Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 44

Ithute Lefoko la Modimo ka Kelotlhoko

Ithute Lefoko la Modimo ka Kelotlhoko

“Tlhaloganya sentle bophara le boleele le bogodimo le boteng jwa boammaaruri.”​—BAEF. 3:18.

PINA 95 Lesedi le Phatsimela Pele

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. Re tshwanetse go dira eng fa re ithuta Baebele? Naya sekai.

 A RE re o batla go reka ntlo. A o ne o tla leba senepe sa ntlo eo fela o bo o kgotsofala? Kgotsa a o tla ya kwa ntlong eo gore o e bone? Ga go pelaelo gore o ne o tla batla go tsena mo go yone, o bo o leba kamore nngwe le nngwe. Gongwe e bile o ne o ka batla go kopana le motho yo o itseng gore e agilwe jang gore o mmotse dipotso.

2 Mokwadi mongwe o ne a re Baebele e tshwana le “ntlo e kgolo e e agegileng sentle.” Jaaka re setse re tlhalositse, pele ga o reka ntlo, o e sekaseka ka kelotlhoko ka fa ntle le ka fa teng go bona gore e ntse jang. Re tshwanetse go dira se se tshwanang fa re ithuta Baebele. Gore re e tlhaloganye sentle, re tshwanetse go e bala ka kelotlhoko, e seng go e bala fela re feta. Fa re sa e bale ka kelotlhoko, re tla tlhaloganya fela “dilo tsa ntlha tse di tswang mo lefokong la Modimo le le boitshepo.” (Baheb. 5:12) Sengwe se se ka go thusang go tlhaloganya Baebele, ke go leka go bona gore ditemana tse o di balang di tsamaisana jang le tse dingwe. Leka go tlhaloganya se o se ithutang, le mabaka a go bo o se dumela.

3. Moaposetoloi Paulo o ile a re bakaulengwe le bokgaitsadi ba dire eng, mme ka ntlha ya eng? (Baefeso 3:​14-19)

3 Gore re kgone go tlhaloganya Lefoko la Modimo sentle, go na le dilo dingwe tse re tshwanetseng go di ithuta ka kelotlhoko. Moaposetoloi Paulo o ile a kopa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ithute Lefoko la Modimo ka kelotlhoko gore ba kgone go tlhaloganya “bophara le boleele le bogodimo le boteng jwa boammaaruri.” Go dira jalo go ne go tla ba thusa gore ba ‘name medi e bile ba ngangatlele’ tumelo ya bone. (Bala Baefeso 3:​14-19.) Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. A re boneng gore re ka ithuta jang Lefoko la Modimo ka kelotlhoko gore re kgone go le tlhaloganya sentle.

ITHUTE DITHUTO TSE DI BOTENG

4. Ke eng se se ka re thusang go atamalana le Jehofa? Naya dikai.

4 Ga re a tshwanela go kgotsofalela go ithuta fela dithuto tse re di rutilweng fa re ne re simolola go ithuta boammaaruri. Re tshwanetse go ithuta “dilo tse di boteng tsa Modimo,” mme moya o o boitshepo o tla re thusa go di tlhaloganya. (1 Bakor. 2:​9, 10) O ka ipha nako go dira dipatlisiso tse di tla go thusang gore o atamalane le Jehofa. Ka sekai, o ka bala dipego tse di bontshang gore Jehofa o ne a rata batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng, o bo o leka go bona gore di bontsha jang gore le wena o a go rata. Gape o ka ithuta gore Jehofa o ne a batla gore Baiseraele ba mo obamele jang le gore o batla gore rona re mo obamele jang. Mo godimo ga moo, o ka dira dipatlisiso ka boporofeti jo Jesu a ileng a bo diragatsa fa a ne a le mo lefatsheng.

5. A go na le setlhogo sengwe se o ka ratang go dira dipatlisiso ka sone fa o ithuta o le nosi?

5 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ratang go dira dipatlisiso, ba ile ba umaka dilo dingwe tse ba ka ratang go ithuta mo go oketsegileng ka tsone. Dingwe tsa tsone di mo lebokosong la setlhogo se se reng, “ Ditlhogo Tse o ka Dirang Dipatlisiso ka Tsone.” O ka dirisa Watch Tower Publications Index kgotsa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa go dira dipatlisiso ka ditlhogo tseo. Fa o dira jalo, tumelo ya gago e tla nonofa, e bile o tla “bona kitso ya Modimo.” (Diane 2:​4, 5) A re tlotleng ka dithuto dingwe tse di boteng tse re ka dirang dipatlisiso ka tsone.

AKANYETSA KWA TENG KA BOIKAELELO JWA MODIMO

6. (a) Goreng ka metlha boikaelelo jwa ga Jehofa bo atlega? Tlhalosa. (b) Goreng re re boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho le ka lefatshe bo tla ‘nnela ruri’? (Baefeso 3:11)

6 Baebele e a re boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwa. Re a itse gore go tla nna fela jalo ka gonne Jehofa ga a tshwane le batho. Ka sekai, motho a ka ikaelela go dira sengwe, mme fa go tlhaga maemo mangwe a a rileng, a bo a palelwa ke go se dira. Jehofa ene fa a ikaeletse go dira sengwe, ga go na sepe se se ka mo emang kwa pele. Fa sengwe se a neng a batla go se dira se sa atlege, o dirisa ditsela tse dingwe go netefatsa gore boikaelelo jwa gagwe bo a direga. O ile a dirisa Baebele go senola “boikaelelo jwa gagwe jo bo nnelang ruri” kgato ka kgato. (Baef. 3:11) Le fa go ka direga eng, se a se ikaeletseng se tla atlega ka gonne “o dirile gore sengwe le sengwe se diragatse boikaelelo jwa gagwe.” (Diane 16:4) Gape boikaelelo jwa gagwe bo ‘nnela ruri’ ka gonne se a tla se dirang se tla nnela ruri. Boikaelelo jwa ga Jehofa ke eng, mme o ile a dira eng go netefatsa gore bo a direga?

7. Jehofa o ile a dirisa tsela efe e nngwe go diragatsa boikaelelo jwa gagwe fa Adame le Efa ba sena go mo tlhanogela? (Mathaio 25:34)

7 Fa Modimo a sena go bopa Adame le Efa, o ile a ba raya a re: “Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe lo bo lo nne beng ba lone, e bile lo laole . . . setshedi sengwe le sengwe” se se mo lefatsheng. (Gen. 1:28) Mme gone, Adame le Efa ba ile ba tlhanogela Jehofa, ka jalo batho botlhe ba ile ba nna le boleo. Seo ga se a ka sa dira gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo se ka jwa diragadiwa. O ile a dirisa tsela e nngwe gore a kgone go dira se a neng a se ikaeletse. Ka yone nako eo, o ile a dira thulaganyo ya gore go nne le Bogosi kwa legodimong, jo bo neng bo tla netefatsa gore batho ba tshelela ruri. (Bala Mathaio 25:34.) Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ile a romela Morwawe mo lefatsheng gore a rute batho ka Bogosi joo, le gore a ntshe botshelo jwa gagwe go ba rekolola mo boleong le mo losong. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a boela kwa legodimong mme moragonyana o ne a nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Mme gone, ga go felele foo.

Akanya fela gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa batlhanka botlhe ba ga Jehofa kwa legodimong le mo lefatsheng ba tla bo ba mo ikobela e bile ba mo direla ka kutlwano! (Bona serapa 8)

8. (a) Molaetsa wa botlhokwa thata o Baebele e buang ka one ke ofe? (b) Go ya ka Baefeso 1:​8-11, Jehofa o ikaeletse go dira eng? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

8 Molaetsa wa botlhokwa thata o Baebele e buang ka one ke gore Jehofa o tlile go dirisa Bogosi jwa gagwe go dira se a neng a se ikaeletse ka lefatshe, mme seo se tla dira gore leina la gagwe le itshepisiwe. O solofetsa gore o tla dira sengwe le sengwe se a ikaeletseng go se dira. (Isa. 46:​10, 11, dintlh.; Baheb. 6:​17, 18) Lefatshe e tlile go nna paradaise, mme batho ba ba siameng ba tla “tshela ka bosakhutleng” mo go lone. (Pes. 22:26) Mo godimo ga moo, Jehofa o tlile go dira gore batlhanka ba gagwe botlhe ba mo lefatsheng le ba kwa legodimong ba mo ikobele e bile ba mo direle ka kutlwano. (Bala Baefeso 1:​8-11.) Eleruri tsela e Jehofa a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone e a gakgamatsa!

AKANYETSA KWA TENG KA BOKAMOSO

9. Baebele e re thusa jang go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang?

9 Mo go Genesise 3:​15, Jehofa o ile a bua boporofeti jo bo neng bo tla netefatsa gore boikaelelo jwa gagwe bo a diragala. b Mme gone, boporofeti joo bo ne bo tla diragadiwa morago ga dingwaga di le dintsi. Ka sekai, Modimo o ile a bolelela pele gore karolo ya ntlha ya losika lwa mosadi, e leng Mesia, e ne e tla nna setlogolwana sa ga Aborahame. (Gen. 22:​15-18) Jehofa o ne a boleletse pele gore Mesia o tla gobadiwa mo seretheng, mme seo se ne sa direga ka ngwaga wa 33 C.E. (Dit. 3:​13-15) Gape o ne a re losika lwa mosadi lo tla tšhwetla Satane tlhogo, mme seo se tla direga morago ga puso ya ga Jesu ya dingwaga di le 1 000. (Tshen. 20:​7-10) Baebele e re bolelela dilo tse dingwe gape tse di tla diregang pele ga moo.

10. (a) Go tla direga eng mo bogautshwaneng? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re ipaakanye? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

10 Baebele e a re mo bogautshwaneng dipuso di tla re di fitlheletse “kagiso le polokesego!” (1 Bathes. 5:​2, 3) Mme fa dipuso di tlhasela bodumedi jwa maaka, pitlagano e kgolo e tla simologa “ka tshoganyetso.” (Tshen. 17:16) Morago ga moo, ‘Morwa motho o tla tla a le mo marung a legodimo a na le maatla le kgalalelo e kgolo.’ (Math. 24:30) O tla atlhola batho, a kgaoganya dinku le dipodi. (Math. 25:​31-33, 46) Fa dilo tseno di ntse di direga, Satane o tla bo a sa nna fela a phuthile matsogo. O tla tlhotlheletsa dipuso, tse Baebele e di bitsang Gogo wa lefatshe la Magogo, gore di tlhasele batlhanka ba ga Jehofa. (Esek. 38:​2, 10, 11) Nako nngwe morago ga moo, batlodiwa ba ba tla bong ba sa ntse ba le mo lefatsheng, ba tla phuthelwa kwa legodimong. Ba tla bo ba na le Jesu le baengele fa ba lwa mo ntweng ya Aramagedona. c (Math. 24:31; Tshen. 16:​14, 16) Go tswa foo, Jesu o tla busa lefatshe dingwaga di le 1 000.​—Tshen. 20:6.   

Fa re sena go fetsa dingwaga di le dintsi re ithuta ka Jehofa, re tla bo re atamalane thata le ene (Bona serapa 11)

11. Botshelo bo tla bo bo ntse jang fa re tshelela ruri? (Bona le setshwantsho.)

11 Leka go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang morago ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete. E re ka Baebele e re Modimo o dirile gore re nne le “keletso ya go tshelela ruri,” re tla atamalana thata le ene. (Mor. 3:11) Buka ya setlhogo se se reng, Atamalana le Jehofa, e bua sengwe se se kgatlhang mo go tsebe 319. E a re: “Fa re setse re tshedile ka makgolokgolo a dingwaga, diketekete, dimilione, tota le ka dimilione di le diketekete, re tla bo re itse dilo di le dintsi ka Jehofa Modimo go feta tse re di itseng gone jaanong. Le fa go ntse jalo, re tla bo re sa ntse re na le dilo tse dintsi thata tse di molemo tse re ka ithutang tsone. . . . Botshelo jo bo sa khutleng bo tla bo bo na le dilo tsa mefutafuta e bile bo le monate ka tsela e re ka se kang ra kgona go e akanya​—mme selo se se tla itumedisang go gaisa tsotlhe e tla nna kgang ya go atamalana thata le Jehofa.” Go na le sengwe gape se re ka se dirang fa re ithuta Lefoko la Modimo.

AKANYETSA KWA TENG KA SE SE DIREGANG KWA LEGODIMONG

12. Ke eng se se ka re thusang go itse se se diregang kwa legodimong? Naya sekai.

12 Baebele e re bolelela lemmenyana la se se diregang kwa “mafelong a a kwa godimo.” (Isa. 33:5) E re bolelela dilo tse di kgatlhang ka Jehofa le ka baengele. (Isa. 6:​1-4; Dan. 7:​9, 10; Tshen. 4:​1-6) Ka sekai, e tlhalosa dilo tse di jesang kgakge tse Esekiele a ileng a di bona fa “magodimo a ne a bulega mme [a] simolola go bona diponatshegelo tsa Modimo.”​—Esek. 1:1.

13. O ikutlwa jang ka se Jesu a se dirang kwa legodimong jaaka go tlhalosiwa mo go Bahebera 4:​14-16?

13 Gone jaanong Jesu ke Kgosi e bile ke Moperesiti yo Mogolo yo o re utlwelang botlhoko. Ka jalo, o re thusa gore re kgone go atamela fa “setulong sa bogosi [sa Modimo] sa bopelonomi jo bogolo,” re mo kopa gore a re utlwele botlhoko le gore a re thuse “ka nako e e tshwanetseng.” (Bala Bahebera 4:​14-16.) Re tshwanetse go nna re akantse ka se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone, le ka se ba re direlang sone gone jaanong. Tsela e ba re ratang ka yone e re tlhotlheletsa gore re direle Jehofa ka matlhagatlhaga.​—2 Bakor. 5:​14, 15.

O tlile go itumelela gore o ile wa thusa batho ba bangwe go nna barutwa ba ga Jesu (Bona serapa 14)

14. Re ka bontsha jang gore re lebogela tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone? (Bona le ditshwantsho.)

14 Re ka bontsha gore re lebogela tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone, fa re leka go thusa batho gore e nne barutwa ba ga Jesu. (Math. 28:​19, 20) Moaposetoloi Paulo le ene o ile a dira se se tshwanang. O ne a itse gore Jehofa o batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba nne le kitso ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:​3, 4) Ka jalo, o ne a dira ka natla mo tirong ya go rera, “gore fa go ka kgonega,” a boloke ba le bantsi.​—1 Bakor. 9:​22, 23.

ITUMELELE GO ITHUTA LEFOKO LA MODIMO KA KELOTLHOKO

15. Pesalema 1:2 e a re ke eng se se ka dirang gore re itumele?

15 Mokwadi wa Pesalema kgaolo 1 a re fa re batla go itumela le go atlega, re tshwanetse go “itumedisiwa ke molao wa ga Jehofa,” le go akanya thata ka one “motshegare le bosigo.” (Pes. 1:​1-3; ntlh.) Moranodi mongwe wa Baebele yo o bidiwang Joseph Rotherham o ne a re go ya ka ditemana tseno, “motho o tshwanetse go ipha nako ya go batla kaelo ya Modimo, go e ithuta le go akanyetsa kwa teng ka yone.” Gape o ne a re “fa letsatsi le ka feta motho a sa ithuta Baebele, o latlhegetswe tota.” O ka itumelela go bala Baebele fa o tsaya matsapa a go ithuta dintlha tsa yone tse di kgatlhang, o bo o leka go bona gore di amana jang. Go ithuta Lefoko la Modimo jalo ka kelotlhoko go tla dira gore o itumele.

16. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

16 Dilo tse Jehofa a re rutang tsone mo Lefokong la gagwe ga di thata, re ka kgona go di tlhaloganya. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go ithuta ka tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso, e Paulo a buang ka yone mo lekwalong la Bahebera. Re a itse gore o tlile go itumelela go ithuta ka yone.

PINA 94 Go Lebogela Lefoko la Modimo

a Re ka itumelela go ithuta Baebele botshelo jwa rona jotlhe. Go dira jalo go tla re tswela mosola e bile go tla re thusa gore re atamalane le Jehofa. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka dira eng gore re ithute Lefoko la Modimo ka ketlotlhoko.

b Bala setlhogo se se reng, “Boporofeti Jwa Bogologolo Jo bo Go Amang” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 2022.

c Fa o batla go bona gore o ka ipaakanyetsa jang se se tla diregang mo nakong e e tlang, bala buka ya setlhogo se se reng, Bogosi Jwa Modimo bo a Busa! ts. 230.