Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13

Kobamelo ya Boammaaruri e Tla Dira Gore o Itumele le go Feta

Kobamelo ya Boammaaruri e Tla Dira Gore o Itumele le go Feta

“Wena Jehofa, Modimo wa rona yo o maatla, o tshwanelwa ke go galalediwa le go tlotliwa ke botlhe.”—TSHEN. 4:11.

PINA 31 Lo Tsamayeng le Modimo!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ke eng se se tla dirang gore Modimo a amogele kobamelo ya rona?

 O AKANYA eng fa o utlwa lefoko “kobamelo”? Gongwe o akanya ka mokaulengwe a rapela pele a ya go robala kgotsa gongwe o akanya ka lelapa le le itumetseng le ithuta Baebele mmogo ka tlhoafalo.

2 Batho bano botlhe ba obamela Jehofa. A Jehofa o tla amogela kobamelo ya bone? Fa ba leka go dira dilo go dumalana le maikaelelo a gagwe, ba mo rata e bile ba mo tlotla, o tla e amogela. Re rata Jehofa fela thata. Re a itse gore o tshwanelwa ke go obamelwa e bile re batla go ntsha ga tshwene fa re dira jalo.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta ka kobamelo e Jehofa a neng a e amogela mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele e bile re tlile go tlotla ka ditsela di le robedi tse Jehofa a batlang gore re mo obamele ka tsone gompieno. Fa re ntse re dira jalo, re ka akanya ka ditsela tse re ka tokafatsang kobamelo ya rona ka tsone. Gape re tla bona gore goreng go obamela Jehofa ka tsela e a e batlang go dira gore re itumele.

KOBAMELO E JEHOFA A NENG A E AMOGELA MO MOTLHENG WA GO KWALWA GA BAEBELE

4. Batho ba ba neng ba obamela Jehofa pele Jesu a tla mo lefatsheng, ba ne ba bontsha jang gore ba rata Jehofa e bile ba a mo tlotla?

4 Pele Jesu a tla mo lefatsheng, banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Abele, Noa, Aborahame le Jobe ba ile ba bontsha gore ba rata Jehofa e bile ba a mo tlotla. Ba ile ba bontsha seo jang? Ba ne ba ikobela Modimo, ba na le tumelo mo go ene e bile ba mo ntshetsa ditlhabelo. Baebele ga e re bolelele dilo tsotlhe tse ba neng ba tshwanetse go di dira. Mme gone, ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlotla Jehofa e bile o ne a amogela kobamelo ya bone. Moragonyana, Jehofa o ne a naya Baiseraele Molao a dirisa Moshe. Melao eo e ne e akaretsa ditaelo di le dintsi tse di neng di tlhalosa kafa Jehofa a neng a batla go obamelwa ka gone.

5. Go ne ga nna le phetogo efe mo kobamelong ya boammaaruri fa Jesu a sena go swa a bo a tsosiwa?

5 Fa Jesu a sena go swa a bo a tsosiwa, Jehofa o ne a sa tlhole a lebeletse gore batho ba mo obamele go ya ka Molao wa ga Moshe. (Bar. 10:4) Bakeresete ba ne ba tshwanetse go latela “molao wa ga Keresete.” (Bagal. 6:2) Ba ne ba ka ikobela “molao” ono ka go etsa sekao sa ga Jesu le go latela dithuto tsa gagwe, e seng ka go o tshwara ka tlhogo le go latela ditaelo tse dintsintsi. Le gompieno, Bakeresete ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go latela sekao sa ga Keresete gore ba itumedise Jehofa le gore ba ‘lapologelwe.’—Math. 11:29.

6. Setlhogo seno se ka re solegela molemo jang?

6 Fa re ntse re tlotla ka dilo tse re di dirang fa re obamela Jehofa, ipotse jaana, ‘Ke ntse ke dira jang mo kgannyeng eno?’ Gape o ka ipotsa jaana, ‘A nka tokafatsa tsela e ke obamelang Jehofa ka yone?’ Itumelele se o setseng o se dira gone jaanong, mme fa o tlhoka go dira diphetogo, o ka kopa Jehofa gore a go thuse.

KE DILO DIFE TSE RE DI DIRANG GO OBAMELA JEHOFA?

7. Jehofa o ikutlwa jang ka dithapelo tsa rona tse di tswang pelong?

7 Re obamela Jehofa fa re mo rapela. Baebele e tshwantsha dithapelo tsa rona le maswalo a a baakantsweng sentle a a neng a ntshiwa kwa motlaaganeng mme moragonyana kwa tempeleng. (Pes. 141:2) Maswalo ao a ne a ntsha monko o o monate o o neng o itumedisa Modimo. Ka tsela e e tshwanang, dithapelo tsa rona tse di tswang pelong di a mo “itumedisa” tota le fa re sa dirise mafoko a mantsi. (Diane 15:8; Dute. 33:10) Re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Jehofa o a itumela fa a utlwa re mmolelela gore re a mo rata le gore re a mo leboga. O batla gore re mmolelele se re tshwenyegileng ka sone, se re batlang gore a re direle sone le se re se eletsang. Pele ga o bua le Jehofa ka thapelo, goreng o sa akanyetse kwa teng ka se o batlang go mmolelela sone? Fa o dira jalo, o tla bo o ntshetsa Rrago yo o kwa legodimong “maswalo” a a a gaisang otlhe.

8. Ke tshono efe e re nang le yone ya go baka Modimo?

8 Re obamela Jehofa fa re mmaka. (Pes. 34:1) Re baka Jehofa ka go bolelela batho ba bangwe ka botho jwa gagwe jo bo kgatlhang le ka dilo tse a di dirang. Fa re leboga Jehofa, re tla nna le dilo di le dintsi tse re tla di buang ka ene. E bile fa re akanyetsa kwa teng ka dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone, re tla nna le mabaka a mantsi a go mmaka. Tiro ya go rera e re naya tshono ya go ‘baka Modimo, ka gonne seno se tshwana le setlhabelo se re se ntshetsang Modimo.’ (Baheb. 13:15) Fela jaaka re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se re tla se buang pele re rapela Jehofa, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se re se bolelelang batho ba re tla ba rerelang. Re batla go tseela “setlhabelo se re se ntshetsang Modimo” matsapa. Ke gone ka moo re rerang ka matlhagatlhaga.

9. Jaaka Baiseraele ba bogologolo, dipokano di re solegela molemo jang? Tlhalosa gore dipokano di go thusitse jang.

9 Re obamela Jehofa fa re nna gone kwa dipokanong. Baiseraele ba bogologolo ba ne ba bolelelwa jaana: “Gararo ka ngwaga, banna botlhe ba gago ba tle fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago mo lefelong le a le tlhophang.” (Dute. 16:16) Ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela magae le masimo a bone a sa tlhokomelwa ke ope. Mme Jehofa o ne a solofeditse jaana: “Ga go ope yo o tla eletsang lefatshe la gago fa o ile go bona sefatlhego sa ga Jehofa, Modimo wa gago.” (Ekes. 34:24) E re ka Baiseraele ba ne ba tshepa Jehofa, ba ne ba ya kwa meletlong eo ya ngwaga le ngwaga. Seo se ne se ba solegela molemo ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, ba ne ba ithuta go le gontsi ka Molao wa Modimo, ba akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a ba diretseng tsone e bile ba ne ba itumelela go nna le batho ba bangwe ba ba ratang Jehofa. (Dute. 16:15) Re solegelwa molemo ka tsela e e tshwanang fa re dira sotlhe se re se kgonang go ya dipokanong. Jehofa o itumela tota fa re ya dipokanong re baakanyeditse dikakgelo tse dikhutshwane mme di akanyeditswe sentle.

10. Goreng go opela e le selo sa botlhokwa mo kobamelong ya rona?

10 Re obamela Jehofa fa re opela le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Pes. 28:7) Baiseraele ba ne ba tsaya go opela e le selo sa botlhokwa thata mo kobamelong ya bone. Kgosi Dafide o ne a tlhopha Balefi ba le 288 gore ba opele kwa tempeleng. (1 Ditir. 25:1, 6-8) Gompieno, le rona re bontsha gore re rata Modimo ka go mo opelela dipina tsa pako. Ga go tlhokege gore re bo re itse go opela gore re dire jalo. Akanya ka seno: Fa re bua, “rotlhe re dira diphoso makgetlo a le mantsi” mme seo ga se re thibele go bua fa re le kwa dipokanong le fa re le kwa tshimong. (Jak. 3:2) Ka tsela e e tshwanang, le fa re akanya gore ga re itse go opela, ga re a tshwanela go letla seo gore se re thibele go baka Jehofa.

11. Go ya ka Pesalema 48:13, goreng re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta Baebele re le lelapa?

11 Re obamela Jehofa fa re ithuta Lefoko la gagwe le fa re ruta bana ba rona ka ene. Ka letsatsi la Sabata, Baiseraele ba ne ba sa bereke mme ba ne ba dirisa letsatsi leo go atamalana le Jehofa. (Ekes. 31:16, 17) Baiseraele ba ba neng ba ikanyega, ba ne ba ruta bana ba bone ka Jehofa le gore o molemo. Le gompieno re tshwanetse go ipha nako ya go bala le go ithuta Lefoko la Modimo. Fa re dira jalo, re tla bo re obamela Jehofa e bile seo se tla re thusa gore re atamalane le ene. (Pes. 73:28) Mme fa re ithuta mmogo re le lelapa, re ka kgona go thusa bana ba rona gore le bone e nne ditsala tsa Rraarona yo o kwa legodimong.—Bala Pesalema 48:13.

12. Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a leba tiro ya batho ba ba neng ba dira dilo tse di neng di tla tsena mo motlaaganeng?

12 Re obamela Jehofa fa re aga mafelo a kobamelo le go a tlhokomela. Baebele e re bolelela gore tiro ya go aga motlaagana le go dira dilo tse di neng di tla tsenngwa mo go one e ne e le “tirelo e e boitshepo.” (Ekes. 36:1, 4) Le gompieno, Jehofa o tsaya tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi le mafelo a mangwe a go mo obamela e le karolo ya kobamelo ya rona. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba fetsa nako e ntsi ba dira ditiro tseo. Ruri re lebogela matsapa a ba a tsayang mo tirelong ya ga Jehofa! Gape ba dira tiro ya go rera. Bangwe ba bone ba ka tswa ba batla go nna babulatsela. Bagolwane ba ka bontsha gore ba tshegetsa tiro ya go aga mafelo a go obamela Jehofa ka go naya bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba berekang ka natla tshono ya gore e nne babulatsela fa ba tshwanelega. Rotlhe re ka thusa ka go phepafatsa dikago tseo le go di tlhokomela, re ka tswa re itse go aga kgotsa re sa itse.

13. Re tshwanetse go leba jang meneelo e re e ntshetsang tiro e e direlwang Bogosi?

13 Re obamela Jehofa fa re ntsha meneelo go tshegetsa tiro e e direlwang Bogosi. Fa Baiseraele ba ne ba ya meletlong, ba ne ba tshwanetse go isetsa Jehofa dimpho. (Dute. 16:16) Ba ne ba tshwanetse go naya Jehofa se ba se kgonang. Fa ba dira jalo, ba ne ba bontsha gore ba lebogela sengwe le sengwe se Jehofa a ba direlang sone. Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa le gore re lebogela dilo tse a re direlang tsone? Tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone ke go ntsha moneelo o re ka o kgonang go tshegetsa phuthego ya rona le tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Modimo o itumelela mpho e motho a e ntshang ka go rata, ka gonne Modimo o lebeletse gore motho a ntshe se a nang le sone, e seng se a se nang sone.” (2 Bakor. 8:4, 12) Jehofa o itumelela meneelo e re mo ntshetsang yone le fa e ka tswa e le mennye.—Mar. 12:42-44; 2 Bakor. 9:7.     

14. Go ya ka Diane 19:17, fa re thusa bakaulengwe ba ba tlhokang, Jehofa o leba seo jang?

14 Re obamela Jehofa fa re thusa baobamedimmogo le rona ba ba tlhokang. Jehofa o ne a solofetsa Baiseraele ba ba neng ba abela bahumanegi gore o tla ba segofatsa. (Dute. 15:7, 10) Nako le nako fa re thusa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o tlhokang, Jehofa o tsaya seo e le mpho e re mo nayang yone. (Bala Diane 19:17.) Ka sekai, fa Paulo a ne a tshwerwe, Bakeresete ba kwa Filipi ba ne ba mo romelela mpho, mme o ne a re mpho eo ke “setlhabelo se se itumedisang Modimo.” (Bafil. 4:18) Akanya ka batho ba ba mo phuthegong ya lona mme o ipotse gore, ‘A go na le mongwe yo nka mo thusang?’ Jehofa o a itumela fa a bona re dirisa nako, maatla, bokgoni le dilo tse re nang le tsone go thusa ba bangwe. O tsaya seo e le karolo ya kobamelo ya rona.—Jak. 1:27.

GO OBAMELA JEHOFA GO A RE ITUMEDISA

15. Le fa kobamelo ya boammaaruri e tlhoka nako le matsapa, goreng e sa imele?

15 Kobamelo ya boammaaruri e tlhoka nako le matsapa. Mme gone, ga e imele. (1 Joh. 5:3) Goreng re rialo? Ka gonne re obamela Jehofa ka go bo re mo rata. Akanya ka ngwana yo monnye yo o batlang go naya rraagwe sengwe. A ka fetsa diura di le dintsi a mo toroela setshwantsho. Morwa yono ga a ikwatlhaele nako e a e fetsang a torowa setshwantsho seo. O rata rraagwe e bile o itumelela go mo naya mpho eo. Ka tsela e e tshwanang, re itumelela go dirisa nako ya rona le maatla a rona gore re obamele Jehofa ka gonne re mo rata.

16. Go ya ka Bahebera 6:10, Jehofa o ikutlwa jang ka matsapa a re a tsayang go mo itumedisa?

16 Batsadi ba ba lorato ga ba a lebelela gore bana ba bone ba ba neye dimpho tse di tshwanang. Ba a itse gore bana ba bone ga ba tshwane le gore ga ba kgone go dira dilo tse di tshwanang. Rraarona yo o kwa legodimong le ene o itse se mongwe le mongwe wa rona a kgonang go se dira. Gongwe o kgona go dira mo go oketsegileng go feta bangwe ba o ba itseng e bile o ba rata. Kgotsa ga o kgone go dira mo go oketsegileng jaaka bangwe, gongwe e le ka gonne o godile, o lwala kgotsa o na le maikarabelo a lelapa. O se ka wa kgobega marapo. (Bagal. 6:4) Jehofa ga a kitla a lebala tiro ya gago. Fa o dira sotlhe se o se kgonang e bile e le ka maikaelelo a a siameng, Jehofa o tla itumela. (Bala Bahebera 6:10.) Tota e bile, Jehofa o itse se o batlang go se dira. O batla gore o itumelele se o kgonang go mo direla sone.

17. (a) Fa go le thata go dira dilo dingwe mo kobamelong ya rona, ke eng se re ka se dirang? (b) Mo dilong tse di bontshitsweng mo lebokosong la “ Oketsa Boitumelo Jwa Gago,” ke sefe se se go thusitseng?

17 Re ka dira eng fa go le thata go dira dilo dingwe tse re tlotlileng ka tsone tse di jaaka go ithuta Baebele o le nosi kgotsa go rera? Fa re dira dilo tseno gangwe le gape, re tla itumela le go feta e bile di tla re solegela molemo thata. Re ka bapisa kobamelo ya rona le tiro nngwe e e jaaka go ikatisa kgotsa go letsa seletswa sengwe sa mmino. Fa re sa dire dilo tseno ka metlha, ga re kitla re tokafatsa. Mme go tla direga eng fa re dira tshwetso ya gore re di dire letsatsi le letsatsi? Gongwe re ka simolola ka go di dira metsotso e le mmalwa, mme fa nako e ntse e tsamaya re ka oketsa nako eo. Fa re bona diphelelo tse di molemo tsa matsapa a re a tsayang, re tla nna re lebile pele go dira dilo tseo e bile re tla di itumelela. Re ka dira se se tshwanang le ka kobamelo ya rona.

18. Ke selo sefe sa botlhokwa se re ka se dirang, mme go tla direga eng fa re se dira?

18 Selo sa botlhokwa thata se re ka se dirang mo botshelong jwa rona, ke go dira sotlhe se re ka se kgonang go obamela Jehofa. Fa re dira jalo, re tla tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang e bile re tla nna le tsholofelo ya go obamela Jehofa ka bosakhutleng. (Diane 10:22) Gone jaanong, re na le kagiso ya mogopolo ka gonne re a itse gore Jehofa o thusa batho ba ba mo obamelang fa ba na le mathata. (Isa. 41:9, 10) Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go itumela fa re obamela Rraarona yo o lorato, yo popo ya gagwe yotlhe e tshwanetseng ‘go mo galaletsa le go mo tlotla’!—Tshen. 4:11.      

PINA 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

^ E re ka Jehofa a bopile dilo tsotlhe, re tshwanetse go mo obamela. Jehofa o tla amogela sengwe le sengwe se re se dirang gore re mo obamele fa e le gore re ikobela melao le melaometheo ya gagwe. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le robedi tse re di dirang go obamela Jehofa. Re tla bona gore re ka tokafatsa jang tsela e re dirang dilo tseo ka yone le gore go dira jalo go ka re thusa jang gore re itumele.