Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 1

Duma Kuti Dama le Ndzimu “Malebeswa”

Duma Kuti Dama le Ndzimu “Malebeswa”

NDIMANA YE GOLE YE 2023: “Matama enyu wose malebeswa.”—PIS. 119:160.

LUMBO 96 Buka ya Modimo—Letlotlo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Ini bunji gwe bathu ngwenu ba singa thembe Baibili?

 BATHO ba le bantsi gompieno ga ba itse gore ba tshepe mang. Ba ipotsa gore a tota batho ba ba ba tlotlang ba ba jaaka boradipolotiki, baitsesaense le borakgwebo ba amega ka bone. E bile ga ba tlotle baeteledipele ba bodumedi ba ba ipitsang Bakeresete. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba sa tshepe buka e baeteledipele ba bodumedi ba e dirisang e leng Baebele.

2. Ku yenda na Pisalema 119:160, ini cha ta ka fanila duma mu chili?

2 Batlhanka botlhe ba ga Jehofa, ba tlhatswegile pelo gore ke “Modimo wa boammaaruri” le gore ka metlha o batla gore dilo di ba tsamaele sentle. (Pes. 31:5; Isa. 48:17) Re tshepa se re se balang mo Baebeleng e bile re dumela gore “lefoko la [Modimo] lotlhe le boammaaruri.” (Bala Pesalema 119:160.) Re dumalana le se moithuti mongwe wa Baebele a neng a se bua fa a ne a re: “Sengwe le sengwe se Modimo a se buang se boammaaruri e bile se a direga. Batho ba Modimo ba tshepa se a se buang ka gonne ba a mo tshepa.”

3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

3 Re ka thusa batho ba bangwe jang gore ba tshepe Lefoko la Modimo fela jaaka le rona re le tshepa? A re akanyeng ka mabaka a mararo a go bo re tshepa Baebele. Re tlile go bona gore se Baebele e se buang ga se a fetoga, gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa le gore Baebele e kgona go fetola batho.

ZIBISO YE BAIBILI YA KA BAKILIGWA NE ZILA YA KA FANILA

4. Ini bangwe bathu be bilayela kuti Baibili i malebeswa?

4 Jehofa Modimo o dirisitse banna ba ba ikanyegang ba ka nna 40 gore ba kwale dibuka tsa Baebele. Mekwalo ya ntlhantlha e e neng e kwadilwe ka seatla ga e tlhole e le teng. Gone jaanong re na le dikhopi tse di kwalolotsweng fela. Seno se dira gore batho bangwe ba ipotse gore a se re se balang mo Baebeleng se kwadilwe ka tsela e se neng se le ka yone kwa tshimologong. A o kile wa ipotsa gore re ka itse jang gore se se kwadilweng mo Baebeleng ga se a fetoga?

Bakwalolodi ba Dikwalo Tsa Sehebera ba tsere matsapa a a seng kana ka sepe go tlhomamisa gore dikhopi tsa Lefoko la Modimo di nepile (Bona serapa 5)

5. Ini cha ka shingikala ha ku kopiwa Hwalo dze Chihebera? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

5 Gore Jehofa a sireletse molaetsa wa Baebele, o ne a bolelela batho ba gagwe gore ba itirele dikhopi tsa yone. O ne a laela dikgosi tsa kwa Iseraele gore di ikwalele Molao e bile o ne a tlhopha Balefi gore ba rute batho Molao oo. (Dute. 17:18; 31:24-26; Neh. 8:7) Fa Bajuda ba sena go fenngwa ke Bababelona, setlhopha sengwe sa bakwalolodi ba ba ditswerere se ne sa simolola go dira dikhopi di le dintsi tsa Dikwalo Tsa Sehebera. (Esera 7:6, dintlh.) Banna bano ba ne ba le kelotlhoko tota. Ka jalo, bakwalolodi bao ba ne ba simolola go bala mafoko le ditlhaka go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se kwalolotswe sentle. Le fa go ntse jalo, e re ka ba na le boleo, dikhopi dingwe di ne di na le diphoso di se kae. Mme e re ka go ne go kwalolotswe dikhopi di le dintsi, diphoso tseo di ile tsa lemogiwa moragonyana. Di ile tsa lemogiwa jang?

6. Phoso dzi mu dzikhopi dze Baibili dza ka be dzi nga bongwa chini?

6 Baithuti ba Baebele ba motlha wa rona ba na le tsela e ba e dirisang go bona diphoso tse di dirilweng ke batho ba ba neng ba kwalolola mokwalo wa Baebele. Ka sekai, a re re banna ba le 100 ba kopiwa gore ba kwalolole tsebe ya buka nngwe ka seatla. Mongwe wa banna bao o dira phoso e nnye fa a ntse a kwalolola. Re ka kgona go bona phoso eo fa re bapisa khopi ya gagwe le tsa ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, baithuti ba Baebele ba kgona go lemoga diphoso tse mokwalolodi a le mongwe a di dirileng le dintlha tse a di tlogetseng, fa ba bapisa mekwalo ya gagwe le mekwalo e mengwe ya seatla ya Baebele.

7. Bathu ba ka be be kopa mikwalo ye Baibili ba ka i kopa ne zila ya ka lulwama ku ngapani?

7 Batho ba ba kwalolotseng mekwalo ya seatla ya Baebele ba tsere matsapa tota. Ela tlhoko sekai se se re bontshang boammaaruri jwa kgang eo. Mokwalo o o feletseng wa Dikwalo Tsa Sehebera o o dirilweng ka 1008 kgotsa ka 1009 C.E., o bidiwa Codex ya Leningrad. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana go bonwe mekwalo ya seatla ya Baebele le dikapetla di le dintsi tse di nnileng teng dingwaga di le 1 000 pele ga Codex ya Leningrad. Motho o ne a ka akanya gore se se kwadilweng mo Codex ya Leningrad se ne se tla farologana thata le se se neng se kwadilwe mo mekwalong eo ya seatla ya bogologolo e e kwadilweng dingwaga di le 1 000 pele ga yone. Mme ga go a nna jalo. Fa Baithuti ba Baebele ba bapisa mekwalo eo ya seatla le e mesha ba ne ba lemoga gore le fa mafoko a beilwe ka tsela e e sa tshwaneng, molaetsa wa Baebele one ga o a fetoga.

8. Dzikhopi dze Hwalo dze Bukirisiti dze Chigiriki dza ka tini ha dzi fanidzanyiwa ne dza ka be dzi zwikwaligwa ne bathu koga?

8 Bakeresete ba bogologolo le bone ba ne ba kwalolola Dikwalo Tsa Sehebera. Ba ne ba le kelotlhoko tota fa ba ne ba kwalolola dibuka di le 27 tsa Dikwalo Tsa Segerika tse ba neng ba di dirisa kwa dipokanong le fa ba ne ba rera. Moithuti mongwe wa Baebele yo o neng a bapisa mekwalo ya seatla ya Dikwalo Tsa Segerika le dibuka tse dingwe tse di kwadilweng ka nako eo, o ne a bua jaana ka mekwalo ya seatla ya Baebele: “Gompieno go na le mekwalo ya seatla ya Dikwalo Tsa Segerika e mentsi thata go feta dibuka tseo e bile yone e feletse.” Buka ya Anatomy of the New Testament e a re: “Re ka tshepa gore se re se balang mo thanolong ya gompieno ya Dikwalo Tsa Segerika, se tshwana le se bakwadi ba bogologolo ba neng ba se kwala.”

9. Ku yenda na Izaya 40:8, ini cha ti nga ti chi malebeswa ne kwe zibiso ye Baibili?

9 Bakwalolodi ba le bantsi ba ne ba dira ka natla ka makgolokgolo a dingwaga ba kwalolola Baebele. Ke sone se gompieno re nang le Baebele e e nepileng e re kgonang go e bala le go e ithuta. b Re a itse gore Jehofa ke ene a dirileng gore re nne le Lefoko la gagwe gompieno e bile le sa fetolwa. (Bala Isaia 40:8.) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba re le fa molaetsa oo wa Baebele o sa fetolwa, seo ga se reye gore Modimo ke ene a dirileng gore e kwalwe. Ka jalo, a jaanong re tlotleng ka bosupi jo bo bontshang gore Baebele e tswa kwa Modimong.

BUPOROFITI GWE BAIBILI GO THEMBEKA

Left: C. Sappa/DeAgostini/Getty Images; right: Image © Homo Cosmicos/Shutterstock

Boporofeti jwa Baebele bo diragaditswe mo nakong e e fetileng e bile bo a diragadiwa gompieno (Bona serapa 10-11) d

10. I buporofiti gupi gwa ka shingikadziwa gu no dumana ne cha ka kwagwa mu na 2 Pita 1:21. (Bona zwitshwantsho.)

10 Baebele e na le boporofeti jo bontsi jo bo diragaditsweng, e bile bongwe jwa boporofeti joo bo kwadilwe dingwaga di le makgolokgolo pele bo diragadiwa. Hisitori e tlhomamisa gore ruri boporofeti joo bo diragaditswe. Seo ga se re gakgamatse ka gonne re a itse gore Mokwadi wa boporofeti jo bo mo Baebeleng ke Jehofa. (Bala 2 Petere 1:21.) Akanya ka boporofeti jo bo buang ka go fenngwa ga motse wa Babelona wa bogologolo. Nako nngwe magareng ga ngwaga wa 778 le wa 732 B.C.E., moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore motse o o neng o tseelwa kwa godimo wa Babelona o ne o tla gapiwa. E bile o ne a bolelela pele gore monna yo o neng a tla fenya motse oo e ne e le Kurose le gore o ne a tla o fenya jang. (Isa. 44:27–45:2) Gape Isaia o ne a bolelela pele gore Babelona e ne e tla fedisiwa gotlhelele e bile go ne go ka se ka ga tlhola go nna le ope yo o nnang kwa go yone. (Isa. 13:19, 20) Go ne ga direga fela jalo. Ka 539 B.C.E., Bameda le Baperesia ba ne ba fenya motse wa Babelona, e bile ga go na ope yo o nnang mo lefelong leo gone jaanong.—Bona bidio ya Baebele e ile ya bolelela pele gore Babelona e tla senngwa mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! mo thuto 03, ntlha 5.

11. Chenesa se kwa Daniele 2:41-43 i shingikadziwa ngwenu.

11 Boporofeti jwa Baebele ga bo a diragadiwa fela mo nakong e e fetileng, bo ntse bo diragadiwa le gompieno. Ka sekai, akanya ka go diragadiwa ga boporofeti jwa Daniele jo bo buang ka Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika. (Bala Daniele 2:41-43.) Boporofeti joo bo ne jwa bolelela pele gore “karolo e nngwe” ya Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika e ne e tla “nonofa” jaaka tshipi, mme “karolo e nngwe” e ne e tla nna “bokoa” jaaka letsopa. Gone jaanong seo se a direga. Maesemane le Maamerika ba bontshitse gore ba nonofile jaaka tshipi ka gonne ba ne ba fenya mo dintweng tse pedi tsa lefatshe e bile ba sa ntse ba na le masole a mantsi a a nonofileng. Le fa go ntse jalo, baagi ba koafatsa taolo ya bone ka go lwela ditshwanelo tsa bone ba dirisa mekgatlho ya babereki, matsholo a go lwela ditshwanelo tsa setšhaba le mekgatlho e e ipusang. Bosheng jaana moitse mongwe wa dipolotiki tsa lefatshe lotlhe o ne a re: “Ga go na puso ya temokerasi mo lefatsheng lotlhe e e kgaogantsweng ke dipolotiki jaaka United States.” Karolo e nngwe ya Mmusomogolo oo, e leng Boritane, e kgaogane ka gonne batho ba le bantsi ga ba dumalane le gore e ikopanye le Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa. Seo se dira gore Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika o se ka wa kgona go dira dilo sentle.

12. Buporofiti gwe Baibili go ti suka moyo ne kweni ngwenu?

12 Boporofeti jo bontsi jwa Baebele jo bo setseng bo diragetse bo dira gore re tshepe gore dilo tse Modimo a solofetsang gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang, di tla direga. Re ikutlwa fela jaaka mopesalema yo o neng a rapela Jehofa a re: “Ke tlhologeletswe poloko ya gago, gonne lefoko la gago ke tsholofelo ya me.” (Pes. 119:81) Jehofa o re neile “bokamoso le tsholofelo” a dirisa Baebele. (Jer. 29:11) Jehofa ke ene a tla re direlang dilo tse a solofetsang gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang, e seng batho. E kete re ka tswelela re nonotsha tsela e re tshepang Lefoko la Modimo ka yone ka go ithuta boporofeti jwa Baebele ka tlhoafalo.

BATSHO YE BAIBILI I NO BATSHA DZIMILIYONI DZE BATHU

13. Ku yenda na Pisalema 119:66, 138, i busupi gupi kakale gu no lakidza kuti Baibili i no thembeka?

13 Lebaka le lengwe le le dirang gore re tshepe Baebele ke gore e thusa batho ba le bantsi fa ba dirisa kgakololo ya yone. (Bala Pesalema 119:66, 138.) Ka sekai, banyalani bangwe ba ba neng ba batla go tlhalana, gone jaanong ba itumetse ka gonne ba ne ba dirisa kgakololo ya Baebele. Bana ba bone ba itumelela go golela mo lelapeng la batsadi ba ba ba tlhokomelang e bile ba ba rata.—Baef. 5:22-29.

14. Leba chingwe chi no lakidza kuti ku shingisa malebeswa e Baibili ko shandula machilo e bathu.

14 Tota le dinokwane tse di kotsi di ne tsa kgona go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong ka gonne di dirisa kgakololo e e botlhale e e mo Baebeleng. Akanya kafa kgakololo ya Baebele e neng ya thusa monna mongwe yo o neng a le kwa kgolegelong yo o bidiwang Jack c ka gone. Jack e ne e le sekebekwa se se ratang ntwa e bile o ne a atlholetswe loso. Mme o ne a reetsa fa mongwe a ne a tshwaretswe thuto ya Baebele. Tsela e bakaulengwe ba ba neng ba tshwere thuto eo ba neng ba le pelonomi ka yone, e ne ya mo ama thata mo le ene a neng a simolola go ithuta. Fa Jack a ntse a dirisa se a se ithutang mo Baebeleng, boitshwaro jwa gagwe le botho jwa gagwe bo ne jwa simolola go fetoga. Fa nako e ntse e tsamaya, Jack o ne a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mme o ne a feleletsa a kolobeditswe. O ne a rerela magolegwa a mangwe ka Bogosi Jwa Modimo a le matlhagatlhaga, e bile o ile a thusa batho ba le banê go ithuta Baebele. Fa letsatsi la gore Jack a bolawe le goroga, o ne a fetogile tota. Mongwe wa babueledi ba gagwe o ne a re: “Jack ga e tlhole e le motho yo re neng re mo itse mo dingwageng di le 20 tse di fetileng. Dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di mo thusitse go fetoga.” Le fa gone Jack a ile a bolawa, sekao sa gagwe se re tlhomamisetsa gore re ka tshepa Lefoko la Modimo le gore le na le maatla a go fetola batho.—Isa. 11:6-9.

Kgakololo ya Baebele e fetotse batho ba le bantsi ba ba tswang mo merafeng e e farologaneng (Bona serapa 15) e

15. Ku shingisa malebeswa e Baibili ko shalula bathu ba Jehova chini ngwenu? (Bona itshwantsho.)

15 Batho ba ga Jehofa ba dirisana ka kutlwano ka gonne ba dirisa se Baebele e se rutang. (Joh. 13:35; 1 Bakor. 1:10) E re ka batho ba le bantsi gompieno ba sa utlwane ka ntlha ya dipolotiki, lotso le maemo a bone, go motlhofo go lemoga gore rona re dirisana ka kagiso e bile re a utlwana. Kutlwano eo e ne ya gakgamatsa lekawana lengwe le le bidiwang Jean. O goletse kwa Afrika. Fa ntwa ya selegae e ne e simologa, o ne a tsenela bosole mme moragonyana a siela kwa nageng e e gaufi le ya gaabo. Fa a le koo, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. Jean a re: “Ke ithutile gore batho ba ba mo kobamelong ya boammaaruri ga ba tsenele dipolotiki e bile ga ba kgaoganngwe ke lotso. Go na le moo, ba a ratana.” O tswelela ka go re: “Ke ne ke lwela naga ya rona. Mme fa ke sena go ithuta Baebele, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke direle Jehofa.” Jean o ne a fetogile tota. Go na le gore a lwe le batho ba ba godisitsweng ka tsela e e farologaneng le e a godisitsweng ka yone, gone jaanong o bolelela mongwe le mongwe ka molaetsa wa Baebele wa kagiso. E re ka Baebele e kgona go thusa batho ba merafe e mentsi, seno ke bosupi jwa gore re ka e tshepa.

DWILILA U THEMBA DAMA LE NDZIMU LE MALEBESWA

16. Ini ku sheteka kuti ti simise thembo yedu mu Dama le Ndzimu?

16 Fa maemo a lefatshe leno a nna maswe le go feta, go tlile go nna thata gore re tshepe Lefoko la Modimo. Batho ba bangwe ba ka nna ba dira gore re belaele gore Baebele e boammaaruri le gore Jehofa o tlhophile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale gore a kaele batho ba gagwe gompieno. Le fa go ntse jalo, fa re tlhatswegile pelo gore ka metlha Lefoko la ga Jehofa le boammaaruri, re tla kgona go fenya dipelaelo tseo tse di ka koafatsang tumelo ya rona. Re tla ‘ikemisetsa go ikobela ditaelo tsa [ga Jehofa] ka dinako tsotlhe, go fitlha kwa bokhutlong.’ (Pes. 119:112) Ga re kitla re “tlhabiwa ke ditlhong” go bolelela batho ba bangwe boammaaruri le go ba rotloetsa gore ba dirise kgakololo ya Baebele mo matshelong a bone. (Pes. 119:46) E bile re tla kgona go itshokela maemo a a thata, go akaretsa le pogiso, ‘re le pelotelele e bile re itumetse.’—Bakol. 1:11; Pes. 119:143, 157.

17. Ndimana ye gole i nowo ti diyani?

17 Ruri re leboga go bo Jehofa a dirile gore re itse boammaaruri! Boammaaruri joo bo re thusa gore re ritibale e bile bo re kaela gore re ka tshela jang mo lefatsheng leno le le ntseng le tlhakatlhakana. Bo dira gore re nne le tsholofelo ya go tshela botshelo jo bo botoka mo nakong e e tlang re busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. Temana ya ngwaga ya 2023 e tla re thusa gore re tswelele re dumela gore Lefoko la Modimo lotlhe le boammaaruri!—Pes. 119:160.

LUMBO 94 Go Lebogela Lefoko la Modimo

a Temana ya ngwaga ya 2023 e e nonotshang tumelo e a re: “Lefoko la gago lotlhe le boammaaruri.” (Pes. 119:160) Ga go pelaelo gore o dumalana le mafoko ao. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba dumele mo Baebeleng e bile ga ba dumele gore e ka re naya kgakololo e e molemo. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dintlha di le tharo tse re ka di dirisang go thusa batho ba ba batlang go ithuta ka Jehofa go lemoga gore ba ka kgona go tshepa Baebele le kgakololo e e mo go yone.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang ya gore Baebele ga e a fetolwa, tsena mo jw.org mme o kwale “Hisitori le Baebele” mo lebokosong la senka.

c Maina mangwe a fetotswe.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Modimo o ne a bolelela pele gore motse wa Babelona wa bogologolo o ne o tlile go senngwa.

e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Setshwantsho sa lekawana le le sa tlholeng le lwa le batho, mme le ithuta gore le ka tshela jang le batho ka kagiso e bile le ruta ba bangwe gore ba ka dira seo jang.