Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 25

Jehova U no Kombolela ba no Zwibatigwa

Jehova U no Kombolela ba no Zwibatigwa

“Muzwiibhatilane koga sa She sekwa bakamuzwiibhatigwa.”—BAKO. 3:13.

LUMBO 130 Lo Itshwarelane

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Jehova u no thembesani bathu ba no shandukila zwibi zwabo?

 LE FA Jehofa e le Mmopi, Moneimolao le Moatlhodi, gape ke Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong. (Pes. 100:3; Isa. 33:22) Fa re dira boleo re bo re ikwatlhaya go tswa pelong, o na le bokgoni jwa go re itshwarela e bile o eletsa go dira jalo. (Pes. 86:5) Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go re bolelela mafoko ano a a kgothatsang: “Le fa gone maleo a lona a le mahibidu, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.”—Isa. 1:18.

2. Kuti ti be ne mbakiso ne bangwe, ta ka fanila thamani?

2 E re ka re na le boleo, rotlhe re a tle re bue e bile re a tle re dire dilo tse di kgopisang batho ba bangwe. (Jak. 3:2) Mme seo ga se reye gore ga re ka ke ra kgona go atamalana le bone. Re ka kgona go dira jalo fa re ithuta go itshwarelana. (Diane 17:9; 19:11; Math. 18:21, 22) Fa re utlwisana botlhoko ka sengwe se re se buang kgotsa se re se dirang, Jehofa o batla gore re itshwarelane. (Bakol. 3:13) Go a utlwala gore re dire jalo ka gonne Jehofa o re itshwarela ka peloyotlhe le “ka bopelotshweu.”—Isa. 55:7.

3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore ke eng se rotlhe re ka se dirang go etsa tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone. E bile re tla bona dikarabo tsa dipotso tseno: Ke maleo afe a re tshwanetseng go a bolelela bagolwane? Ke eng fa Jehofa a batla gore re itshwarele ba bangwe? Mme re ka ithuta eng mo bakaulengweng le mo bokgaitsading ba rona ba ba ileng ba amiwa thata ke maleo a batho ba bangwe?

HA NKIRISITI E THAMA CHIBI CHIKULU

4. (a) Ha nlanda wa Jehova e thama chibi chikulu, wa ka fanila thamani? (b) Bakugwana ba nga thamani ha be shangana ne nthu wa thama phoso?

4 Fa mongwe a dirile boleo jo bo masisi re tshwanetse go bolelela bagolwane. Mangwe a maleo ao a umakiwa mo go 1 Bakorintha 6:9, 10. Maleo a a masisi ke go dira dilo tse di bosula tse di leng kgatlhanong le molao wa Modimo. Fa Mokeresete a dirile boleo jo bo masisi, o tshwanetse go rapela Jehofa Modimo gore a mo itshwarele e bile o tshwanetse go bua le bagolwane ba phuthego. (Pes. 32:5; Jak. 5:14) Bagolwane ba na le maikarabelo afe? Jehofa ke ene fela a kgonang go itshwarela maleo ka botlalo, e bile o dira jalo ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo. * Le fa go ntse jalo, Jehofa o neile bagolwane maikarabelo a go dirisa Dikwalo go bona gore a moleofi a ka tswelela a le mo phuthegong. (1 Bakor. 5:12) Gore ba kgone go dira jalo, ba leka pele go bona dikarabo tsa dipotso tseno: A motho yono o ne a ikaeletse go dira boleo joo? A o ne a leka go bo fitlhela ba bangwe? A o bo dirile ka lobaka lo loleele? Sa botlhokwa le go feta, a o bontsha gore o ikwatlhaela se a se dirileng le gore o batla go nna tsala ya ga Jehofa gape? A go na le bosupi jwa gore Jehofa o mo itshwaretse?—Dit. 3:19.

5. I mbayilo upi u no dwa mu nshingo we bakugwana?

5 Fa bagolwane ba kopana le motho yo o dirileng boleo, maikaelelo a bone ke go dira tshwetso e Jehofa a setseng a e dirile kwa legodimong. (Math. 18:18) Thulaganyo eno e solegela phuthego molemo jang? E sireletsa phuthego ka go tlhomamisa gore baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba se ka ba nna mo phuthegong, mme ba utlwisa batlhanka ba ga Jehofa botlhoko. (1 Bakor. 5:6, 7, 11-13; Tito 3:10, 11) Gape e ka thusa moleofi gore a ikwatlhaye mme Jehofa a mo itshwarele. (Luke 5:32) Bagolwane ba rapelela moleofi yo o ikwatlhayang ba bo ba kopa Jehofa gore a mo thuse go baakanya botsala jwa gagwe le Ene.—Jak. 5:15.

6. Ha nthu a thubugwa, ku nga khoneka kuti a zwibatigwe? Chenesa.

6 Go tweng fa e le gore motho yo o dirileng boleo ga a ikwatlhaye fa bagolwane ba bua le ene? Fa e le gore go ntse jalo, motho yoo o tla tlosiwa mo phuthegong. Mme fa e le gore o tlodile molao mongwe wa puso, bagolwane ga ba kitla ba mo sireletsa gore a se ka a lebana le diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa ditiro tse di bosula tse a di dirileng. Jehofa o letla dipuso go otlhaya ope fela yo o tlolang molao, a ka tswa a ikwatlhaya kgotsa a sa ikwatlhaye. (Bar. 13:4) Mme fa moragonyana motho yoo a lemoga gore se a se dirileng se phoso a bo a fetola tsela e a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone, Jehofa o tla mo itshwarela. (Luke 15:17-24) Tota le fa a dirile maleo a a masisi, Jehofa o tla mo itshwarela.—2 Ditir. 33:9, 12, 13; 1 Tim. 1:15.

7. Ti nga zwibatigwa chini nthu wa ti thamila dziphoso?

7 Re itumelela go itse gore ga re na maikarabelo a go dira tshwetso ya gore a Jehofa o tla itshwarela moleofi kgotsa nnyaa. Mme gone, go na le tshwetso e re tshwanetseng go e dira. Ke tshwetso efe eo? Mongwe a ka dira boleo jo bo masisi jo bo re amang mme morago a bo a re kopa gore re mo itshwarele. Mme mo maemong a mangwe, motho yoo a ka nna a se ka a kopa maitshwarelo. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra dira tshwetso ya gore re mo itshwarele mme re se ka ra tshwara sekgopi. Boammaaruri ke gore seno se ka tsaya lobaka le matsapa, segolobogolo fa e le gore re utlwile botlhoko thata. Makasine wa Tora ya Tebelo wa September 15, 1994 o bua jaana: “Fa o itshwarela moleofi, seno ga se reye gore o mpampetsa boleo joo. Mo Mokereseteng, go itshwarela go raya go tlogela dilo tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa ka go mo ikanya. Ke ene Moatlhodi yo o tshiamo wa lobopo lotlhe, mme o tla diragatsa tshiamiso ka nako e e tshwanetseng.” Goreng Jehofa a re kgothaletsa gore re itshwarele ba bangwe mme re se ka ra belaela gore o tla atlhola kgang ka tsela e e siameng?

LIBAKA GWE KU BE JEHOVA E TI SENDEDZELA KU ZWIBATIGWA

8. Ku zwibatigwa ko lakidza chini mahwilangoni a Jehova?

8 Fa re itshwarela ba bangwe, re bontsha gore re leboga Jehofa ka gonne a re utlwela botlhoko. Mo setshwantshong sengwe, Jesu o tshwantsha Jehofa le mong yo o neng a phimola sekoloto sa madi a mantsi se mongwe wa batlhanka ba gagwe a neng a sa kgone go se duela. Le fa go ntse jalo, motlhanka yoo ene ga a ka a utlwela botlhoko motlhanka yo mongwe yo o neng a mo kolota madi a a neng a se mantsi thata. (Math. 18:23-35) Jesu o ne a re ruta eng mo setshwantshong seo? Fa e le gore re lebogela tsela e Jehofa a re utlwelang botlhoko ka yone, re tla kgona go itshwarela ba bangwe. (Pes. 103:9) Mo dingwageng tse di fetileng, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa kgang eno jaana: “Le fa re ka tswa re itshwarela batho ba bangwe ka makgetlo a le mantsi go le kana kang, ga re ka ke ra itshwarela batho ba bangwe gantsi jaaka Modimo a re itshwarela a dirisa setlhabelo sa ga Keresete.”

9. Jehova u no lakidza boyani mahwilangoni? (Matewu 6:14, 15)

9 Fa re itshwarela ba bangwe, Jehofa o tla re itshwarela. Jehofa o kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko. (Math. 5:7; Jak. 2:13) Jesu o ne a gatelela ntlha eo fa a ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela. (Bala Mathaio 6:14, 15.) Pelenyana ga foo, Jehofa o ne a bua se se tshwanang fa a ne a bua le motlhanka wa gagwe e bong Jobe. Monna yoo yo o ikanyegang, o ne a utlwisitswe botlhoko ke mafoko a a tlhabang a banna ba bararo e bong Elifase, Biledade le Sofare ba a buileng. Jehofa o ne a laela Jobe gore a ba rapelele. Fa Jobe a sena go dira jalo, Jehofa o ne a mo segofatsa.—Jobe 42:8-10.

10. Ini ku bata nngwe ne moyo ku sa ka lulwama? (Baefesiya 4:31, 32)

10 Re ikutlwisa botlhoko fa re nna re boloketse ba bangwe sekgopi. Go boloka sekgopi go tshwana le go rwala morwalo o o bokete, mme Jehofa o batla gore re o role gore re imologe. (Bala Baefeso 4:31, 32.) O re rotloetsa gore re ‘tlogele bogale mme re lese go shakgala.’ (Pes. 37:8) Go dirisa kgakololo eno go tla re thusa. Go bolokela ba bangwe sekgopi go ka re utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo tlhaloganyong. (Diane 14:30) Fa re boloketse mongwe sekgopi, ga go ka ke ga mo utlwisa botlhoko, go ka tshwana le fa re nwa tšhefu re bo re solofela gore go swe motho yo o re kgopisitseng. Ga a ka ke a swa, go tlile go swa rona. Ka jalo, fa re itshwarela batho ba bangwe re itsholegela molemo. (Diane 11:17) Re nna le kagiso e bile re kgona go tswelela re direla Jehofa.

11. Baibili i no tini ne kwe ku zwigwilizila? (Baroma 12:19-21)

11 Pusoloso ke ya ga Jehofa. Jehofa ga a re naya maikarabelo a go ipusolosetsa fa ba bangwe ba re utlwisitse botlhoko. (Bala Baroma 12:19-21.) E re ka re se na dintlha tsotlhe e bile re na le boleo, ga re kgone go atlhola dilo sentle ka tsela e Modimo a ka di atlholang ka yone. (Baheb. 4:13) Ka dinako dingwe, tsela e re ikutlwang ka yone e ka dira gore re se ka ra dira dilo ka tsela e e siameng. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Jakobe go kwala mafoko ano: “Fa motho a galefile ga a dire se se siameng fa pele ga Modimo.” (Jak. 1:20) Ga re belaele gore Jehofa o tla atlhola ka tsela e e siameng e bile o tla tlhomamisa gore tshiamiso e a dirwa.

O se ka wa boloka sekgopi. Tlhatswega pelo gore Jehofa o tla atlhola dilo sentle. O tla tlosa dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko tse di bakilweng ke boleo (Bona serapa 12)

12. Ti nga themba chini ndulamo ya Jehova?

12 Fa re itshwarela ba bangwe, re bontsha gore re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla diragatsa tshiamiso. Fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla atlhola ka tsela e e siameng, re bontsha gore re dumela gore o tla phimola kutlobotlhoko yotlhe e e bakilweng ke boleo. Mo lefatsheng le lesha le a re solofeditseng lone, dilo tse di utlwisang botlhoko “ga di kitla di gakologelwa, e bile ga di kitla di tla mo pelong” gape. (Isa. 65:17) Mme gone, fa re utlwile botlhoko thata, a go a kgonega gore re se ka ra galefa kgotsa ra boloka sekgopi? A re boneng dikai tsa bangwe ba ba ileng ba kgona go dira jalo.

MBAYILO WE KU ZWIBATIGWA

13-14. Wa zwidiyani ne kwe ku zwibatigwa mu na cha ka shingikalila Tony na José?

13 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba sweditse ka gore ba itshwarele batho ba bangwe, tota le fa ba dirile dilo tse di neng di ba utlwisitse botlhoko thata. Go dira jalo go ba solegetse molemo jang?

14 Dingwaga di le dintsi pele Tony * yo o nnang kwa Philippines e nna Mosupi wa ga Jehofa, o ne a utlwa gore mogolowe o ne a bolailwe ke monna mongwe yo o bidiwang José. Ka nako eo, Tony o ne a rata ntwa e bile o ne a batla go ipusolosetsa. José o ne a tshwarwa a bo a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya se a neng a se dirile. Moragonyana fa José a sena go gololwa kwa kgolegelong, Tony o ne a ikemiseditse go mmatla gore a mmolaye. Gore a kgone go dira jalo, o ne a reka tlhobolo. Ka yone nako eo, Tony o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Fa ke ne ke ithuta Baebele, ke ile ka lemoga gore ke tshwanetse go tlogela dilo tse ke neng ke di dira le gore ke fetole botho jwa me jo bo jaaka go nna bogale.” Fa nako e ntse e tsamaya, Tony o ne a kolobediwa mme moragonyana o ne a nna mogolwane. O tshwanetse a bo a ile a gakgamala tota fa a utlwa gore José le ene ke Mosupi wa ga Jehofa! Fa ba kopana, ba ne ba hakana e bile Tony o ne a bolelela José gore o mo itshwaretse. Tony a re go itshwarela José go ne ga mo tlisetsa boitumelo jo bogolo jo a neng a sa kgone go bo tlhalosa. Ruri Jehofa o ne a segofatsa Tony ka go bo a ne a ikemiseditse go itshwarela.

Maitemogelo a ga Peter le Sue a bontsha gore re ka kgona go kgaotsa go galefa le go boloka sekgopi (Bona serapa 15-16)

15-16. Wa zwidiyani ne kwe ku zwibatigwa mu na cha ka shingikalila Peter na Sue?

15 Ka 1985, Peter le Sue ba ne ba le kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi fa bomo e thunya ka tshoganyetso. Monna mongwe o ne a tsentse bomo eo mo Holong ya Bogosi. Sue o ne a gobala thata mme seo se ne sa ama bokgoni jwa gagwe jwa go bona le go utlwa. Gape o ne a sa kgone go dupa. * Gangwe le gape Peter le Sue ba ne ba ipotsa gore, ‘Ke mang yo o dirileng selo se se bosula jalo?’ Dingwaga di le dintsi moragonyana, monna yo o neng a boma Holo ya Bogosi, yo e neng e se Mosupi wa ga Jehofa, o ne a tshwarwa a bo a atlholelwa go nna kwa kgolegelong botshelo jotlhe. Fa Peter le Sue ba ne ba bodiwa gore a ba itshwaretse monna yoo, ba ne ba re: “Jehofa o re ruta gore fa re nna re akanya ka botlhoko jo re bo utlwang kgotsa re boloka sekgopi, re ka ikutlwisa botlhoko mo mmeleng, mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Morago fela ga tiragalo eo, re ne ra kopa Jehofa gore a re thuse gore re itshwarele motho yoo gore re kgone go tshela ka kagiso.”

16 A go ne go le motlhofo gore ba itshwarele monna yoo? Go ne go se motlhofo. Ba tswelela ka go re: “Ka dinako dingwe fa Sue a nna le ditlhabi ka ntlha ya dikgobalo tse a nnileng le tsone, botlhoko jole bo a boa. Mme ga re nnele go akanya ka kgang eo, ka jalo maikutlo ao a fela ka bonako. Tota e bile, re ka re fa motho yoo yo o neng a boma Holo ya Bogosi e ka nna mokaulengwe wa rona letsatsi lengwe, re tla mo amogela ka pelo yotlhe. Maitemogelo ano a re rutile gore fa re dirisa melaometheo ya Baebele, re imologa go feta kafa re neng re ka akanya ka gone. Gape re gomodiwa ke go itse gore mo bogautshwaneng, Jehofa o tlile go tlosa mathata a tiragalo eno e re baketseng one.”

17. Wa zwidiyani ne kwe ku zwibatigwa mu na cha ka shingikalila Myra?

17 Myra o ithutile boammaaruri a setse a nyetswe e bile a na le bana ba babedi ba bannye. Monna wa gagwe ga a ka a amogela boammaaruri. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a dira boaka mme a tlogela lelapa la gagwe. Myra a re: “Fa monna wa me a sena go ntlogela le bana ba rona ba babedi, ke ne ke tle ke ikutlwe ka tsela e batho ba le bantsi ba a tleng ba ikutlwe ka yone fa ba sena go tsiediwa ke balekane ba bone. Ke ne ke tshogile, ke sa dumele se se diragetseng, ke utlwile botlhoko e bile ke ipona molato ka se monna wa me a se dirileng e bile ke galefile.” Le fa lenyalo la bone le ile la fela, Myra o ne a sa ntse a utlwisiwa botlhoko ke gore monna wa gagwe o ne a mo tsieditse. Gape Myra a re: “Ke ne ka tswelela ke tshwenyegile e bile ke galefile ka dikgwedi di le dintsi, mme ke ne ka lemoga gore maikutlo ao a ne a ama botsala jwa me le Jehofa le batho ba bangwe.” Myra a re gone jaanong ga a sa tlhole a galefile e bile ga a eletse gore monna yoo yo a neng a mo nyetse a diragalelwe ke dilo tse di bosula. O solofela gore letsatsi lengwe monna yoo o tla atamalana le Jehofa. Myra o kgona go tlhoma mogopolo mo dilong tse di tla diregang mo nakong e e tlang. O kgonne go thusa bana ba gagwe ba babedi gore e nne batlhanka ba ga Jehofa le fa a ne a ba godisa a le nosi. Gompieno Myra o itumelela go direla Jehofa mmogo le bana ba gagwe le ba malapa a bone.

NDULAMO YA JEHOVA YA KA PELELA

18. Ti nga themba Jehova chini se N’athuli u no pinda bose?

18 Go itse gore ga re na maikarabelo a go atlhola batho ba bangwe, go dira gore re imologe. E re ka Jehofa e le Moatlhodi Yo o Sa Tshwaneng le Ope, ke ene yo o tla dirang tiro eo e e botlhokwa. (Bar. 14:10-12) Ga re belaele gore ka metlha o tla atlhola go dumalana le melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang. (Gen. 18:25; 1 Dikg. 8:32) Ga a kitla a dira sepe se se sa siamang!

19. Ndulamo ya Jehova ya ka pelela i nowo khonani?

19 Re lebile pele kwa nakong ya fa Jehofa a tla bo a tlosa dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko tse di bakilweng ke batho le ke boleo. Ka nako eo, matsadi otlhe a re nang le one mo maikutlong le mo mmeleng a tla bo a tlositswe gotlhelele. (Pes. 72:12-14; Tshen. 21:3, 4) Dilo tseo ga di kitla di tla mo mogopolong gape. Fa re sa ntse re letetse nako eo e e itumedisang, re leboga Jehofa fela thata ka go bo a re neile bokgoni jwa go mo etsa ka go itshwarela batho ba bangwe.

LUMBO 18 Re Lebogela Thekololo

^ Jehofa o batla go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang. E re ka re le Bakeresete, re batla go etsa sekao sa gagwe mme re itshwarele ba bangwe fa ba re kgopisa. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka gore ke maleo afe a re ka a itshwarelang batho fa ba a dirile le gore ke afe a re ka a bolelelang bagolwane. Gape re tla bona gore goreng Jehofa a batla gore re itshwarele ba bangwe le gore re tla solegelwa molemo jang fa re dira jalo.

^ Bala “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 1996.

^ Maina mangwe a fetotswe.

^ Bala makasine wa Tsogang! wa January 8, 1992, ts. 9-13 ka Seesemane. Gape leba bidio ya setlhogo se se reng Peter and Sue Schulz: A Trauma Can Be Overcome, mo JW Broadcasting®.