Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 9

Etsa Jesu ka go Thusa ba Bangwe

Etsa Jesu ka go Thusa ba Bangwe

“Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.”DIT. 20:35.

PINA 17 “Ke a Batla”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se se molemo se batho ba ga Jehofa ba se dirang?

 BAEBELE ga e bolo go bolelela pele gore batho ba ga Jehofa “ba tla ithaopa ka go rata” gore ba mo direle ba kaelwa ke Morwawe. (Pes. 110:3) Boporofeti jono bo a diragadiwa gompieno. Ngwaga le ngwaga batlhanka ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng ba fetsa diura di le dimilione ba rera. Ga ba duelelwe go dira tiro eno, mme ba dirisa ditshenyegelo tsa bone. Gape ba ipha nako ya go thusa bakaulengwe ba bone ka dilo tse ba di tlhokang, go ba kgothatsa le go nonotsha tsela e ba ratang Jehofa ka yone. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba fetsa diura di le dintsi ba baakanyetsa dikabelo tse ba nang le tsone kwa dipokanong le go etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone gore ba ba kgothatse. Goreng batho ba ga Jehofa ba dira tiro eno? Ka gonne ba rata Jehofa le baagelani ba bone.—Math. 22:37-39.

2. Go ya ka Baroma 15:1-3, Jesu o re tlhometse sekao sefe?

2 Jesu o ne a bontsha gore o amegile thata ka dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang e seng tse ene a di tlhokang. Re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re etse sekao sa gagwe. (Bala Baroma 15:1-3.) Go dira jalo go tla re solegela molemo. Jesu o ne a re: “Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.”—Dit. 20:35.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tla bona dilo dingwe tse Jesu a neng a di dira go thusa ba bangwe e bile re tla sekaseka gore re ka etsa sekao sa gagwe jang. Gape re tla bona gore re ka dira jang gore re ikemisetse go thusa ba bangwe mo go oketsegileng.

ETSA SEKAO SA GA JESU

Le fa Jesu a ne a lapile, o ne a dira eng fa batho ba bantsi ba ne ba ya kwa go ene? (Bona serapa 4)

4. Jesu o ne a bontsha jang gore dilo tse batho ba bangwe ba neng ba di tlhoka di ne di tla pele ga tse ene a di tlhokang?

4 Jesu o ne a thusa ba bangwe tota le fa a ne a lapile. Akanya ka se Jesu a ileng a se dira fa batho ba le bantsi ba ne ba ya kwa go ene fa a ne a le kwa thabeng gongwe gaufi le Kaperenama. Jesu o ne a feditse bosigo jotlhe a rapela. O tshwanetse a bo a ne a lapile tota, mme fa a bona batho bao ba bantsi, o ne a tlhomogela ba ba humanegileng le ba ba lwalang pelo. O ne a ba fodisa a bo a neela nngwe ya dipuo tse di kgothatsang thata, e e itsegeng e le Thero ya Kwa Thabeng.—Luke 6:12-20.

Re ka etsa Jesu jang ka go thusa batho ba bangwe? (Bona serapa 5)

5. Ditlhogo tsa malapa di bontsha jang gore di latela sekao sa ga Jesu sa go bontsha lorato le fa ba lapile?

5 Ditlhogo tsa malapa di etsa sekao sa ga Jesu jang? Akanya ka sekai seno: Tlhogo ya lelapa o goroga kwa gae a lapile morago ga tiro. Seo se dira gore a akanye gore lelapa la gagwe le se ka la tshwara Kobamelo ya Lelapa mo maitseboeng ao, le fa go ntse jalo o kopa Jehofa gore a mo neye maatla a gore a kgone go e tshwara. Jehofa o araba thapelo ya gagwe, mme o kgona go ithuta le lelapa la gagwe jaaka ba a tle ba dire beke le beke. Mo maitseboeng ao, selo sa botlhokwa se bana ba ithutang sone ke gore go obamela Jehofa ke selo sa botlhokwa thata mo batsading ba bone.

6. Naya sekai se se bontshang kafa Jesu a ileng a dirisa nako ya gagwe ka gone go thusa batho ba bangwe.

6 Jesu o ne a ipha nako ya go bua le batho ba bangwe le fa a ne a tlhoka go nna a le nosi. O akanya gore Jesu o ile a ikutlwa jang fa a utlwa gore tsala ya gagwe e bong Johane Mokolobetsi o bolailwe? O tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko thata. Baebele e a re: “Fa Jesu a utlwa [ka loso lwa ga Johane], o ne a tswa koo ka mokoro a ya kwa lefelong le le kwa thoko gore a nne a le nosi.” (Math. 14:10-13) Go a utlwala go bo a ne a ka batla go nna a le nosi. Bontsi jwa rona fa re tlhokafaletswe, re rata go nna re le nosi. Mme Jesu ene ga a ka a kgona go nna a le nosi. E ne ya re a le mo tseleng a ya kwa lefelong le le se nang ope, batho ba le bantsi ba ne ba itlhaganelela kwa go lone mme ba goroga pele ga gagwe. Jesu o ne a dira eng? O ne a akanya ka se batho bao ba neng ba se tlhoka mme “a ba tlhomogela pelo.” Jesu o ne a lemoga gore ba tlhoka thuso le kgomotso e e tswang kwa Modimong mme ka yone nako eo o ne a ba thusa. Tota e bile, “o ne a simolola go ba ruta dilo di le dintsi,” e seng di le mmalwa fela.—Mar. 6:31-34; Luke 9:10, 11.

7-8. Naya sekai se se bontshang kafa bagolwane ba ba lorato ba etsang Jesu ka gone fa bangwe ba tlhoka thuso.

7 Bagolwane ba ba lorato ba etsa Jesu jang? Re leboga bagolwane fela thata ka ntlha ya tiro e ba re direlang yone ka pelo yotlhe! Mme gone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ga ba itse ditiro tsotlhe tse ba di dirang. Ka sekai, fa go tlhaga maemo a tshoganyetso, bagolwane ba ba mo Komiting ya Puisano le Dikokelo ba potlakela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Gantsi maemo ao a tshoganyetso a direga go le bosigo. Mme e re ka bagolwane bao le ba malapa a bone ba tlhomogela bakaulengwe ba bone pelo, ba dira gore dilo tse ba di tlhokang di tle pele ga tse bone ba di tlhokang.

8 Gape bagolwane ba thusa ka go aga Diholo Tsa Bogosi le dikago tse dingwe e bile ba thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo. Mo godimo ga moo, ba dirisa diura di le dintsi ba re ruta, ba re kgothatsa le go re ema nôkeng. Ruri go a tshwanela gore re akgole bakaulengwe bano le ba malapa a bone! E kete Jehofa a ka ba segofatsa. Mme gone, fela jaaka mongwe le mongwe wa rona a tlhoka go nna kelotlhoko, bagolwane le bone ba tshwanetse go nna kelotlhoko. Ga ba a tshwanela go fetsa nako ya bone e ntsi mo ditirong tseno tse di direlwang phuthego mo ba ka feleletsang ba sa iphe nako ya go naya ba malapa a bone dilo tse ba di tlhokang.

SE RE KA SE DIRANG GORE DILO TSE BA BANGWE BA DI TLHOKANG DI TLE PELE

9. Go ya ka Bafilipi 2:4, 5, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe?

9 Bala Bafilipi 2:4, 5. Bagolwane ga se bone fela ba ba ka etsang sekao sa ga Jesu sa go dira gore dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang di tle pele ga tse bone ba di tlhokang. Baebele e a re Jesu o ne “a tshwana le motlhanka.” (Bafil. 2:7) Akanya ka se re ka se ithutang mo mafokong ao. Motlhanka yo o ratiwang o nna a batla dilo tse di ka itumedisang mong wa gagwe. E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go mo itumedisa le go thusa bakaulengwe ba rona. O ka dira jalo ka go sekaseka dikakantsho tse di latelang.

10. Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone?

10 Itshekatsheke. Ipotse dipotso tse di jaaka tseno: ‘A ke ikemiseditse go dirisa nako ya me le maatla a me gore ke thuse batho ba bangwe? Ka sekai, ke ne ke tla dira eng fa ke ne nka kopiwa gore ke etele mokaulengwe yo o godileng yo o kwa legaeng la bagodi kgotsa gore ke ye le kgaitsadi yo o godileng kwa dipokanong? A ke ikemiseditse go thusa fa go tlhokega baithaopi go phepafatsa lefelo la kopano kgotsa Holo ya Bogosi?’ Fa re ne re ineela mo go Jehofa, re mo solofeditse gore re tla dirisa sotlhe se re nang le sone go mo direla. Ka jalo, o a itumela fa re dirisa nako ya rona, maatla a rona le dilo tse re nang le tsone go thusa batho ba bangwe. Fa re lemoga gore re tlhoka go dira diphetogo dingwe, re ka dira eng?

11. Thapelo e ka re thusa jang gore re ikemisetse go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

11 Rapela Jehofa ka tlhoafalo. A re re o lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo gore o thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago mme ga o na keletso ya go dira jalo. Ke eng se o ka se dirang? Bua le Jehofa ka thapelo. Mmulele mafatlha, o mmolelele gore o ikutlwa jang o bo o mo kope gore a go neye ‘keletso le maatla a gore o dire jalo.’—Bafil. 2:13.

12. Mokaulengwe yo mosha a ka thusa phuthego jang?

12 Fa o le mokaulengwe yo mosha yo o kolobeditsweng, kopa Jehofa gore a go thuse go nna le keletso ya go dira mo go oketsegileng gore o thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago mo phuthegong. Mo dinageng tse dintsi, bagolwane ba bantsi go feta batlhanka ba bodiredi, e bile bontsi jwa batlhanka bao ba bodiredi ga se basha. Fa phuthego ya Modimo e ntse e gola, go tlhokega bakaulengwe ba basha gore ba thuse bagolwane go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong. Fa o ikemisetsa go thusa ka tsela epe fela, o tla itumela. Goreng re rialo? Ka gonne o tla itumedisa Jehofa e bile bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla lemoga gore o ikemiseditse go thusa ba bangwe, mme le wena o tla kgotsofala fa o dira jalo.

Bakeresete ba ba tswang kwa Judea ba ne ba kgabaganya Noka ya Joredane ba siela kwa motseng wa Pela. Ba ba gorogileng pele ba abela Bakeresetemmogo le bone ba ba sa tswang go goroga dijo (Bala serapa 13)

13-14. Re ka dira eng go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

13 Nna kelotlhoko mme o lemoge fa ba bangwe ba tlhoka thuso. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba ba nnang kwa Judea a re: “Lo se ka lwa lebala go dira se se molemo le go abela ba bangwe dilo tse lo nang le tsone, ka gonne go dira jalo go tshwana le go ntsha ditlhabelo mme seo se itumedisa Modimo.” (Baheb. 13:16) Eo e ne e le kgakololo e e molemo! Nakwana fela fa Bakeresete ba kwa Judea ba sena go bala lekwalo leno, ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela matlo a bone, dikgwebo tsa bone le ba masika a bone ba e seng Basupi le go ‘simolola go tshabela kwa dithabeng.’ (Math. 24:16) Ga go pelaelo gore ka nako eo, go ne go le botlhokwa thata gore ba thusane. Fa e le gore pele ga foo ba ne ba dirisitse kgakololo ya ga Paulo ya gore ba abalane se ba nang le sone le ba bangwe, go ne go tla nna motlhofo gore ba tshele ka dilo di le mmalwa mo legaeng la bone le lesha.

14 Ga se ka metlha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ka re bolelelang dilo tse ba di tlhokang. Ka sekai, a re re mokaulengwe o tlhokafaletswe ke mosadi. A ka tswa a tlhoka go apeelwa, go thusiwa ka sepalangwa kgotsa ka ditiro dingwe mo lelapeng. A ka nna a se ka a kopa thuso ka gonne a sa batle go re tshwenya. Mme gone, a ka itumela tota fa re ka mo thusa le fa gone a sa kopa gore re mo thuse. Ga re a tshwanela go akanya gore mongwe o tla mo thusa kgotsa gore ka metlha o tla re bolelela fa a tlhoka thuso. Ipotse gore, ‘Fa ke ne ke le mo boemong jono, ke ne nka rata go thusiwa ka eng?’

15. Re tshwanetse go dira eng fa re batla go thusa batho ba bangwe?

15 Dira gore go nne motlhofo gore batho ba go atamele. Ga go pelaelo gore o itse bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya lona ba ba nnang ba ikemiseditse go thusa ba bangwe. Ga ba ke ba dira gore re ikutlwe e kete re a ba tshwenya. Re a itse gore re ka ya kwa go bone fa re tlhoka thuso e bile re ka rata go tshwana le bone. Mogolwane yo o nang le dingwaga di le 45 yo o bidiwang Alan o batla gore go nne motlhofo gore batho ba mo atamele. Alan o bua jaana ka sekao sa ga Jesu: “Jesu o ne a nna a tshwaregile, le fa go ntse jalo batho ba basha le ba ba godileng, ba ne ba mo rata e bile ba sa tshabe go ya kwa go ene ba kopa thuso. Ba ne ba itse gore o amega ka bone. Le nna ke batla go tshwana le Jesu, ke batla go itsege ke le motho yo o botsalano le yo o ratang batho e bile a amega ka bone.”

16. Go dirisa se se mo go Pesalema 119:59, 60 go ka re thusa jang go dira sotlhe se re ka se kgonang go latela sekao sa ga Jesu gaufiufi?

16 Ga re a tshwanela go kgobega marapo fa re sa kgone go etsa Jesu ka botlalo. (Jak. 3:2) Moithuti ga a kgone go etsa sengwe le sengwe se morutisi wa gagwe a se dirang. Le fa go ntse jalo, fa moithuti a ithuta mo diphosong tsa gagwe mme a leka go dira sotlhe se a ka se kgonang go etsa morutisi wa gagwe, a ka tokafatsa. Ka tsela e e tshwanang, fa re dirisa se re se ithutileng mo Baebeleng fa re ne re ithuta re le nosi e bile re leka go baakanya diphoso tse re di dirileng, re tla kgona go latela sekao sa ga Jesu.—Bala Pesalema 119:59, 60.

MELEMO YA GO THUSA BA BANGWE

Fa bagolwane ba etsa sekao sa ga Jesu sa go thusa ba bangwe, ba tlhomela ba bangwe sekao se ba ka se latelang (Bona serapa 17) *

17-18. Fa re etsa Jesu ka go thusa batho ba bangwe, re tla bona melemo efe?

17 Fa re ikemiseditse go thusa batho ba bangwe, seo se ka rotloetsa ba bangwe gore le bone ba dire se se tshwanang. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Tim a re: “Bakaulengwe bangwe ba basha ba ne ba nna batlhanka ba bodiredi ka gonne ba bone bangwe ba thusa ba bangwe e bile ba ne ba batla go tshwana le bone. Bakaulengwe bano ba basha ba a thusa mo phuthegong ya rona e bile ba ema bagolwane nôkeng.”

18 Re tshela mo lefatsheng le le tletseng batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi. Mme gone, batho ba ga Jehofa ga ba a nna jalo. Tsela e Jesu a neng a thusa batho ba bangwe ka yone e re ama fela thata e bile re ikemiseditse go etsa sekao sa gagwe. Boammaaruri gore re ka se kgone go latela sekao sa ga Jesu ka botlalo, le fa go ntse jalo re ka kgona go se ‘latela gaufiufi.’ (1 Pet. 2:21) Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go etsa Jesu, re tla itumela e bile re tla itumedisa Jehofa.

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

^ ser. 5 Ka metlha, Jesu o ne a tshwenyega ka dilo tse ba bangwe ba neng ba di tlhoka e seng ka tse ene a neng a di tlhoka. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka ditsela tse re ka etsang sekao sa gagwe ka tsone. Gape re tla ithuta gore go mo etsa go ka re solegela molemo jang.

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo mosha yo o bidiwang Dan o lebile bagolwane ba babedi ba ba etetseng rraagwe kwa sepetlele. Lorato lo bagolwane bao ba lo bontshang lo rotloetsa Dan gore le ene a thuse ba bangwe mo phuthegong. Mokaulengwe yo mongwe yo mosha yo o bidiwang Ben o bona tsela e Dan a amegang ka yone ka ba bangwe. Sekao sa ga Dan se rotloetsa Ben gore a thuse ka go phepafatsa Holo ya Bogosi.