Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Bone Sengwe se se Gaisang go Nna Ngaka

Ke Bone Sengwe se se Gaisang go Nna Ngaka

“SE LO se buang, ke se ke sa bolong go batla go se dira go tloga fa ke sa le ngwana!” Ao ke mafoko a ke neng ka a bolelela banyalani bangwe ka 1971. Ke ne ke sa tswa go bula tliliniki ya me e nnye. Banyalani bao e ne e le bomang, mme ke eng se ke neng ke sa bolo go batla go se dira? Se ba neng ba mpolelela sone mo letsatsing leo, se ne sa dira gore ke akanye ka selo se sengwe se se neng sa nna botlhokwa thata mo botshelong jwa me, ba bo ba nthusa go bona gore se ke sa bolong go batla go se dira fa ke ne ke sa le monnye, se ne se tlile go direga mo nakong e e sa fediseng pelo.

Ke tsholetswe kwa Paris, kwa Fora, ka 1941 mme lelapa la gaetsho le ne le se na madi a mantsi. Ke ne ke rata go ithuta, ka jalo fa ke na le dingwaga di le lesome ke ne ka kgobega marapo tota fa ke tshwarwa ke bolwetse jwa thiibi mme ke sa tlhole ke kgona go ya sekolong. Dingaka di ne tsa re ke nne fela mo bolaong ka gonne makgwafo a me a ne a le bokoa. Ka jalo, mo dikgweding di le mmalwa, ke ne ka dirisa nako ya me ke bala dikishinare e bile ke reetsa dithulaganyo tsa dithuto tse di neng di tshamekiwa mo radiong tse di neng di rulagantswe ke Yunibesithi ya Paris. Ke ne ke itumetse tota fa ngaka e ne e mpolelela gore ke fodile le gore nka boela sekolong. Ke ne ka re, ‘Ruri dingaka di dira tiro e ntle!’ Fa e sa le go tloga ka nako eo, ke ne ke batla go fodisa batho ba ba lwalang. Nako le nako fa rre a ne a mpotsa gore ke batla go dira eng fa ke gola, ke ne ke nna ke mo raya ke re, “Ke batla go nna ngaka.” Ka jalo, selo se se botlhokwa mo botshelong jwa me, e ne e le gore ke nne ngaka.

SAENSE E NTHUSITSE GO ATAMALANA LE MODIMO

Kwa lelapeng la gaetsho re ne re le Bakatoliki. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itse dilo tse dintsi ka Modimo e bile ke ne ke na le dipotso tse dintsi tse ke neng ke sa bone dikarabo tsa tsone. Fa ke sena go simolola go ithutela bongaka kwa yunibesithing, ke ne ka tlhatswega pelo gore dilo tsotlhe di bopilwe ke mongwe.

Ke gakologelwa lekgetlo la ntlha fa ke ne ke leba disele tsa lelômô le le bidiwang tulip ke dirisa maekerosekoupo. Ke ne ke gakgamaditswe ke go bona tsela e disele tseo di neng di itshireletsa ka yone mo mogoteng le mo serameng. Gape ke ne ka bona kafa cytoplasm (karolo e e nang le sengwe se se jaaka metsi mo teng ga sele) e ngotlegang ka gone fa e kopana le letswai le kafa e golang ka gone fa e tsenngwa mo metsing a a phepa. Bokgoni jono le jo bongwe jo bontsi, bo dira gore ditshedi tse dinnye di kgone go tshela mo maemong a a farologaneng. Fa ke ntse ke bona tsela e sele nngwe le nngwe e raraaneng ka yone, ke ne ka tlhatswega pelo gore ga go a itiragalela fela gore botshelo bo nne teng.

Mo ngwageng wa bobedi fa ke ntse ke ithutela bongaka, ke ne ka bona bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore Modimo o teng. Fa re ne re ithuta ka mmele wa motho, re ne ra ithuta kafa letsogo le re thusang ka gone gore re kgone go oba menwana ya rona le go e tlhamalatsa. Tsela e ditshika di kopanang le marapo ka yone, le e di dirang mmogo ka yone e a kgatlha. Ka sekai, re ne ra ithuta gore mosifa o kopana le ditshika tse di mo letsogong tse di yang kwa lerapong la bobedi la monwana. Mosifa oo o a kgaogana gore e nne mebedi go bo go tlhaga mosifa o mongwe mo gare ga yone o o yang kwa bofelong jwa monwana. Dithishu di thusa mesifa eo gore e nne gaufi thata le marapo a menwana. Fa menwana ya rona e ka bo e sa dirwa ka tsela eno, mesifa e ne e tla gagamala e sa kgone go obega, mme seo se ne se tla dira gore menwana ya rona e se ka ya bereka sentle. Go ne go bonala sentle gore Motho yo o bopileng mmele wa motho o botlhale tota.

Selo se sengwe se se neng sa nkgatlha thata ka tiro e Mmopi a e dirileng, ke fa ke ne ke ithuta ka tsela e ngwana a simololang go hema ka yone fa a sena go tsholwa. Lesea le le mo popelong ga le tlhoke go hema ka bolone ka gonne mogala wa khubu o fetisetsa okesejene e mmaalone a e hemang kwa go lone. Ka jalo ka nako eo, dikgetsana tse dinnye tse di mo makgwafong a lone ga di ise di nne le moya. Le fa go ntse jalo, dibeke di le mmalwa pele le tsholwa go nna le seedi se se mafura mo dikgetsaneng tseo. Go tswa foo, fa lesea leo le tsholwa mme le simolola go hema lekgetlo la ntlha, go direga sengwe se se kgatlhang. Leroba le le mo pelong ya lesea le a tswalega mme seno se bo se dira gore madi a ye kwa makgwafong. Seedi se se mafura se thusa dikgetsana tseo gore di se ka tsa ngaparelana fa makgwafo a tlala moya. Ka yone nako eo, lesea le simolola go hema ka bolone.

Ke ne ke batla go itse Motho yo o dirileng dilo tseno tse di gakgamatsang, ka jalo ke ne ka simolola go bala Baebele ka tlhoafalo. Ke ne ka kgatlhiwa ke melao ya botsogo le ya bophepa e Modimo a neng a e neile Baiseraele dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng. Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba katele mantle a bone, ba tlhape ka metlha le gore ba beele motho yo o nang le bolwetse jo bo tshelanwang kwa thoko. (Lefi. 13:50; 15:11; Dute. 23:13) Baebele ga e bolo go bua ka dilo tseno, mme baitsesaense bone ba na le dingwaga di le 150 fela ba lemogile gore malwetse a anama jang. Melao ya tlhakanelodikobo e e mo go Lefitiko le yone e ne ya thusa Baiseraele gore ba nne phepa. (Lefi. 12:1-6; 15:16-24) Ke ne ka lemoga gore Mmopi o ne a naya Baiseraele melao eo gore ba tshele sentle le gore o ne a segofatsa ba ba neng ba ikobela melao ya gagwe. Ke ne ka tlhatswega pelo gore Modimo ke ene a dirileng gore Baebele e kwalwe, mme ka nako eo ke ne ke sa itse leina la gagwe.

KAFA KE KOPANENG LE MOSADI WA ME KA GONE LE GO SIMOLOLA GO ITHUTA KA JEHOFA

Nna le Lydie ka letsatsi la lenyalo la rona ka di3 tsa April, 1965

Fa ke ne ke le kwa yunibesithing ke ithutela bongaka, ke ne ka kopana le lekgarebe lengwe le le bidiwang Lydie mme ke ne ka simolola go ratana le ene. Re ne ra nyalana ka 1965 fa ke ne ke sa ntse ke le kwa yunibesithing. Ka 1971, nna le Lydie re ne re setse re na le bana ba bararo, mme moragonyana re ne ra nna le bana ba bangwe ba bararo. Lydie o ntse a nkema nôkeng mo tirong e ke e dirang ya bongaka le mo lelapeng.

Ke ne ka fetsa dingwaga di le tharo ke bereka kwa sepetlele pele ke ipulela tliliniki ya me e nnye. Nakwana morago ga moo, banyalani ba re buileng ka bone kwa tshimologong ba ne ba tla go batla kalafi. Fa ke ntse ke kwalela monna yoo melemo, mosadi wa gagwe o ne a re: “Ngaka, re kopa gore o se ka wa re naya melemo e e nang le madi.” Ke ne ka mmotsa jaana ke gakgametse: “Ehe, goreng?” O ne a nthaya a re: “Re Basupi ba ga Jehofa.” Ke ne ke ise ke ko ke utlwele ka Basupi ba ga Jehofa e bile ke ne ke sa itse gore ba ruta eng ka madi. Mosadi yoo o ne a ntsha Baebele ya gagwe a bo a mpontsha ditemana tse di tlhalosang lebaka la go bo ba ithiba mo mading. (Dit. 15:28, 29) Go tswa foo, ene le monna wa gagwe ba ne ba mpontsha se Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go se dira; bo tlile go fedisa bolwetse, loso le go boga. (Tshen. 21:3, 4) Ke ne ka bua jaana ke itumetse: “Se lo se buang ke se ke sa bolong go batla go se dira go tloga fa ke sa le ngwana! Ke ithutetse bongaka gore ke thuse batho gore ba se ka ba boga.” Ke ne ke rata se ke neng ke se utlwa mo e leng gore re ne ra fetsa ura le halofo re ntse re tlotla. Fa banyalani bao ba sena go tsamaya, ke ne ke sa tlhole ke batla go nna Mokatoliki e bile ke ne ke ithutile gore leina la Mmopi yo ke neng ke mo rata ke Jehofa.

Banyalani bao ba ne ba tla kwa tliliniking ya me makgetlo a mangwe a mararo, mme mo makgetlong ao otlhe re ne re fetsa lobaka lo lo fetang ura re tlotla. Ke ne ka ba kopa gore ba tle kwa legaeng la rona gore re nne le nako e e oketsegileng ya go tlotla ka Baebele. Le fa Lydie a ne a nna teng mo thutong ya rona ya Baebele, o ne a sa dumele gore dithuto dingwe tsa Katoliki tse re neng re di dumela di phoso. Ka jalo, ke ne ka kopa moriti gore a tle kwa legaeng la rona. Re ne ra ngangisana ka dithuto tse kereke e neng e di ruta re dirisa Baebele go fitlha go nna bosigo. Motlotlo oo o ne wa thusa Lydie gore a lemoge gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri. Morago ga moo, tsela e re ratang Jehofa Modimo ka yone e ne ya gola mo e leng gore nna le Lydie re ne ra kolobediwa ka 1974.

KE DIRA GORE JEHOFA A TLE PELE MO BOTSHELONG JWA ME

Se ke se ithutileng ka se Modimo a ikaeletseng go se direla batho, se ne sa dira gore go nne le selo se sengwe se se botlhokwa thata mo botshelong jwa me. Nna le Lydie re ne ra dira gore go direla Jehofa go tle pele mo botshelong jwa rona. Re ne re ikemiseditse go dirisa melaometheo ya Baebele fa re godisa bana ba rona. Re ne ra ruta bana ba rona gore ba rate Modimo le gore ba rate batho ba bangwe, e bile seo se ne sa dira gore lelapa la rona le atamalane thata.—Math. 22:37-39.

Nna le Lydie re a tle re tshege fa re akanya ka tsela e bana ba rona ba neng ba lemoga gore re a dumalana mo ditshwetsong tse re neng re di dira. Ba ne ba itse gore ka metlha re dirisa taelo ya ga Jesu ya gore “lefoko la lona la ‘Ee’ le reye ee mme ‘Nnyaa’ wa lona a reye nnyaa.” (Math. 5:37) Ka sekai, fa morwadiarona yo mogolo a ne a na le dingwaga di le 17, Lydie ga a ka a mo letla gore a intshe le setlhopha sengwe sa basha. Mongwe mo setlhopheng seo, o ne a raya morwadiarona a re: “Fa mongwe wa batsadi ba gago a sa dumele, kopa yo mongwe!” Le fa go ntse jalo, morwadiarona o ne a mo raya a re: “Go a tshwana, le ene a ka se dumele. Ba nna ba dumalana.” Bana ba rona botlhe ba le barataro ba ne ba lemoga gore re a dumalana fa re ntse re dirisa melaometheo ya Baebele. Re leboga Jehofa go bo ba le bantsi mo lelapeng la rona ba mo direla.

Le fa boammaaruri bo fetotse dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa me, ke ne ke sa ntse ke batla go dirisa se ke se ithutileng kwa yunibesithing go thusa batho ba Modimo. Ka jalo, ke ne ka ithaopela go direla kwa Bethele e e kwa Paris mme moragonyana ka thusa kwa Bethele e e neng e sa tswa go agiwa kwa Louviers. Ke na le dingwaga di ka nna 50 ke ntse ke thusa kwa Bethele. Mo nakong eno yotlhe, ke ne ka nna le ditsala mo Bethele mme bangwe ba bone ba na le dingwaga di le 90. Gape ke ne ka itumela tota fa nako nngwe ke kopana le lekawana lengwe le le neng le sa tswa go simolola go direla mo Bethele. Ke ile ka lemoga gore ke thusitse mmaagwe fa a ne a mo tshola dingwaga di le 20 tse di fetileng.

KE BONE TSELA E JEHOFA A TLHOKOMELANG BATHO BA GAGWE KA YONE

Tsela e ke ratang Jehofa ka yone e ne ya gola fa dingwaga di ntse di feta mme ke bona kafa a dirisang phuthego ya gagwe ka gone go kaela le go sireletsa batho ba gagwe. Ka bo1980 kwa United States, Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhoma thulaganyo e e neng e thusa dingaka le baoki gore ba tlhaloganye tshwetso e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang ya go sa tshele madi.

Go tswa foo ka 1988, Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhoma lefapha le lesha kwa Bethele le le bidiwang Lefapha la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo. Kwa tshimologong, lefapha leo le ne le okamela Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo (Hospital Liaison Committees [HLC]) tse di neng di tlhomilwe kwa United States gore di thuse balwetse ba Basupi go bona dingaka tse di tla tlotlang tshwetso ya bone ya go sa tshele madi. Moragonyana dikomiti tseno di ne tsa tlhomiwa mo lefatsheng lotlhe go akaretsa le kwa Fora. Ke itumelela go bona kafa phuthego ya ga Jehofa e emang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lwalang nôkeng ka gone fa ba tlhoka thuso.

SE KE SA BOLONG GO BATLA GO SE DIRA SE A DIREGA

Re sa ntse re itumelela go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo

Ke ne ke rata bongaka. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke akanya ka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa me, ke ne ka lemoga gore selo sa botlhokwa thata ke go thusa batho go itse Motswedi wa botshelo e bong Jehofa Modimo le go mo direla go na le go ba thusa ka dilo tsa kalafi. Fa ke sena go tlogela tiro, nna le Lydie re ne ra fetsa diura di le dintsi kgwedi le kgwedi re le babulatsela ba ka metlha re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Re sa ntse re dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong eno e e bolokang matshelo.

Nna le Lydie ka 2021

Ke sa ntse ke thusa batho ba ba lwalang. Mme gone, ke a itse gore ga go na ngaka epe e e ka kgonang go fodisa malwetse otlhe kgotsa go thibela loso. Ka jalo, ke lebile pele go bona fa botlhoko, bolwetse le loso, di tla bo di sa tlhole di le teng. Mo lefatsheng le lesha le le ntseng le atamela ka bonako, ke tla kgona go ithuta dilo di le dintsi ka popo ya Modimo ka bosakhutleng go akaretsa le tsela e e kgatlhang e a dirileng mmele wa motho ka yone. Se ke sa bolong go batla go se dira go tloga fa ke ne ke le ngwana se tla direga ka botlalo mo bogautshwaneng. Ga ke belaele gore botshelo bo tlile go nna monate mo nakong e e tlang!