Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Moaposetoloi Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re o tshwana le “losea lo lo tsetsweng pele ga nako”? (1 Bakorintha 15:8)

Go ya ka 1 Bakorintha 15:8, Paulo o ne a re: “Kwa bofelong o ne a bonala le mo go nna, ka ntlha ya seno ke tshwana le losea lo lo tsetsweng pele ga nako.” Mo nakong e e fetileng, re ne re tlhalosa gore Paulo o ne a bua ka maitemogelo a a ileng a nna le one fa a ne a bona ponatshegelo ya ga Jesu a le kwa legodimong a galalela. Go ne go ntse jaaka e kete o ne a neilwe tshiamelo ya gore a tsholwe kgotsa a tsosediwe go ya go tshela kwa legodimong pele ga nako, dingwaga di le dintsi pele ga tsogo ya mofuta oo e ka direga. Mme fa re sena go sekaseka temana eno ka kelotlhoko, re ile ra lemoga gore re tlhoka go fetola tsela e re ntseng re e tlhalosa ka yone.

Ke boammaaruri gore Paulo o ne a bua ka se se ileng sa direga fa a ne a sokologa. Mme gone, o ne a kaya eng fa a ne a re ‘o tsetswe pele ga nako’? A ka tswa a ne a kaya dilo tse di farologaneng.

O ne a sokologa ka ponyo ya leitlho e bile seo se ne se tshosa. Gantsi fa mosadi a tshola ngwana pele ga nako, seo se direga a sa lebelela. Fa Saulo (yo moragonyana a ileng a bidiwa Paulo) a ne a ya kwa Damaseko gore a ye go bogisa Bakeresete ba koo, o ne a sa solofela go bona ponatshegelo ya ga Jesu yo o tsositsweng mo baswing. Go sokologa ga ga Paulo go ne go sa gakgamatsa ene fela, mme go ne go gakgamaditse le Bakeresete ba a neng a ikaeletse go ya go ba bogisa kwa motseng oo. Mo godimo ga moo, se se ileng sa direga se ne se tshosa thata mo e leng gore o ne a se ka a kgona go bona ka nakwana.—Dit. 9:1-9, 17-19.

O ne a sokologa ka “nako e e sa siamang.” Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le “losea lo lo tsetsweng pele ga nako,” gape le ka ranolwa e le “losea lo lo tsetsweng ka nako e e sa siamang.” The Jerusalem Bible e ranotse temana eno jaana: “Go ne go ntse jaaka e kete ke ne ka tsholwa ka nako e ope a neng a sa e lebelela.” Fa Paulo a ne a sokologa, Jesu o ne a setse a boetse kwa legodimong. Go farologana le batho ba Paulo a neng a bua ka bone mo ditemaneng tse di fetileng, ene o ne a ise a bone Jesu yo o tsositsweng pele ga a tlhatlogela kwa legodimong. (1 Bakor. 15:4-8) Fa Jesu a ne a iponatsa kwa go Paulo ka tshoganyetso, tiragalo eo e ne ya naya Paulo tshono ya go bona Jesu fa a sena go tsosiwa mo baswing, le fa go ne go lebega e kete seo se diragetse ka “nako e e sa siamang.”

O ne a bontsha gore o ikokobeditse. Go ya ka baithuti bangwe ba Baebele, mafoko a Paulo a a dirisitseng fano, a ka utlwala e kete o ne a inyatsa. Fa e le gore seo ke se Paulo a neng a se akantse, o ne a lemoga gore tshiamelo e a neng a e neilwe ya go nna moaposetoloi, e ne e sa mo tshwanela. Tota e bile, o ne a tswelela ka go re: “Ga ke botlhokwa jaaka baaposetoloi ba bangwe, e bile ga ke tshwanelwe ke go bidiwa moaposetoloi, ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo. Mme ke se ke leng sone ka bopelonomi jo bogolo jwa Modimo.”—1 Bakor. 15:9, 10.

Ka jalo, go bonala Paulo a ne a kaya tsela e Jesu a ileng a iponatsa ka yone mo go ene ka ponyo ya leitlho e bile a sa lebelela, nako e e sa siamang e a sokologileng ka yone kgotsa a ka tswa a ne a kaya gore o ne a sa tshwanelege go bona ponatshegelo eo e e gakgamatsang. Le fa lebaka la ga Paulo e ka tswa e ne e le lefe, go bonala sentle gore se se ileng sa direga, se ne se le botlhokwa thata mo go ene. Se ne sa mo netefaletsa gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing. Ke sone se gantsi a neng a bua ka tiragalo eo e e neng e sa lebelelwa fa a ne a rerela ba bangwe ka tsogo ya ga Jesu.—Dit. 22:6-11; 26:13-18.