Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 10

Re ka Kgona go ‘Apola Botho jo Bogologolo’

Re ka Kgona go ‘Apola Botho jo Bogologolo’

“Apolang botho jo bogologolo le mekgwa ya jone.”BAKOL. 3:9.

PINA 29 Go Tshelela Leina la Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. O ne o tshela jang pele o ithuta Baebele?

 O NE o tshela jang pele o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa? Batho ba le bantsi ga ba rate le go akanya ka gone. Dilo tse batho ba le bantsi ba di dirang le tse di tsewang di siame mme di sa siama mo lefatsheng leno, di ile tsa senya mekgwa le botho jwa rona. Mme re ne re “se na tsholofelo e bile [re] sa itse Modimo.” (Baef. 2:12) Le fa go ntse jalo, go ithuta Baebele go ile ga fetola tsela e re neng re tshela ka yone.

2. Ke dilo dife tse o di lemogileng fa o ntse o ithuta Baebele?

2 Fa o ntse o ithuta Baebele, o ne wa utlwa gore o na le Rre yo o kwa legodimong yo o go ratang fela thata. O ile wa lemoga gore o tshwanelwa ke go dira diphetogo mo tseleng e o tshelang ka yone le e o akanyang ka yone gore o itumedise Jehofa le gore o nne karolo ya lelapa la gagwe. Seo se ne se raya gore o tshwanelwa ke go tshela ka melao ya gagwe.—Baef. 5:3-5.

3. Go ya ka Bakolosa 3:9, 10, ke eng se Jehofa a batlang gore re se dire, mme re tlile go ithuta eng mo setlhogong seno?

3 Mmopi wa rona le Rraarona, e bong Jehofa, o na le tshwanelo ya go re bolelela gore re tshele jang. Ka jalo, o batla gore pele ga re kolobediwa re tseye matsapa a go ‘apola botho jo bogologolo le mekgwa ya jone.’ * (Bala Bakolosa 3:9, 10.) Setlhogo seno se tla thusa ba ba batlang go kolobediwa gore ba kgone go araba dipotso tseno tse tharo: (1) “Botho jo bogologolo” ke eng? (2) Goreng Jehofa a batla gore re apole botho joo? (3) Re ka apola botho joo jang? Mme fa e le gore o kolobeditswe, setlhogo seno se tla go thusa gore o se ka wa boela kwa mekgweng ya botho jo bogologolo.

“BOTHO JO BOGOLOGOLO” KE ENG?

4. Ke eng se motho a se dirang fa a laolwa ke “botho jo bogologolo”?

4 Motho yo o laolwang ke “botho jo bogologolo” o akanya dilo tse di sa siamang e bile o a di dira. O ikakanyetsa a le nosi, o tenega ka bonako, ga a leboge e bile o a ikgogomosa. O rata go lebelela dibidio tsa tlhakanelodikobo le di-movie tse di sa siamang kgotsa tse di tletseng ntwa. Go ka tswa go na le dilo dingwe tse di siameng tse a di dirang, e bile a ikutlwa molato ka go bo a bua dilo tse di sa siamang e bile a di dira. Mme gone, ga a tseye matsapa a go fetola tsela e a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone.—Bagal. 5:19-21; 2 Tim. 3:2-5.

Fa re apola “botho jo bogologolo,” mekgwa e e sa siamang ga e kitla e tlhola e re laola (Bona serapa 5) *

5. A re ka kgona go apola botho jo bogologolo ka botlalo? (Ditiro 3:19)

5 E re ka re na le boleo, ga re kgone go ntsha dikakanyo tsotlhe tse di sa siamang mo dipelong le mo megopolong ya rona. Ka dinako dingwe re ka dira kgotsa ra bua dilo tse re tla di ikwatlhaelang. (Jer. 17:9; Jak. 3:2) Mme fa re apola botho jo bogologolo, dilo tseno tsotlhe tse di sa siamang ga di kitla di kgona go re laola. Botho jwa rona bo a fetoga.—Isa. 55:7; bala Ditiro 3:19.

6. Goreng Jehofa a re re tlogele dikakanyo le mekgwa ya botho jo bogologolo?

6 Jehofa o batla gore re se ka ra akanya ka dilo tse di sa siamang le gore re se ka ra di dira ka gonne o re rata thata e bile o batla gore re itumelele botshelo. (Isa. 48:17, 18) O a itse gore batho ba ba sa lwantsheng dikeletso tse di sa siamang, ba ikutlwisa botlhoko e bile ba utlwisa ba bangwe botlhoko. O a hutsafala fa a bona re ikutlwisa botlhoko e bile re utlwisa ba bangwe botlhoko.

7. Go ya ka Baroma 12:1, 2, ke tshwetso efe e re tlhokang go e dira?

7 Ka dinako dingwe, bangwe ba ditsala le ba masika a rona ba ka re sotla ka gonne re batla go fetola botho jwa rona. (1 Pet. 4:3, 4) Ba ka re bolelela gore re na le tshwanelo ya go dira sengwe le sengwe se re se batlang le gore re se ka ra letla batho ba bangwe ba re bolelela gore re tshwanetse go dira eng. Mme ga se gore batho ba ba sa tsheleng ka melao ya ga Jehofa ga ba laolwe ke ope. Boammaaruri ke gore ba laolwa ke tsela e batho ba lefatshe leno la ga Satane ba dirang dilo ka yone. (Bala Baroma 12:1, 2.) Re tshwanetse go dira tshwetso ya gore a re tla tswelela re na le botho jo bogologolo jo bo laolwang ke boleo le lefatshe la ga Satane kgotsa re tla letla Jehofa gore a re fetole mme a re dire batho ba ba botoka.—Isa. 64:8.

O KA ‘APOLA’ BOTHO JO BOGOLOGOLO JANG?

8. Ke eng se se ka re thusang go tila dikakanyo le mekgwa e e sa siamang?

8 Jehofa o a itse gore go tsaya nako le matsapa gore re tile dikakanyo le mekgwa e e sa siamang. (Pes. 103:13, 14) Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, moya wa gagwe le phuthego ya gagwe go re naya botlhale, maatla le go re ema nôkeng gore re dire diphetogo dipe fela tse re tlhokang go di dira. Ga go pelaelo gore o setse a go thusitse. A jaanong re tlotle ka dilo dingwe tse o ka di dirang gore o kgone go apola botho jo bogologolo mme o tshwanelege go kolobediwa.

9. Lefoko la Modimo le ka go thusa go dira eng?

9 Itlhatlhobe o dirisa Baebele. Lefoko la Modimo le tshwana le seipone, ka jalo le ka go thusa go sekaseka tsela e o akanyang, e o buang le e o dirang dilo ka yone. (Jak. 1:22-25) Motho yo o go rutang Baebele le Bakeresete ba bangwe ba ba nang le maitemogelo, ba ka go naya kgakololo e e ka go solegelang molemo. Ka sekai, ba ka dirisa Baebele go go bontsha dilo tse o di dirang sentle le tse o tlhokang go tokafatsa mo go tsone. Ba ka go bontsha gore o ka bona jang tshedimosetso e e mo Baebeleng e e ka go thusang go tlogela mekgwa e e sa siamang. Jehofa le ene o ipaakanyeditse go go thusa ka metlha. A ka kgona go go thusa ka gonne o itse se se mo pelong ya gago. (Diane 14:10; 15:11) Ka jalo, itlwaetse go mo rapela le go ithuta Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi.

10. O ithutile eng mo maitemogelong a ga Elie?

10 O se ka wa belaela gore go tshela ka melao ya ga Jehofa go solegela molemo. Re ka solegelwa molemo ke sengwe le sengwe se Jehofa a kopang gore re se dire. Batho ba ba tshelang ka melao ya ga Jehofa ba a itlotla, ba itse gore ba tshelela eng e bile ba itumetse. (Pes. 19:7-11) Mme ba ba itlhokomolosang melao ya ga Jehofa bone ba nna le diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa ditiro tsa mmele o o nang le boleo. A re utlwe se monna mongwe yo o bidiwang Elie a se buang ka go itlhokomolosa melao ya Modimo. O godisitswe ke batsadi ba ba ratang Jehofa. Mme fa Elie a ntse a gola o ne a itsalanya le batho ba ba sa siamang. O ne a simolola go dirisa diritibatsi, go dira boitsholo jo bo sa siamang le go utswa. O tlhalosa gore o ne a le bogale e bile a rata ntwa. A re: “Tota ke ne ke dira sengwe le sengwe se ke neng ke rutilwe gore Bakeresete ga ba a tshwanela go se dira.” Le fa go ntse jalo, Elie ga a ka a lebala se a neng a se rutilwe fa a ne a le monnye. Fa nako e ntse e ya, o ne a simolola go ithuta Baebele gape. O ne a dira ka natla gore a tlogele mekgwa e e sa siamang, mme o ne a kolobediwa ka ngwaga wa 2000. Go tshela ka melao ya ga Jehofa go ne ga mo solegela molemo jang? Elie a re: “Gone jaanong ke na le kagiso ya mogopolo le segakolodi se se phepa.” * Sekao sa ga Elie se re bontsha gore batho ba ba itlhokomolosang melao ya ga Jehofa ba ikutlwisa botlhoko. Mme gone, Jehofa o ikemiseditse go ba thusa gore ba fetoge.

11. Ke dilo dife tse Jehofa a di tlhoileng?

11 Ithute go tlhoa se Jehofa a se tlhoileng. (Pes. 97:10) Baebele e a re Jehofa o tlhoile “matlho a a ikgodisang, loleme lo lo buang maaka, le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato.” (Diane 6:16, 17) Gape “o tlhoile batho ba ba ratang thubakanyo le ba ba tsietsang.” (Pes. 5:6) Jehofa o tlhoile mekgwa eno thata mo e leng gore o ne a fedisa batho botlhe ba ba bosula ba motlha wa ga Noa ka gonne ba ne ba tladitse lefatshe ka thubakanyo. (Gen. 6:13) Akanya ka sekai se sengwe. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Malaki go tlhalosa gore o tlhoile batho ba ba tlhalang balekane ba bone ka boferefere. Modimo ga a amogele kobamelo ya batho ba ba ntseng jalo e bile o tlile go ba otlhaela boitshwaro joo jwa bone.—Mal. 2:13-16; Baheb. 13:4.

Go dira sengwe se Jehofa a se tlhoileng, go tshwanetse go re ferosa sebete fela jaaka go ja dijo tse di bodileng (Bona serapa 11-12)

12. Go ‘tlhoa se se bosula’ go kaya eng?

12 Jehofa o batla gore ‘re tlhoe se se bosula.’ (Bar. 12:9) Lefoko ‘tlhoa,’ le tlhalosa tsela e motho a ikutlwang ka yone. Le kaya go sa rate sengwe gotlhelele kgotsa go ferosiwa sebete ke sengwe. Akanya gore o ne o tla ikutlwa jang fa go ne go ka twe o je dijo tse di bodileng. Go akanya fela ka kgang eo go ka go ferosa sebete. Ka tsela e e tshwanang, go akanya fela ka go dira sengwe se Jehofa a reng se bosula go tshwanetse go re ferosa sebete.

13. Ke eng fa re tshwanetse go tila dikakanyo tse di sa siamang?

13 Gana dikakanyo tse di sa siamang. Se re se akanyang se ama se re se dirang. Ke gone ka moo Jesu a ileng a re re tile dikakanyo tse di ka dirang gore re dire boleo jo bo masisi. (Math. 5:21, 22, 28, 29) Ga go pelaelo gore re batla go itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. Ka jalo, go botlhokwa gore fa dikakanyo tse di sa siamang di tla mo mogopolong wa rona, re di tile ka yone nako eo.

14. Se re se buang se senola eng ka rona, mme ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di araba?

14 Laola se o se buang. Jesu o ne a re: “Sepe fela se se tswang mo molomong se tswa mo pelong, mme dilo tseo di leswafatsa motho.” (Math. 15:18) Boammaaruri ke gore, se re se buang se senola gore re batho ba ba ntseng jang. Ka jalo, ipotse dipotso tseno: ‘A ke tila go bua maaka tota le fa go bua boammaaruri go tla ntsenya mo mathateng? E re ka ke nyetse, a ke kelotlhoko gore ke se ka ka tshameka ka maikutlo a batho ba bong jo bo farologaneng le jwa me? A ke leka ka natla go tila go bua dilo tse di sa siamang? A ke araba ke ritibetse fa mongwe a nkutlwisa botlhoko?’ Go akanyetsa kwa teng ka dipotso tseo go tla go thusa fela thata. Se o se buang se ka tshwantshanngwa le dikonopo tse di mo seaparong. Fa o kopolola dikonopo tseo go tla nna motlhofo gore o apole seaparo seo. Ka tsela e e tshwanang, fa o leka ka natla gore o se ka wa bua puo e e sotlang, e e sa siamang le go bua maaka, go tla nna motlhofo gore o apole botho jo bogologolo.

15. Go kaya eng go kokotela botho jwa rona jo bogologolo “mo koteng”?

15 Ikemisetse go dira sengwe le sengwe se go tlhokegang gore o se dire. Moaposetoloi Paulo o ile a dirisa setshwantsho go re ruta botlhokwa jwa go ikemisetsa go fetola tsela e re tshelang ka yone. O ne a re re tshwanetse go kokotela botho jwa rona jo bogologolo “mo koteng.” (Bar. 6:6) Jesu o ne a ikemiseditse go kokotelwa mo koteng gore a kgone go itumedisa Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re batla go itumedisa Jehofa re tshwanetse go ikemisetsa go tlogela mekgwa le dilo tse a di tlhoileng. Re tshwanetse go dira seno gore re nne le segakolodi se se phepa le go itumelela go tshelela ruri. (Joh. 17:3; 1 Pet. 3:21) Gopola gore Jehofa ga a ka ke a fetola melao ya gagwe gore a itumedise rona. Go na le moo, re tshwanetse go fetola botho jwa rona mme re ikobele melao ya gagwe.—Isa. 1:16-18; 55:9.    

16. Goreng o tshwanetse go ikemisetsa go nna o lwantsha dikeletso tse di sa siamang?

16 Lwantsha dikakanyo tse di sa siamang. Le fa gone o kolobeditswe, o tshwanetse go nna o lwantsha dikakanyo tse di sa siamang. Akanya ka sekao sa monna mongwe yo o bidiwang Maurício. Fa a ne a le mosha, o ne a simolola go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe. O ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, mme ba simolola go mo ruta Baebele. Fa a sena go fetola tsela e a neng a tshela ka yone, o ne a kolobediwa ka ngwaga wa 2002. Le fa gone jaanong Maurício a setse a diretse Jehofa ka dingwaga di le dintsi, a re: “Boammaaruri ke gore, ka dinako dingwe ke ne ke tshwanelwa ke go lwa le dikeletso tse di sa siamang.” Mme ga a letle seo se mo kgoba marapo. Go na le moo a re: “Ke kgothadiwa ke go itse gore nka itumedisa Jehofa fa ke tlhopha go sa ineele mo dikeletsong tseo.” *

17. Maitemogelo a ga Nabiha a go kgothatsa jang?

17 Rapela gore Jehofa a go thuse mme o ikaege ka moya wa gagwe o o boitshepo e seng ka maatla a gago. (Bagal. 5:22; Bafil. 4:6) Re tshwanetse go tsaya matsapa go apola botho jo bogologolo le go sa boele kwa mekgweng ya jone. Akanya ka sekai sa mosadi mongwe yo o bidiwang Nabiha. Fa a na le dingwaga di le 6, rraagwe o ne a mo latlha. A re: “Seo se ne sa dira gore ke tshwenyege thata mo maikutlong.” Fa Nabiha a ntse a gola, o ne a simolola go galefa thata le go nna dikgoka. O ne a rekisa diritibatsi, a tshwarwa a bo a fetsa dingwaga di le dintsi kwa kgolegelong. Basupi ba ba neng ba rerela batho kwa kgolegelong ba ne ba simolola go ithuta Baebele le ene. Nabiha o ne a simolola go dira diphetogo tse dikgolo. A re: “Go ne go le motlhofo go tlogela mekgwa mengwe e e sa siamang e ke neng ke e dira. Mme go ne go le thata go tlogela motsoko.” Nabiha o ne a kgaratlha ka lobaka lo lo fetang ngwaga mme o ne a kgona. O thusitswe ke eng? A re: “Selo sa botlhokwa se se nthusitseng gore ke tlogele go goga, ke go rapela Jehofa ke sa kgaotse.” Gone jaanong o raya ba bangwe a re: “Ke a dumela gore fa ke kgonne go dira diphetogo gore ke itumedise Jehofa, mongwe le mongwe a ka kgona!” *

O KA TSHWANELEGA GORE O KOLOBEDIWE

18. Go ya ka 1 Bakorintha 6:9-11, batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ile ba kgona go dira eng?

18 Bangwe ba Bakeresete ba bogologolo ba Jehofa a ba tlhophileng gore ba buse le Keresete, ba kile ba bo ba dira dilo tse di sa siamang. Ka sekai, ba ne ba dira boaka, ba robalana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone e bile e le magodu. Le fa go ntse jalo, moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa ba thusa gore ba fetole mekgwa ya bone. (Bala 1 Bakorintha 6:9-11.) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno Baebele e thusitse batho ba le bantsi gore ba fetole matshelo a bone. * Ba tlogetse go dira mekgwa e e sa siamang. Sekao sa bone se bontsha gore le wena o ka kgona go tlogela mekgwa e e sa siamang e o e dirang gore o tshwanelege go kolobediwa.

19. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Batho ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse go apola botho jo bogologolo, ba bo ba dira maiteko a go apara jo bosha. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha gore re ka dira seo jang le gore ba bangwe ba ka re thusa jang.

PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me

^ E le gore re tshwanelege gore re kolobediwe, re tshwanetse go ikemisetsa go fetola botho jwa rona. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore botho jo bogologolo ke eng, gore goreng re tshwanetse go tlogela mekgwa ya botho jo bogologolo, le gore re ka dira seo jang. Mme setlhogo se se latelang sone, se tla re thusa go bona gore re ka dira jang gore re tswelele re apere botho jo bosha fa re sena go kolobediwa.

^ TLHALOSO: Go ‘apola botho jo bogologolo’ go raya go tlogela go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng. Mme seo se tshwanetse go direga pele motho a kolobediwa.—Baef. 4:22.

^ Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho—‘Ke ne Ke Tshwanetse go Boela Kwa go Jehofa’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 1, 2012.

^ Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo—‘Ba ne Ba Ntshwara Sentle,’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2012.

^ Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo—‘Ke ne Ka Nna Lekgarebe le le Bogale le le Ratang go Dirisa Dikgoka’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2012.

^ Bona lebokoso le le reng “ Baebele e Fetola Matshelo a Batho.”

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Go tlogela mekgwa e e sa siamang, go tshwana le go apola seaparo se segologolo.