Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 8

A Kgakololo E o E Nayang Mongwe e “Itumedisa Pelo”?

A Kgakololo E o E Nayang Mongwe e “Itumedisa Pelo”?

“Leokwane le maswalo di itumedisa pelo; go ntse jalo le ka botsala jo bo molemo jo bo nnang gone ka ntlha ya kgakololo e e tswang pelong.”—DIANE 27:9.

PINA 102 ‘Thusang ba ba Bokoa’

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ke eng se mokaulengwe mongwe a se ithutileng ka go naya kgakololo?

 MO DINGWAGENG tse dintsi tse di fetileng, bagolwane ba babedi ba ne ba etela kgaitsadi mongwe yo a neng a na le lobaka lo loleele a sa ye dipokanong. Mongwe wa bagolwane bao o ne a balela kgaitsadi yoo ditemana tse di bontshang gore go botlhokwa go ya dipokanong. Mokaulengwe yoo o ne a ithaya a re o kgothaditse kgaitsadi mme fa ba tsamaya kgaitsadi yoo o ne a ba raya a re: “Ga lo tlhaloganye mathata a ke nang le one.” Bakaulengwe bao ba ne ba naya kgaitsadi kgakololo ba sa mmotsa ka mathata a a nang le one. Ka jalo, kgakololo ya bone ga e a ka ya solegela kgaitsadi yoo molemo.

2 Mogolwane yo o neng a balela kgaitsadi ditemana a re: “Ka nako eo ke ne ke akanya gore o lonyatso. Mme moragonyana fa ke ipha nako ya go akanya ka se a se buileng, ke ne ka lemoga gore go na le gore ke mmalele ditemana, ke tshwanetse nka bo ke ile ka mmotsa dipotso tse di jaaka, ‘Go ntse go ya jang?’ ‘A go na le sengwe se nka go direlang sone?’” Mokaulengwe yoo o ne a ithuta thuto ya botlhokwa mo go se se diragetseng. Gone jaanong ke mogolwane yo o akanyetsang le yo o kutlwelobotlhoko.

3. Ke bomang ba ba ka nayang ba bangwe kgakololo mo phuthegong?

 3 E re ka bagolwane e le badisa, ba na le maikarabelo a go naya ba bangwe kgakololo fa go tlhokega. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe bangwe mo phuthegong le bone ba ka nna ba tshwanelwa ke go naya ba bangwe kgakololo. Ka sekai, mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ka naya tsala ya gagwe kgakololo e e tswang mo Baebeleng. (Pes. 141:5; Diane 25:12) Kgotsa kgaitsadi yo o godileng a ka ‘gakolola basadi ba basha’ ka dilo tse go buiwang ka tsone mo go Tito 2:3-5. E bile ke boammaaruri gore batsadi ba tlhoka go nna ba naya bana ba bone kgakololo. Ka jalo, le fa setlhogo seno se kwaletswe bagolwane, rotlhe re ka solegelwa molemo ke go sekaseka ditsela tse ka tsone re ka nayang ba bangwe kgakololo e e utlwalang le e e kgothatsang e bile e le e e tla ‘itumedisang pelo.’—Diane 27:9.

4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso di le nnê tsa kafa o ka nayang kgakololo ka gone: (1) Re na le lebaka lefe la go naya batho ba bangwe kgakololo? (2) A kgakololo eo e a tlhokega? (3) Ke mang yo o tshwanetseng go naya ba bangwe kgakololo? (4) Re ka naya ba bangwe kgakololo e e ka ba tswelang mosola jang?

RE NA LE LEBAKA LEFE LA GO NAYA BATHO BA BANGWE KGAKOLOLO?

5. Fa mogolwane a naya kgakololo ka lorato, goreng go ka nna motlhofo gore ba bangwe ba e amogele? (1 Bakorintha 13:4, 7)

5 Bagolwane ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Ka dinako dingwe ba bontsha gore ba rata mongwe ka go mo naya kgakololo fa ba bona gore o tsaya tsela nngwe e e phoso. (Bagal. 6:1) Le fa go ntse jalo, pele mogolwane a bua le mongwe a ka sekaseka se moaposetoloi Paulo a neng a re motho yo o lorato o tshwanetse go se dira. O ne a re: “Motho yo o lorato o pelotelele e bile o pelonomi. . . . O emelana le dilo tsotlhe, o dumela dilo tsotlhe, o solofela dilo tsotlhe, o itshokela dilo tsotlhe.” (Bala 1 Bakorintha 13:4, 7.) Fa mogolwane a akanyetsa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo kwa teng, seno se tla mo thusa gore a kgone go naya ba bangwe kgakololo ka tsela e e lorato. Mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o gakololwang o tla amogela kgakololo eo fa a lemoga gore mogolwane o amegile thata ka ene.—Bar. 12:10.

6. Ke sekao sefe se se molemo se moaposetoloi Paulo a ileng a se tlhomela bagolwane?

6 Moaposetoloi Paulo e ne e le mogolwane yo o tlhomang sekao se se molemo. Ka sekai, fa a ne a le kwa Thesalonika o ne a naya bakaulengwe ba koo kgakololo fa ba ne ba e tlhoka. Le fa go ntse jalo, mo makwalong a Paulo a neng a ba kwalela one o ne a simolola ka go ba akgolela tiro e ba neng ba e dira ka boikanyegi le ka lorato le boitshoko jwa bone. Gape o ne a akanya ka maemo a bone a bo a ba bolelela gore o a itse gore botshelo jwa bone ga bo motlhofo le gore ba itshokile ka boikanyegi le fa ba bogisiwa. (1 Bathes. 1:3; 2 Bathes. 1:4) O ile a ba bolelela gore ba tlhomela Bakeresete ba bangwe sekao se sentle. (1 Bathes. 1:8, 9) Ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota fa ba utlwa tsela e e molemo e Paulo a neng a ba akgola ka yone. Tota go ne go bonala gore Paulo o rata bakaulengwe ba gagwe fela thata. Ke gone ka moo a ileng a kgona go naya Bakeresete ba kwa Thesalonika kgakololo e e neng ya ba tswela mosola e e mo makwalong a mabedi a a ileng a ba kwalela one.—1 Bathes. 4:1, 3-5, 11; 2 Bathes. 3:11, 12.

7. Ke eng se se ka dirang gore motho a se ka a amogela kgakololo?

7 Go ka direga eng fa re sa neye batho ba bangwe kgakololo ka tsela e e molemo? Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo a re: “Batho bangwe ga ba amogele kgakololo e se ka gonne go na le sengwe se se phoso ka yone, mme e le ka gonne motho yo o neng a ba naya kgakololo a sa dira jalo ka lorato.” Re ithuta eng mo go seno? Go motlhofo go amogela kgakololo fa motho yo o go nayang yone a go bontsha gore o a go rata e bile a sa tseege maikutlo.

A KGAKOLOLO E O E NAYANG MONGWE E A TLHOKEGA?

8. Mogolwane a ka ipotsa dipotso dife pele a ka gakolola mongwe?

8 Bagolwane ga ba a tshwanela go itlhaganelela go naya mongwe kgakololo. Pele mogolwane a bua le mongwe o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke tlhoka go naya motho yono kgakololo? A tota se a se dirang se phoso? A Baebele e a re se a se dirang se phoso? Kgotsa a se a se dirang se farologane le se nna ke neng ke tla se dira?’ Go tla bo go le molemo gore bagolwane ba se ka ba ‘itlhaganelela go bua.’ (Diane 29:20) Mogolwane a ka botsa mogolwane yo mongwe gore a tota motho yoo o dirile sengwe se se sa dumalaneng le Dikwalo le gore a ba ka mo gakolola.—2 Tim. 3:16, 17.

9. Re ithuta eng mo go Paulo ka go naya ba bangwe kgakololo ka go apara le go ipaakanya? (1 Timotheo 2:9, 10)

9 Akanya ka sekai seno. A re re mogolwane o tshwenyegile ka tsela e Mokeresete mongwe a aparang le go ipaakanya ka yone. Mogolwane a ka ipotsa gore, ‘A ke na le lebaka le le theilweng mo Dikwalong la gore ke mo gakolole?’ E re ka mogolwane a sa batle go naya motho yo mongwe kgakololo go ya ka se ene a se akanyang, a ka botsa mogolwane yo mongwe kgotsa Mokeresete yo mongwe yo o nang le maitemogelo gore ene o akanya eng. Ba ka leba kgakololo ya ga Paulo e e buang ka go apara le go ipaakanya. (Bala 1 Timotheo 2:9, 10.) Paulo o ne a tlhalosa melaometheo e Mokeresete a tshwanetseng go e akanyetsa fa a tlhopha diaparo le gore o tshwanetse go tlhomamisa gore di rulagantswe sentle, di a tlotlega le gore di akanyeditswe sentle. Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a baya melao ya gore motho o tshwanetse go apara eng kgotsa ga a tshwanela go apara eng. Mokeresete a ka itlhophela se a batlang go se apara fa fela se se kgatlhanong le melaometheo ya Dikwalo. Fa bagolwane ba akanyetsa gore a ba tla naya mongwe kgakololo kgotsa nnyaa, ba tshwanetse go ipotsa gore a tsela e motho yoo a aparang ka yone e rulagantswe sentle le gore a e akanyeditswe sentle.

10. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola ka ditshwetso tse batho ba bangwe ba di dirang?

10 Go botlhokwa gore re gakologelwe gore bakaulengwe ba babedi ba ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng mme di siame tsotlhe. Ga re a tshwanela go pateletsa bakaulengwe go dira se re akanyang gore se siame.—Bar. 14:10.

KE MANG YO O TSHWANETSENG GO NAYA BA BANGWE KGAKOLOLO?

11-12. Fa mongwe a tlhoka go newa kgakololo, ke dipotso dife tse mogolwane a ka ipotsang tsone, mme ka ntlha ya eng?

11 Fa go bonala sentle gore mongwe o tlhoka kgakololo, potso e re tshwanetseng go ipotsa yone ke gore, Ke mang yo o tshwanetseng go naya motho yoo kgakololo? Pele ga mogolwane a ka naya kgaitsadi yo o nyetsweng kgotsa ngwana kgakololo, a ka buisana le tlhogo ya lelapa, ka gonne gongwe tlhogo ya lelapa a ka tlhopha gore e nne ene a rarabololang kgang eo. * Kgotsa a ka kopa go nna gone fa mogolwane a ba naya kgakololo. Mme jaaka re bone mo  serapeng sa boraro, mo maemong a mangwe, go molemo gore kgaitsadi yo o godileng e nne ene a nayang kgaitsadi yo mosha kgakololo.

12 Go na le selo se sengwe gape se mogolwane a tshwanetseng go se akanyetsa. A ka ipotsa gore, ‘A ke nna ke tshwanetseng o naya mongwe kgakololo, kgotsa go ka nna molemo gore a e newe ke motho yo mongwe?’ Ka sekai, go ka nna motlhofo gore motho yo o nang le bothata jwa go inyatsa a amogele kgakololo mo mogolwaneng yo o neng a na le bothata joo. Gongwe mogolwane yo o neng a na le bothata joo a ka tlhaloganya motho yoo botoka mme a ka bua sengwe se se ka mo thusang. Le fa go ntse jalo, bagolwane botlhe ba na le maikarabelo a go kgothatsa le go rotloetsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba dire diphetogo tse Baebele e reng ba tshwanetse go di dira. Ka jalo, tota le fa mogolwane a sa nna le bothata jo mongwe a nang le jone, go botlhokwa gore a mo neye kgakololo.

RE KA NAYA BA BANGWE KGAKOLOLO E E KA BA TSWELANG MOSOLA JANG?

Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go nna “bonako go utlwa”? (Bona serapa 13-14)

13-14. Ke eng fa go le botlhokwa gore mogolwane a reetse?

13 Ikemisetse go reetsa. Fa mogolwane a ipaakanyetsa go naya mongwe kgakololo, o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke itse maemo a mokaulengwe wa me a leng mo go one? Go direga eng mo botshelong jwa gagwe? A a ka tswa a na le mathata a ke sa itseng ka one? Ke eng se a se tlhokang thata gone jaanong?’

14 Molaomotheo o o mo go Jakobe 1:19 o bua le batho ba ba nayang ba bangwe kgakololo. Jakobe o ne a re: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go galefa.” Mogolwane a ka nna a akanya gore o itse sengwe le sengwe se se diregang mo botshelong jwa motho yoo, mme gone a mme tota o a itse? Diane 18:13 e re gakolola jaana: “Fa ope fela a fetola kgang pele ga a utlwa dintlha tsa yone, seo ke boeleele le matlhabisaditlhong.” Go botlhokwa gore o kope motho yoo gore a go tlhalosetse se se diregang mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo, o tshwanetse go reetsa pele o bua. Gakologelwa se mogolwane yo re buileng ka ene fa setlhogo seno se simologa a ileng a se ithuta. O ile a lemoga gore go na le gore a bue ka dintlha tse a di baakanyeditseng a ka bo a ile a botsa kgaitsadi yoo dipotso tse di jaaka: “Go ntse go ya jang?” “A go na le sengwe se nka go direlang sone?” Fa bagolwane ba ipha nako ya go itse gore go direga eng mo matshelong a bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba tla kgona go ba thusa le go ba kgothatsa.

15. Bagolwane ba ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Diane 27:23?

15 Itse letsomane. Jaaka re bone kwa tshimologong, go naya motho kgakololo e e ka mo tswelang mosola, ga go reye fela go mmalela ditemana di le mmalwa kgotsa go mo naya dikakantsho dingwe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwanetse go lemoga gore re amega ka bone, re tlhaloganya maemo a bone le gore re batla go ba thusa. (Bala Diane 27:23.) Bagolwane ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone.

Ke eng se se tla dirang gore go nne motlhofo gore bagolwane ba neye ba bangwe kgakololo? (Bona serapa 16)

16. Ke eng se se tla thusang bagolwane gore ba neye ba bangwe kgakololo e e tla ba tswelang mosola?

16 Bagolwane ga ba batle gore bakaulengwe ba bone ba akanye gore ba bua le bone fela fa ba ba naya kgakololo. Go na le moo, ba bua le bone ka metlha e bile fa ba nna le mathata ba ba bontsha gore ba amega ka bone. Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo a re: “Fa o dira jalo, o tla atamalana le bone. Ka jalo, go tla nna motlhofo gore o ba neye kgakololo fa o tlhoka go dira jalo.” E bile go tla nna motlhofo gore motho yo o newang kgakololo a e amogele.

Ke eng fa mogolwane a tshwanetse go nna pelotelele le go nna pelonomi fa a naya ba bangwe kgakololo? (Bona serapa 17)

17. Mogolwane o tlhoka go nna pelotelele le go nna pelonomi leng thata?

17 Nna pelotelele o bo o nne pelonomi. Go tlhokega bopelotelele le bopelonomi thata fa kwa tshimologong motho a sa batle go dirisa kgakololo e e tswang mo Baebeleng. Mogolwane ga a tshwanela go galefa fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a sa amogele kgakololo e a mo nayang yone kgotsa a sa e dirise. Baebele e bua jaana ka Jesu: “Ga a kitla a tšhwetlakanya lotlhaka lope lo lo obegileng, e bile ga a kitla a tima mogala ope o o kuang mosi.” (Math. 12:20) Ka jalo, fa mogolwane a rapela a le nosi, a ka kopa Jehofa gore a thuse motho yoo yo o tlhokang kgakololo gore a bone lebaka la go bo a e tlhoka le gore a e dirise. Mokaulengwe yoo a ka tswa a tlhoka nako ya gore a akanye ka kgakololo e a e neilweng. Fa mogolwane a le pelotelele e bile a le pelonomi, go tla nna motlhofo gore motho yo a mo nayang kgakololo a reetse kgakololo eo. Gone ke boammaaruri gore ka metlha kgakololo e tshwanetse go tswa mo Lefokong la Modimo.

18. (a) Re tshwanetse go gopola eng ka kgang ya go naya ba bangwe kgakololo? (b) Jaaka re bona mo setshwantshong se se mo lebokosong, batsadi ba tlotla ka eng?

18 Ithute mo diphosong tsa gago. E re ka re na le boleo, ga re ka ke ra kgona go dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seno ka botlalo. (Jak. 3:2) Re tlile go dira diphoso, mme fa re di dira re tshwanetse go leka ka natla go ithuta mo go tsone. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba lemoga gore re a ba rata, go tla nna motlhofo gore ba re itshwarele fa re dira sengwe kgotsa re bua sengwe se se ba kgopisang.—Bona le lebokoso le le reng, “ Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi.”

RE ITHUTILE ENG?

19. Ke eng se re ka se dirang gore re itumedise pelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

19 Jaaka re bone, ga go motlhofo go naya ba bangwe kgakololo e e ka ba tswelang mosola. Re na le boleo e bile batho ba re ba nayang kgakololo le bone ba na le boleo. Gakologelwa melaometheo e re tlotlileng ka yone mo setlhogong seno. Tlhomamisa gore o na le lebaka le le utlwalang la go naya mongwe kgakololo. Gape ipotse gore a go a tlhokega gore o gakolole mongwe le gore a go ka nna botoka gore a gakololwe ke motho yo mongwe. Pele o naya mongwe kgakololo, mmotse dipotso mme o mo reetse ka tlhoafalo gore o utlwe gore o na le mathata afe. Leka go itsenya mo ditlhakong tsa gagwe. Nna bonolo mme o atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Gakologelwa mokgele ono wa rona: Re batla gore kgakololo e re e nayang ba bangwe e ba tswele mosola le gore e ba ‘itumedise pelo.’—Diane 27:9.

PINA 103 Badisa—Dimpho Tse di Molemo

^ ser. 5 Ga se ka metlha go leng motlhofo go naya motho yo mongwe kgakololo. Mme fa re tlhoka go dira jalo, ke eng se re ka se dirang gore kgakololo e re e nayang motho yo mongwe e mo kgothatse e bo e mo thuse? Setlhogo seno se tla thusa bagolwane gore ba neye ba bangwe kgakololo ka tsela e e tla dirang gore ba batle go e reetsa le go e dirisa.

^ ser. 11 Bala setlhogo se se reng, “Taolo e Bagolwane ba Nang le Yone mo Phuthegong” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2021.