Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 43

“O Tla go Nonotsha”

“O Tla go Nonotsha”

“[Jehofa] o tla go nonotsha, o tla go thusa gore o tswelele o ikanyega e bile o tla dira gore o nne o tiile.”​—1 PET. 5:10.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Jehofa o ile a thusa jang batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng?

 GO LE gantsi fa Lefoko la Modimo le bua ka batho bangwe ba ba neng ba na le tumelo, le a re ba ne ba nonofile. Mme gone, ga se ka metlha ba neng ba ikutlwa jalo. Ka sekai, ka dinako dingwe Kgosi Dafide o ne a le pelokgale e bile a le “thata jaaka thaba,” mme ka dinako tse dingwe o ne a le bokoa e bile a “tshoga thata.” (Pes. 30:7) Moya wa Modimo o ne o thusa Samesone gore a nne le maatla. Mme gone Samesone o ne a itse gore kwantle ga moya oo, o tla ‘nna bokoa a bo a tshwana le batho ba bangwe botlhe.’ (Baatlh. 14:​5, 6; 16:17) Ka jalo, Jehofa ke ene a neng a thusa batlhanka bano ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba nne le maatla.

2. Goreng moaposetoloi Paulo a ne a re fa a le bokoa ke gone a leng maatla? (2 Bakorintha 12:​9, 10)

2 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a itse gore Jehofa o tla mo naya maatla. (Bala 2 Bakorintha 12:​9, 10.) Paulo o ne a lwala fela jaaka rona. (Bagal. 4:​13, 14) Ka dinako tse dingwe go ne go le thata gore a dire se se siameng. (Bar. 7:​18, 19) Mo godimo ga moo, o ne a tle a tlhobaele e bile ka dinako dingwe o ne a ipotsa gore o tla diragalelwa ke eng. (2 Bakor. 1:​8, 9) Le fa go ntse jalo, o ne a re fa a le bokoa ke gone a leng maatla. O ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa go itshokela mathata a gagwe.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Le rona Jehofa o tla re nonotsha. (1 Pet. 5:10) Mme gone, ga re a tshwanela go tlhaba kgobe ka mmutlwa. Ka sekai, fa motho a batla gore koloi e tsamaye, o tshwanetse go gata mafura. Go ntse fela jalo le ka rona, ga re a tshwanela go lebelela gore Jehofa a dire sengwe le sengwe rona re phuthile matsogo. Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa o re nonotsha jang le gore rona re tshwanetse go tsaya matsapa afe. Gape re tla bona gore o ile a thusa jang moporofeti Jona, Marea mmaagwe Jesu le moaposetoloi Paulo. Mo godimo ga moo, re tla bona gore o thusa jang batlhanka ba gagwe ba mo motlheng ono wa rona.

GO RAPELA LE GO ITHUTA GO TLA GO THUSA GO ITSHOKA

4. Re tshwanetse go dira eng fa re batla gore Jehofa a re thuse?

4 Fa re batla gore Jehofa a re thuse, re tshwanetse go bua le ene. Fa re dira jalo, o tla re naya “maatla a a sa tlwaelegang.” (2 Bakor. 4:7) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang. (Pes. 86:11) Go bala Baebele go tla re thusa gore re itshoke ka gonne Lefoko la Modimo “le naya maatla.” (Baheb. 4:12) Fa o rapela e bile o bala Baebele, Jehofa o tla go thusa gore o kgone go nna o itshokile, o itumetse le gore o dire kabelo e a go neileng yone le fa e ka tswa e se motlhofo. Mma re bone gore o ile a thusa jang moporofeti Jona.

5. Goreng moporofeti Jona a ne a tlhoka go nna pelokgale?

5 Nako nngwe Jehofa o ne a kopa Jona gore a dire sengwe se go neng go se motlhofo gore a se dire. Go na le gore a ye kwa Jehofa a neng a mo romile teng, o ne a palama sekepe a bo a ikela go sele. Fa a ntse a le mo sekepeng seo, go ne ga tsoga setsuatsue. E rile a bona gore sekepe se tloga se nwela, o ne a kopa batho ba ba mo sekepeng gore ba mo latlhele mo lewatleng. Ba ne ba dira jalo, mme o ne a komediwa ke tlhapi e kgolo. Jona o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile tota fa a ne a le mo mpeng ya tlhapi. Gongwe a ka tswa a ne a akanya gore Jehofa o mo latlhile le gore o tlile go swela mo mpeng ya tlhapi eo.

Jaaka moporofeti Jona, ke eng se se ka re thusang fa re na le mathata? (Bona serapa 6-9)

6. Go ya ka Jona 2:​1, 2, 7, ke eng se se ileng sa thusa Jona fa a ne a le mo mpeng ya tlhapi?

6 Ke eng se ileng sa thusa Jona fa a ne a le mo mpeng ya tlhapi? O ile a thusiwa ke go rapela. (Bala Jona 2:​1, 2, 7.) Ke nnete gore Jona ga a ka a dira se Jehofa a neng a mo kopile gore a se dire, le fa go ntse jalo e re ka a ne a ikwatlhaya, o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla reetsa thapelo ya gagwe. Sengwe gape se se ileng sa mo thusa ke go akanyetsa kwa teng ka ditemana dingwe tse a neng a di itse. Fa a ne a rapela mo go Jona kgaolo 2, o ile a dirisa mafoko a mantsi a a tshwanang le a a mo bukeng ya Dipesalema. Ka jalo, seo se bontsha gore o ne a itse ditemana tseo sentle. (Ka sekai, bapisa Jona 2:​2, 5 le Pesalema 69:1; 86:7.) Go akanyetsa kwa teng ka ditemana tseo go ile ga mo thusa gore a tlhatswege pelo gore Jehofa o tla mo thusa. Mme go ne ga nna fela jalo. Jehofa o ile a mo sireletsa mme moragonyana o ne a ya kwa Jehofa a neng a mo romile teng.​—Jona 2:10–3:4.

7-8. Mokaulengwe mongwe wa kwa Taiwan o ile a thusiwa ke eng gore a kgone go itshokela mathata?

7 Se se diragaletseng Jona se ka re thusa go itshoka fa re na le mathata. Ka sekai, mokaulengwe mongwe wa kwa Taiwan, yo o bidiwang Zhiming b o lwala thata e bile batho ba kwa gagabo ga ba mo tshware sentle ka gonne e le Mosupi wa ga Jehofa. Go rapela le go ithuta go mo thusa gore a tswelele a itshokile. A re: “Ka dinako tse dingwe fa go le boima, ke tlhobaela thata mo ke sa kgoneng go ithuta.” Mme se se itumedisang ke gore ga a ineele. A re: “Fa seo se direga, ke a rapela go tswa foo ke reetsa dipina tsa Bogosi. Ka dinako tse dingwe ke a di opela go fitlha ke ritibala, go tswa foo ke bo ke simolola go ithuta.”

8 Dilo tse Zhiming a ileng a di ithuta, di ile tsa mo thusa gore a tswelele a itshokile le fa a na le mathata. Ka sekai, nako nngwe fa a sena go dirwa karo, mooki mongwe o ne a mmolelela gore o tlhoka go tshelwa madi. Nakonyana pele ga foo, Zhiming o ile a bala ka kgaitsadi mongwe yo o neng a dirilwe karo e e tshwanang le ya gagwe. Maemo a kgaitsadi yoo a ne a le maswe thata go feta a ga Zhiming. Le fa go ntse jalo, kgaitsadi yoo ga a ka a dumela go tshelwa madi mme moragonyana o ne a fola. Maitemogelo ao a ile a thusa Zhiming gore a se ka a ineela.

9. O ka dira eng fa go le thata gore o rapele kgotsa o ithute? (Bona le ditshwantsho.)

9 Ke nnete gore ka dinako tse dingwe fa o na le mathata, o ka ikutlwa o tlaletswe mo o sa kgoneng go rapela kgotsa o lapile thata mo o sa kgoneng go ithuta. Mme gone, nna o gopotse gore Jehofa o tlhaloganya gore o ikutlwa jang. Ka jalo, le fa o rapela thapelo fela e khutshwane, o tla go naya se o se tlhokang. (Baef. 3:20) Fa go le thata gore o rapele kgotsa o ithute, o ka nna wa reetsa mmalo wa Baebele o o rekotilweng kgotsa dikgatiso tsa rona tse di rekotilweng. Sengwe gape se se ka go thusang ke dipina le dibidio tse di mo jw.org. Jehofa o tla go nonotsha fa o rapela e bile o mo letla gore a go arabe a dirisa Baebele le dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng.   

BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI BA KA GO KGOTHATSA

10. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka go kgothatsa jang?

10 Jehofa a ka re kgothatsa a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ba ka re ‘gomotsa thata’ fa re na le mathata kgotsa re thatafalelwa ke go dira kabelo nngwe e re e neilweng. (Bakol. 4:​10, 11) Re tlhoka ditsala tse di ntseng jalo, segolobogolo ka “dinako tsa matshwenyego.” (Diane 17:17) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ka re thusa ka se re se tlhokang, ba ka re gomotsa e bile ba ka re kgothatsa gore re tswelele re direla Jehofa ka boikanyegi. A re boneng gore Marea, mmaagwe Jesu, o ile a kgothadiwa jang ke ba bangwe.

11. Goreng Marea a ne a tlhoka go nna pelokgale?

11 Go ne go se motlhofo gore Marea a dire se Jehofa a neng a re a se dire. Ka jalo, o ne a tshwanetse go nna pelokgale. Moengele o ne a bolelela Marea gore o tla ima. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa mo tshwenya tota ka gonne o ne a ise a nyalwe. Sengwe gape se se ka tswang se ne se mo tshwenya ke gore o ne a se na bana, ka jalo a ka tswa a ne a ipotsa gore a o tla kgona go tlhokomela ngwana yoo yo e neng e tla nna Mesia. Mo godimo ga moo, Marea o ne a tlile go nyalwa ke Josefa. Ka jalo, a Josefa o ne a tla mo dumela fa a mo tlhalosetsa gore go tlile jang gore a ime, kgotsa a o ne a tla tsaya gore o mmaya bobi mo matlhong?​—Luke 1:​26-33.

12. Go ya ka Luke 1:​39-45, ke eng se se ileng sa thusa Marea gore a dire kabelo e a neng a e neilwe?

12 Marea o ile a kgona go dira kabelo e Jehofa a neng a mo neile yone ka gonne o ile a kopa thuso mo bathong ba bangwe. Jehofa o ile a dirisa Gabariele le Elisabetha go mo thusa. Ka sekai, Marea o ile a botsa Gabariele dipotso dingwe ka kabelo e a neng a e neilwe. (Luke 1:34) Morago ga moo, o ne a etela Elisabetha kwa Juda. Go dira jalo e ne e se matsapa a bophiri fela ka gonne Elisabetha o ile a akgola Marea, e bile o ile a bua boporofeti jo bo kgothatsang ka ngwana yo Marea a neng a tlile go mo tshola. (Bala Luke 1:​39-45.) Marea o ne a re Jehofa “o dirile ditiro tse di maatla ka lebogo la gagwe.”​—Luke 1:​46-51.

13. Go kopa thuso mo bakaulengweng go ile ga thusa jang kgaitsadi mongwe wa kwa Bolivia?

13 Le wena o ka kopa Jehofa gore a go thuse. Kgaitsadi mongwe wa kwa Bolivia, yo o bidiwang Dasuri o ile a lemoga seo. Rraagwe o ile a tshwarwa ke bolwetse bongwe jo bo sa foleng. Mme fa a ne a le kwa bookelong, Dasuri o ne a dira sotlhe se a se kgonang go mo tlhokomela. Go ne go se motlhofo ka gonne o ne a sa kope thuso mo go ba bangwe. (1 Tim. 5:4) A re: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke imetswe thata. Mme gone, ke ne ke sa batle go tshwenya ba bangwe. Ke ne ke tsaya gore Jehofa ke ene yo o tshwanetseng go nthusa. Le fa go ntse jalo, ke ile ka lemoga gore fa ke sa kope thuso mo go ba bangwe, ke a bo ke leka go itharabololela mathata a me ke le nosi.” (Diane 18:1) Dasuri o ile a kwalela ditsala dingwe tsa gagwe a ba tlhalosetsa mathata a gagwe. A re: “Ke ile ka lemoga gore eleruri mabogo dinku a a thebana. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba nkema nôkeng tota. Ba ne ba re tlisetsa dijo kwa bookelong e bile ba re kgothatsa ba dirisa Baebele. Ke ne ka lemoga gore re lelapa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a re tlhokomela, ba lela le rona fa re na le mathata e bile ba a re kgothatsa gore re tswelele re direla Jehofa.”

14. Goreng re tshwanetse go kopa bagolwane gore ba re thuse?

14 Gape Jehofa o re kgothatsa a dirisa bagolwane. Baebele e a re ke dimpho e bile ba ka re thusa ka dinako tsa mathata. (Isa. 32:​1, 2) Ka jalo fa o tshwenyegile, bolelela bagolwane gore o ikutlwa jang mme o ba letle gore ba go thuse.

DILO TSE JEHOFA A RE SOLOFETSANG TSONE DI KA GO THUSA GORE O SE KA WA INEELA

15. Bakeresete ba na le tsholofelo efe?

15 Go akanya ka dilo tse Jehofa a solofetsang gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang, go re thusa gore re tswelele re mo direla. (Bar. 4:​3, 18-20) Bakeresete bangwe ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong, mme ba bangwe bone ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Go itse seno go re thusa gore re itshokele diteko, re rere dikgang tse di molemo le gore re thuse bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. (1 Bathes. 1:3) Seno se ile sa thusa Paulo gore a se ka a ineela.   

16. Goreng moaposetoloi Paulo a ne a tlhoka go nonotshiwa?

16 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakorintha, o ne a re o tshwana le sejana se se dirilweng ka letsopa. O ne a tlhoka go nonotshiwa ka gonne o ne a “gateletswe,” ‘a sa itse gore a dire eng,’ a “bogisiwa” e bile a “gateletswe ke matshwenyego.” Tota e bile, ka dinako tse dingwe botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing. (2 Bakor. 4:​8-10) Le fa go ntse jalo, dikgolo di ne di sa ntse di tla. Fa a sena go kwala mafoko ao, o ne a tlhaselwa ke batho, a tshwarwa a bo a thubegelwa ke sekepe.

17. Go ya ka 2 Bakorintha 4:​16-18, ke eng se se thusitseng Paulo gore a se ka a ineela?

17 Paulo o ne a nna a akanya ka se Jehofa a mo solofeditseng sone. Mme seo se ne se mo thusa gore a se ka a ineela. (Bala 2 Bakorintha 4:​16-18.) O ne a bolelela Bakeresete ba kwa Korintha gore le fa a koafala, a ka se letle seo se mo kgoba marapo. Tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong e ne e le botlhokwa thata mo go ene mo e leng gore o ne a iketleeleditse go itshokela mathata mangwe le mangwe fela. Go akanya ka tsholofelo eo, go ne go mo thusa gore a nne le maatla.

18. Go akanya ka dilo tse Jehofa a tla re direlang tsone mo nakong e e tlang, go ile ga thusa Tihomir le ba lelapa la gagwe jang?

18 Go akanya ka dilo tse Jehofa a tla re direlang tsone mo nakong e e tlang, go ile ga thusa mokaulengwe mongwe wa kwa Bulgaria yo o bidiwang Tihomir gore a se ka a ineela. Dingwaga di se kae tse di fetileng monnawe yo o bidiwang Zdravko, o ile a tlhokafala mme seno se ile sa dira gore Tihomir a kotlomane pelo. Ene le ba lelapa la gagwe ba gomodiwa ke go akanya ka nako ya fa Zdravko a tla bo a tsosiwa. A re: “Re na le go tlotla ka gore re tla kopana le ene kae, re tlile go mo apeela eng le gore re tlile go laletsa bomang kwa kokoanong ya fa a sena go tsosiwa. Gape re na le go tlotla ka dilo tse re tlileng go mmolelela tsone tse di ileng tsa sala di direga fa a sena go tlhokafala.” Tihomir a re go nna ba akantse ka nako eo, go thusa ene le ba lelapa la gagwe gore ba se ka ba ineela fa ba ntse ba emetse gore Jehofa a tsose Zdravko.

O lebile pele go dira eng kwa paradaiseng? (Bona serapa 19) c

19. Ke eng se se ka go thusang go tlhatswega pelo gore dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone di tla direga? (Bona le setshwantsho.)

19 Ke eng se se ka go thusang go tlhatswega pelo gore dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone di tla direga? Fa e le gore o na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, bala ditemana tse di tlhalosang gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa Paradaiseng mme o akanyetse kwa teng ka tsone. (Isa. 25:8; 32:​16-18) Leka go akanya gore o tla bo o na le bomang le gore o tla bo o ikutlwa jang. Ditshwantsho tse di tlhagelelang mo dikgatisong tsa rona di ka go thusa go dira jalo. Sengwe gape se se ka go thusang ke go lebelela dibidio tsa mmino tse di jaaka tsa setlhogo se se reng, Lefatshe le Lesha, Go Tla Rena Kagiso! kgotsa Tla o Bone. Fa re nna re akantse ka gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa lefatsheng le lesha, mathata a rona e tla nna a ‘nakwana e bile a tla nna motlhofo.’ (2 Bakor. 4:17) Mo godimo ga moo, go dira jalo go tla re thusa gore re se ka ra ineela.

20. Fa go le thata, re tshwanetse go dira eng gore Modimo a re neye maatla?

20 Fa go le thata, “Modimo o tla re naya maatla.” (Pes. 108:13) Ka jalo, fa o batla gore Jehofa a go thuse gore o dire kabelo nngwe e a go neileng yone, gore o itshokele mathata kgotsa gore o tswelele o itumetse, o tshwanetse go ipha nako ya go bua le ene le ya go ithuta. Letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba go thuse le gore ba go kgothatse. Mo godimo ga moo, nna o akantse ka gore botshelo bo tla bo bo le monate jang kwa lefatsheng le lesha. Fa o dira jalo, ‘Modimo a ka go nonotsha ka maatla a gagwe ka gonne o na le maatla a magolo, gore o tle o itshokele dilo tsotlhe o le pelotelele e bile o itumetse.’​—Bakol. 1:11.

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

a Ka dinako tse dingwe re lebana le mathata a a boima, kgotsa re newa kabelo e re akanyang gore re ka se kgone go e dira. Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa a ka re thusa jang le gore rona re tshwanetse go tsaya matsapa afe gore a re thuse.

b Maina mangwe a fetotswe.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o sa utlweng mo ditsebeng o akanya ka dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone, e bile o tshameka bidio ya mmino gore e mo thuse go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa lefatsheng le lesha.