Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

2 | ‘Dikwalo Di a Re Gomotsa’

2 | ‘Dikwalo Di a Re Gomotsa’

BAEBELE E A RE: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa mo Dikwalong bogologolo, di ne tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.”​—BAROMA 15:4.

Se e Se Kayang

Baebele e na le dikgopolo tse di gomotsang, tse di ka re thusang gore re itshoke fa re lwantshana le dikakanyo tse di sa siamang. Gape molaetsa wa Baebele o re naya tsholofelo ya gore go ise go ye kae, re tla bo re sa tlhole re utlwa botlhoko mo maikutlong.

Kafa Seno se ka Thusang ka Gone

Rotlhe re a tshwenyega ka dinako dingwe; mme gone, batho ba ba nang le bothata jwa dipreshene le jwa go tlhobaela bone, go ka direga gore ba nne fela ba tshwenyegile. Baebele e ka ba thusa jang?

  • Baebele e na le dikgopolo tse dintsi tse di siameng, tse di ka emisetsang dikakanyo tse di sa siamang tse re nang le tsone. (Bafilipi 4:8) E ka re thusa go tlatsa megopolo ya rona ka dikgopolo tse di gomotsang le tse di sidilang maikutlo a rona gore re kgone go a laola.​—Pesalema 94:18, 19.

  • Baebele e ka re thusa gore re tlogele go akanya gore ga re na mosola.​—Luke 12:6, 7.

  • Baebele e na le ditemana di le dintsi tse di re netefaletsang gore ga re nosi le gore Modimo, yo e leng Mmopi wa rona, o tlhaloganya ka botlalo kafa re ikutlwang ka gone.​—Pesalema 34:18; 1 Johane 3:19, 20.

  • Baebele e re solofetsa gore Modimo o tlile go dira gore re se ka ra tlhola re gopola dilo tse di utlwisang botlhoko tse di kileng tsa re diragalela. (Isaia 65:17; Tshenolo 21:4) Fa re lwantshana le dikakanyo le maikutlo a a ngomolang pelo, tsholofetso eno e ka re naya maatla a gore re itshoke.