Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o tla galaletsa leina la gagwe ka bosakhutleng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Setlhogo se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 2020 se se reng “A Leina la Gago le Itshepisiwe” se ile sa re tlhalosetsa eng ka leina la ga Jehofa le ka bolaodi jwa gagwe?

Mo setlhogong seo, re ithutile gore go na le kgang ya botlhokwa e e amang mongwe le mongwe wa rona, e leng: go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa. Gape go na le dipotso dingwe tse di amanang le kgang eno ya botlhokwa tse di tlhokang go arabiwa. Dipotso tseo ke go re, ‘A bolaodi jwa ga Jehofa kgotsa tsela e a busang ka yone e siame? A baengele le batho ba ka tswelela ba ikanyega mo go Jehofa?’

Goreng gone jaanong re re kgang ya botlhokwa ke leina la ga Jehofa le go itshepisiwa ga lone? A re tlotleng ka mabaka a le mararo.

Satane o ntse a senya Modimo leina fa e sa le go tloga kwa tshimong ya Edene

Sa ntlha, Satane o ile a gogagoga leina la ga Jehofa mo seretseng kwa tshimong ya Edene. Potso e Satane a ileng a e botsa Efa, e ne e dira gore go lebege e kete Jehofa ga a pelotshweu le gore melao e a e neileng Adame le Efa e a ba gatelela. Go tswa foo, o ne a bua se se farologaneng le se Jehofa a neng a se buile. Tota e bile, o ne a re Jehofa ga a bue boammaaruri. Fa a dira jalo, o ne a senya Jehofa leina. O ne a nna “Diabolo” mo go kayang “motho yo o senyang ba bangwe leina.” (Joh. 8:44) Efa ga a ka a ikobela Modimo ka gonne o ne a reetsa maaka a ga Satane, e bile seo se ne se bontsha gore ga a batle go busiwa ke Jehofa. (Gen. 3:1-6) Fa e sa le go tloga ka nako eo, Satane o ntse a senya Jehofa leina e bile o bua maaka ka ene. Batho ba ba dumelang maaka ao, le bone ba ka nna ba se ka ba ikobela Jehofa. Mme batho ba ba direlang Jehofa bone, ba tsaya go gogiwa ga leina la ga Jehofa mo seretseng e le selo se se sa siamang, ka gonne seo ke sone se dirang gore batho ba boge thata jaana le gore go bo go tletse dilo tse di bosula mo lefatsheng.

Sa bobedi, Jehofa o tla itshepisa leina la gagwe gore le se ka la tlhola le kgobiwa, mme seo se tla tswela baengele le batho mosola. Jehofa o tsaya seo se le botlhokwa thata. Ke gone ka moo a reng: “Ruri ke tla dira gore batho ba bone gore leina la me le legolo le boitshepo.” (Esek. 36:23) Jesu o ile a bontsha se batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba tshwanetseng go se rapelela fa a ne a re: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Gangwe le gape Baebele e gatelela gore go botlhokwa gore leina la ga Jehofa le galalediwe. Akanya ka dikai tse di latelang: “Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanelang leina la gagwe.” (1 Ditir. 16:29; Pes. 96:8) “Opelelang leina la gagwe le le galalelang dipako.” (Pes. 66:2) “Ke tla galaletsa leina la gago ka bosakhutleng.” (Pes. 86:12) Fa Jesu a ne a le kwa tempeleng kwa Jerusalema, o ne a raya Rraagwe a re: “Rara, galaletsa leina la gago.” Jehofa o ne a mo araba a le kwa legodimong a re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.”​—Joh. 12:28. a

Sa boraro, dilo tse Jehofa a solofetsang gore o tla re direla tsone di ama leina la gagwe kgotsa tsela e a itsegeng ka yone. Ka sekai, morago ga teko ya bofelo kwa bowelong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete go tla bonala gore leina la ga Jehofa le botlhokwa. O akanya gore baengele le batho ba tla ikutlwa jang ka leina la ga Jehofa ka nako eo? Gore re kgone go bona karabo, re tshwanetse go gopola dintlha tse pedi tse di amanang le kgang eno, e leng gore a batho ba tla ikanyega mo Modimong le gore a Jehofa o busa sentle. Ka nako eo, go tla bo go sa tlhokeng gore batho ba bontshe gore a ba a ikanyega kgotsa nnyaa. Ba tla bo ba se na boleo e bile ba tla bo ba fetile mo tekong ya bofelo. Ba tla bo ba tshelela ruri. Gape go tla bo go sa tlhokege bosupi jwa gore a Jehofa o busa ka tsela e e siameng. Ka nako eo, baengele le batho ba tla bo ba ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Mme gone, a go tla bo go sa ntse go le botlhokwa gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe?

Ka nako eo batho botlhe ba tla bo ba itse boammaaruri ka Jehofa e bile leina la gagwe le tla bo le itshepisitswe ka botlalo. Le fa go ntse jalo, batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tla tswelela ba tsaya leina la gagwe le le botlhokwa thata. Goreng re rialo? Ka gonne ba tla bo ba bona dilo tse dintle tse Jehofa a tla tswelelang a di dira. E re ka Jesu a tlile go busetsa bogosi kwa go Jehofa, Modimo “e tla nna . . . Mmusi wa dilo tsotlhe.” (1 Bakor. 15:28) Morago ga moo, batho botlhe mo lefatsheng ba tla itumelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:21) E bile Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a gore a nne le lelapa le le lengwe la bana ba gagwe ba ba kwa legodimong le mo lefatsheng.—Baef. 1:10.

Fa dilo tseno tsotlhe di sena go direga, baengele le batho ba tla ikutlwa jang? Ga re belaele gore ba tla bo ba sa ntse ba batla go galaletsa leina la ga Jehofa. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “E kete Jehofa Modimo a ka bakwa, . . . E kete leina la gagwe le le galalelang le ka bakwa ka bosakhutleng.” (Pes. 72:18, 19) Fa re tla bo re tshelela ruri, re tla bo re na le mabaka a mantsi a gore re tswelele re dira jalo.

Leina la ga Jehofa le tlhalosa se a leng sone. Ka sekai, fa re akanya ka leina la ga Jehofa, re akanya ka tsela e a leng lorato ka yone. (1 Joh. 4:8) Re tla nna re gopola gore Jehofa o a re rata ka gonne o re bopile e bile o ntshitse Morwawe gore a re rekolole. Gape re tla gopola gore tsela e a busang ka yone e siame. Le fa go ntse jalo, re tswelela re bona kafa Jehofa a re ratang ka gone. Ka jalo, re tla nna re atamalane le Jehofa e bile re tla galaletsa leina la gagwe ka bosakhutleng.​—Pes. 73:28.

a Gape Baebele e re bolelela gore go na le dilo tse Jehofa a di dirang “ka ntlha ya leina la gagwe.” Ka sekai, o kaela batho ba gagwe, o a ba thusa, o a ba sireletsa, o a ba itshwarela e bile o boloka matshelo a bone ka ntlha ya leina la gagwe, e leng Jehofa.​—Pes. 23:3; 31:3; 79:9; 106:8; 143:11.