Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 38

Dira Gore ba Bangwe ba go Tshepe

Dira Gore ba Bangwe ba go Tshepe

“Motho yo o ikanyegang o boloka sephiri.”—DIANE 11:13.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Re ka lemoga jang gore motho o a ikanyega?

 MOTHO yo o ikanyegang o leka ka natla go dira se a se solofeditseng e bile o bua boammaaruri. (Pes. 15:4) Batho ba a itse gore ba ka mo tshepa. Re batla gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ikutlwe jalo ka rona. Re ka dira eng gore ba re tshepe?

2. Re ka dira eng gore batho ba bangwe ba re tshepe?

2 Ga re ka ke ra pateletsa batho ba bangwe gore ba re tshepe. Re tshwanetse go dira dilo tse di tla dirang gore ba re tshepe. Go tshepa motho go tshwantshiwa le go nna le madi. A berekelwa ka thata, mme a ka fela ka bonako. Boammaaruri ke gore re tshepa Jehofa. Ga go na sepe se se ka dirang gore re se ka ra mo tshepa ka gonne “sengwe le sengwe se a se dirang se a ikanyega.” (Pes. 33:4) O batla gore re mo etse. (Baef. 5:1) A re tlotleng ka dikai tsa batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ba neng ba etsa Rraabone yo o kwa legodimong, mme ba bontsha gore ba ka ikanngwa. Gape re tlile go tlotla ka dinonofo tse tlhano tse di tla dirang gore batho ba bangwe ba re tshepe.

ITHUTE MO BATLHANKENG BA GA JEHOFA BA BA NENG BA IKANYEGA

3-4. Moporofeti Daniele o ne a bontsha jang gore o a ikanyega, mme seo se tshwanetse go re rotloetsa gore re ipotse dipotso dife?

3 Moporofeti Daniele ke mongwe wa batho ba ba neng ba ikanyega ba re ka ba etsang. Bababelona ba ne ba mo isa botshwarwa, mme go ise go ye kae batho ba ne ba lemoga gore o a ikanyega le gore a ka tshepiwa. Ba ne ba mo tshepa le go feta fa Jehofa a ne a mo thusa gore a tlhalose ditoro tsa ga Kgosi Nebukadenesare wa kwa Babelona. Nako nngwe Daniele o ne a tshwanelwa ke go bolelela kgosi eo gore Jehofa o ne a sa itumelele se a neng a se dira, mme e ne e ka se itumelele molaetsa oo. Seo se ne se tlhoka Daniele gore a nne pelokgale, ka gonne Nebukadenesare e ne e le motho yo o bogale. (Dan. 2:12; 4:20-22, 25) Dingwaga di le dintsi morago ga foo, Daniele o ile a bontsha gape gore o a ikanyega fa a ne a tlhalosa molaetsa o o sa tlwaelegang o o neng o tlhaga mo loboteng lwa ntlo ya segosi kwa Babelona. (Dan. 5:5, 25-29) Moragonyana, Kgosi Dario wa Momeda le badiredibagolo ba gagwe le bone ba ne ba lemoga gore Daniele o na le “moya o o sa tlwaelegang.” Ba ile ba ela tlhoko gore Daniele “o ne a ikanyega, a dira sengwe le sengwe se a neng a laelwa go se dira e bile ga go a ka ga fitlhelwa sepe se se bosula mo go ene.” (Dan. 6:3, 4) Tota le babusi ba ba neng ba sa obamele Jehofa, ba ne ba lemoga gore Daniele o a ikanyega.

4 Re ntse re akantse ka sekao sa ga Daniele, go botlhokwa gore re ipotse dipotso tseno: ‘A batho ba e seng Basupi ba a ntshepa? A batho ba nkitse ke le motho yo o dirang maikarabelo a ke a neilweng le yo o ka tshepiwang?’ Goreng go le botlhokwa gore re ipotse dipotso tseo? Ka gonne fa re ikanyega, re dira gore batho ba tshepe Jehofa.

Nehemia o ne a tlhopha banna ba ba ikanyegang gore ba dire ditiro tsa botlhokwa (Bona serapa 5)

5. Ke eng se se dirileng gore batho ba tshepe Hanania?

5 Ka 455 B.C.E., fa Mmusi Nehemia a sena go aga dipota tsa Jerusalema sesha, o ne a batla banna ba ba ka ikanngwang ba ba neng ba ka tlhokomela motse. Mongwe wa batho ba Nehemia a neng a ba tlhopha ke molaodi wa Kago ya Phemelo e bong Hanania. Baebele e tlhalosa Hanania e le “monna yo o ikanyegang thata [yo o neng] a boifa Modimo wa boammaaruri go gaisa ba bangwe ba bantsi.” (Neh. 7:2) Tsela e Hanania a neng a rata Jehofa ka yone e bile a sa batle o mo swabisa, e ne ya mo rotloetsa gore a dire ka natla mo kabelong nngwe le nngwe e a neng a e newa. Go rata Jehofa le go sa batle go mo swabisa, go ka dira gore batho ba bangwe ba re tshepe fa re ntse re mo direla.

6. Tikiko o ne a bontsha jang gore ke tsala e e ikanyegang ya ga moaposetoloi Paulo?

6 Akanya ka sekao sa ga Tikiko, e bong mokaulengwe yo moaposetoloi Paulo a neng a mo tshepa. Fa Paulo a ne a golegilwe mo ntlong, o ne a thusiwa ke Tikiko yo a neng a re e ne e le “modiredi yo o ikanyegang.” (Baef. 6:21, 22) Paulo o ne a mo naya maikarabelo a gore a ise makwalo kwa bakaulengweng ba kwa Efeso le kwa Kolosa le gore a ba kgothatse a bo a ba gomotse. Tikiko o re gopotsa banna ba ba ikanyegang ba re ka ba tshepang, ba ba re thusang gore re tswelele re atamalane le Jehofa gompieno.—Bakol. 4:7-9.

7. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba mo phuthegong ya lona ba go ruta eng ka go ikanyega?

7 Gompieno re leboga tota go bo re na le bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba ikanyegang. Fela jaaka Daniele, Hanania le Tikiko, bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba dira maikarabelo a bone ka pelo yotlhe. Ka sekai fa re ya kwa dipokanong tsa mo gare ga beke, re a itse gore dikarolo tsotlhe tse di mo thulaganyong di abetswe bangwe gore ba di neele. Bagolwane ba leboga tota fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neilweng dipuo ba di baakanyetsa ba bo ba di neela. Gape, fa re laletsa batho ba re ithutang le bone Baebele gore ba tle kwa dipokanong tsa mafelobeke, re a itse gore go tla bo go na le mongwe yo o neelang puo ya phatlalatsa. E bile re a itse gore dikgatiso tse re di dirisang kwa bodireding di tla bo di le teng. Bakaulengwe bano ba ba ikanyegang ba re tlhokometse, e bile re leboga Jehofa go bo a re neile bone. Mme gone, re ka bontsha ka ditsela dife gore re a ikanyega?

DIRA GORE BATHO BA BANGWE BA GO TSHEPE KA GO SA NTSHE DIPHIRI

8. Le fa re kgathalela batho ba bangwe, re ka bontsha jang gore re a ba tlotla? (Diane 11:13)

8 Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona e bile re itumelela go utlwa gore ba ntse ba tsoga jang. Le fa go ntse jalo, re bontsha gore re a ba tlotla fa re sa tsenelele thata mo dikgannyeng tsa bone. Bangwe mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete ba ne ba “itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe, ba bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” (1 Tim. 5:13) Rona ga re batle go tshwana le bone. Mme go tweng fa mongwe a re bolelela dikgang tse di mo amang mme a sa batle gore re di bolelele batho ba bangwe? Ka sekai, kgaitsadi mongwe a ka nna a re bolelela gore o tshwerwe ke bolwetse bongwe kgotsa gore o na le bothata bongwe a bo a re kopa gore re se ka ra bolelela batho ba bangwe ka jone. Re tshwanetse go dira se a re kopang gore re se dire. b (Bala Diane 11:13.) Jaanong a re boneng gore ke mo maemong afe mo re sa tshwanelang go senola dikgang tsa batho ba bangwe.

9. Mongwe le mongwe mo lelapeng a ka bontsha jang gore o a ikanyega?

9 Nna motho yo ba bangwe mo lelapeng ba ka mo tshepang. Mongwe le mongwe mo lelapeng o na le maikarabelo a go sa senole dikgang dingwe tsa lelapa. Ka sekai, monna a ka lemoga gore go na le tsela nngwe e mosadi wa gagwe a itshwarang ka yone. A o tla bolelela batho ba bangwe ka seo gore a mo tsenye matlho? Nnyaa, ga a kitla a dira jalo ka gonne o rata mosadi wa gagwe e bile ga a batle go dira sepe se se ka mo utlwisang botlhoko. (Baef. 5:33) Basha le bone ba batla go tlotliwa ka tsela nngwe. Go botlhokwa thata gore batsadi ba nne ba gakologelwa kgang eno. Ga ba a tshwanela go tsenya bana ba bone matlho ka go bolelela batho ba bangwe diphoso tse bana ba di dirileng. (Bakol. 3:21) Bana bone ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba bolelela batho ba bangwe dikgang tsa lelapa tse di ka tlhabisang bangwe mo lelapeng ditlhong. (Dute. 5:16) Fa mongwe le mongwe mo lelapeng a dira se a ka se kgonang gore a se ka a bolelela batho ba bangwe dikgang tsa lelapa, lelapa le tla atamalana thata.

10. Go nna tsala ya boammaaruri go kaya eng? (Diane 17:17)

10 Nna motho yo ditsala di ka mo tshepang. Re a tle re ikutlwe re batla go bolelela ditsala tse re atamalaneng le tsone kafa re ikutlwang ka gone. Ka dinako dingwe, seo se ka nna thata. Re ka tswa re sa tlwaela go bolelela batho ba bangwe gore re ikutlwa jang, ka jalo re ka utlwa botlhoko tota fa re ka lemoga gore tsala e boleletse batho ba bangwe se re mmoleletseng sone. Mme gone, re itumelela go bo re na le ditsala tse re ka di bolelelang kafa re ikutlwang ka gone, tse re itseng gore ga di kitla di bolelela batho ba bangwe dikgang tsa rona. Motho yo o ntseng jalo, ke “tsala ya boammaaruri.”—Bala Diane 17:17.

Bagolwane ga ba bolelele ba malapa a bone dikgang tse e leng sephiri (Bona serapa 11) c

11. (a) Bagolwane le basadi ba bone ba bontsha jang gore ba ka tshepiwa? (b) Re ithuta eng mo mogolwaneng mongwe yo o neng a sekaseka dikgang dingwe tsa phuthego tse e leng sephiri, mme morago a bo a sa di bolelele ba lelapa la gagwe? (Bona setshwantsho.)

11 Nna motho yo bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka mo tshepang. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tsaya bagolwane ba ba sa senoleng dikgang tsa batho ba bangwe e le “lefelo la go iphitlhela phefo, botshabelo.” (Isa. 32:2, ntlh.) Re a itse gore re ka bua le banna bano re sa boife sepe, re tlhatswegile pelo gore ga ba ka ke ba bolelela batho ba bangwe dikgang tsa rona. Ga re leke go dira gore ba re bolelele dilo tse ba sa tshwanelang go re bolelela tsone. E bile re tlotla basadi ba bagolwane ka gonne ga ba leke go dira gore banna ba bone ba ba bolelele dikgang tse di amang batho ba bangwe. Tota e bile, go botlhokwa thata gore mosadi wa mogolwane a se ka a bolelelwa dikgang tse di amang bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Mosadi mongwe yo monna wa gagwe e leng mogolwane a re: “Ke itumelela gore monna wa me ga a ke a mpolelela sepe ka batho ba ba tlhokang thuso ya bagolwane, e bile ga a ke a mpolelela maina a bone. Ke lebogela gore ga a ke a nkimetsa ka dikgang tse nka se kang ka kgona go dira sepe ka tsone. Seo se nthusa gore ke kgone go bua le mongwe le mongwe mo phuthegong ke phuthologile. E bile ke a itse gore fa ke mmolelela kafa ke ikutlwang ka gone kgotsa ke mmolelela mathata a me, ga a kitla a bolelela batho ba bangwe.” Gone ke boammaaruri gore rotlhe re batla go nna batho ba ba ka tshepiwang. Mme gone, ke dinonofo dife tse di ka re thusang gore re nne batho ba ba ntseng jalo? A re sekasekeng di le tlhano.

NNA LE DINONOFO TSE DI TLA DIRANG GORE BATHO BA GO TSHEPE

12. Goreng lorato e le nonofo ya botlhokwa thata e e tla re thusang gore batho ba bangwe ba re tshepe? Naya sekai.

12 Lorato lo dira gore batho ba bangwe ba re tshepe. Jesu o ne a re ditaelo tse pedi tsa botlhokwa thata ke go rata Jehofa le go rata moagelani. (Math. 22:37-39) Re rata Jehofa e bile re batla go etsa sekao sa gagwe se sentle sa go ikanyega. Ka sekai, tsela e re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka yone, e dira gore re se ka ra bolelela batho ba bangwe dikgang tse ba sa batleng gore batho ba bangwe ba di itse. Ga re a tshwanela go bolelela batho ba bangwe dikgang tseo ka gonne seo se ka dira gore batho ba ba di re boleletseng ba utlwe botlhoko kgotsa ba tlhabiwe ke ditlhong.—Joh. 15:12.

13. Boikokobetso bo ka dira jang gore batho ba bangwe ba re tshepe?

13 Boikokobetso bo tla dira gore batho ba bangwe ba re tshepe. Mokeresete yo o boikokobetso ga a leke go kgatlha batho ba bangwe ka go dira gore e nne ene motho wa ntlha go senola kgang nngwe. (Bafil. 2:3) Ga a leke go dira gore batho ba bangwe ba akanye gore o itse dikgang tsa botlhokwa tse batho ba bangwe ba sa di itseng. Gape boikokobetso bo tla dira gore a se ka a anamisa dikgang tse a se nang bosupi jwa tsone, tse Baebele kgotsa dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di sa bueng ka tsone.

14. Temogo e re thusa jang gore batho ba bangwe ba re tshepe?

14 Temogo e tla thusa Mokeresete go farologanya “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Mor. 3:7) Mo ditsong di le dintsi go tlwaelegile go dirisa mafoko a a reng “go botoka go didimala go na le go bua.” Ka mafoko a mangwe, go na le dinako tse go leng botoka gore motho a didimale go na le gore a bue. Ke gone ka moo Diane 11:12 e re gakololang jaana: “Motho yo o nang le temogo e kgolo o nna a didimetse.” Akanya ka sekai seno. Go na le mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo yo gantsi a kopiwang gore a thuse diphuthego tse dingwe fa di na le mathata mangwe. Ela tlhoko se mogolwane yo mongwe a neng a se bua ka ene: “Ka metlha o nna kelotlhoko gore a se ka a bolelela bagolwane ba bangwe dikgang tsa diphuthego tse dingwe.” E re ka mogolwane yono a na le temogo, bagolwane ba bangwe mo phuthegong e a leng mo go yone ba a mo tlotla. Ba a itse gore ga a ka ke a senola dikgang tse batho ba bangwe ba sa tshwanelang go di itse.

15. Naya sekai se se bontshang gore boikanyegi bo ka dira gore batho ba go tshepe.

15 Boikanyegi ke selo se sengwe gape se se ka dirang gore batho ba bangwe ba re tshepe. Re tshepa motho yo o ikanyegang ka gonne re a itse gore ka metlha o bua boammaaruri. (Baef. 4:25; Baheb. 13:18) Ka sekai, a re re o batla go tokafatsa tsela e o rutang ka yone. Ka jalo, o kopa mongwe gore a tle go reetsa puo ya gago mme a go neye dikakantsho tse di ka go thusang go tokafatsa. O tla kopa mang gore a go neye kgakololo? A o tla kopa motho yo o itseng gore o tla go bolelela se o batlang go se utlwa kgotsa a o tla kopa motho yo o itseng gore o tla go bolelela boammaaruri a le pelonomi? Ga go pelaelo gore o tla kopa motho yo o tla go bolelelang boammaaruri. Baebele e a re: “Go botoka go kgalemela motho o sa iphitlhe go na le go nna le lorato mme o sa lo bontshe. Go botoka go utlwisiwa botlhoko ke tsala e e ikanyegang.” (Diane 27:5, 6) Le fa go ka nna thata gore o amogele kgakololo e tsala ya gago e go neileng yone e sa go fitlhele sepe, e ka go solegela molemo fa nako e ntse e tsamaya.

16. Diane 10:19 e bontsha jang gore go nna boikgapo go botlhokwa?

16 Go botlhokwa thata gore re nne boikgapo gore batho ba bangwe ba kgone go re tshepa. Nonofo eo e tla re thusa gore re didimale fa go na le maemo mangwe a a re raelang gore re senole dikgang tsa batho ba bangwe. (Bala Diane 10:19.) Go ka nna thata gore re nne boikgapo fa re romelela batho melaetsa ka didirisiwa tsa ileketeroniki. Fa re se kelotlhoko, re ka bolelela batho ba bantsi dikgang tse di amang batho ba bangwe tse ba sa tshwanelang go di itse re sa ikaelela. Fa re sena go romela molaetsa ka didirisiwa tsa ileketeroniki, ga re ka ke ra kgona go laola gore batho ba bangwe ba tla dirisa tshedimosetso eo jang kgotsa gore e tla baka mathata afe. Gape boikgapo bo tla re thusa gore re didimale fa baganetsi ba leka go re tsietsa gore re senole tshedimosetso e e ka tsenyang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo mathateng. Seo se ka direga fa mapodise a re botsa dipotso mo nageng e tiro ya rona e thibetsweng mo go yone. Mo boemong joo le mo go a mangwe, re ka dirisa molaomotheo wa gore re ‘tswale melomo ya rona.’ (Pes. 39:1) Re tshwanetse go ikanyega fa re dirisana le ba malapa a rona, ditsala, bakaulengwe le bokgaitsadi kgotsa batho ba bangwe. Mme gone, gore re ikanyege, re tshwanetse go nna boikgapo.

17. Re ka dira eng gore re tshepane mo phuthegong?

17 Ruri re leboga Jehofa go bo a re gogetse mo lelapeng la gagwe la batho ba ba lorato le ba ba ikanyegang! Rotlhe re na le maikarabelo a go dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba re tshepe. Fa mongwe le mongwe wa rona a leka ka natla go rata ba bangwe, go nna boikokobetso, go nna le temogo, go ikanyega le go nna boikgapo, seo se tla dira gore rotlhe mo phuthegong re tshepane. Re tshwanetse go tswelela re dira ka natla go bontsha batho ba bangwe gore ba ka re tshepa. E kete re ka etsa Modimo wa rona e bong Jehofa mme ra tswelela re bontsha gore re batho ba ba ka tshepiwang.

PINA 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

a Fa re batla gore batho ba bangwe ba re tshepe, re tshwanetse go dira dilo tse di bontshang gore re a ikanyega. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore goreng go ikanyega go le botlhokwa le gore ke dinonofo dife tse di tla dirang gore batho ba bangwe ba re tshepe.

b Fa re lemoga gore mongwe mo phuthegong o dirile boleo jo bo masisi, re tshwanetse go mo kgothaletsa gore a ye go kopa thuso kwa bagolwaneng. Fa a sa dire jalo, re tshwanetse go bolelela bagolwane kgang eo ka gonne re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mogolwane ga a bolelele ba lelapa la gagwe dikgang tsa batho ba bangwe tse a neng a di sekaseka.