Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

Reetsa Lentswe la Modisa yo o Molemo

Reetsa Lentswe la Modisa yo o Molemo

“Di tla reetsa lentswe la me.”—JOH. 10:16.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng fa Jesu a ile a tshwantsha balatedi ba gagwe le dinku?

JESU o ne a bapisa kamano e a nang le yone le balatedi ba gagwe le kamano e modisa a nang le yone le dinku tsa gagwe. (Joh. 10:14) Papiso eo e a tshwanela. Dinku di itse modisa wa tsone e bile di reetsa lentswe la gagwe. Monna mongwe o ne a iponela seo ka matlho. O ne a re: “Nna le batho ba ke neng ke tsamaya le bone, re ne re batla go tsaya dinku ditshwantsho, ka jalo re ne ra leka go di bitsa gore di re atamele. Mme ga di a ka tsa tla mo go rona ka gonne di ne di sa itse mantswe a rona. Go tswa foo, mosimanyana wa modisa o ne a tla. E rile fela fa a di bitsa, ke fa di mo sala morago.”

2-3. (a) Balatedi ba ga Jesu ba bontsha jang gore ba reetsa lentswe la gagwe? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno le mo go se se latelang?

2 Maitemogelo a re buileng ka one mo serapeng se se fetileng, a re gopotsa mafoko a Jesu a neng a a bua ka dinku tsa gagwe, e leng barutwa ba gagwe. O ne a re: “Di tla reetsa lentswe la me.” (Joh. 10:16) Mme gone, Jesu o kwa legodimong. Ka jalo re ka mo reetsa jang? Re ka mo reetsa ka go dirisa dithuto tsa gagwe mo matshelong a rona.—Math. 7:24, 25.

3 Mo setlhogong seno le mo go se se latelang, re tlile go tlotla ka dingwe tsa dithuto tsa ga Jesu. Fela jaaka re tla bona, Jesu o ne a re ruta gore re tshwanetse go tlogela go dira dilo dingwe mme re tshwanetse go dira dilo tse dingwe. Re tla simolola ka go tlotla ka dilo tse pedi tse modisa yo o molemo a re laelang gore re tlogele go di dira.

“TLOGELANG GO TLHOBAELA THATA”

4. Go ya ka Luke 12:29, ke eng se se ka dirang gore re ‘tlhobaele thata’?

4 Bala Luke 12:29. Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba ‘tlogele go tlhobaela’ ka gore a ba tla bona dilo tse ba di tlhokang. Re a itse gore ka metlha kgakololo e Jesu a re nayang yone e re tswela mosola e bile e siame. Re batla go e dirisa, le fa go ntse jalo ka dinako dingwe go thata go dira jalo. Ka ntlha yang?

5. Ke eng se se ka tswang se dira gore batho bangwe ba tshwenyege ka dilo tse ba di tlhokang?

 5 Batho bangwe ba ka tswa ba tshwenyega ka gore ba tla bona jang dijo, diaparo le lefelo le ba ka nnang mo go lone. Ba ka tswa ba nna mo nageng e mo go yone batho ba le bantsi ba humanegileng e bile go le thata go bona tiro. Go ka tswa go le thata gore ba bone madi a a lekaneng gore ba tlamele ba malapa a bone. Kgotsa gongwe motho yo o neng a tlhokomela lelapa a ka tswa a tlhokafetse, ka jalo seo se ka dira gore lelapa leo le tlhoke madi a a lekaneng a go reka dilo tse le di tlhokang. Bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19 le jone bo ka tswa bo dirile gore batho ba le bantsi ba felelwe ke tiro le lotseno. (Mor. 9:11) Fa e le gore re diragaletswe ke sengwe sa dilo tseno kgotsa re diragaletswe ke sengwe se sele, re ka dirisa jang kgakololo ya ga Jesu ya gore re tlogele go tlhobaela?

Go na le go hupediwa ke go tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang, re tshwanetse go nonotsha tsela e re ikanyang Jehofa ka yone (Bona serapa 6-8) *

6. Tlhalosa se se neng sa diragalela moaposetoloi Petere nako nngwe.

6 Nako nngwe moaposetoloi Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba le mo mokorong mo Lewatleng la Galalea, go na le phefo ya matsubutsubu mme ba ne ba bona Jesu a le mo godimo ga metsi. Petere o ne a re: “Morena, fa e le gore ke wena, ntaele gore ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metsi.” Fa Jesu a sena go raya Petere a re “tlaya,” Petere o ne a tswa mo mokorong mme “a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go Jesu.” Ela tlhoko gore go ne ga direga eng morago ga foo. “E rile a leba phefo ya matsubutsubu, o ne a boifa. Mme fa a simolola go nwela, o ne a goa a re: ‘Morena, mpoloke!’” Jesu o ne a otlolola seatla sa gagwe a bo a mo ntsha mo metsing. Go botlhokwa go gopola gore Petere o ne a kgona go tsamaya mo godimo ga metsi fa fela a ne a tswelela a lebile kwa go Jesu. Le fa go ntse jalo, e rile Petere a leba phefo ya matsubutsubu o ne a tshoga, a belaela a bo a simolola go nwela.—Math. 14:24-31.

7. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Petere?

7 Re ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Petere. Fa Petere a ne a tswa mo mokorong mme a tsena mo metsing, o ne a sa akanye gore o tla tshwenyega ka phefo ya matsubutsubu a bo a simolola go nwela. O ne a batla go tsamaya mo godimo ga metsi go fitlha a goroga kwa go Jesu. Le fa go ntse jalo, go na le gore a tswelele a lebile kwa go Jesu, o ne a simolola go tshwenyega ka phefo ya matsubutsubu. Le rona gompieno re tlhoka tumelo gore re fenye mathata, fela jaaka Petere a ne a tlhoka tumelo gore a tsamaye mo godimo ga metsi. Fa re sa tlhome mogopolo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa, tumelo ya rona e ka koafala mme ra simolola go hupediwa ke ditlhobaelo. Ka jalo, le fa re na le mathata re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go Jehofa le go tshepa gore o tla re thusa. Re ka dira seo jang?

8. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlhobaela mo go feteletseng ka dilo tse re di tlhokang?

8 Go na le gore re tlhobaele ka mathata a rona, re tlhoka go ikanya Jehofa. Gakologelwa gore Rraarona yo o lorato o re solofetsa gore fa re dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele, o tla re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang. (Math. 6:32, 33) Ka metlha Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Dute. 8:4, 15, 16; Pes. 37:25) Fa e le gore Jehofa o tlhokomela dinonyane le malômô, ga go pelaelo gore le rona ga re a tshwanela go tlhobaela ka gore re tla ja eng kgotsa re tla apara eng. (Math. 6:26-30; Bafil. 4:6, 7) Fela jaaka lorato lo tlhotlheletsa batsadi gore ba tlhokomele bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang, lorato lo tlhotlheletsa Rraarona yo o kwa legodimong gore a tlhokomele batho ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. Ruri re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re tlhokomela!

9. O ithuta eng mo maitemogelong a banyalani bangwe?

9 A re boneng maitemogelo mangwe a a bontshang kafa Jehofa a kgonang go tlhokomela batho ba gagwe ka gone ka dilo tse ba di tlhokang. Banyalani bangwe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba ne ba tsaya loeto lo lo tsayang ura ka koloi ya bone ya kgale, ba ya go tsaya bokgaitsadi bangwe ba ba nnang kwa lefelong la batshabi gore ba ye le bone kwa dipokanong. Mokaulengwe o tlhalosa jaana: “Morago ga dipokano re ne ra laletsa bokgaitsadi bano gore ba ye go ja le rona, mme re ne ra gopola gore re ne re se na dijo.” Go ne ga diragala eng? Mokaulengwe yoo a re: “Fa re fitlha kwa gae, re ne ra fitlhela dibêkê tse pedi tsa dijo di beilwe fa pele ga lebati. Re ne re sa itse gore ke mang yo o neng a di beile foo. Jehofa o ne a re tlhokometse.” Moragonyana, koloi ya banyalani bano e ne ya senyega. Ba ne ba e tlhoka gore ba kgone go ya bodireding, le fa go ntse jalo ba ne ba se na madi a go e baakanya. Ba ne ba e isa kwa lefelong la go baakanya dikoloi gore go sekasekiwe gore go ka ja bokae go e baakanya. Fa ba le koo, monna mongwe o ne a tsena a bo a botsa jaana: “Koloi eno ke ya ga mang?” Mokaulengwe o ne a tlhalosa gore ke ya gagwe le gore e tlhoka go baakanngwa. Monna yoo o ne a re: “Ga go re sepe. Mosadi wa me o batla yone koloi eno, ka one mmala ono. O batla gore ke go duele bokae?” Monna yono o ne a naya mokaulengwe madi a a lekaneng go reka koloi e nngwe. Mokaulengwe yono o ne a re: “Re ne re itumetse tota. Re ne re itse gore seno ga se a itiragalela fela. E ne e le seatla sa ga Jehofa.”

10. Pesalema 37:5 e re thusa jang gore re se ka ra tshwenyega ka dilo tse re di tlhokang?

10 Ga re belaele gore fa re reetsa modisa yo o molemo e bile re tlogela go tlhobaela thata ka dilo tse re di tlhokang, Jehofa o tla re tlamela. (Bala Pesalema 37:5; 1 Pet. 5:7) Akanya ka maemo a re tlotlileng ka one mo  serapeng sa botlhano. Go tla go fitlha jaanong, Jehofa a ka tswa a ne a dirisa ditlhogo tsa malapa kgotsa bathapi go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. Fa tlhogo ya lelapa e sa tlhole e kgona go tlamela lelapa kgotsa fa re latlhegelwa ke tiro, Jehofa o tla re tlhokomela ka tsela nngwe. Re ka tlhomamisega gore o tla re tlamela. A jaanong re tlotle ka sengwe gape se modisa yo o molemo a re rotloetsang gore re tlogele go se dira.

“TLOGELANG GO ATLHOLA”

Re ka tlogela go atlhola batho ba bangwe fa re tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo (Bona serapa 11, 14-16) *

11. Go ya ka Mathaio 7:1 le 2, ke eng se Jesu a reng re tlogele go se dira, mme ke ka ntlha yang fa seo e ka nna kgwetlho?

11 Bala Mathaio 7:1, 2Jesu o ne a itse gore batho ba ba mo reeditseng ke batho ba ba nang le boleo le gore gantsi ba tlhoma mogopolo mo diphosong tsa batho ba bangwe. Ke gone ka moo a neng a re: “Tlogelang go atlhola.” Le fa gone re ka leka ka natla gore re se ka ra atlhola badumedimmogo le rona, ka dinako dingwe re a palelwa. Fa go direga gore re atlhole batho ba bangwe, re tshwanetse go dira eng? Reetsa se Jesu a se buang mme o leke ka natla go tlogela go atlhola batho ba bangwe.

12-13. Sekao sa ga Jehofa se re thusa jang gore re tlogele go atlhola batho ba bangwe?

12 Re ka solegelwa molemo ke go akanya ka sekao sa ga Jehofa. O tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse batho ba di dirang. Re bona seno mo tseleng e a ileng a dirisana le Kgosi Dafide ka yone fa a ne a dirile diphoso tse di masisi. Ka sekai, Dafide o ne a dira boaka le Bathesheba a bo a dira gore monna wa gagwe a bolawe. (2 Sam. 11:2-4, 14, 15, 24) Seo ga se a ka sa utlwisa Dafide fela botlhoko, mme gape se ne sa utlwisa lelapa la gagwe lotlhe botlhoko mmogo le basadi ba bangwe ba gagwe. (2 Sam. 12:10, 11) Nako nngwe, Dafide o ne a bontsha gore ga a ikanye Jehofa ka botlalo fa a ne a laela gore go kwadisiwe batho ba ba tla nnang masole mo Iseraele. A ka tswa a ne a dira seno ka gonne a ne a ikgogomosa e bile a tshepa gore o na le masole a mantsi a a ka mo sireletsang. Seo se ne sa felela ka eng? Baiseraele ba ka nna 70 000 ba ne ba bolawa ke bolwetse jwa leroborobo.—2 Sam. 24:1-4, 10-15.

13 Fa o ka bo o nna kwa Iseraele ka nako eo, o ne o tla leba Dafide jang? A o ne o ka akanya gore Jehofa ga a tshwanela go mo itshwarela? Jehofa ga a ka a akanya jalo. O ne a tlhoma mogopolo mo tseleng e Dafide a neng a ikanyega ka yone botshelo jotlhe jwa gagwe le gore o ne a ikwatlhaya. Ka jalo, o ne a itshwarela Dafide maleo ao a a masisi. Jehofa o ne a itse gore Dafide o mo rata thata le gore o ne a batla go dira se se mo itumedisang. Ruri re leboga gore Jehofa o tlhoma mogopolo mo ditirong tsa rona tse di molemo le mo boitsholong jwa rona jo bo siameng!—1 Dikg. 9:4; 1 Ditir. 29:10, 17.

14. Ke eng se se thusitseng Bakeresete gore ba tlogele go atlhola batho ba bangwe?

14 E re ka Jehofa a sa tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona, le rona ga re a tshwanela go tlhoma mogopolo mo diphosong tsa batho ba bangwe, mme re tshwanetse go batla se se molemo mo go bone. Go motlhofo go bona makoa a batho ba bangwe le go ba tshwaya diphoso. Le fa go ntse jalo, motho yo o etsang Jehofa o kgona go dirisana le batho ba bangwe le fa a lemoga gore ba na le makoa. Fa teemane e ntshiwa mo mmung ga e ntle, mme motho yo o nang le temogo o a itse gore e tla nna tlhwatlhwakgolo fa e setse e phepafaditswe. Fela jaaka Jehofa le Jesu ga re a tshwanela go tlhoma mogopolo mo diphosong tsa batho ba bangwe, go na le moo re tshwanetse go lebelela dinonofo tsa bone tse di molemo.

15. Go akanya ka boemo jwa batho ba bangwe go ka re thusa jang gore re se ka ra ba atlhola?

15 Kwantle ga go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse batho ba bangwe ba nang le tsone, ke eng gape se se ka re thusang gore re se ka ra ba atlhola? Re ka leka go itsenya mo ditlhakong tsa bone. Akanya ka sekai seno. Letsatsi lengwe kwa tempeleng, Jesu o ne a bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a tsenya madi a mabedi a tshipi a boleng jo bo kwa tlase mo letloleng la matlotlo. Ga a ka a botsa jaana: “Goreng a ntshitse madi a mannye jaana?” Go na le gore Jesu a tlhome mogopolo mo mading a motlholagadi yoo a a ntshitseng o ne a akanya ka lebaka la go bo a ntshitse madi ao le maemo a gagwe, mme a mo akgola ka gonne a dirile sotlhe se a neng a ka se kgona.—Luke 21:1-4.

16. O ka ithuta eng mo maitemogelong a ga Veronica?

16 Maitemogelo a ga Veronica a tla re thusa go bona lebaka la go bo go le botlhokwa gore se itsenye mo ditlhakong tsa batho ba bangwe. O ne a le mo phuthegong e go neng go na le kgaitsadi yo o neng a godisa morwawe a le nosi. Veronica a re: “Ke ne ke akanya gore ga ba ye dipokanong le bodireding ka metlha. Ka jalo, ke ne ke sa ba lebe sentle. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe ke ne ka bereka le kgaitsadi yoo mo bodireding. O ne a mpolelela gore morwawe o na le bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bidiwang autism. O ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore ba nne le dilo tse ba di tlhokang le gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa. O ne a tle a ye dipokanong kwa phuthegong e nngwe ka gonne morwawe a sa tsoga sentle. Ke ne ke sa itse gore botshelo jwa gagwe bo thata jalo. Gone jaanong, ke rata kgaitsadi yono fela thata e bile ke a mo tlotla ka ntlha ya sotlhe se a se dirang gore a kgone go direla Jehofa.”

17. Jakobe 2:8 e re laela gore re dire eng, mme re ka dira seo jang?

17 Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re ne re atlhola modumedimmogo le rona? Gopola gore re tshwanetse go rata bakaulengwe ba rona. (Bala Jakobe 2:8.) Gape re tshwanetse go rapela Jehofa ka tlhoafalo re mo kopa gore a re thuse gore re tlogele go atlhola batho ba bangwe. Fa re sena go dira jalo, re ka leka ka natla go fetsa nako le motho yo re neng re mo atlhola. Seo se ka re thusa gore re mo itse botoka. Re ka nna ra mo kopa gore a bereke le rona mo tshimong kgotsa ra mo laletsa gore a tle go ja le rona. Fa re ntse re tlwaela mokaulengwe wa rona re ka nna ra leka go etsa sekao sa ga Jehofa le Jesu ka go leba dilo tse di molemo mo go ene. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re reetsa taelo ya modisa yo o molemo ya gore re tlogele go atlhola ba bangwe.

18. Re ka bontsha jang gore re reetsa lentswe la modisa yo o molemo?

18 Fela jaaka dinku di reetsa lentswe la modisa wa tsone, balatedi ba ga Jesu le bone ba reetsa lentswe la gagwe. Fa re leka ka natla gore re se ka ra tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang le gore re se ka ra atlhola batho ba bangwe, Jehofa le Jesu ba tla segofatsa maiteko a rona. Go sa kgathalesege gore re karolo ya “letsomanyane” kgotsa ya “dinku tse dingwe,” e kete re ka tswelela re reetsa lentswe la modisa yo o molemo e bile re le ikobela. (Luke 12:32; Joh. 10:11, 14, 16) Mo setlhogong se se latelang, re tlile go tlotla ka dilo tse pedi tse Jesu a neng a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go di dira.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

^ ser. 5 Fa Jesu a ne a re dinku tsa gagwe di ne di tla reetsa lentswe la gagwe, o ne a raya gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla reetsa dilo tse a neng a di ruta, ba bo ba di dirisa mo matshelong a bone. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse pedi tse di tlhomologileng tse Jesu a neng a di ruta, e leng go tlogela go tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang le go tlogela go atlhola batho ba bangwe. Re tlile go bona gore re ka dirisa kgakololo eo ya gagwe jang.

^ ser. 51 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe o feletswe ke tiro, ga a na madi a a lekaneng gore a rekele ba lelapa la gagwe dijo e bile o tshwanetse go batla lefelo le lengwe le ba tla nnang mo go lone. Fa a se kelotlhoko, a ka tlhobaela mme kobamelo ya ga Jehofa ya se ka ya tla pele mo botshelong jwa gagwe.

^ ser. 53 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe o goroga thari kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, re kgona go bona gore o na le dinonofo tse di molemo ka gonne o rera a se mo bodireding, o thusa motho yo o godileng e bile o phepafatsa kwa Holong ya Bogosi.