Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 9

Lebogela Mpho ya Botshelo

Lebogela Mpho ya Botshelo

“Ka ene re na le botshelo, re a tshikhinyega e bile re gone.” —DIT. 17:28.

PINA 141 Kgakgamatso ya Botshelo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Jehofa o tsaya botshelo jwa rona bo le botlhokwa go le kana kang?

 A RE re tsala ya gago e go naya ntlo. Ntlo eo e tlhoka go pentiwa le go baakanngwa fale le fale. Le fa gone e tlhoka go baakanngwa, e sa ntse e le tlhwatlhwakgolo. Ga go pelaelo gore o ne o tla lebogela ntlo eo e bile o ne o tla e tlhokomela. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o re neile mpho e e botlhokwa thata. O re neile botshelo. Tota e bile, Jehofa o bontshitse gore o tsaya botshelo bo le botlhokwa ka go ntsha botshelo jwa Morwawe e le thekololo.—Joh. 3:16.

2. Jehofa o batla gore re dire eng, jaaka go tlhalosiwa mo go 2 Bakorintha 7:1?

2 Jehofa ke ene a re neileng botshelo. (Pes. 36:9) Moaposetoloi Paulo o ne a dumela seo. O ne a re: “Ka ene re na le botshelo, re a tshikhinyega e bile re gone.” (Dit. 17:25, 28) Ka jalo, re ka re botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong. O re naya dilo tse re di tlhokang gore re kgone go tswelela re tshela. (Dit. 14:15-17) Mme gone, Jehofa ga a re sireletse ka kgakgamatso. Go na le moo, o batla gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go itlhokomela gore re kgone go mo direla. (Bala 2 Bakorintha 7:1.) Goreng re tshwanetse go itlhokomela, mme re ka dira seo jang?

TSAYA BOTSHELO BO LE BOTLHOKWA

3. Goreng re tshwanetse go itlhokomela?

3 Re tshwanetse go leka go itlhokomela ka gonne fa re dira jalo, re tla kgona go direla Jehofa ka bojotlhe. (Mar. 12:30) Re batla go ntsha ‘mebele ya rona e le setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo le se se amogelesegang mo Modimong.’ Ka jalo, ga re dire dilo tse re itseng gore di tla dira gore re lwale. (Bar. 12:1) Gone ke nnete gore le fa re tsaya matsapa a go itlhokomela, seo ga se reye gore ga re kitla re lwala. Le fa go ntse jalo, re a itlhokomela ka gonne re batla go bontsha Jehofa gore re lebogela mpho ya botshelo e a re neileng yone.

4. Kgosi Dafide o ne a batla go dira eng?

4 Kgosi Dafide o ile a tlhalosa lebaka la go bo a lebogela mpho ya botshelo e Modimo a mo neileng yone. O ne a re: “O tla boelwa ke eng fa ke swa, fa ke fologela mo lebitleng? A lerole le tla go baka? A le tla bua gore o a ikanyega?” (Pes. 30:9) Dafide a ka tswa a ile a kwala mafoko ano fa a ne a le gaufi le go swa. Mme gone, o ne a sa ntse a batla go tshela gore a kgone go tswelela a direla Jehofa. Ntle le pelaelo, le rona re ikutlwa fela jalo.

5. Re tshwanetse go dira eng le fa re ka tswa re lwala kgotsa re tsofetse?

5 Fa re lwala kgotsa re tsofala, re ka nna ra palelwa ke go dira dilo di le dintsi tse re neng re kgona go di dira. Seno se ka re kgoba marapo e bile se ka re utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka kgonang go itlhokomela. Goreng re tshwanetse go dira jalo? Ka gonne re sa ntse re ka kgona go direla Jehofa le fa re lwala kgotsa re tsofetse fela jaaka Kgosi Dafide. Go kgothatsa tota go itse gore Jehofa o re tsaya re le botlhokwa, le fa re ka tswa re lwala kgotsa re tsofetse. (Math. 10:29-31) Le fa re ka swa, re a itse gore o tla re tsosa. (Jobe 14:14, 15) Ka jalo, fa fela re sa ntse re tshela, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go itlhokomela.

O SE KA WA DIRA DILO TSE DI KA DIRANG GORE O LWALE

6. Jehofa o batla gore re dire eng?

6 Baebele ga se buka e e kwaletsweng go tlhalosa gore re dire eng gore re se ka ra lwala kgotsa gore re je eng. Le fa go ntse jalo, e tlhalosa gore Jehofa o ikutlwa jang ka dilo tseno. Ka sekai, Jehofa a re re tsamaele kgakala le “dilo tse di [ka re] gobatsang mo mmeleng.” (Mor. 11:10) Baebele e a re ga re a tshwanela go ja thata le go nwa thata ka gonne go dira jalo go ka re lwatsa e bile go ka re bolaya. (Diane 23:20) Jehofa o batla gore re nne kelotlhoko fa re tlhopha gore re ja eng le gore re nwa eng. Ga a batle gore re je kgotsa re nwe ka tsela e e feteletseng.—1 Bakor. 6:12; 9:25.

7. Diane 2:11 e re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng?

7 Re tshwanetse go dirisa bokgoni jwa go akanya go dira ditshwetso tse di bontshang gore re lebogela mpho ya botshelo e Modimo a re neileng yone. (Pes. 119:99, 100; bala Diane 2:11.) Ka sekai, re tla nna kelotlhoko gore re ja eng. Fa e le gore go na le dijo dingwe tse re di ratang mme di re lwatsa, re tshwanetse go tsamaela kgakala le tsone. Gape re bontsha gore re botlhale fa re robala ka nako, re ikatisa, re tlhapa e bile re phepafatsa matlo a rona.

ITSHIRELETSE O BO O SIRELETSE BA BANGWE

8. Baebele e bontsha jang gore Jehofa o batla gore re itshireletse re bo re sireletse ba bangwe?

8 Jehofa o ile a naya Baiseraele melao ya gore ba ka itshireletsa jang gore ba se ka ba gobala fa ba le mo matlong a bone kgotsa fa ba bereka. (Ekes. 21:28, 29; Dute. 22:8) Fa motho a bolaile yo mongwe ka phoso, o ne a otlhaiwa. (Dute. 19:4, 5) Gape Molao o ne o re fa motho a gobaditse ngwana yo o iseng a tsholwe o ne a tshwanetse go otlhaiwa, tota le fa a ne a sa dira jalo ka boomo. (Ekes. 21:22, 23) Baebele e bontsha gore Jehofa o batla gore re itshireletse re bo re sireletse ba bangwe.

Re ka bontsha jang gore re tsaya botshelo bo le botlhokwa mo maemong ano? (Bona serapa 9)

9. Re ka dira jang gore go se ka ga nna le dikotsi? (Bona le ditshwantsho.)

9 Re bontsha gore re lebogela mpho ya botshelo e Modimo a re neileng yone ka go itshireletsa le go sireletsa ba bangwe fa re le kwa lapeng le fa re le kwa tirong. Ka sekai, fa e le gore re batla go latlha dilo tse di segang, dikhemikale kgotsa melemo, re tshwanetse go dira jalo ka tsela e e ka se kang ya gobatsa ba bangwe. Gape re tshwanetse go netefatsa gore re di baya kgakala gore bana ba se ka ba di bona. Re nna kelotlhoko fa re gotsa molelo, re bedisa metsi le fa re dirisa dithulusu. Ga re kgweetse fa re nole melemo e re itseng gore go ka nna kotsi gore re kgweetse fa re e nole. Gape ga re kgweetse fa re nole bojalwa, re otsela kgotsa re tshwere founu.

FA GO NNA LE MAEMO A TSHOGANYETSO

10. Re ka dira eng fa go tlhaga maemo a tshoganyetso, mme re ka a ipaakanyetsa jang?

10 Ka dinako tse dingwe, ga re kgone go thibela gore dilo dingwe di se ka tsa direga. Ka sekai, go ka nna le masetlapelo a tlholego, malwetse a leroborobo kgotsa dikhuduego. Le fa go ntse jalo, fa dilo tseno di direga, re ka leka go nna re sireletsegile ka go reetsa ditaelo tsa gore re tswe mo lefelong le re leng mo go lone le ka go dira dilo tse puso e re laelang gore re di dire. (Bar. 13:1, 5-7) Re ka kgona go ipaakanyetsa maemo mangwe a tshoganyetso. Ka jalo, re tshwanetse go dira se puso e reng re se dire go ipaakanyetsa maemo ao. Ka sekai, re ka netefatsa gore re nna re na le metsi, dijo tse di sa senyegeng le dilo tsa thuso ya potlako.

11. Re tshwanetse go dira eng fa go nna le bolwetse jo bo tshelanwang mo lefelong le re nnang mo go lone?

11 Re tshwanetse go dira eng fa bolwetse jwa leroborobo bo anama mo lefelong le re nnang mo go lone? Re tshwanetse go dira se puso e kopang gore re se dire. Ka sekai, re ka nna ra kopiwa gore re tlhape diatla, re se ka ra atamela batho ba bangwe thata, re rwale di-mask le gore re se ka ra kopana le batho ba bangwe. Fa re dira dilo tseno, re tla bo re bontsha gore re lebogela mpho ya botshelo e Modimo a re neileng yone.

12. Diane 14:15 e ka re thusa jang fa go nna le maemo a tshoganyetso?

12 Fa go nna le maemo mangwe a tshoganyetso, ka dinako dingwe re ka utlwa dilo tse di seng boammaaruri mo ditsaleng tsa rona, mo baagisaning kgotsa mo metsweding ya tshedimosetso. Go na le go dumela “lefoko lengwe le lengwe” le re le utlwang, re tshwanetse go reetsa tshedimosetso e e boammaaruri e re e newang ke puso le dingaka. (Bala Diane 14:15.) Bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang le ba diofisi tsa makala ba tsaya matsapa go batla tshedimosetso e e boammaaruri pele ba dira tshwetso epe fela e e amanang le dipokano kgotsa tiro ya go rera. (Baheb. 13:17) Fa re latela kaelo ya bone, re a itshireletsa e bile re sireletsa ba bangwe. Gape fa re dira jalo, batho ba lefelo le re nnang mo go lone ba ka nna ba simolola go tlotla Basupi ba ga Jehofa.—1 Pet. 2:12.

BONTSHA GORE O TSAYA MADI A LE BOITSHEPO

13. Re ka bontsha jang gore re tsaya botshelo bo le botlhokwa?

13 Batho ba le bantsi ba a itse gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya madi a le boitshepo. Re ikobela molao wa ga Jehofa o o buang ka madi ka go gana go tshelwa madi tota le fa re lwala thata. (Dit. 15:28, 29) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore re batla go swa. Re tsaya mpho ya botshelo e Modimo a re neileng yone e le botlhokwa thata. Ka jalo, fa re lwala, re kopa thuso ya dingaka tse di ka kgonang go re alafa di sa re tshele madi.

14. Ke eng se re ka se dirang, se se ka re thusang gore re se ka ra tlhoka go dirwa karo?

14 Fa re itlhokomela e bile re dira dilo tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno, re ka nna ra se ka ra lwala thata mo re ka tlhokang go dirwa karo. Mme fa go ka tlhokega gore re dirwe karo, re tla kgona go fola ka bonako fa e le gore re ntse re itlhokometse. Sengwe gape se re ka se dirang, ke go tlosa dilo tse di ka re gobatsang kwa lapeng le kwa tirong, le go ikobela melao ya tsela. Fa re dira jalo, re ka nna ra se ka ra tlhoka go dirwa karo ya potlako.

Re bontsha gore re tsaya botshelo bo le botlhokwa ka go tlatsa karata ya madi le go nna re e tshwere (Bona serapa 15) d

15. (a) Goreng go le botlhokwa gore re nne re tshwere karata ya madi e re sa tswang go e tlatsa bosheng? (Bona le setshwantsho.) (b) Jaaka re bone mo bidiong, re ka thusiwa ke eng gore re dire ditshwetso tse di siameng mo kgannyeng ya madi?

15 Gape re bontsha gore re lebogela mpho ya botshelo e Modimo a re neileng yone ka go tlatsa karata ya madi le ka go nna re e tshwere ka metlha. b Mo karateng eno, re tlhalosa gore ga re batle go tshelwa madi le gore re batla go alafiwa jang fa re lwala. A o tladitse karata ya madi? Fa e le gore ga o na yone kgotsa e o nang le yone ke ya kgale, e kope mme o e tlatse. Fa o na le yone, o tla kgona go alafiwa ka bonako ka gonne o tla bo o setse o tlhalositse gore o batla go alafiwa jang. Gape e tla thusa gore dingaka di se ka tsa re naya melemo e e kotsi mo go rona kgotsa tsa re alafa ka tsela e e ka re gobatsang. c

16. Re ka dira eng fa re sa itse gore re tlatse jang karata ya madi?

16 Le fa re ka tswa re le basha kgotsa re itlhokometse, re ka nna ra tlhagelwa ke kotsi, e bile re ka lwala re sa solofela. (Mor. 9:11) Ka jalo, re tshwanetse go tlatsa karata ya madi. Fa e le gore ga o itse go tlatsa karata eno, kopa bagolwane ba phuthego ya lona gore ba go thuse. Ba tla go bontsha gore e tladiwa jang, mme gone, ga ba kitla ba go direla tshwetso ya gore o alafiwe jang. Joo ke boikarabelo jwa gago. (Bagal. 6:4, 5) Le fa go ntse jalo, ba ka go thusa fa o tlatsa karata eo.

O SE KA WA FETELETSA DILO

17. Re ka bontsha jang gore ga re feteletse dilo mo dikgannyeng tsa kalafi?

17 Re dirisa se re se ithutileng mo Baebeleng fa re dira ditshwetso tse di amanang le kalafi. (Dit. 24:16; 1 Tim. 3:9) Fa re dira ditshwetso kgotsa re bolelela ba bangwe gore re dirile ditshwetso dife, re tshwanetse go gopola se Bafilipi 4:5 e se buang. E a re: “A batho botlhe ba bone gore ga lo tlhogoethata.” Fa re se tlhogoethata kgotsa re sa feteletse dilo, ga re kitla re tshwenyega mo go feteletseng ka botsogo e bile ga re kitla re batla gore batho ba bangwe ba lebe dilo jaaka rona fa go tliwa mo dikgannyeng tsa kalafi. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re a ba tlotla, tota le fa ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le tsa rona.—Bar. 14:10-12.

18. Re ka bontsha jang gore re lebogela botshelo?

18 Re bontsha gore re leboga Jehofa go bo a re neile botshelo ka go itlhokomela le go mo direla ka bojotlhe. (Tshen. 4:11) Gone jaanong re a lwala e bile re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Mme gone, Mmopi wa rona ga a batle gore re tshele jaana. Go ise go ye kae, o tla dira gore re tshelele ruri, re sa utlwe botlhoko e bile re sa swe. (Tshen. 21:4) Le fa seo se ise se direge, re sa ntse re itumelela go tshela le go direla Rraarona yo o re ratang e bong Jehofa.

PINA 140 Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo Fitlhile!

a Setlhogo seno se tla dira gore re lebogele le go feta mpho ya botshelo e Modimo a re neileng yone. Re tlile go bona gore re ka dira eng go itlhokomela fa go na le masetlapelo le gore re ka dira eng go itshireletsa le go sireletsa ba bangwe. Gape re tlile go bona gore re ka nna jang re ipaakantse fa go ka direga gore re lwale ka tshoganyetso.

b Gape e bidiwa durable power of attorney kgotsa DPA.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo mosha o tlatsa karata ya madi e bile o netefatsa gore o nna a e tshwere ka metlha.