Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Mokeresete a tlhala mosadi wa gagwe e se ka lebaka le le tlhalosiwang mo Dikwalong a bo a nyala motho yo mongwe, phuthego e tshwanetse go leba lenyalo la gagwe la ntlha le lenyalo la gagwe le lesha jang?

Mo maemong a a ntseng jalo, phuthego e tla leba lenyalo la gagwe la ntlha le fedile fa monna yoo a nyala gape, mme lenyalo le lesha lone e tla le leba le le ka fa molaong. Gore re tlhaloganye mabaka a go bo re rialo, a re sekasekeng se Jesu a ileng a se bua ka go tlhala le go nyala gape.

Mo go Mathaio 19:9, Jesu o ne a bontsha lebaka le le lengwe fela le le tlhalosiwang mo Dikwalong la go bo motho a ka tlhala. O ne a re: “Ope fela yo o tlhalang mosadi wa gagwe, mme mosadi wa gagwe a sa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, a bo a nyala mosadi yo mongwe, o dira boaka.” Mafoko ao a ga Jesu a re bontsha (1) gore lebaka le le lengwe fela le le tlhalosiwang mo Dikwalong le le ka dirang gore motho a tlhale, ke fa molekane yo mongwe a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le (2) gore monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe e se ka lebaka leo le le tlhalosiwang mo Dikwalong a bo a nyala mosadi yo mongwe, o dira boaka. *

A mafoko a ga Jesu a raya gore fa monna a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo a bo a tlhala mosadi wa gagwe, o gololesegile go nyala gape go ya ka Dikwalo? Nnyaa le e seng. E re ka mosadi a se na molato, ke ene a tla dirang tshwetso ya gore a o itshwarela monna wa gagwe kgotsa nnyaa. Fa a sa mo itshwarele mme ba dira tshwetso ya gore ba tlhalane, boobabedi ba tla bo ba gololesegile go nyala gape fa ba sena go newa makwalo a tlhalo.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, mosadi a ka nna a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhala monna wa gagwe a bo a mmolelela gore o a mo itshwarela. Mme go tweng fa monna yo o dirileng boaka a sa batle gore mosadi wa gagwe a mo itshwarele mme a bo a mo tlhala ba sa dumalana? E re ka mosadi a ikemiseditse go mo itshwarela e bile a sa batle go mo tlhala, monna yoo o tla bo a sa gololesega go nyala gape go ya ka Dikwalo. Fa a ka dira tshwetso ya go nyala motho yo mongwe mme Dikwalo di sa mo letle go dira jalo, o tla bo a dira boaka gape. Ka jalo, bagolwane ba tla tshwanelwa ke go tlhoma komiti e nngwe ya boatlhodi e e tla sekasekang se a se dirileng.—1 Bakor. 5:1, 2; 6:9, 10.

Fa monna a nyala gape mme Dikwalo di sa mo letle go dira jalo, phuthego e tshwanetse go leba jang lenyalo la gagwe la ntlha le lenyalo la gagwe le lesha? A Baebele e a re o sa ntse a nyalane le mosadi wa gagwe wa ntlha? A molekane yo o se nang molato o sa ntse a ka dira tshwetso ya go itshwarela monna yoo yo a neng a nyalane le ene kgotsa nnyaa? A phuthego e tshwanetse go leba lenyalo le lesha e le lenyalo la boaka?

Mo nakong e e fetileng, phuthego e ne e leba lenyalo le lesha e le lenyalo la boaka fa fela molekane yo o se nang molato a ne a sa ntse a tshela, a ise a nyalwe gape e bile a sa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mme gone, fa Jesu a ne a bua ka kgang ya go tlhala le go nyala gape, ga a ka a bua sepe ka molekane yo o se nang molato. Go na le moo, o ne a re monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe e se ka lebaka le le tlhalosiwang mo Dikwalong a bo a nyala gape, o dira boaka. Mo maemong a a ntseng jalo, fa monna a tlhala mosadi wa gagwe a bo a nyala gape, o a bo a dira se Jesu a neng a re ke boaka, ka jalo lenyalo la gagwe la ntlha le a fela.

“Ope fela yo o tlhalang mosadi wa gagwe, mme mosadi wa gagwe a sa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, a bo a nyala mosadi yo mongwe, o dira boaka.”—Math. 19:9

Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe a bo a nyala mosadi yo mongwe, ga go tlhole go kgonega gore mosadi wa gagwe wa ntlha yo o seng molato a mo itshwarele. Ka jalo, ga a tlhole a tlhoka go dira tshwetso e e thata ya gore a o tla itshwarela monna wa gagwe kgotsa ga a kitla a mo itshwarela. Mo godimo ga moo, phuthego e tla leba lenyalo leo le lesha le le ka fa molaong, go sa kgathalasege gore a molekane yo o se nang molato o a tlhokafala, o nyalwa gape kgotsa o dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. *

Mo sekaing se re buileng ka sone kwa godimo, monna o ne a dira boaka mme seo se bo se dira gore ene le mosadi wa gagwe ba tlhalane. Mme go tweng fa e le gore monna ga a dira boaka, mme o ne a tlhala mosadi wa gagwe go tswa foo a bo a nyala mosadi yo mongwe? Kgotsa go tweng fa e le gore monna ga a ka a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo pele ga a tlhala mosadi wa gagwe mme o ne a bo dira fa a sena go mo tlhala, go tswa foo a bo a nyala mosadi yo mongwe le fa gone mosadi wa gagwe a ne a batla go mo itshwarela? Mo dikaing tseno, monna yoo yo o tlhadileng mosadi wa gagwe a bo a nyala gape o dira boaka, e bile seo se fedisa lenyalo la ntlha. Lenyalo le lesha le ka fa molaong. Makasine wa Tora ya Tebelo wa Seesemane wa November 15, 1979 mo tsebeng ya 32 o ne wa tlhalosa kgang eno jaana: “Jaanong o tsene mo lenyalong le lesha e bile ga a ka ke a tlhala a bo a boela kwa mosading wa gagwe wa ntlha ka gonne lenyalo la ntlha le ne la fela fa a ne a tlhala, a dira boaka a bo a nyala gape.”

Tsela eno e ntšha e re tlhaloganyang dilo ka yone, ga e nyenyefatse tsela e lenyalo le leng boitshepo ka yone e bile ga e dire gore go lebege e kete boaka ga se boleo jo bo masisi. Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe e se ka lebaka le le tlhalosiwang mo Dikwalong a bo a nyala mosadi yo mongwe a sa gololesega go dira jalo go ya ka Dikwalo, bagolwane ba tla mo tlhomela komiti ya boatlhodi ka gonne o tla bo a dirile boaka. (Fa e le gore mosadi wa lenyalo le lesha ke Mosupi, le ene o tla tlhomelwa komiti ya boatlhodi ka gonne o tla bo a dirile boaka.) Le fa gone lenyalo leno le lesha le ka se ka la tsewa e le lenyalo la boaka, monna yoo ga a ka ke a newa ditshiamelo dipe tse di kgethegileng mo phuthegong ka dingwaga di le dintsi go fitlha batho ba bangwe ba sa tlhole ba utlwisitswe botlhoko ke selo seo se se bosula se a se dirileng. Pele bagolwane ba mo naya ditshiamelo dingwe, ba tla akanya le ka maemo a mosadi wa gagwe wa ntlha yo a mo diretseng boferefere le ka bana ba bannye ba a ka tswang a ba tlogetse.—Mal. 2:14-16.

Re akantse ka diphelelo tseo tse di masisi tsa go tlhala le go nyala gape mme e se ka lebaka le le tlhalosiwang mo Dikwalong, Bakeresete ba tla bo ba le botlhale fa ba etsa Jehofa mme ba leba lenyalo le le boitshepo.—Mor. 5:4, 5; Baheb. 13:4.

^ Mo setlhogong seno, re tla bua ka monna e le ene a dirileng boaka mme mosadi e le molekane yo o se nang molato. Le fa go ntse jalo, se Jesu a ileng a se bua mo go Mareko 10:11, 12, se bontsha gore o ne a bua ka banna le basadi.

^ Seno se tlhabolola tsela e re neng re tlhaloganya dilo ka yone. Mo nakong e e fetileng, re ne re leba lenyalo leo e le la boaka go fitlha molekane yo o se nang molato a tlhokafala, a nyalwa gape kgotsa a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.