Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 12

Popo e re Ruta go le Gontsi ka Jehofa

Popo e re Ruta go le Gontsi ka Jehofa

“Le fa re sa kgone go bona Modimo, re ka kgona go mo itse fa re ithuta ka dilo tse a di bopileng.”—BAR. 1:20.

PINA 6 Magodimo a Galaletsa Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Ke eng se se thusitseng Jobe gore a itse Jehofa botoka?

 LE FA gone Jobe a ile a tlotla le batho ba le bantsi, motlotlo o o ileng wa mo kgatlha thata, ke fa a ne a tlotla le Jehofa Modimo. Fa ba ntse ba tlotla, Jehofa o ne a bolelela Jobe gore a lebe dilo tse dintle tse a di bopileng. Seno se ne se tla thusa Jobe gore a bone gore Jehofa o botlhale, e bile se ne se tla mo thusa go lemoga gore Jehofa o ne a tla mo naya sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka. Ka sekai, o ne a gopotsa Jobe gore o tlhokometse diphologolo, ka jalo le ene o tla kgona go mo tlhokomela. (Jobe 38:39-41; 39:1, 5, 13-16) Jobe o ne a kgona go ithuta ka dinonofo tsa ga Jehofa ka go leba popo.

2. Goreng ka dinako dingwe go le thata go leba dilo tse Jehofa a di bopileng?

2 Le rona re ka ithuta go le gontsi ka Jehofa fa re leba dilo tse a di bopileng. Mme ka dinako dingwe ga go motlhofo go dira jalo. Fa o nna mo toropong, o ka tswa o sa kgone go bona dilo di le dintsi tse Jehofa a di bopileng. Mme le fa o nna kwa motseng, o ka tswa o sa iphe nako ya go di leba. A re boneng gore ke eng fa go le botlhokwa gore re iphe nako ya go leba dilo tse Jehofa a di bopileng. Re tla tlotla ka gore Jehofa le Jesu ba ile ba dirisa popo jang fa ba ruta, le gore rona re ka ithuta eng mo go yone.

GORENG RE TSHWANETSE GO LEBA POPO?

Jehofa o ne a batla gore Adame a itumelele popo a bo a neye diphologolo maina (Bona serapa 3)

3. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a batla gore Adame a itumelele popo?

3 Jehofa o ne a batla gore motho wa ntlha mo lefatsheng a itumelele dilo tse a di bopileng. Fa Modimo a sena go bopa Adame, o ne a mmaya mo paradaiseng e ntle, a bo a mo naya tiro ya gore a e leme a bo a e tlhokomele. (Gen. 2:8, 9, 15) Adame o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa a bona dilo tse a neng a di lemile di tlhoga e bile malômô a thunya. O tshwanetse a bo a ne a tsaya go tlhokomela tshimo ya Edene e le tshiamelo e kgolo tota! Gape Jehofa o ne a mo kopa gore a neye diphologolo maina. (Gen. 2:19, 20) Jehofa o ne a ka naya diphologolo tseno maina, le fa go ntse jalo, o ne a naya Adame kabelo eo. Ga go pelaelo gore pele ga Adame a naya diphologolo tseno maina, o ne a di leba ka kelotlhoko go bona gore di ntse jang, le gore di dira eng. O tshwanetse a bo a ne a itumelela kabelo eo. E tshwanetse ya bo e ile ya mmontsha gore Jehofa o botlhale le gore dilo tse a di bopileng di dintle e bile di a kgatlha.

4. (a) Lebaka lengwe la go bo re tshwanetse go leba popo ke lefe? (b) Ke eng se wena o se lebogelang thata mo dilong tse Jehofa a di bopileng?

4 Lebaka lengwe la go bo re tshwanetse go leba popo ke ka gonne Jehofa o batla gore re dire jalo. A re: “Tsholeletsang matlho a lona kwa legodimong mme lo bone.” Go tswa foo, o botsa go re: “Ke mang yo o bopileng dilo tseno?” Karabo e tlhamaletse. (Isa. 40:26) Jehofa o bopile dilo tsotlhe tse di kwa legodimong, mo lefatsheng le mo lewatleng. Mme dilo tseno tsotlhe, di re ruta dilo di le dintsi ka ene. (Pes. 104:24, 25) Akanya ka tsela e Modimo a re dirileng ka yone. O dirile gore re kgone go itumelela go leba dilo tse dintle tse a di bopileng. Gape o re neile bokgoni jwa go bona, go utlwa, go ama, go latswa le go dupa, e leng dilo tse di re thusang gore re kgone go itumelela dilo tse di farologaneng tse a di bopileng.

5. Baroma 1:20 e a re go ithuta ka popo ya ga Jehofa go re tswela mosola jang?

5 Baebele e re bolelela lebaka le lengwe gape la botlhokwa la go bo re tshwanetse go leba popo. E a re popo e re bontsha dinonofo tsa ga Jehofa. (Bala Baroma 1:20.) Ka sekai, leba dilo tse Jehofa a di bopileng, mme o bone tsela e e matsetseleko e di bopilweng ka yone. Di re bontsha gore Jehofa o botlhale. Gape akanya ka dijo tse di farologaneng tse re itumelelang go di ja. Tota go a bontsha gore Jehofa o a re rata. Fa re bona botho jwa ga Jehofa mo dilong tse a di bopileng, re kgona go mo itse botoka le go atamalana le ene. A re boneng ditsela dingwe tse Jehofa a ileng a dirisa popo ka tsone go ruta batho dithuto tsa botlhokwa.

JEHOFA O DIRISA POPO GO RE RUTA GORE KE MODIMO YO O NTSENG JANG

6. Ke eng se re ka se ithutang fa re leba dinonyane?

6 Jehofa o tlhomile nako ya gore sengwe le sengwe se direge leng. Ngwaga le ngwaga kwa bofelong jwa kgwedi ya February le mo magareng ga kgwedi ya May, Baiseraele ba ne ba a tle ba bone dinonyane tse di bidiwang mogolori di fofa di ya kwa bokone. Modimo o ne a raya Baiseraele a re: “Mogolori o o fofang kwa loaping o itse dipaka tsa one.” (Jer. 8:7) Fela jaaka Jehofa a tlhomile nako ya gore dinonyane tseno di fuduge, o tlhomile le nako ya gore a diragatse dikatlholo tsa gagwe. Gompieno fa re bona dinonyane di fuduga, seno se re gopotsa gore re ka tshepa gore Jehofa o tla fedisa lefatshe leno le le bosula ka “nako e e tlhomilweng.”—Hab. 2:3.

7. Tsela e nonyane e fofang ka yone e re ruta eng? (Isaia 40:31)

7 Jehofa o naya batlhanka ba gagwe maatla. O ne a dirisa moporofeti Isaia go netefaletsa batho ba gagwe gore o tla ba naya maatla a gore ba kgone go “phaphasela ka diphuka jaaka bontsu” fa ba ne ba ikutlwa ba kgobegile marapo. (Bala Isaia 40:31.) Baiseraele ba ne ba tlwaetse go bona bontsu ba tsharolotse diphuka fela mo loaping, mme ba thusiwa ke phefo gore ba kgone go fofa. Seno se re ruta gore Jehofa o tla re naya maatla fela jaaka a naya dinonyane tseno maatla. Fa o bona nonyane e kgolo e tsharolotse diphuka, mme e sa dirise maatla a yone gore e kgone go fofa, gopola gore Jehofa o tla go naya maatla a gore o kgone go fenya mathata a o nang le one.

8. Ke eng se Jobe a ileng a se ithuta mo dilong tse Modimo a di bopileng, mme rona re ka ithuta eng mo go tsone?

8 Re tshwanetse go tshepa Jehofa. Jehofa o ne a thusa Jobe gore a kgone go mo tshepa. (Jobe 32:2; 40:6-8) Fa a ne a bua le Jobe, o ne a bua le ene ka dilo tse dintsi tse a di bopileng jaaka dinaledi, maru le dikgadima. Gape o ne a bua ka diphologolo tse dingwe jaaka poo ya naga le pitse. (Jobe 38:32-35; 39:9, 19, 20) Dilo tseno tsotlhe di ne di bontsha gore Modimo o na le maatla, o lorato e bile o botlhale. Motlotlo ono o ile wa thusa Jobe gore a tshepe Jehofa le go feta. (Jobe 42:1-6) Ka tsela e e tshwanang, fa re ithuta ka popo, re kgona go gopola gore Jehofa o botlhale, e bile o maatla go re feta. Gape re bona gore o kgona go fedisa mathata a re nang le one le gore o tla dira jalo. Go itse seno go tla re thusa gore re kgone go mo tshepa.

JESU O NE A DIRISA POPO GO RUTA BATHO KA RRAAGWE

9-10. Letsatsi le pula di re ruta eng ka Jehofa?

9 Jesu o ne a itse dilo di le dintsi ka popo. E re ka e le “modiri yo o setswerere,” o ne a dira le Rraagwe fa ba ne ba bopa legodimo le lefatshe. (Diane 8:30) Moragonyana fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dirisa popo go ruta barutwa ba gagwe ka Rraagwe. A re tlotleng ka dithuto dingwe tse a ileng a di ruta.

10 Jehofa o bontsha mongwe le mongwe gore o a mo rata. Mo Therong ya Kwa Thabeng, Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe ka letsatsi le pula, e leng dilo tse batho ba le bantsi ba sa di tseyeng di le botlhokwa. Dilo tseno di re thusa gore re kgone go tshela. Jehofa o ne a ka tlhopha gore a se ka a naya batho ba ba sa mo direleng dilo tseno, mme ga a dire jalo. Go na le moo, o tlhabisetsa batho botlhe letsatsi e bile o ba nesetsa pula. (Math. 5:43-45) Fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe ka seno, o ne a ba bontsha gore Jehofa o batla gore ba rate batho botlhe. Nako le nako fa re bona letsatsi le phirima kgotsa go na pula ya medupe, re ka akanya ka tsela e Jehofa a ratang batho botlhe ka yone. Sekao sa gagwe se re thusa go bontsha batho botlhe gore re a ba rata ka go ba rerela.    

11. Go leba dinonyane go ka re kgothatsa jang?

11 Jehofa o re naya dilo tse re di tlhokang. Jesu o ne a bua jaana gape mo Therong ya Kwa Thabeng: “Lebang dinonyane ka kelotlhoko; ga di jale, ga di robe e bile ga di phuthele mo mabolokelong, le fa go ntse jalo Rraalona yo o kwa legodimong o a di fepa.” Go ka direga gore batho ba Jesu a neng a bua le bone ba ne ba bona dinonyane di ntse di fofa fa a ne a ba botsa jaana: “A ga lo botlhokwa go di feta?” (Math. 6:26) Sekai seno sa ga Jesu, se ne se bontsha gore Jehofa a ka kgona go re tlhokomela. (Math. 6:31, 32) Sekai seno, se sa ntse se kgothatsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa le gompieno. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa mmulatsela wa kwa Spain, o ne a utlwile botlhoko ka gonne a sa kgone go bona lefelo le a ka nnang kwa go lone. Mme morago ga go bona dinonyane di ja peo le moretlwa, o ne a ritibala maikutlo. A re: “Fa ke bona dinonyane tseo, ke ne ka gopola gore fa e le gore Jehofa o kgona go di tlhokomela, le nna a ka kgona go ntlhokomela.” Morago ga moo, kgaitsadi yoo o ne a bona lefelo le a ka nnang kwa go lone.

12. Go ya ka Mathaio 10:29-31, dithaga di re ruta eng ka Jehofa?

12 Jehofa o tsaya mongwe le mongwe wa rona a le botlhokwa. Pele Jesu a romela baaposetoloi ba gagwe gore ba ye go rera, o ne a ba thusa gore ba se ka ba tshoga fa ba ganediwa. (Bala Mathaio 10:29-31.) O ne a ba direla sekai ka nonyane e e neng e itsege thata kwa Iseraele e e bidiwang thaga. Dinonyane tseno di ne di le tlhwatlhwa e e kwa tlase tota mo motlheng wa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ga go na epe ya tsone e e tla welang fa fatshe Rraalona a sa itse.” A bo a re: “Lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” Jesu o ne a netefaletsa barutwa ba gagwe gore Jehofa o tsaya mongwe le mongwe wa bone a le botlhokwa, ka jalo ga ba a tshwanela go tshoga fa ba bogisiwa. Barutwa bao ba ga Jesu, ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakologelwa mafoko a gagwe nako le nako fa ba bona dithaga fa ba ntse ba rera mo ditoropong le mo metseng. Fa o bona nonyane e nnye, gopola gore Jehofa o go tsaya o le botlhokwa, ka gonne o “botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” Jehofa a ka go thusa gore o se ka wa tshoga fa ba bangwe ba go ganetsa.—Pes. 118:6.

RE KA DIRA ENG GORE RE ITHUTE MO GO OKETSEGILENG KA MODIMO?

13. Ke eng se se ka re thusang go ithuta dilo dingwe mo popong?

13 Re ka ithuta dilo di le dintsi ka Modimo mo popong. Jang? Sa ntlha, re tshwanetse go ipha nako ya go leba dilo tse Jehofa a di bopileng. Go tswa foo, re tshwanetse go akanya gore di re ruta eng ka Jehofa. Ka dinako tse dingwe go ka se nne motlhofo go dira jalo. Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Cameroon yo o bidiwang Géraldine a re: “Ke goletse kwa toropong, ka jalo ke tlhoka go ipha nako ya go leba popo ya ga Jehofa.” Mogolwane mongwe yo o bidiwang Alfonso a re: “Ke ithutile gore ke tshwanetse go ipha nako ya go nna ke le esi ke lebe dilo tse Jehofa a di bopileng, ke bo ke akanyetse kwa teng ka gore di nthuta eng ka ene.”

Fa Dafide a ne a leba popo, o ne a akanyetsa kwa teng ka se e mo rutang sone ka Jehofa (Bona serapa 14)

14. Ke eng se Dafide a neng a ithuta sone fa a ntse a akanyetsa kwa teng ka popo ya ga Jehofa?

14 Dafide o ne a akanyetsa kwa teng ka popo ya Modimo. O ne a raya Jehofa a re: “Fa ke leba magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di dirileng, tota motho ke eng go bo o nna o mo gopotse?” (Pes. 8:3, 4) Fa Dafide a ne a leba kwa loaping go le bosigo, o ne a sa itumelele go leba loapi fela. Gape o ne a akanyetsa kwa teng ka se dinaledi di mo rutang sone ka Modimo. O ne a ithuta gore Jehofa o mogolo tota. Ka dinako tse dingwe, Dafide o ne a a tle a akanye ka tsela e mmele wa gagwe o neng o gola ka yone fa a ne a le mo popelong ya ga mmaagwe. Fa a ntse a akanya ka tsela e e kgatlhang e mmele wa gagwe o dirilweng ka yone, seo se ne sa dira gore a lebogele botlhale jwa ga Jehofa le go feta.—Pes. 139:14-17.

15. Naya dikai tsa kafa o boneng dinonofo tsa ga Jehofa ka gone mo popong. (Pesalema 148:7-10)

15 Fela jaaka Dafide, le rona go motlhofo go bona dilo tse re ka akanyetsang kwa teng ka tsone mo popong. Go na le dilo di le dintsi tse di ka re thusang go itse Jehofa botoka. Ka sekai, o ka bona gore Jehofa o na le maatla fa o utlwa mogotenyana wa letsatsi. (Jer. 31:35) O ka akanya ka botlhale jwa ga Jehofa fa o bona nonyane e aga sentlhaga. O ka lemoga gore Jehofa ke Modimo yo o itumetseng, fa o bona ntšanyana e ntse e lelekisa mogatla wa yone. Gape o ka lebogela gore Jehofa o a go rata nako le nako fa o bona mmê a tshameka le ngwana wa gagwe. Re na le ditshono di le dintsi tsa go ithuta ka Jehofa mo dilong tse a di bopileng jaaka dilo tse dikgolo, tse dinnye, tse di gaufi kgotsa tse di kgakala le rona.—Bala Pesalema 148:7-10.

16. Re tshwanetse go dira eng?

16 Modimo wa rona o botlhale, o lorato, o maatla e bile sengwe le sengwe se a se bopileng se sentle. Re ka ithuta ka dinonofo tseno le tse dingwe fa re lebelela popo ya ga Jehofa. Rotlhe re tshwanetse go ipha nako ya go itumelela popo, le go akanya ka dilo tse e re rutang tsone ka Jehofa. Fa re dira jalo, re tla kgona go atamalana le Mmopi wa rona. (Jak. 4:8) Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore batsadi ba ka dirisa jang popo go thusa bana ba bone go atamalana le Jehofa.

PINA 5 Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa Modimo

a Popo ya ga Jehofa e a kgatlha. O dirile dilo tse dikgolo le tse dinnye. Ka sekai, o dirile letsatsi e bile o dirile malômô. Dilo tse Jehofa a di bopileng di ka re ruta go le gontsi gore ke Modimo yo o ntseng jang. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore ke eng fa re tshwanetse go ipha nako ya go leba popo le gore go dira jalo go ka re thusa jang go atamalana le Modimo.