Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Itumeletse go Ithuta ka Jehofa le go Ruta ka Ene

Ke Itumeletse go Ithuta ka Jehofa le go Ruta ka Ene

KE GOLETSE kwa Easton kwa Pennsylvania, U.S.A., mme ke ne ke batla go ya kwa yunibesithing, ka gonne ke ne ke eletsa go atlega mo botshelong. Ke ne ke itumelela dithuto tsa me, mme ke ne ka dira bontle mo tlelaseng ya dipalo le ya saense. Ka 1956, mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa batho o ne wa mpha didolara di le 25 ka gonne ke ne ke le mongwe wa baithuti ba bantsho yo o neng a bone maduo a a kwa godimo. Moragonyana ke ne ka fetola mekgele ya me. Goreng ke ile ka dira jalo?

KAFA KE ITHUTILENG KA JEHOFA KA GONE

Mo masimologong a bo1940, batsadi ba me ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Thuto eo ga e a ka ya tswelela, le fa go ntse jalo mmê o ne a nna a amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ka 1950 go ne ga tshwarwa kopano ya ditšhabatšhaba kwa New York City, mme lelapa la gaetsho le ne la amogela taletso ya go nna gone kwa kopanong eo.

Ka bonakonyana fela morago ga foo, Mokaulengwe Lawrence Jeffries o ne a simolola go nna a re etela. O ne a leka go nthusa go ithuta boammaaruri. Kwa tshimologong, ke ne ke sa dumalane le ene ka kgang ya gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking le mo sesoleng. Ke ne ka mmolelela gore fa batho botlhe mo Amerika ba ka gana go ya ntweng, baba ba ka tla ba bo ba gapa naga ya rona. Mokaulengwe Jeffries o ne a mpotsa jaana a le pelotelele: “O akanya gore Jehofa Modimo o ne a tla dira eng fa batho botlhe mo Amerika ba ne ba mo direla mme ba bo ba tla go ba tlhaselwa ke baba?” Se a ileng a se bua ka kgang eno le ka tse dingwe, se ne sa dira gore ke lemoge gore se ke neng ke se bua se ne se sa utlwale. Seo se ne sa dira gore ke kgatlhegele go ithuta boammaaruri jwa Baebele.

Fa ke ne ke kolobediwa

Ke ile ka fetsa diura tse dintsi ke bala dimakasine tsa bogologolo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse mmê a neng a di bolokile. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore se ke neng ke se ithuta e ne e le boammaaruri, ka jalo ke ne ka dumela gore Mokaulengwe Jeffries a nthute Baebele. Gape ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong ka metlha. Ke ne ke rata se ke neng ke se ithuta, mme ke ne ka nna mmoledi wa dikgang tse di molemo. Mekgele ya me e ne ya fetoga fa ke ne ke lemoga gore “letsatsi le legolo la ga Jehofa [le ne le] le gaufi.” (Sefa. 1:14) Jaanong ke ne ke sa tlhole ke batla go ya kwa yunibesithing, go na le moo ke ne ke batla go thusa batho ba bangwe go itse boammaaruri jwa Baebele.

Ke ne ka fetsa kwa sekolong se segolwane ka June 13, 1956, mme malatsi a le mararo morago ga moo, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya potologo. Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore ke tla nna le masego a mantsi ka gonne ke dirisitse botshelo jwa me go ithuta ka Jehofa le go ruta ba bangwe ka ene.

GO ITHUTA KA JEHOFA LE GO RUTA BA BANGWE KA ENE KE LE MMULATSELA

Dikgwedi di le thataro fa ke sena go kolobediwa, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Tirelo ya Bogosi ya December 1956 ya Seesemane e ne e na le setlhogo se se reng, “A o Ka Direla Kwa go Tlhokegang Bareri Gone?” Ke ne nka kgona go dira jalo. Ke ne ke batla go thusa kwa go se nang bareri ba bantsi teng.—Math. 24:14.

Ke ne ka fudugela kwa Edgefield kwa South Carolina. Phuthego ya koo e ne e na le baboledi ba le banê fela. Jaanong re ne ra nna batlhano. Re ne re tshwarela dipokano mo legaeng la mokaulengwe mongwe. Kgwedi le kgwedi, ke ne ke fetsa diura tse 100 mo bodireding. Ke ne ke etelela pele mo tirelong ya tshimo e bile ke neela dipuo mo dipokanong. Se se kgatlhang ke gore fa ke ne ke ntse ke dira tiro e e oketsegileng mo phuthegong, ke ne ke ithuta dilo di le dintsi ka Jehofa.

Mosadi mongwe yo ke neng ke mo ruta Baebele o ne a na le mmotšhari kwa Johnston, e leng toropo e e gaufi le kwa re neng re nna gone. O ne a mpha tiro e ke neng ke e dira ka malatsi mangwe, gape o ne a re naya kago nngwe gore re tshwarele dipokano mo go yone.

Mokaulengwe Jolly Jeffries, e bong ngwana wa mokaulengwe yo o neng a nthuta Baebele, o ne a fuduga kwa Brooklyn, New York, mme a tla go nna mmulatsela le nna. Re ne re nna mo tereilareng e re neng re e adimilwe ke mokaulengwe mongwe.

Madi a babereki ba neng ba a amogela a ne a le kwa tlase kwa South Carolina. Re ne re amogela didolara di le pedi kgotsa di le tharo ka letsatsi. Nako nngwe ke ne ka dirisa madinyana a me a bofelo go reka dijo. Fa ke tswa mo shopong, monna mongwe o ne a tla kwa go nna a bo a mpotsa gore: “A o batla tiro? Ke tla go duela dolara e le nngwe ka ura.” O ne a mpha tiro ya malatsi a mararo ya go phepafatsa lefelo le go agiwang kwa go lone. Ke ne ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a nthusa gore ke tswelele ke dula mo Edgefield. Ke ne ka kgona go ya kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa New York City ka 1958.

Ka letsatsi la rona la lenyalo

Mo letsatsing la bobedi la kopano, go ne ga direga sengwe se se kgethegileng. Ke ne ka kopana le Ruby Wadlington, yo e neng e le mmulatsela wa ka metlha kwa Gallatin kwa Tennessee. E re ka roobabedi re ne re batla go nna barongwa, re ne ra ya kwa pokanong ya ba ba batlang go ya Gileade, e e neng e tshwerwe kwa kopanong eo. Moragonyana, re ne ra simolola go kwalelana makwalo. Nako nngwe ke ne ka lalediwa go ya go neela puo ya phatlalatsa kwa Gallatin. Ke ne ka dirisa tshono eo go mo kopa gore re nyalane. Morago ga moo, ke ile ka fudugela kwa phuthegong e Ruby a neng a le mo go yone, mme re ne ra nyalana ka 1959.

GO ITHUTA KA JEHOFA LE GO RUTA BA BANGWE KA ENE MO PHUTHEGONG

Fa ke na le dingwaga di le 23, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa phuthego (yo gone jaanong a bidiwang morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane) kwa Gallatin. Phuthego ya rona e ne e le yone ya ntlha go etelwa ke Mokaulengwe Charles Thompson yo o neng a sa tswa go nna molebedi wa potologo. O ne a na le maitemogelo, le fa go ntse jalo o ne a mpotsa gore ke dilo dife tse bakaulengwe ba di tlhokang, le gore balebedi ba bangwe ba potologo ba ne ba thusitse bakaulengwe jang ka dilo tseo. Ke ne ka ithuta mo go ene gore go botlhokwa gore o botse dipotso le go nna le dintlha tsotlhe pele ga o dira ditshwetso.

Ka May 1964, ke ne ka lalediwa go nna gone kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi se se tsayang kgwedi, se se neng se tshwaretswe kwa South Lansing kwa New York. Bakaulengwe ba ba neng ba re ruta kwa sekolong seno, ba ne ba dira gore ke eletse go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa le gore ke nne tsala ya gagwe.

GO ITHUTA KA JEHOFA LE GO RUTA BA BANGWE KE LE MOLEBEDI WA POTOLOGO LE WA KGAOLO

Nna le Ruby re ne ra amogela taletso ya go nna bapotologi ka January 1965. Potologo ya rona ya ntlha e ne e le kgolo tota. E ne e simologa kwa Knoxville kwa Tennessee go ya go fitlha kwa Richmond kwa Virginia. E ne e akaretsa diphuthego tse di kwa North Carolina, Kentucky le West Virginia. Ke ne ke etela diphuthego tsa bakaulengwe ba bantsho fela, ka gonne ka nako eo tlhaolele e ne e aname kwa borwa jwa United States, ka jalo batho ba bantsho le ba basweu ba ne ba sa letlelelwe go kopana mmogo. Bakaulengwe ba ne ba humanegile, ka jalo re ne ra ithuta go kgaogana se re nang le sone le ba ba tlhokang. Molebedi mongwe wa potologo yo o diretseng ka lobaka lo loleele o ne a nthuta thuto eno ya botlhokwa: “Nna mokaulengwe. Fa o etetse phuthego, o se ka wa itira bôsô ya bone. O ka kgona go ba thusa fa fela ba lemoga gore o mokaulengwe wa bone.”

Fa re ne re etetse phuthego nngwe e nnye, Ruby o ne a simolola thuto ya Baebele le mosadi mongwe yo o neng a na le ngwana wa mosetsana yo o nang le ngwaga o le mongwe. E re ka go ne go se na ope mo phuthegong eo yo o ka ithutang le ene, Ruby o ne a ithuta le ene ka go mo kwalela makwalo. Fa re ne re etetse phuthego eo lekgetlo le le latelang, mosadi yoo o ne a nna gone kwa dipokanong ka metlha. Fa bokgaitsadi ba babedi ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba abelwa go ya go direla mo phuthegong eo, ba ne ba tswelela ba ithuta le ene, mme go ise go ye kae o ne a kolobediwa. Dingwaga di le 30 morago ga moo ka 1995, re le kwa Bethele ya Patterson, kgaitsadi mongwe yo mosha o ne a tla go dumedisa Ruby. E ne e le morwadie mosadi yole yo Ruby a neng a mo ruta Baebele. Kgaitsadi yono le monna wa gagwe e ne e le baithuti ba tlelase ya bo100 ya Sekolo sa Gileade.

Potologo ya rona ya bobedi e ne e le kwa bogareng jwa Florida. Ka nako eo re ne re tlhoka koloi, mme re ne ra reka koloi ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Le fa go ntse jalo, go ne ga senyega sengwe mo enjeneng ya koloi eo. Re ne re se na madi a go e baakanya. Ke ne ka founela mokaulengwe mongwe yo ke neng ke akanya gore o tla kgona go re thusa. O ne a kopa mongwe wa babereki ba gagwe gore a re baakanyetse koloi mme mokaulengwe yoo o ne a sa batle gore re mo duele. O ne a re raya a re, “Ga lo nkolote sepe.” Tota e bile o ile a re fa madi e le mpho! Seo e ne e le sekai se se molemo tota se se bontshang gore Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe. Se ne sa re gopotsa gore re tshwanetse go abela ba bangwe ka bopelotshweu.

Re ne re nna mo malapeng a bakaulengwe fa re etetse diphuthego. Seo se ne sa dira gore re nne le ditsala tse dintsi tse di molemo. Letsatsi lengwe ke ne ka tlogela pego ya phuthego e ke neng ke e kwala mo motšhining wa go tlanya ke ise e fetse. Maitseboa fa ke boa, ke ne ka fitlhela mosimanyana wa dingwaga tse tharo wa lelapa le re neng re nna le lone a tlhakatlhakantse dilo a ithaya a re o a kwala. Ke feditse dingwaga tse dintsi ke dira motlae ka ene ka kgang eo.

Ka 1971, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le nkitse gore ke abetswe go ya go direla ke le molebedi wa kgaolo kwa New York City. Re ne re gamaregile! Fa re fudugela koo, ke ne ke na le dingwaga di le 34. Bakaulengwe ba ne ba itumeletse go nna le molebedi wa kgaolo wa ntlha wa motho montsho.

E re ka ke ne ke le molebedi wa kgaolo, ke ne ke itumelela go ruta ka Jehofa kwa kopanong ya potologo mafelobeke mangwe le mangwe. Bontsi jwa balebedi ba potologo ba ne ba na le maitemogelo go nkgaisa. Mongwe wa bone ke yo o neng a neetse puo fa ke ne ke kolobediwa. Mme yo mongwe e ne e le mokaulengwe Theodore Jaracz, yo moragonyana a neng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Gape go ne go na le bakaulengwe ba bantsi ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba direla kwa Bethele ya Brooklyn. Ke ne ke itumelela gore balebedi bao ba potologo le maloko a lelapa la Bethele, ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke phuthologile. Ke ne ka lemoga gore banna bano ke badisa ba ba lorato, ba ba neng ba ikaegile ka Lefoko la Modimo e bile ba ema nôkeng phuthego ya gagwe. Boikokobetso jwa bone bo ne jwa dira gore kabelo ya me ya go nna molebedi wa kgaolo e nne motlhofo.

KE NE KA NNA MOLEBEDI WA POTOLOGO GAPE

Ka 1974 Setlhopha se se Laolang se ne sa abela balebedi bangwe ba potologo gore ba direle e le balebedi ba kgaolo, mme nna ke ne ka abelwa go nna molebedi wa potologo gape, mme mo lekgetlong leno ke ne ka abelwa go ya go direla kwa South Carolina. Se se itumedisang ke gore ka nako eo, diphuthego le dipotologo tsa bakaulengwe ba bantsho le ba basweu di ne di kgona go kopana mmogo, mme bakaulengwe ba ne ba itumelela seo thata.

Kwa bowelong jwa 1976, ke ne ka abelwa go ya go direla kwa potologong e e kwa Georgia e e magareng ga Atlanta le Columbus. Ke sa ntse ke gopola sentle fa ke ne ke neetse puo ya phitlho ya bana ba batlhano ba lelapa la bantsho, ba ba ileng ba tlhokafala fa batho bangwe ba ne ba fisa ntlo ya bone. Mmaabone o ne a robadiwa kwa sepetlele ka gonne a ne a gobetse. Bontsi jwa bakaulengwe ba bantsho le ba basweu, ba ne ba nna ba ya kwa sepetlele go ya go gomotsa batsadi bao. Ke ne ka lemoga gore ruri bakaulengwe bano ba a ratana. Fa batlhanka ba Modimo ba ratana ka tsela eno, ba kgona go itshokela maemo a a thata.

GO ITHUTA KA JEHOFA LE GO RUTA BA BANGWE KA ENE KWA BETHELE

Ka 1977 re ne ra kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya Brooklyn dikgwedi di le mmalwa, re thusa mo porojekeng nngwe. Fa porojeke eo e le gaufi le go fela, maloko a mabedi a Setlhopha se se Laolang a ne a mpitsa mme a mpotsa gore a nna le Ruby re ka se rate go direla mo Bethele ka nako e e tletseng. Re ne ra amogela taletso eo.

Ke ne ka fetsa dingwaga di le 24 ke direla mo Lefapheng la Tirelo, le mo go lone gantsi bakaulengwe ba thusang ka go araba dipotso tse di thata. Go ralala dingwaga, Setlhopha se se Laolang se ntse se re naya kaelo e e dumalanang le melaometheo ya Baebele. Kaelo eno e thusa Lefapha la Tirelo go araba dipotso, mme gape e dirisiwa go katisa balebedi ba potologo, bagolwane le babulatsela. Katiso eno e thusitse batho ba le bantsi gore ba nne Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong. Mme seo se nonotshitse phuthego ya ga Jehofa.

Go simologa ka 1995 go fitlha ka 2018, ke ne ke etela diofisi tsa makala tse di farologaneng ke le moemedi wa ntlokgolo, yo pele a neng a bidiwa molebedi yo o etelang makala. Ke ne ke kopana le Dikomiti Tsa Makala, maloko a lelapa la Bethele le barongwa gore ke ba kgothatse le go ba thusa ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. Mme ka metlha, nna le Ruby re ne re kgothadiwa ke maitemogelo a ba neng ba re bolelela one. Ka sekai, ka 2000 re ne ra etela kwa Rwanda. Re ne ra amiwa maikutlo ke go utlwa kafa bakaulengwe le maloko a lelapa la Bethele ba ileng ba falola ka gone go gailwa ga merafe go go neng ga direga ka 1994. Bontsi jwa bone ba ne ba tlhokafaletswe ke ba masika. Le fa gone bakaulengwe bao ba ile ba lebana le maemo ao a a thata, ba ne ba na le tumelo le tsholofelo e bile ba ne ba itumetse.

Ka letsatsi le re nyalaneng ka lone morago ga dingwaga di le 50

Gone jaanong re na le dingwaga di feta 80. Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, ke ntse ke direla mo Komiting a Lekala la United States. Ga ke ise ke tsamaye ke ye kwa yunibesithing; mme gone ke bone thuto ya maemo a a kwa godimo e ke e neilweng ke Jehofa le phuthego ya gagwe. Seno se nthusitse gore ke kgone go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele jo bo ka ba solegelang molemo ka bosakhutleng. (2 Bakor. 3:5; 2 Tim. 2:2) Ke bone kafa molaetsa wa Baebele o thusitseng batho ka gone gore ba fetole matshelo a bone mme ba nne ditsala tsa Mmopi wa bone. (Jak. 4:8) Nna le Ruby re nna re kgothatsa ba bangwe ka mo re ka kgonang ka teng gore ba anaanele tshiamelo e re nang le yone ya go ithuta ka Jehofa le go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, e leng tshiamelo e kgolo e motlhanka wa ga Jehofa a ka itumelelang go nna le yone!