ntse e ya re ne ra lemoga gore re na le mekgele e e tshwanang. Re ne ra nyalana ka 1976 mme ra tswelela re le babulatsela ba ba kgethegileng go fitlha ka 1982 fa re ne re lalediwa kwa tlelaseng ya bo73 ya Sekolo sa Gileade. Re ne re gakgametse e bile re itumetse fa re ne re bolelelwa gore re ye kwa Afrika Botlhaba, mme re ne ra fetsa dingwaga di le tlhano re direla kwa Mombasa, kwa Kenya! Ka 1987, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Tanzania, ka gonne tiro ya rona ya go rera e e neng e thibetswe e ne e sa tswa go letlelelwa. Re ne ra fetsa dingwaga di le 26 kwa nageng eo pele ga re boela kwa Kenya.

Nna le mosadi wa me re itumeletse go thusa batho ba kwa Afrika Botlhaba go ithuta boammaaruri

Go thusa batho ba ba ikokobeditseng go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng go dirile gore re itse gore re tshelela eng. Ka sekai, motho wa ntlha yo ke neng ka ithuta Baebele le ene kwa Mombasa ke monna yo ke kopaneng le ene fa ke ne ke rera phatlalatsa. Fa ke sena go mo naya dimakasine tse pedi o ne a nthaya a re, “Fa ke fetsa go di bala ke dire eng?” Mo bekeng e e latelang ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene re dirisa buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e neng e sa tswa go gololwa ka Seswahili. O ne a kolobediwa morago ga ngwaga a bo a nna mmulatsela wa ka metlha. Fa e sa le ka nako eo, ene le mosadi wa gagwe ba thusitse batho ba ka nna 100 gore ba ineele mo go Jehofa ba bo ba kolobediwe.

Nna le Ineke re bone gore Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gore ba itse se ba se tshelelang

Fa ke sena go tlhaloganya gore re tshelela eng, ke ne ka ikutlwa jaaka mogwebi yo o tsamayang yo o boneng perela e ntle mme a sa batle gore e mo latlhegele. (Math. 13:45, 46) Ke ne ke batla go fetsa botshelo jwa me jotlhe ke thusa batho ba bangwe gore le bone ba itse lebaka la go bo ba tshela. Nna le mosadi wa me, re bone kafa Jehofa a thusang batho ba gagwe ka gone gore ba itse se ba se tshelelang.