Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 36

Diragatsa Maikarabelo a Gago, Mme O se Ka wa Ikimetsa

Diragatsa Maikarabelo a Gago, Mme O se Ka wa Ikimetsa

A le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe . . . , mme a re tabogeng lobelo lo re leng mo go lone re itshokile.”​—BAHEB. 12:1.

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Go ya ka Bahebera 12:1, re tshwanetse go dira eng gore re kgone go wetsa lobelo lwa botshelo?

 BAEBELE e tshwantsha Bakeresete le batabogi. Ba ba tabogang go fitlha kwa bokhutlong ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng. (2 Tim. 4:7, 8) Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re le mo lobelong lono, segolobogolo ka gonne re gaufi thata le go lo wetsa. Moaposetoloi Paulo o ile a kgona go wetsa lobelo lono lwa botshelo. Ka jalo, o ile a umaka sengwe se se ka re thusang gore le rona re lo wetse. O ne a re ‘re apole bokete bongwe le bongwe, mme re taboge lobelo lo re leng mo go lone re itshokile.’​—Bala Bahebera 12:1.

2. Go ‘apola bokete bongwe le bongwe’ go kaya eng?

2 Fa Paulo a ne a re re tshwanetse go ‘apola bokete bongwe le bongwe,’ a o ne a raya gore ga re a tshwanela go diragatsa maikarabelo a rona? Nnyaa. O ne a raya gore re se ka ra ikimetsa ka morwalo o o sa tlhokegeng ka gonne o ka dira gore re lape. Gore re tswelele re le mo lobelong lwa botshelo, re tshwanetse go leka go bona gore a go na le morwalo mongwe o o sa tlhokegeng o re ikimetsang ka one re bo re o latlha. Le fa go ntse jalo, go na le maikarabelo a re tshwanetseng go a diragatsa. Fa re sa a diragatse, Jehofa ga a kitla a re letla gore re tswelele re le mo lobelong lono. (2 Tim. 2:5) Re tshwanetse go diragatsa maikarabelo afe?

3. (a) Bagalatia 6:5 e a re re tshwanetse go dira eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno, mme ka ntlha ya eng?

3 Bala Bagalatia 6:5. Paulo o ne a re “mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe” kgotsa maikarabelo a gagwe. Mo temaneng eno, Paulo o ne a bua ka maikarabelo a Jehofa a lebeletseng gore mongwe le mongwe wa rona a a diragatse, a go se nang ope yo o ka re direlang one. Mo setlhogong seno, re tla bona gore maikarabelo ao ke afe le gore ke eng se se ka re thusang go a diragatsa. Gape re tla tlotla ka merwalo e re sa tlhokeng go ikimetsa ka yone e bile re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go e latlha. Go diragatsa maikarabelo a rona le go latlha merwalo e re sa tlhokeng go ikimetsa ka yone go tla re thusa gore re tswelele re le mo lobelong lwa botshelo.

MAIKARABELO A RE TSHWANETSENG GO A DIRAGATSA

Re tshwanetse go diragatsa maikano a re a dirileng fa re ne re ineela mo go Jehofa, go diragatsa maikarabelo a rona a mo lelapeng le go amogela maikarabelo a ditshwetso tse re di dirang (Bona serapa 4-9)

4. Goreng maikano a re a dirileng fa re ne re ineela mo go Jehofa a sa imele? (Bona le setshwantsho.)

4 Maikano a re a dirileng fa re ne re ineela mo go Jehofa. Fa re ne re ineela mo go Jehofa re ile ra mo solofetsa gore re tla mo obamela e bile re tla dira thato ya gagwe. Re tshwanetse go diragatsa maikano ao. Maikano ao ga se sengwe se re se tsayang lotsatsa. Le fa go ntse jalo, ga a imele ka gonne Jehofa o re bopetse gore re dire thato ya gagwe. (Tshen. 4:11) O re dirile mo setshwanong sa gagwe, e bile o dirile gore re nne le keletso ya go mo itse le go mo obamela. Ka jalo, re kgona go atamalana le ene e bile re itumelela go dira thato ya gagwe. (Pes. 40:8) Mo godimo ga moo, fa re dira thato ya Modimo e bile re ithuta mo go Morwawe, re a “lapologelwa.”​—Math. 11:28-30.

(Bona serapa 4-5)

5. Ke eng se se ka go thusang gore o diragatse maikano a gago? (1 Johane 5:3)

5 Ke eng se se ka go thusang go a diragatsa? O ka thusiwa ke dilo tse pedi. Sa ntlha, tswelela o dira dilo tse di tla go thusang gore o rate Jehofa. Iphe nako ya go akanyetsa kwa teng ka dilo tse dintle tse Jehofa a setseng a go diretse tsone le tse a tla go direlang tsone mo nakong e e tlang. Fa tsela e o ratang Jehofa ka yone e ntse e oketsega, go tla nna motlhofo gore o mo ikobele. (Bala 1 Johane 5:3.) Sa bobedi, etsa Jesu. Jesu o ile a kgona go dira thato ya ga Jehofa ka gonne o ne a mo kopa gore a mo thuse e bile o ne a nna a akantse ka dilo tse dintle tse Jehofa a tla mo direlang tsone mo nakong e e tlang. (Baheb. 5:7; 12:2) Le wena kopa Jehofa gore a go thuse, mme o nne o akantse ka botshelo jo bo sa khutleng jo a solofetsang gore o tla go naya jone mo nakong e e tlang. Fa o rata Jehofa e bile o etsa Jesu, o tla kgona go diragatsa maikano a o ileng wa a dira fa o ne o ineela mo go Jehofa.

6. Goreng re tshwanetse go diragatsa maikarabelo a rona mo lelapeng? (Bona le setshwantsho.)

6 Maikarabelo a re nang le one mo lelapeng. Fa re ntse re le mo lobelong lono lwa botshelo, re tshwanetse go rata Jehofa le Jesu go feta kafa re ratang ba malapa a rona ka gone. (Math. 10:37) Mme gone, seno ga se reye gore re tshwanetse go itlhokomolosa maikarabelo a re nang le one mo lelapeng. Tota e bile, fa re batla go itumedisa Jehofa le Jesu, re tshwanetse go diragatsa maikarabelo ao. (1 Tim. 5:4, 8) Fa re dira jalo, re tla itumela. Jehofa o a itse gore botlhe mo lelapeng ba tla itumela fa monna le mosadi ba ratana e bile ba tlotlana, fa batsadi ba rata bana ba bone e bile ba ba ruta le fa bana ba ikobela batsadi ba bone.​—Baef. 5:33; 6:1, 4.

(Bona serapa 6-7)

7. Ke eng se se ka go thusang gore o diragatse maikarabelo a gago mo lelapeng?

7 Ke eng se se ka go thusang go a diragatsa? Le fa o ka tswa o le monna, mosadi kgotsa ngwana, dirisa kgakololo e e mo Baebeleng. O se ka wa dira se o akanyang gore se siame, se batho ba tlwaetseng go se dira mo lefelong la lona kgotsa se batho ba ba gakololang malapa ba reng o se dire. (Diane 24:3, 4) Bala dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Di tla go thusa go bona gore o ka dirisa jang melaometheo ya Baebele. Ka sekai, mo karolong ya “Go Thusa Lelapa” go na le ditlhogo tse di nang le tshedimosetso e e buang ka dikgwetlho tse banyalani, batsadi le basha ba lebanang le tsone. b Dirisa se o se ithutang mo Baebeleng le fa ba bangwe mo lelapeng ba sa dire jalo. Seo se tla thusa lelapa la lona e bile Jehofa o tla go segofatsa.​—1 Pet. 3:1, 2.

8. Ditshwetso tse re di dirang di ka re ama jang?

8 Maikarabelo a ditshwetso tse re di dirang. Jehofa o re neile kgololesego ya gore re itirele ditshwetso, mme o batla gore re dire ditshwetso tse di siameng tse di tla dirang gore re itumele. Mme fa re dira ditshwetso tse di sa siamang, ga a dire gore re se ka ra lebana le ditlamorago tsa tsone. (Bagal. 6:7, 8) Ka jalo, fa re kgopisitse mongwe, re dirile sengwe re sa akanya kgotsa re dirile tshwetso e e sa siamang, re tshwanetse go tsaya maikarabelo a diphoso tseo. Ka dinako tse dingwe fa re dirile diphoso, segakolodi sa rona se ka re tshwenya. Mme go itse gore re tshwanetse go tsaya maikarabelo a diphoso tsa rona, go ka re tlhotlheletsa gore re bue gore re dirile eng, re baakanye diphoso tseo re bo re leke ka natla gore re se ka ra di boeletsa. Go dira jalo go ka re thusa gore re tswelele re le mo lobelong lwa botshelo.

(Bona serapa 8-9)

9. O tshwanetse go dira eng fa o dirile tshwetso e e sa siamang? (Bona le setshwantsho.)

9 Ke eng se se ka go thusang go amogela maikarabelo a ditshwetso tse o di dirileng? Fa e le gore o dirile tshwetso nngwe e e sa siamang, amogela gore o ka se fetole se se diragetseng. O se ka wa fetsa nako o leka go tlhalosa gore o ne o se phoso kgotsa o pega ba bangwe molato ka phoso e o e dirileng. Go na le moo, amogela gore o dirile phoso, mme o leke go tswelela ka botshelo. Fa e le gore o ikutlwa molato ka sengwe se o se dirileng, bua le Jehofa o mmolelele gore o dirile eng, mme o mo kope gore a go itshwarele. (Pes. 25:11; 51:3, 4) Ikopele maitshwarelo mo bathong ba o ka tswang o ba utlwisitse botlhoko, mme fa go tlhokega kopa bagolwane gore ba go thuse. (Jak. 5:14, 15) Ithute mo diphosong tsa gago, mme o leke ka natla gore o se ka wa di boeletsa. Fa o dira jalo, itse gore Jehofa o tla go utlwela botlhoko e bile o tla go ema nôkeng.​—Pes. 103:8-13.

MERWALO E RE SA TSHWANELANG GO IKIMETSA KA YONE

10. Goreng re sa tshwanela go batla go dira dilo tse re ka se di kgoneng? (Bagalatia 6:4)

10 Go batla go dira dilo tse re sa kgoneng go di dira. Fa re ipapisa le batho ba bangwe, re ka feleletsa re batla go dira dilo tse re ka se kgoneng go di dira. (Bala Bagalatia 6:4.) Gape seno se ka dira gore re fufegele ba bangwe kgotsa re gaisane le bone. (Bagal. 5:26) Fa re leka go dira dilo tse ba bangwe ba di dirang tse rona re ka se kgoneng go di dira, re ka ipakela mathata. Baebele e a re fa sengwe se re se “letetseng se tsaya nako go diragala” re ka kgobega marapo. (Diane 13:12) Ka jalo, re ka kgobega marapo le go feta fa re letetse selo se se ka se diregeng. Go dira jalo go ka re lapisa re bo re palelwa ke go tswelela re le mo lobelong lwa botshelo.​—Diane 24:10.

11. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa batla go dira dilo tse o ka se di kgoneng?

11 Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa batla go dira dilo tse o ka se kgoneng go di dira? Nna o gopotse gore ga re lekane re se meno. Ka jalo, o se ka wa batla go dira dilo tse Jehofa a sa lebelelang gore o di dire. Jehofa o batla gore o dire fela se o se kgonang. (2 Bakor. 8:12) Ga a go bapise le ba bangwe. (Math. 25:20-23) O itumelela gore o mo direla ka pelo yotlhe, o ikanyega mo go ene le gore o tswelela o itshokile. Fa e le gore o godile, o a lwala kgotsa maemo a gago a fetogile, nna boikokobetso mme o amogele gore go na le dilo dingwe tse o ka se kgoneng go di dira. Fela jaaka Barisilai, letla ba bangwe gore ba dire dikabelo tse o ka se tlholeng o kgona go di dira. (2 Sam. 19:35, 36) Fela jaaka Moshe, letla ba bangwe gore ba go thuse fa go kgonega. (Ekes. 18:21, 22) Fa o le boikokobetso, ga o kitla o batla go dira dilo tse di tla go lapisang o bo o palelwa ke go tswelela o le mo lobelong lwa botshelo.

12. A re tshwanetse go ikutlwa molato ka ntlha ya ditshwetso tse di sa siamang tsa ba bangwe? Tlhalosa.

12 Go ikutlwa molato ka ntlha ya ditshwetso tse di sa siamang tse ba bangwe ba di dirang. Re ka se direle ba bangwe ditshwetso e bile ka dinako tse dingwe ga re kgone go ba sireletsa gore ba se ka ba lebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa ditshwetso tse ba di dirang. Ka sekai, ngwana wa gago a ka tlogela go direla Jehofa, mme seno se bo se go utlwisa botlhoko thata. Mme gone, fa o ipega molato ka ntlha ya ditshwetso tse di sa siamang tsa ngwana wa gago, o tla bo o ikimetsa ka morwalo o Jehofa a sa lebelelang gore o o rwale.​—Bar. 14:12.

13. Ke eng se se ka thusang motsadi gore a se ka a ikutlwa molato ka ditshwetso tse di sa siamang tse ngwana wa gagwe a di dirileng?

13 Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa ikutlwa molato? Nna o gopotse gore Jehofa o neile mongwe le mongwe kgololesego ya go itlhophela. O batla gore mongwe le mongwe a itirele tshwetso ya gore a o tla mo direla kgotsa nnyaa. Jehofa o a itse gore batsadi le bone ba dira diphoso. Ka jalo, o lebeletse gore o dire se o ka se kgonang. Ngwana wa gago ke ene a tshwanetseng go rwala maikarabelo a ditshwetso tsa gagwe, e seng wena. (Diane 20:11) Le fa go ntse jalo, gongwe o nnela go akanya ka diphoso tse o ileng wa di dira fa o godisa ngwana wa gago. Fa go le jalo, bolelela Jehofa ka kgang eo, mme o mo kope gore a go itshwarele. Jehofa o a itse gore o ka se fetole se se setseng se diragetse. Gape ga a a lebelela gore o sireletse ngwana wa gago gore a se ka a roba se a se jadileng. Nna o gopotse gore fa ngwana wa gago a dira maiteko a go boela kwa go Jehofa, Jehofa o tla mo amogela ka diatla tsoopedi.​—Luke 15:18-20.

14. Goreng re sa tshwanela go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng?

14 Go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng. Fa re dira boleo, re ikutlwa molato. Mme gone, Jehofa ga a batle gore re ikutlwe molato ka tsela e e feteletseng. Re ka itse jang gore re ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng? Fa e le gore re ile ra bua se re se dirileng, ra ikwatlhaya e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra boeletsa phoso eo, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o re itshwaretse. (Dit. 3:19) Fa re setse re dirile jalo, Jehofa ga a batle gore re tswelele re ikutlwa molato. O a itse gore seo se ka re koafatsa. (Pes. 31:10) Gape o a itse gore seno se ka re hutsafatsa thata re bo re palelwa ke go tswelela re le mo lobelong lwa botshelo.​—2 Bakor. 2:7.

Fa e le gore o ikwatlhaile, Jehofa ga a nnele go akanya ka diphoso tse o di dirileng mme le wena ga o a tshwanela go dira jalo (Bona serapa 15)

15. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng? (1 Johane 3:19, 20) (Bona le setshwantsho.)

15 Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng? Fa e le gore o ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng, nna o gopotse gore Modimo o itshwarela ka tsela ya mmatota. (Pes. 130:4) Baebele e a re fa Jehofa a itshwarela batho ba ba ikwatlhaileng, ‘ga a kitla a tlhola a gakologelwa boleo jwa bone.’ (Jer. 31:34) Seno se raya gore fa Jehofa a go itshwaretse phoso, o lebala ka yone. Ka jalo, fa o tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa phoso e o e dirileng, o se ka wa tsaya gore Jehofa ga a go itshwarela. Mo godimo ga moo, o se ka wa utlwa botlhoko thata fa go na le dilo dingwe tse o sa tlholeng o kgona go di dira mo phuthegong ka ntlha ya diphoso tse o di dirileng. Jehofa ga a nnele go akanya ka diphoso tseo, mme le wena ga o a tshwanela go dira jalo.​—Bala 1 Johane 3:19, 20.

DIRA SOTLHE SE O KA SE KGONANG GORE O WETSE LOBELO

16. Re tshwanetse go nna re gopotse eng?

16 Fa re ntse re le mo lobelong lono lwa botshelo, re tshwanetse go taboga ka tsela e e tla re thusang gore re lo wetse. (1 Bakor. 9:24) Go nna re gopotse gore go na le maikarabelo a re tshwanetseng go a diragatsa le merwalo e re sa tlhokeng go ikimetsa ka yone, go tla re thusa gore re dire jalo. Mo setlhogong seno, re tlotlile ka dikai di le mmalwa tsa maikarabelo a re tshwanetseng go a diragatsa le merwalo e re sa tshwanelang go ikimetsa ka yone. Mme go sa ntse go na le tse dingwe gape. Jesu o ne a re re ka “imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo.” (Luke 21:34) Temana eno le tse dingwe di ka go thusa go bona gore a go na le merwalo mengwe e o ikimetsang ka yone e o tshwanetseng go e latlha.

17. Goreng re tlhatswegile pelo gore re tla kgona go tswelela re le mo lobelong lwa botshelo go fitlha kwa bokhutlong?

17 Re tlhatswegile pelo gore re tla kgona go tswelela re le mo lobelong lono go fitlha kwa bokhutlong, ka gonne Jehofa o tla re naya maatla a re a tlhokang. (Isa. 40:29-31) Ka jalo, o se ka wa fokotsa lobelo. Etsa moaposetoloi Paulo ka gonne o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang gore a wetse lobelo lono. (Bafil. 3:13, 14) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a tswelele a le mo lobelong lono, mme Jehofa o tla re thusa. O tla go thusa gore o kgone go diragatsa maikarabelo a gago le gore o latlhe merwalo e o sa tlhokeng go ikimetsa ka yone. (Pes. 68:19) Jehofa o tla go thusa gore o tswelele o itshokile go fitlha kwa bokhutlong.

PINA 65 Gatelang Pele!

a Setlhogo seno se tla re thusa gore re tswelele re le mo lobelong lwa botshelo. Fa re ntse re le mo lobelong lono go na le maikarabelo a re tshwanetseng go a diragatsa. Seno se akaretsa maikano a re a dirileng fa re ne re ineela mo go Jehofa, maikarabelo a re nang le one mo lelapeng le maikarabelo a ditshwetso tse re di dirang. Mme gone, go na le merwalo mengwe e re sa tlhokeng go ikimetsa ka yone. Merwalo eo ke efe? Re tla bona karabo mo setlhogong seno.

b O ka bona karolo ya “Go Thusa Lelapa” mo jw.org. Ditlhogo dingwe tse di ka thusang banyalani ke tseno: “Ditsela Tsa go Bontshana Tlotlo” le “Go Bontsha Gore o a Leboga”; tse di ka thusang batsadi: “Tsela ya go Buisana le Ngwana wa Dingwaga Tsa Bolesome” le “Tsela ya go Ruta Basha go Dirisa Internet ka Pabalesego”; tse di ka thusang basha: “Tsela ya go Emelana le Kgatelelo ya Dithaka” le “O ka Fenya Bodutu Jang?