Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Dirisana Sentle le Batho ba Bangwe?

A o Dirisana Sentle le Batho ba Bangwe?

“KE NE ke le fa thoko ga gagwe ke le modiri yo o setswerere. . . . Ke ne ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.” (Diane 8:30) Temana eno e tlhalosa kafa Morwa Modimo a neng a bereka ka gone le Rraagwe ka dingwaga di le dintsi pele a tla mo lefatsheng. Gape e re bolelela gore Jesu o ne a “itumela” fa a ne a bereka le Modimo.

Fa Jesu a ne a le kwa legodimong, o ne a ithuta dinonofo tse di neng di tla mo thusa gore a kgone go dirisana le batho ba bangwe. Ka jalo, fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go dirisana sentle le batho ba bangwe. Sekao seo sa ga Jesu se ka re solegela molemo jang? Fa re sekaseka sekao sa gagwe, re ka kgona go bona melaometheo e meraro e e ka re thusang go dirisana sentle le batho ba bangwe. Melaometheo eno e tla re thusa gore re tswelele re le seoposengwe le bakaulengwe ba rona.

Nna o akantse ka sekao sa ga Jehofa le Jesu, mme o itumelele go abela badirimmogo le wena se o se itseng le maitemogelo a o nang le one

MOLAOMOTHEO 1: “TLOTLA BA BANGWE”

Motho yo o dirisanang sentle le batho ba bangwe o ikokobeditse e bile ga a batle gore batho ba mo tseele kwa godimo. Jesu o ne a ithuta boikokobetso mo go Rraagwe. Le fa Jehofa e le ene fela a tshwanelwang ke go bidiwa Mmopi, o ne a batla gore batho ba bangwe ba itse tiro e e molemo e Morwawe a e dirileng. Re bona seo mo mafokong ano a Modimo a neng a a bua: “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” (Gen. 1:26) Fa Jesu a ne a utlwa Jehofa a bua mafoko ano, o ne a itse gore Jehofa o ikokobeditse.—Pes. 18:35.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, le ene o ne a ikokobeditse. Fa batho ba ne ba mo akgolela se a neng a se dirile, o ne a lebisa pako kwa Modimong. (Mar. 10:17, 18; Joh. 7:15, 16) Jesu o ne a dira ka natla gore a dirisane ka kagiso le barutwa ba gagwe e bile o ne a ba tsaya e le ditsala e seng batlhanka. (Joh. 15:15) O ne a bo a ba tlhapisa dinao go ba ruta gore ba ikokobetse. (Joh. 13:5, 12-14) Fela jaaka ene, le rona re tshwanetse go tlotla badumedimmogo le rona go na le go dira gore dilo tse rona re di ratang di tle pele ga tse bone ba di ratang. Fa re ‘tlotla batho ba bangwe’ mme re sa tshwenyege ka gore re akgolwe, re ka kgona go fitlhelela dilo di le dintsi.—Bar. 12:10.

Gape motho yo o ikokobeditseng o a itse gore “go na le se se fitlhelelwang fa go na le bagakolodi ba bantsi.” (Diane 15:22) Go sa kgathalesege gore re na le maitemogelo kgotsa re na le bokgoni jo bo kana kang, re tshwanetse go gopola gore ga go na motho yo o itseng sengwe le sengwe. Jesu le ene o ile a tlhalosa gore go na le dilo tse a neng a sa di itse. (Math. 24:36) Gape o ne a kgatlhegela go itse gore barutwa ba gagwe ba ba neng ba sa itekanela ba akanya eng le gore ba itse eng. (Math. 16:13-16) Ke gone ka moo badirimmogo le ene ba neng ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le ene. Ka tsela e e tshwanang, fa re ikokobeditse re gopola gore ga re itse sengwe le sengwe e bile re reetsa dikakantsho tsa batho ba bangwe, re tla dira gore go nne le kagiso mme go tla ‘nna le se re se fitlhelelang.’

Go botlhokwa thata gore bagolwane ba etse tsela e Jesu a neng a le boikokobetso ka yone fa ba dira mmogo. Ba tshwanetse go gopola gore moya o o boitshepo o ka tlhotlheletsa mogolwane ope fela mo setlhopheng sa bagolwane gore a bue sengwe se se ka ba thusang gore ba dire tshwetso e e molemo. Fa bagolwane ba na le pokano, ba tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa bone o kgona go ntsha maikutlo a gagwe, mme ba dira ditshwetso mmogo gore phuthego yotlhe e kgone go solegelwa molemo.

MOLAOMOTHEO 2: “A BATHO BOTLHE BA BONE GORE GA LO TLHOGOETHATA”

Modirimmogo yo o molemo ga a tlhogoethata fa a dirisana le batho ba bangwe. Ga a tatalalele gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe. Jesu o ne a bona ka makgetlo a le mantsi gore Rraagwe o tekatekano. Ka sekai, Jehofa o ne a mo roma gore a tle go golola batho ba ba neng ba atlholetswe loso, le fa gone katlholo eo e ne e tshwanela.—Joh. 3:16.

Jesu o ne a fetofetoga le maemo fa go tlhokega kgotsa go tshwanela. Gopola gore tota le fa a ne a rometswe kwa ntlong ya Iseraele, o ne a thusa mosadi wa Mofonikia. (Math. 15:22-28) Gape o ne a sa lebelela gore barutwa ba gagwe ba dire dilo tse a neng a itse gore ba tla palelwa ke go di dira. Fa tsala ya gagwe e a neng a atamalane thata le yone e bong Petere, a ne a mo itatola mo gare ga batho, o ne a mo itshwarela. Moragonyana o ne a naya Petere maikarabelo a botlhokwa. (Luke 22:32; Joh. 21:17; Dit. 2:14; 8:14-17; 10:44, 45) Sekao sa ga Jesu se re bontsha gore re tshwanetse go letla ‘batho botlhe gore ba bone gore ga re tlhogoethata,’ ka go fetofetoga le maemo.—Bafil. 4:5.

Fa re se tlhogoethata, re tla kgona go fetofetoga le maemo mme re dirisane le batho botlhe ka kagiso. Jesu o ne a dirisana sentle le batho ba bangwe mo baba ba gagwe ba ba lefufa ba neng ba mo latofatsa ka gore ke “tsala ya bakgethisi le baleofi” ba ba neng ba reetsa molaetsa wa gagwe. (Math. 11:19) A le rona re ka dirisana mmogo le batho ba ba sa tshwaneng le rona, fela jaaka Jesu? Mokaulengwe yo o bidiwang Louis yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le molebedi wa potologo e bile a ile a direla kwa Bethele le batho ba ditso tse di farologaneng, a re: “Ke ne ke leka go bapisa batho botlhe ba ke neng ke bereka le bone le go aga lebota ka matlapa a a sa lekalekaneng. Fa o fetofetola tsela e o bayang matlapa ka yone, o ka feleletsa o agile lebota le le tlhamaletseng. Le nna ke lekile go fetola tsela e ke dirang dilo ka yone gore ke kgone go thusa gore lebota le tlhamalale.” Ruri oo ke moya o montle!

Modirimmogo yo o molemo ga a leke go nna le taolo mo go ba bangwe ka go ba fitlhela tshedimosetso e e ka ba thusang

Re ka fetofetoga le maemo jang fa re dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong ya rona? Re ka dira seo fa re bereka le setlhopha sa rona sa tshimo. Re ka nna ra bereka le baboledi ba ba nang le maikarabelo a lelapa a a sa tshwaneng le a rona kgotsa ba ba sa lekaneng le rona ka dingwaga. A re ka leka go bontsha gore re tekatekano ka go fetola tsela e re berekang ka yone, mme re rere ka tsela e bone ba e itumelelang go ba thusa gore ba kgone go itumelela bodiredi?

MOLAOMOTHEO 3: “ITUMELELE GO ABELANA”

Modirimmogo yo o molemo, o ‘itumelela go abelana’ le ba bangwe. (1 Tim. 6:18) Ka nako ya fa Jesu a ne a bereka le Rraagwe o ne a lemoga gore Jehofa o ne a sa mo fitlhele sepe. Fa Jehofa a ne a “dira magodimo,” Jesu ‘o ne a le teng,’ e bile a ithuta mo go ene. (Diane 8:27) Moragonyana Jesu le ene o ne a itumelela go abelana le barutwa ba gagwe dilo tse a di ‘utlwileng kwa go Rraagwe.’ (Joh. 15:15) Le rona re ka etsa Jehofa ka go abelana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona se re se itseng le maitemogelo a re nang le one. Ka tsela e e tshwanang, modirimmogo yo o molemo ga a leke go nna le taolo mo go ba bangwe ka go ba fitlhela tshedimosetso e e ka ba thusang kgotsa e ba tshwanetseng go e itse. O itumelela go abelana le ba bangwe se a se ithutileng.

Gape re ka kgothatsa badirimmogo le rona. A ga re itumele fa mongwe a bona matsapa a re a tsayang a bo a re leboga? Jesu o ne a ipha nako ya go akgola badirimmogo le ene ka ntlha ya dilo tse di molemo tse ba neng ba di dira. (Bapisa Mathaio 25:19-23; Luke 10:17-20.) E bile o ne a ba bolelela gore ba ne ba tla dira ditiro tse ‘dikgolo tse di fetang tsa gagwe.’ (Joh. 14:12) Mo bosigong jwa pele a bolawa o ne a akgola baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Lona ga lo ise lo ke lo ntatlhe le fa ke ne ke lebane le diteko.” (Luke 22:28) Ruri mafoko ao a gagwe a tshwanetse a bo a ile a ba kgothatsa a bo a ba tlhotlheletsa gore ba tseye kgato! Fa le rona re ipha nako ya go akgola badirimmogo le rona, ba tla itumela e bile ba tla dira ka natla.

O KA KGONA GO NNA MODIRIMMOGO YO O MOLEMO

Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Kayode a re: “Modirimmogo yo o molemo, ga se motho yo o itekanetseng, go na le moo o dira gore batho ba bangwe ba itumele e bile o ba tlhofofaletsa tiro.” A le wena o modirimmogo yo o ntseng jalo? Ke eng fa o sa kope bangwe ba Bakeresete ba o berekang le bone gore ba go bolelele gore o modirimmogo yo o ntseng jang? Fa ba itumelela go bereka le wena fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba ne ba itumelela go bereka le ene, o ka bua mafoko ano a moaposetoloi Paulo a neng a a bua: “Re dira mmogo le lona gore lo itumele.”—2 Bakor. 1:24.