Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlhoo le Dira Gore Batho Botlhe ba Boge

Letlhoo le Dira Gore Batho Botlhe ba Boge

Letlhoo le aname mo lefatsheng lotlhe.

Mo dikgannyeng re utlwa thata ka batho ba ba tlhoaneng. Ka sekai, batho bao ba dirisa Internet e bile ba romelelana makwalo go bontsha gore ba tlhoile ba bangwe. Gape batho ba le bantsi ba a tlhaolwa, ba a rogiwa, ba a tshosediwa e bile ba a senyediwa. Letlhoo le gongwe le gongwe!

Makasine ono o tlhalosa gore letlhoo le ka fedisiwa jang. Ga o bue ka ditoro fela mme o bua ka sengwe sa mmatota se se tla nnelang ruri e bile se tla diragala mo lefatsheng lotlhe.