Modimo A re O Tlile go Fedisa Malwetse a Tlhaloganyo
Modimo o dirisa Baebele go re naya kgomotso le dikgakololo tse di ka thusang batho ba ba bogang ka ntlha ya malwetse a tlhaloganyo.
Mme gone, Modimo o dirile se se fetang seo. O re solofetsa gore o tlile go nyeletsa dilo tsotlhe tse di bakang malwetse a tlhaloganyo.
Fa a diragatsa tsholofetso eo, ga go kitla go tlhola go nna le kutlobotlhoko le malwetse a tlhaloganyo, e bile dilo tse di utlwisang botlhoko tse di kileng tsa re diragalela “ga di kitla di gakologelwa, e bile ga di kitla di tla mo pelong.”—Isaia 65:17.
Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa gore o itse gore Modimo o tla diragatsa tsholofetso eno e e gomotsang leng le gore o tla e diragatsa jang.