Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile ditlhogo tsa ngwaga ono tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Leka go bona gore a o ka kgona go araba dipotso tseno:

Jakobe 5:11 e re tlhomamisetsa eng fa e re Jehofa o ‘pelonomi tota mo go bontsheng lorato’ e bile “o kutlwelobotlhoko”?

Re a itse gore Jehofa o a re itshwarela fa re dirile diphoso ka gonne o re utlwela botlhoko. Gape Jakobe 5:11 e re tlhomamisetsa gore Jehofa o a re rata e bile o batla go re thusa. Re tla bo re dira sentle fa re mo etsa.—w21.01, ts. 21.

Goreng Jehofa a dirile gore go nne le thulaganyo ya botlhogo?

O dirile jalo ka gonne a rata batho. Thulaganyo eo e dira gore batho ba ga Jehofa ba dirisane ka kagiso le gore dilo di tsamaye sentle. Fa mongwe le mongwe mo lelapeng a ikobela thulaganyo eo o a itse gore ke mang yo o tshwanetseng go dira ditshwetso le gore ke mang yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore ditshwetso tseo di a diragadiwa.—w21.02, ts. 3.

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba dirisa di-app tsa go romelelana melaetsa?

Fa motho a tlhopha go dirisa di-app tseo, o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o romelelana melaetsa le bomang. Seo se ka nna thata fa a romelelana melaetsa le setlhopha se segolo sa batho. (1 Tim. 5:13) Dikotsi tse dingwe ka di-app tseno ke gore di ka dirisiwa go romelela bakaulengwe le bokgaitsadi melaetsa ya dikgang tsa kgwebo, e bile di ka dirisiwa go anamisa dikgang tse go se nang bosupi jwa tsone.—w21.03, ts. 31.

Mangwe a mabaka a go bo Modimo a letlile gore Jesu a boge le gore a swe ke afe?

Lebaka la ntlha ke gore Jesu o ne a tlhoka go pegiwa mo koteng gore a golole Bajuda mo phutsong e ba neng ba lebane le yone. (Bagal. 3:10, 13) Lebaka la bobedi ke gore Jehofa o ne a katisetsa Jesu nako ya fa e tla bo e le Moperesiti yo Mogolo. Mme lebaka la boraro ke gore fa Jesu a ne a ikanyega go fitlha a swa o ne a bontsha gore batho ba ka kgona go ikanyega le fa ba lekiwa setlhogo. (Jobe 1:9-11)—w21.04, ts. 16-17.

O ka dira eng fa o sa fitlhele batho kwa magaeng a bone fa o le mo bodireding?

O ka leka go ba etela ka nako e ba leng teng ka yone kwa magaeng a bone. O ka leka go rera kwa mafelong a a farologaneng. E bile o ka dirisa mekgwa e e farologaneng ya go rera, e e jaaka go kwala makwalo.—w21.05, ts. 15-16.

Moaposetoloi Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re: Ka molao ke ne ka swa malebana le molao”? (Bagal. 2:19)

Molao wa ga Moshe o ne o dira gore go bonale gore batho ba na le boleo, e bile o ne o isa Baiseraele kwa go Keresete. (Bagal. 3:19, 24) Seo se ne sa dira gore Paulo a amogele Keresete. Ka jalo, Paulo o ne a “swa malebana le molao” ka gonne o ne a sa tlhole a laolwa ke molao.—w21.06, ts. 31.

Jehofa o re tlhometse sekao sefe se se molemo sa go itshoka?

Jehofa o itshoketse go nyadiwa ga leina la gagwe, go bo ba le bantsi ba le kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe, go tlhanogelwa ke bangwe ba bana ba gagwe, maaka a ga Satane, go boga ga batlhanka ba gagwe ba a ba ratang, go tlhokafalelwa ke ditsala tsa gagwe, go bo batho ba ba bosula ba utlwisa batho ba bangwe botlhoko, go bo boitsholo jo bo maswe bo ntse bo anama le go senngwa ga popo ya gagwe.—w21.07, ts. 9-12.

Josefa o ne a tlhoma sekao sefe sa go nna pelotelele?

O ne a itshoka fa bomogolowe ba ne ba sa mo tshware sentle. Moragonyana o ne a latofadiwa ka maaka a bo a tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le dintsi kwa Egepeto.—w21.08, ts. 12.

Hagai 2:6-9, 20-22 e bolelela pele go reketlisiwa gofe?

Ditšhaba ga di amogele molaetsa wa Bogosi fa di rerelwa, le fa go ntse jalo batho ba le bantsi ba amogela molaetsa wa boammaaruri. Go ise go ye kae, ditšhaba di tla reketlisiwa la bofelo fa di fedisiwa.—w21.09, ts. 15-19.

Goreng re sa tshwanela go ineela fa re rera?

Jehofa o bona se re se dirang ka natla e bile o a se itumelela. Fa re sa lese go dira se se molemo e bile re sa lape, re tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—w21.10, ts. 25-26.

Lefitiko kgaolo 19 e re thusa jang go dirisa kgakololo e e reng: “Nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona”? (1 Pet. 1:15)

Temana eo e ka tswa e nopotse Lefitiko 19:2. Kgaolo 19 e re naya dikai tse dintsi tse di re bontshang kafa re ka dirisang ka gone mafoko a a mo go 1 Petere 1:15 mo botshelong jwa rona.—w21.12, ts. 3-4.