Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Itshoka fa o Tlhobaela?

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Itshoka fa o Tlhobaela?

GO TLHOBAELA go ka dira gore o tshwenyege thata mo maikutlong. (Diane 12:25) A go na le sengwe se se kileng sa dira gore o tlhobaele thata mo botshelong? A o a tle o ikutlwe e kete ga o tlhole o kgona go itshoka? Fa e le gore go ntse jalo, ga o nosi. Bontsi jwa rona re ka tswa re ikutlwa re lapile, re tlhobaela e bile re tshwenyegile thata mo maikutlong ka ntlha ya mabaka a le mantsi. Ka sekai, bangwe ba ntse ba tlhokometse ba malapa a bone ba ba lwalang, bangwe ba tlhokafaletswe ke batho ba ba ba ratang thata mme ba bangwe bone ba amilwe ke masetlapelo a tlholego. Mme gone, ke eng se se ka re thusang gore re itshoke fa re tlhobaela? *

Sekao sa ga Kgosi Dafide se ka re bontsha gore re ka thusiwa ke eng gore re kgone go itshokela go tlhobaela. O ne a na le mathata a le mantsi mo botshelong jwa gagwe e bile ka dinako dingwe batho ba ne ba batla go mmolaya. (1 Sam. 17:34, 35; 18:10, 11) Dafide o ne a thusiwa ke eng gore a itshoke fa a ne a tlhobaela? Re ka etsa sekao sa gagwe jang?

KE ENG SE SE THUSITSENG DAFIDE GORE A ITSHOKE FA A TLHOBAELA?

Dafide o ne a tlhagelwa ke mathata a le mantsi ka nako e le nngwe. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa a ne a sia ka gonne Kgosi Saulo a batla go mmolaya. Fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba boela kwa Sikelage, ba ne ba fitlhela baba ba bone ba utswitse dithoto tsa bone, ba fisitse matlo e bile ba tsere ba malapa a bone ba ba isitse botshwarwa. Dafide o ne a dira eng? “Dafide le banna ba ba neng ba na le ene ba ne ba goa ba lela go fitlha ba sa tlhole ba na le maatla a go lela.” Se se neng se dira gore Dafide a tshwenyege le go feta ke gore banna bao ba gagwe “ba ne ba re ba mo kgobotletsa ka maje.” (1 Sam. 30:1-6) Go ne go na le dilo di le tharo tse di neng di diragalela Dafide ka nako e le nngwe: Lelapa la gagwe le ne le le mo kotsing, banna ba gagwe ba ne ba batla go mmolaya e bile o ne a sa ntse a sia ka gonne Kgosi Saulo a ne a batla go mmolaya. Dafide o tshwanetse a bo a ne a tlhobaela tota!

Dafide o ne a dira eng morago ga moo? Ka yone nako eo, “o ne a inonotsha ka Jehofa, Modimo wa gagwe.” Dafide o ile a dira seo jang? Dafide o ne a itlwaeditse go rapela Jehofa a mo kopa gore a mo thuse le go akanya ka dilo tse Jehofa a mo diretseng tsone mo nakong e e fetileng. (1 Sam. 17:37; Pes. 18:2, 6) Dafide o ne a itse gore o tshwanetse go kopa Jehofa gore a mo kaele, ka jalo o ne a botsa Jehofa gore a dire eng. Fa Jehofa a sena go mmolelela gore a dire eng, o ne a tsaya kgato ka yone nako eo. Seo se ne sa dira gore Jehofa a segofatse Dafide le banna ba gagwe mme ba ne ba kgona go golola ba malapa a bone le dithoto tsa bone. (1 Sam. 30:7-9, 18, 19) A o bone dilo di le tharo tse Dafide a di dirileng? O ne a rapela Jehofa a mo kopa gore a mo thuse, a akanya ka dilo tse Jehofa a mo diretseng tsone mo nakong e e fetileng a bo a tsaya kgato fa Jehofa a sena go mmolelela gore a dire eng. Re ka etsa Dafide jang? Ka ditsela tse tharo tse di latelang.

ETSA DAFIDE FA O TLHOBAELA

1. Rapela. Nako epe fela fa re tlhobaela, re ka rapela Jehofa mme ra mo kopa gore a re thuse le gore a re neye botlhale. Fa re mmolelela sengwe le sengwe se se re tshwenyang, re tla imologa. Mme fa re sa kgone go mmolelela sengwe le sengwe, re ka rapela ka bokhutshwane ka yone nako eo. Nako le nako fa re kopa Jehofa gore a re thuse, re bontsha gore re a mo tshepa fela jaaka Dafide a ne a dira. Dafide o ne a re: “Jehofa ke lefika la me le kago ya me e e thata e bile ke Ene yo o nkgololang. Modimo wa me ke lefika la me, yo ke tshabelang kwa go ene.” (Pes. 18:2) A thapelo e a thusa? Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Kahlia a re: “Fa ke sena go rapela, ke a imologa. Thapelo e nthusa gore ke akanye ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le gore ke mo tshepe le go feta.” Ruri thapelo ke mpho e e maatla tota e Jehofa a re neileng yone! E re thusa gore re kgone go itshoka fa re tlhobaela.

2. Akanya ka se Jehofa a go diretseng sone mo nakong e e fetileng. Fa o akanya ka se se go diragaletseng mo botshelong, a go na le diteko dingwe tse o neng wa kgona go di itshokela ka gonne Jehofa a ne a go thusa? Fa re akanya kafa Jehofa a re thusitseng ka gone le kafa a thusitseng batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng ka gone, re a imologa e bile re mo tshepa le go feta. (Pes. 18:17-19) Mogolwane mongwe yo o bidiwang Joshua a re: “Ke kwala lenaane la dithapelo tsa me tse Jehofa a di arabileng. Seo se nkgopotsa makgetlo a nkileng ka kopa Jehofa sengwe a bo a nnaya sone.” Fa re akanya ka makgetlo a mantsi a Jehofa a re thusitseng ka one mo nakong e e fetileng, re nna le maatla a go itshoka fa re tlhobaela.

3. Tsaya kgato ya go dira se Jehofa a reng o se dire. Pele re dira tshwetso ya gore re tla dira eng mo maemong mangwe, re ka leba mo Lefokong la Modimo go bona kaelo e e ka re tswelang mosola. (Pes. 19:7, 11) Batho ba le bantsi ba lemogile gore fa ba dira dipatlisiso mo temaneng nngwe, ba kgona go tlhaloganya gore temana eo e ka ba tswela mosola jang mo botshelong jwa bone. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Jarrod a re: “Go dira dipatlisiso go nthusa go tlhaloganya dilo di le dintsi ka temana nngwe le go tlhaloganya gore Jehofa o batla gore ke dire eng. Seno se nthusa go nweleletsa dintlha tseno mo pelong ya me gore ke kgone go latela kaelo e ke e newang.” Fa re batla kaelo ya ga Jehofa mo Dikwalong re bo re e dirisa, e tla re thusa go itshoka fa re tlhobaela.

JEHOFA O TLA GO THUSA GORE O KGONE GO ITSHOKA

Dafide o ne a itse gore re tlhoka thuso ya ga Jehofa gore re kgone go itshoka fa re tlhobaela. O ne a bontsha gore o lebogela tsela e Jehofa a mo thusitseng ka yone fa a ne a re: “Ka maatla a Modimo nka kgona go tlola lobota. Modimo wa boammaaruri ke ene yo o nnayang maatla.” (Pes. 18:29, 32) Re ka ikutlwa e kete diteko tsa rona di tshwana le lobota lo re ka se kgoneng go lo tlola. Mme fa Jehofa a re thusa, re ka kgona go itshokela diteko dingwe le dingwe tse re nnang le tsone. Fa re rapela Jehofa re mo kopa gore a re thuse, re akanya ka dilo tse a re diretseng tsone mo nakong e e fetileng re bo re tsaya kgato ya go dira se a reng re se dire, re ka tshepa gore o tla re naya maatla le botlhale jwa go itshoka fa re tlhobaela.

^ Motho yo o tlhobaelang thata a ka tlhoka go bona ngaka.