Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 49

Lefitiko e re Ruta Eng ka go Dirisana le ba Bangwe?

Lefitiko e re Ruta Eng ka go Dirisana le ba Bangwe?

“O tshwanetse go rata motho yo mongwe jaaka o ithata.” —LEF. 19:18.

PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Re tlotlile ka eng mo setlhogong se se fetileng, mme re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

MO SETLHOGONG se se fetileng, re tlotlile ka kgakololo e e mosola e e mo go Lefitiko kgaolo 19. Ka sekai, mo temaneng ya boraro, Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore ba tlotle batsadi ba bone. Re bone kafa re ka dirisang kgakololo eo ka gone gompieno ka go thusa batsadi ba rona ka dilo tse ba di tlhokang, ka go ba kgothatsa le go ba gomotsa le ka go ba thusa gore ba nne ba atamalane le Jehofa. Mo go yone temana eo, Modimo o ne a laela batho ba gagwe gore ba boloke Sabata. Re ithutile gore le fa gompieno re sa tlhoke go ikobela molao wa Sabata, re ka dirisa molaomotheo o o mo temaneng eo ka go beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi gore re kgone go dira dilo tse di amanang le kobamelo ya rona. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re leka ka natla go nna boitshepo fela jaaka go tlhalositswe mo go Lefitiko 19:2 le mo go 1 Petere 1:15.

2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka ditemana tse dingwe tse di mo go Lefitiko kgaolo 19. Re tla ithuta eng mo kgaolong eno ka go akanyetsa batho ba ba nang le bogole, ka go ikanyega mo kgwebong le ka go rata batho ba bangwe? A re boneng gore re ka dira eng gore re nne boitshepo jaaka Modimo a le boitshepo.

BONTSHA BA BA NANG LE BOGOLE BOPELONOMI

Lefitiko 19:14 e a re re tshwanetse go tshwara motho yo o susu kgotsa yo o sa boneng jang? (Bona serapa 3-5) *

3-4. Lefitiko 19:14 e a re Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tshwara batho ba ba susu le ba ba sa boneng jang?

3 Bala Lefitiko 19:14. Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba bontshe batho ba ba nang le bogole bopelonomi. Ka sekai, o ne a re Baiseraele ba se ka ba tlhapatsa motho yo o susu. Go tlhapatsa motho go ne go ka akaretsa go mo tshosetsa kgotsa go bua sengwe se se maswe ka ene. E ne e tla bo e le bosetlhogo go dira motho yo o susu jalo! E re ka a sa kgone go utlwa se se buiwang ka ene, o ne a ka se kgone go ipuelela.

4 Mo godimo ga moo, fa temana 14 e tswelela, Modimo o ile a bolelela batlhanka ba gagwe gore ba se ka ba “baya sekgopi fa pele ga sefofu.” Buka nngwe e bua jaana ka batho ba ba nang le bogole: “Bogologolo kwa Botlhabagare [batho bao] ba ne ba sa tshwarwe sentle e bile ba ne ba sotliwa.” Motho yo o setlhogo o ne a ka nna a baya sengwe fa pele ga motho yo o foufetseng gore a mo gobatse kgotsa ka gonne a batla go dira motlae ka ene. Ruri seo e ne e le bosetlhogo! Molao o o mo go temana 14 o ne o thusa batho ba ga Jehofa gore ba lemoge gore ba tshwanetse go bontsha batho ba ba nang le bogole bopelotlhomogi.

5. Re ka bontsha batho ba ba nang le bogole bopelotlhomogi jang?

5 Jesu o ne a tlhomogela batho ba ba nang le bogole pelo. A o gakologelwa molaetsa o a neng a o romelela Johane Mokolobetsi? O ne a re: “Difofu jaanong di a bona, batho ba ba tlhotsang ba a tsamaya, balepero ba a fodisiwa, bosusu ba a utlwa, [le] baswi ba a tsosiwa.” Fa batho ba sena go bona dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira, ba ne ba “galaletsa Modimo.” (Luke 7:20-22; 18:43) Bakeresete ba tlhomogela batho ba ba nang le bogole pelo fela jaaka Jesu a ne a dira. Ka jalo, re bontsha batho ba ba nang le bogole bopelonomi, re a ba akanyetsa e bile re dirisana le bone ka bopelotelele. Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a re naya maatla a go dira dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, re na le tshiamelo ya go bolelela batho ba ba foufetseng ka tsela ya mmatota kgotsa ba ba foufetseng ka tsela ya tshwantshetso, dikgang tse di molemo tse di malebana le paradaise e kwa go yone batho botlhe ba tla bong ba itekanetse e bile ba na le kamano e e molemo le Modimo. (Luke 4:18) Dikgang tseno tse di molemo di setse di thusa batho ba le bantsi gore ba bake Modimo.

GO IKANYEGA MO KGWEBONG

6. Lefitiko kgaolo 19 e re thusa jang go tlhaloganya Melao e e Lesome botoka?

6 Ditemana dingwe tse di mo go Lefitiko kgaolo 19 di re thusa go tlhaloganya Melao e e Lesome botoka. Ka sekai, molao wa borobedi o a re: “Ga o a tshwanela go utswa.” (Ekes. 20:15) Mongwe a ka nna a akanya gore fa a sa tseele ope sepe o a bo a ikobela molao oo. Mme gone, a ka tswa a utswa ka ditsela tse dingwe.

7. Ke eng se mogwebi a ka se dirang se se bontshang gore ga a ikobele molao wa borobedi o o malebana le go utswa?

7 Mogwebi a ka akanya gore ga a utswetse ope ka gonne a sa ke a tsaya sepe se e seng sa gagwe. Mme gone, a tsela e a dirang kgwebo le ba bangwe ka yone e bontsha gore o a ikanyega? Mo go Lefitiko 19:35 le 36 Jehofa o ne a re: “Ga lo a tshwanela go dirisa dilekanyo tsa go tsietsa fa lo lekanya boleele, bokete kgotsa sepe fela. Lo dirise dikale tse di tlhomameng, dilekanyabokete tse di tlhomameng, didirisiwa tse di tlhomameng tsa go lekanya dilo tse di sa eleleng le didirisiwa tse di tlhomameng tsa go lekanya dilo tse di elelang.” Fa mogwebi a dirisa dikale kgotsa didirisiwa tse di sa tlhomamang tsa go lekanya, gore a tsietse batho ba a ba rekisetsang o a bo a ba utswetsa. Ditemana tse dingwe tse di mo go Lefitiko kgaolo 19 le tsone di re thusa go tlhaloganya seo botoka.

Melaometheo e e mo go Lefitiko 19:11-13 e ka thusa Mokeresete go ipotsa dipotso dife malebana le tsela e a dirang kgwebo ka yone? (Bona serapa 8-10) *

8. Dintlha tse di mo go Lefitiko 19:11-13 di ne di thusa Bajuda jang gore ba kgone go ikobela molao wa borobedi, mme rona di ka re solegela molemo jang?

8 Bala Lefitiko 19:11-13. Mafoko a a simololang a Lefitiko 19:11 a re: “Ga lo a tshwanela go utswa.” Temana 13 e bontsha gore go sa ikanyege mo kgwebong go tsamaisana le go utswa fa e re: “Ga o a tshwanela go direla motho yo mongwe boferefere.” Ka jalo, fa mongwe a dira kgwebo ka go sa ikanyege, o a utswa. Molao wa borobedi o ne o re go utswa go phoso, le fa go ntse jalo, dintlha tse di mo go Lefitiko di ne di thusa Bajuda gore ba tlhaloganye gore ba ka ikobela molao oo jang. Re ka solegelwa molemo ke go akanya ka tsela e Jehofa a lebang go sa ikanyege le go utswa ka yone. Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Fa ke akanya ka Lefitiko 19:11-13, a ke lemoga gore ke tlhoka go dira diphetogo mo botshelong jwa me, segolobogolo mo tseleng e ke dirang kgwebo ka yone?’

9. Molao o o mo go Lefitiko 19:13 o ne o sireletsa babereki jang?

9 Mokeresete yo o nang le kgwebo o tshwanetse go ikanyega ka tsela e nngwe gape. Mafoko a bofelo a Lefitiko 19:13 a re: “O se ka wa baya tuelo ya motho yo o thapilweng kwa go wena bosigo jotlhe go fitlha mo mosong.” Kwa Iseraele, batho ba le bantsi ba ne ba bereka kwa masimong, ka jalo babereki bao ba ne ba duelwa kwa bowelong jwa letsatsi lengwe le lengwe. Fa mmereki a ne a sa duelwe, o ne a ka tlhoka madi a go tlamela ba lelapa la gagwe mo letsatsing leo. Jehofa o ne a bua jaana ka mmereki yoo: “O a tlhoka e bile botshelo jwa gagwe bo ikaegile ka tuelo ya gagwe.”—Dute. 24:14, 15; Math. 20:8.

10. Re ka ithuta eng mo go Lefitiko 19:13?

10 Gompieno babereki ba le bantsi ba duelwa gangwe kgotsa gabedi ka kgwedi, e seng letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, molaomotheo o o mo go Lefitiko 19:13 o sa ntse o le botlhokwa le gompieno. Bathapi ba le bantsi ba tsietsa batho ba ba ba berekelang ka go ba duela madi a a kwa tlase ga se se ba tshwanetseng. Ba a itse gore babereki bao ba tla amogela sengwe le sengwe se ba ba nayang sone ka gonne ba tlhoka madi. Fa bathapi bao ba dira jalo ba a bo ba ‘baya tuelo ya motho yo o thapilweng kwa go bone.’ Mokeresete yo o nang le kgwebo o tlhomamisa gore ga a tsietse batho ba a ba thapileng. A jaanong re boneng gore re ka ithuta eng gape mo go Lefitiko kgaolo 19.

RATA MOTHO YO MONGWE JAAKA O ITHATA

11-12. Jesu o ne a gatelela ntlha efe fa a ne a nopola Lefitiko 19:17, 18?

11 Modimo o lebeletse gore re tile go utlwisa batho ba bangwe botlhoko, e bile go na le selo se sengwe se a se lebeletseng mo go rona. Lefitiko 19:17, 18 e re bolelela gore ke eng seo. (E bale.) Ela tlhoko taelo eno ya ga Jehofa e e utlwalang sentle: “O tshwanetse go rata motho yo mongwe jaaka o ithata.” Mokeresete o tshwanetse go dira jalo fa e le gore o batla go itumedisa Modimo.

12 Jesu o ne a bontsha gore molao o o mo go Lefitiko 19:18 o botlhokwa thata. Nako nngwe Mofarasai mongwe o ne a botsa Jesu jaana: “Taelo ya botlhokwa thata mo Molaong ke efe?” Jesu o ne a mmolelela gore ‘taelo ya botlhokwa thata e bile e le ya ntlha’ ke go rata Jehofa ka pelo yotlhe, le ka moya otlhe le ka mogopolo otlhe wa rona. Go tswa foo, Jesu o ne a nopola Lefitiko 19:18 e e reng: “Ya bobedi e e tshwanang le yone, ke eno: ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Math. 22:35-40) Go na le ditsela tse dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore re rata moagelani wa rona, e bile Lefitiko kgaolo 19 e re bolelela dingwe tsa tsone.

13. Pego ya Baebele e e buang ka botshelo jwa ga Josefa, e re thusa jang go tlhaloganya se moragonyana se neng sa buiwa mo go Lefitiko 19:18?

13 Tsela nngwe e re ka bontshang ka yone gore re rata moagelani wa rona, ke ka go dirisa kgakololo e e mo go Lefitiko 19:18 e e reng: “Ga o a tshwanela go ipusolosetsa kgotsa go nna le sekgopi.” Bontsi jwa rona re itse mongwe yo o nang le dingwaga di le dintsi a tshwaretse mongwe sekgopi, e ka tswa e le modirimmogo le ene, motho yo a neng a tsena sekolo le ene, wa losika kgotsa mongwe mo lelapeng! Gopola gore bomogolowe Josefa ba ba lesome ba ne ba mo tshwaretse sekgopi, mme letlhoo leo la bone le ne la dira gore ba mo dire sengwe se se utlwisang botlhoko. (Gen. 37:2-8, 25-28) Mme Josefa ene ga a ka a ba tshwara ka tsela e e sa siamang! Fa a ne a na le taolo, ga a ka a ipusolosetsa mo go bomogolowe, mme o ne a ba bontsha kutlwelobotlhoko. Josefa ga a ka a ba tshwarela sekgopi. Go na le moo, o ne a dira se moragonyana Lefitiko 19:18 e neng e re re tshwanetse go se dira.—Gen. 50:19-21.

14. Ke eng fa le rona gompieno re tshwanetse go ikobela melaometheo e e mo go Lefitiko 19:18?

14 Bakeresete ba ba batlang go itumedisa Modimo gompieno ba tshwanetse go etsa Josefa, ka gonne ga a ka a boloka sekgopi go na le moo o ne a itshwarela bomogolowe. Seno ke sone se Jesu a neng a bua ka sone mo thapelong ya sekao fa a ne a re re tshwanetse go itshwarela ba ba molato le rona. (Math. 6:9, 12) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a gakolola Bakeresetemmogo le ene jaana: “Bakaulengwe ba me ba ba rategang, lo se ka lwa ipusolosetsa.” (Bar. 12:19) Gape o ne a ba kgothatsa jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana ka pelo yotlhe le fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” (Bakol. 3:13) Melaometheo ya ga Jehofa ga e fetoge. Ka jalo, le rona gompieno re tshwanetse go ikobela melaometheo e e mo go Lefitiko 19:18.

Fela jaaka go le molemo gore re se ka ra kgotlhakgotlha ntho, go tla bo go le molemo gore re se ka ra nnela go akanya ka phoso e mongwe a re diretseng yone. Re tshwanetse go leka go lebala ka yone (Bona serapa 15) *

15. Ke sekai sefe se se re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo re tshwanetse go itshwarela mongwe mme re sa nnele go akanya ka se a re dirileng sone?

15 Akanya ka sekai seno. Kutlobotlhoko e ka tshwantshanngwa le ntho. Dintho tse dingwe di dinnye mme tse dingwe di dikgolo. Ka sekai, fa o bula enfelopo e ka go sega go sekae mo monwaneng. Fa e sena go go sega, o tla utlwa botlhoko, mme gone o tla fola ka bonako. Gongwe morago ga letsatsi kgotsa a mabedi, o tla bo o sa tlhole o gopola gore e go segile fa kae. Ka tsela e e tshwanang, diphoso dingwe tse batho ba re direlang tsone di dinnye. Ka sekai, tsala ya rona e ka dira sengwe kgotsa ya bua sengwe e sa akanya mme seo sa re utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore re mo itshwarele. Mme gone fa ntho e le kgolo go ka tlhokega gore ngaka e e roke e bo e e bofe. Mme fa re nna re kgotlhakgotlha ntho eo e ka se ka ya fola ka bonako. Ka maswabi, motho a ka dira se se tshwanang fa mongwe a mo utlwisitse botlhoko thata. A ka nnela go akanya ka se motho yoo a mo dirileng sone le kafa a utlwileng botlhoko ka gone. Le fa go ntse jalo, fa motho a tshwara sekgopi, ke ene a ikutlwisang botlhoko. Ruri go tla bo go le molemo gore re ikobele kgakololo e e mo go Lefitiko 19:18!

16. Go ya ka Lefitiko 19:33, 34, Jehofa o ne a lebeletse gore Baiseraele ba tshware batswakwa jang, mme re ka ithuta eng mo go seo?

16 Fa Jehofa a ne a laela Baiseraele gore ba rate batho ba bangwe, o ne a sa reye gore ba rate Baiseraele fela. Gape o ne a re ba rate batswakwa ba ba neng ba nna mo gare ga bone. Ke sone se se tlhalosiwang mo go Lefitiko 19:33, 34. (E bale.) Jehofa o ne a batla gore Baiseraele ba tshware batswakwa ‘jaaka batho ba mo lefatsheng la bone’ e bile o ne a batla gore ‘ba ba rate jaaka ba ithata.’ Ka sekai, Molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele gore ba letle batswakwa le bahumanegi gore ba phuthe se se setseng mo masimong a bone. (Lefi. 19:9, 10) Le gompieno, Bakeresete ba tshwanetse go dirisa molaomotheo oo wa go rata batswakwa. (Luke 10:30-37) Ba ka dira seo jang? Go na le batho ba le bantsi ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe, mme go ka tswa go na le bangwe ba ba fudugetseng gaufi le kwa o nnang gone. Re tshwanetse go dirisana le banna, basadi le bana bano ka tlotlo.

TIRO YA BOTLHOKWA E GO SA BUIWENG KA YONE MO GO LEFITIKO KGAOLO 19

17-18. (a) Lefitiko 19:2 le 1 Petere 1:15 di re kgothaletsa gore re dire eng? (b) Moaposetoloi Petere o ne a re kgothaletsa gore re dire tiro efe ya botlhokwa?

17 Lefitiko 19:2 le 1 Petere 1:15 di kgothaletsa batho ba Modimo gore ba nne boitshepo. Go na le ditemana tse dingwe gape tse dintsi mo go Lefitiko kgaolo 19 tse di re thusang go bona gore re ka dira eng gore Jehofa a re amogele. Re tlotlile ka ditemana tse dingwe tse di re bontshitseng dilo tse di molemo tse re tshwanetseng go di dira le dilo tse di sa siamang tse re tshwanetseng go di tila. * Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bontsha gore Jehofa o sa ntse a batla gore re dirise melaometheo eo mo botshelong jwa rona. Mme gone, go na le sengwe gape se moaposetoloi Petere a reng re tshwanetse go se dira.

18 Le fa re ka tswa re dira ditiro tse di farologaneng mo kobamelong ya ga Jehofa e bile re direla ba bangwe dilo tse di molemo, Petere o ne a re kgothaletsa gore re dire sengwe gape se se botlhokwa. Pele ga Petere a re kgothaletsa gore re nne boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa rona, o ne a re bolelela jaana: “Ipaakanyetseng tiro.” (1 Pet. 1:13, 15) Tiro eo ke efe? Petere o ne a re bomorwarraagwe Keresete ba tshwanetse go ‘bolela gongwe le gongwe ka bopelonomi jwa ga Keresete, yo o neng a ba bitsa.’ (1 Pet. 2:9) Tota e bile, Bakeresete botlhe gompieno ba na le tiro ya botlhokwa e e di gaisang tsotlhe ya go thusa batho. Ruri batho ba Modimo ba ba boitshepo, ba na le tshiamelo e e kgethegileng ya go rerela batho le go ba ruta ka metlha e bile ba tlhagafetse! (Mar. 13:10) Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisa melaometheo e e mo go Lefitiko kgaolo 19, re bontsha gore re rata Modimo le moagelani. E bile re bontsha gore re batla go ‘nna boitshepo’ mo boitshwarong jotlhe jwa rona.

PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela

^ ser. 5 Bakeresete ga ba tlhoke go ikobela Molao wa ga Moshe, le fa go ntse jalo Molao oo o umaka dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go di dira le tse re sa tshwanelang go di dira. Go ithuta ka dilo tseno go tla re thusa gore re kgone go rata batho ba bangwe le go itumedisa Modimo. Setlhogo seno se tla re thusa go tlhaloganya dilo tse dingwe tse re ka ithutang tsone mo go Lefitiko kgaolo 19 le kafa re ka di dirisang ka gone mo botshelong.

^ ser. 17 Mo setlhogong seno le mo go se se fetileng, ga re a tlotla ka ditemana tse di buang ka go tlhaola batho, go senya ba bangwe maina, go ja madi, go bua le badimo, go bolelela ditiragalo pele le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.—Lefi. 19:15, 16, 26-29, 31.—Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng ono.

^ ser. 52 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mosupi o thusa mokaulengwe yo o susu gore a bue le ngaka.

^ ser. 54 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o nang le kgwebo ya go penta o duela motho yo o mmerekelang.

^ ser. 56 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi a ka kgona go itlhokomolosa ntho e nnye. Mme gone, a o tla itlhokomolosa ntho e kgolo?