Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakantsho Tsa Go Dirisa Websaete

Dikakantsho Tsa Go Dirisa Websaete

Batla Ditlhogo Tse di Neng di le Kwa Tshimologong mo jw.org

Ditlhogo tse di tlhagang fa o bula websaete ya jw.org di thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi kwa tshimong. Ditlhogo tseno di tlhalosa dilo tse di diregang gone jaanong tse Baebele e sa bolong go di bolelela pele, mme go motlhofo go di romelela motho yo mongwe. Mokaulengwe mongwe a re ditlhogo tse di tlhagang fa o bula websaete “di re thusa thata kwa bodireding.”

  • Mme gone, go nna go tsenngwa ditlhogo tse dingwe. Ka jalo, fa ditlhogo tseo di sa tlhole di tlhaga kwa tshimologong o ka di bona kae?

  • Fa o le mo jw.org kgotsa mo JW Library®, tobetsa “Laeborari” go tswa foo tobetsa “Metseletsele ya Ditlhogo,” o bo o tsena mo “Ditlhogo Tse Dingwe.” Fa o le moo o tla bona ditlhogo tse di neng di tlhaga kwa tshimologong mo jw.org.