Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 45

Tolela Pezhugwi Fanilo Iyo ye ku Namata Jehova mu Tempele Iye ye Chimeya

Tolela Pezhugwi Fanilo Iyo ye ku Namata Jehova mu Tempele Iye ye Chimeya

“Muunamate iwo wakathama kudzimu ne shango.”​—ZUM. 14:7.

LUMBO 93 Segofatsa Dipokano Tsa Rona

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO a

1. Engele u no leba ne kweni, ngono ichecho cho dwani mu tili?

 FA MOENGELE a ne a ka bua le wena, a o ne o tla mo reetsa? Baebele e a re moengele o bua le ‘batho ba ditšhaba tsotlhe, ba ditso tsotlhe, ba dipuo tsotlhe le ba merafe yotlhe.’ O ba raya a re: “Boifang Modimo lo bo lo mo galaletse . . . Obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe.” (Tshen. 14:6, 7) Jehofa ke Modimo wa boammaaruri mme re tshwanetse go mo obamela. Eleruri, re leboga go bo a re letla gore re mo obamele mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso!

2. Tempele ya Jehova ye chimeya ini? (Bona box li noti “ Tempele ya Tshwantshetso ga se Eng?”)

2 Tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso ke eng? Ga se tempele ya mmatota. Go na le moo, ke thulaganyo e Jehofa a e dirileng gore batho ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa dintlha dingwe ka tempele eno mo lekwalong la Bahebera. b

3-4. Paulo wa ka be e khathaziwa neni ne kwe Bakirisiti be Bahebera ba ku Judiya, ngono wa ka ba batsha chini?

3 Go ka tswa go na le mabaka a le mabedi a a dirileng gore Paulo a kwalele Bakeresete ba Bahebera ba ba neng ba nna kwa Judea. Sa ntlha, o ne a batla go ba kgothatsa ka gonne bangwe ba bone ba ka tswa ba ne ba kgobegile marapo, e bile ba simolotse go katogela kgakala le Jehofa. (Baheb. 2:1; 3:12, 14) Bontsi jwa bone ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe pele e nna Bakeresete. Mme jaanong ba ne ba sa tlhole ba obamela Modimo kwa tempeleng, ba sa ntshe ditlhabelo mo sebesong e bile ba se na baperesiti. Seno se ka tswa se ile sa dira gore baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba tlhabe ka mafoko. Gongwe e bile bangwe ba Bakeresete bao ba ka tswa ba ne ba akanyetsa go obamela Modimo ka tsela e ba neng ba mo obamela ka yone pele.

4 Sa bobedi, Paulo o ile a tlhalosa gore Bakeresete bao ba ne ba sa tseye matsapa go ithuta dithuto tse di boteng kgotsa “dijo tse di tiileng” tse di mo Lefokong la Modimo. (Baheb. 5:11-14) Go bonala bangwe ba bone ba ne ba sa ntse ba ikobela Molao wa ga Moshe. Ka jalo Paulo o ile a tlhalosa gore ditlhabelo tse batho ba ba ikobelang Molao oo ba neng ba di ntsha, ga di kgone go dira gore ba itshwarelwe boleo gotlhelele. Ke gone ka moo Molao oo o ileng wa ‘fedisiwa.’ Gape o ile a re Bakeresete ba na le “tsholofelo e e botoka” e bile ba ka kgona go ‘atamalana le Modimo’ e re ka Keresete a re swetse.​—Baheb. 7:18, 19.

5. Ini cha ta ka fanila ziba ne kwe buka ye Baibili ye Bahebera, ngono ne kutini?

5 Paulo o ile a tlhalosa gore tsela e Bakeresete ba obamelang Jehofa ka yone, e botoka go gaisa e Bajuda ba neng ba mo obamela ka yone mo nakong e e fetileng. O ne a re Molao wa ga Moshe e ne e le “moriti wa dilo tse di tlang, mme selo sa mmatota ke Keresete.” (Bakol. 2:17) Jaaka re itse, moriti o re thusa fela go itse gore selo se bopegile jang. Go ne go ntse jalo le ka tsela e Bajuda ba neng ba obamela Modimo ka yone, e ne e le moriti fela wa tsela e Jehofa a neng a batla gore a obamelwe ka yone mo nakong e e tlang. Re tshwanetse go tlhaloganya se Jehofa a ileng a se dira gore re kgone go itshwarelwa maleo le gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Mma re bone gore buka ya Bahebera e a re “moriti” (tsela e Bajuda ba neng ba obamela ka yone) o farologana jang le “selo sa mmatota” (tsela e Bakeresete ba obamelang ka yone). Go dira jalo go tla re thusa gore re tlhaloganye tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso.

NSHASHA WE NDZIMU

6. Nshasha wa ka be u shingisiwa chini?

6 Moriti. Mo bukeng ya Bahebera, Paulo o ile a bua ka motlaagana o Moshe a ileng a o dira ka ngwaga wa 1512 B.C.E. (Bona tšhate e e reng “Moriti le Selo sa Mmatota.”) Motlaagana e ne e le tente, mme Baiseraele ba ne ba kopanela kwa go one gore ba obamele Jehofa le gore ba mo ntshetse ditlhabelo. (Ekes. 29:43-46) Nako le nako fa ba fuduga ba ne ba tsamaya ka one, mme ba ile ba o dirisa dingwaga di ka nna 500 go fitlha tempele e agiwa kwa Jerusalema. (Ekes. 25:8, 9; Dipa. 9:22) Mme gone, motlaagana oo o ne o emela sengwe se se botoka se se neng se tla tla mo nakong e e tlang.

7. Tempele ye chimeya ya ka be chithu che malebeswa lini?

7 Selo sa mmatota. Motlaagana o ne o ‘bontsha dilo tsa kwa legodimong,’ e bile o ne o tshwantshetsa tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso. Fa Paulo a kwalela Bakeresete ba Bahebera, tempele eno e ne e setse e le gone, ke gone ka moo a ileng a re: “Motlaagana ono o emela se se leng teng gone jaanong.” (Baheb. 8:5; 9:9) Tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso e ne ya simolola go nna gone ka 29 C.E. Ka ngwaga oo, Jesu o ile a kolobediwa, a tlodiwa ka moya o o boitshepo, a bo a simolola go nna “moperesiti yo mogolo” mo tempeleng ya ga Jehofa ya tshwantshetso. c​—Baheb. 4:14; Dit. 10:37, 38.

MPERESITI NKULU

8-9. Ku yenda na Bahebera 7:23-27, baperesiti bakulu be Iziraele ne Mperesiti Nkulu mu bali bose, Jeso Kirisiti ba no leyana chini?

8 Moriti. Moperesiti yo mogolo o ne a ntshetsa batho ditlhabelo. Jehofa o ile a tlhoma Arone gore e nne moperesiti yo mogolo fa motlaagana o ne o kgakolwa. Mme gone, baperesiti ba kwa Iseraele ba ne ba sa tshwane le Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu ka gonne Paulo o ile a tlhalosa gore “ba le bantsi [ba bone] ba ne ba nna baperesiti ka go latelana ka gonne loso lo ne lo ba thibela go tswelela e le baperesiti.” d (Bala Bahebera 7:23-27.) Mo godimo ga moo, baperesiti bao ba ne ba tlhoka go nna ba ntsha ditlhabelo gore ba itshwarelwe maleo a bone.

9 Selo sa mmatota. E re ka Jesu e le Moperesiti yo Mogolo, o “direla mo motlaaganeng wa boammaaruri, o Jehofa a o tlhomileng, mme e seng motho.” (Baheb. 8:1, 2) Jaaka re setse re bone gore baperesiti ba kwa Iseraele ba ne ba latelana, Paulo o ile a tlhalosa gore e re ka Jesu “a tswelela a tshela ka bosakhutleng, ga go na ope yo o mo tlhatlhamang go nna moperesiti.” Mo godimo ga moo, Jesu ga a ‘leswafala, o farologane le baleofi,’ e bile “ga a tlhoke go ntsha ditlhabelo letsatsi le letsatsi” gore a itshwarelwe boleo jaaka baperesiti ba kwa Iseraele ba ne ba dira. Mma jaanong re bone gore dibeso le ditlhabelo tsa moriti di farologana jang le tsa selo sa mmatota.

ZWIBESO NE ZWIBAYILO

10. Zwibayilo zwa ka be zwi li mu chibeso che copper zwa ka be zwi chenesani?

10 Moriti. Kwa ntle ga motlaagana go ne go na le sebeso sa kopore se Baiseraele ba neng ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo mo go sone. (Ekes. 27:1, 2; 40:29) Le fa go ntse jalo, ditlhabelo tseo di ne di sa kgone go dira gore batho ba itshwarelwe maleo gotlhelele. (Baheb. 10:1-4) Di ne di tshwantshetsa setlhabelo sa ga Jesu se se neng se tla dira gore batho ba itshwarelwe maleo gotlhelele.

11. Jeso wa ka zwidusila chibayilo mu chibeso chipi? (Bahebera 10:5-7, 10)

11 Selo sa mmatota. Jesu o ne a itse gore Jehofa o mo rometse mo lefatsheng gore a tle go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. (Math. 20:28) Ka jalo fa a ne a kolobediwa, o ne a bontsha phatlalatsa gore o batla go dira thato ya ga Rraagwe. (Joh. 6:38; Bagal. 1:4) Mme gone, Jesu ga a ka a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo mo sebesong sa mmatota. O ile a bo ntsha mo sebesong sa tshwantshetso se se emelang “thato” ya Modimo. Thato ya Modimo e ne e le gore Jesu a ntshe botshelo jwa gagwe “gangwe fela,” gore botlhe ba ba dumelang mo go ene ba itshwarelwe maleo. (Bala Bahebera 10:5-7, 10.) Mma jaanong re bone gore dilo tse di neng di le mo motlaaganeng di ne di tshwantshetsa eng.

KU YENGEMALA NE KU YENGEMALA KU PINDISA

12. Ndi boyani ba ka be ba na fanilo ye ku ngina mu ngumba dze nshasha?

12 Moriti. Motlaagana le tempele di ne di na le diphaposi tse pedi tse di neng di kgaoganngwa ke sesiro. E nngwe e ne e bidiwa “Boitshepo” mme e nngwe e bidiwa “Boitshepo Jwa Maitshepo.” (Baheb. 9:2-5; Ekes. 26:31-33) Mo phaposing e e bidiwang Boitshepo, go ne go na le setlhomo sa dipone sa gauta, sebeso sa maswalo le tafole ya senkgwe. “Baperesiti ba ba tloditsweng” ke bone fela ba neng ba letleletswe go tsena mo phaposing eno gore ba dire dikabelo tsa bone. (Dipa. 3:3, 7, 10) Phaposi e e bidiwang Boitshepo Jwa Maitshepo yone e ne e na le letlole la kgolagano la gauta le le neng le tshwantshetsa go nna gone ga ga Jehofa. (Ekes. 25:21, 22) Moperesiti yo mogolo ke ene fela a neng a letleletswe go tsena mo phaposing eno ka Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo. (Lefi. 16:2, 17) O ne a tsena gangwe ka ngwaga mo phaposing eo a tshotse madi a diphologolo, a a a ntshetsang maleo a gagwe le a batho ba bangwe. Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ile a dira gore go bonale gore dilo tse di neng di le mo motlaaganeng di tshwantshetsa eng.​—Baheb. 9:6-8. e

13. Ku Yengemala ne ku Yengemala ku Pindisa kwe nshasha ko mililani mu Bukirisiti gwe malebeswa?

13 Selo sa mmatota. Bakeresete ba le 144 000 ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo ba atamalane le Jehofa ka tsela e e kgethegileng, e bile Baebele e a re e tla nna baperesiti le Jesu kwa legodimong. (Tshen. 1:6; 14:1) Phaposi e e bidiwang Boitshepo e tshwantshetsa gore Modimo o ba itseetse gore e nne bana ba gagwe fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. (Bar. 8:15-17) Phaposi e e bidiwang Boitshepo Jwa Maitshepo yone e tshwantshetsa legodimo, kwa Jehofa a nnang teng. “Sesiro” se se neng se kgaoganya Boitshepo le Boitshepo Jwa Maitshepo se tshwantshetsa mmele wa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. Fa fela a na le mmele oo, o ne a ka se kgone go tsena kwa legodimong gore e nne Moperesiti yo Mogolo mo tempeleng ya ga Jehofa ya tshwantshetso. Ka jalo o ile a ntsha mmele oo setlhabelo, mme fa a sena go tsosiwa o ne a kgona go tsena kwa legodimong. Moragonyana batlodiwa le bone ba ne ba kgona go tsena kwa legodimong, mme gone ba ne ba tshwanetse go swa pele.​—Baheb. 10:19, 20; 1 Bakor. 15:50.

14. Ku yenda na Bahebera 9:12, 24-26, ini chi no thama kuti tempele ya Jehova i be ne ndongoloso ye mamo a pezhugwi?

14 Tota go a bonala gore tsela e re obamelang Jehofa ka yone mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso, e botoka go feta e Bajuda ba neng ba mo obamela ka yone. Moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele o ne a tsena mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo a tshotse madi a diphologolo. Jesu ene o ile a tsena “mo legodimong ka bolone,” a bo a isa boleng jwa botshelo jwa gagwe kwa go Jehofa mo boemong jwa rona “gore a tlose boleo ka setlhabelo sa gagwe.” (Bala Bahebera 9:12, 24-26.) Setlhabelo sa ga Jesu ke sone se se dirang gore re itshwarelwe maleo gotlhelele. Jaaka re tla bona, le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, rotlhe fela re ka kgona go obamela Jehofa mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso.

MISHA

15. Ndi boyani ba ka be be shingila mu nsha we nshasha?

15 Moriti. Motlaagana o ne o na le lolwapa lo lo neng lo ageletswe, lo baperesiti ba neng ba direla dikabelo tsa bone mo go lone. Mo go lone, go ne go na le sebeso sa kopore se go neng go ntshediwa ditlhabelo tse di fisiwang mo go sone. Gape go ne go na le sekotlele sa kopore se baperesiti ba neng ba se dirisa go tlhapa diatla le dinao pele ba dira dikabelo tsa bone. (Ekes. 30:17-20; 40:6-8) Tempele e e ileng ya agiwa moragonyana yone e ne e na le lolwapa lo longwe lo lo kwa ntle, lo batho ba e seng baperesiti ba neng ba obamela Jehofa mo go lone.

16. Ndi boyani ba ka be be shingila mu misha ye tempele ye chimeya?

16 Selo sa mmatota. Pele batlodiwa ba ya go nna baperesiti le Jesu kwa legodimong, ba direla Jehofa ka boikanyegi mo lefatsheng mo lolwapeng lo lo mo teng lwa tempele ya gagwe ya tshwantshetso. Sekotlele sa metsi se se neng se le kwa motlaaganeng le kwa tempeleng, se ba gopotsa gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira dilo tse di siameng e bile ba tshwanetse go obamela Jehofa fela. Ba “boidiidi jo bogolo” bone ba obamela Jehofa kae? Moaposetoloi Johane o ile a ba bona ba le “fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo, e bile ba mo direla tirelo e e boitshepo mo tempeleng ya gagwe bosigo le motshegare.” Ba dira jalo ba le mo lefatsheng, mo lolwapeng lo lo kwa ntle lwa tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso. (Tshen. 7:9, 13-15) Eleruri re leboga Jehofa go bo a re letla gore re mo direle mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso!

FANILO YEDU YE KU NAMATA JEHOVA

17. I zwibayilo zwipi zwa ti na fanilo ye ku zwi pa Jehova?

17 Rotlhe fela re ka kgona go ntshetsa Jehofa ditlhabelo ka go dirisa nako, maatla le dilo tse re nang le tsone mo tirong ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o ile a re re ka kgona go ‘baka Modimo ka Jesu, ka gonne seno se tshwana le setlhabelo se re se ntshetsang Modimo. Re dirisa melomo ya rona go bolelela ba bangwe leina la gagwe phatlalatsa.’ (Baheb. 13:15) Re ka bontsha gore re lebogela go bo Jehofa a letla gore re mo obamele ka go mo direla ka bojotlhe.

18. Ku yenda na Bahebera 10:22-25, ini cha ti sa ka fanila kangangwa ne ku zwithokomulusa?

18 Bala Bahebera 10:22-25. Mo lekwalong la Bahebera, Paulo o ile a umaka dilo dingwe tse re tshwanetseng go nna re di dira. O ne a re re tshwanetse go rapela, go rera, go ya dipokanong le go kgothatsana, “mme re dire jalo le go feta e re ka re bona letsatsi la Modimo le atamela.” Mo bukeng ya Tshenolo, moengele o ne a re: “Obamela Modimo!” O ile a bua jalo gabedi go gatelela gore seo se botlhokwa. (Tshen. 19:10; 22:9) A re direng sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra lebala se re ithutileng sone ka tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso, le tshiamelo e Jehofa a re neileng yone ya go mo obamela.

LUMBO 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

a Tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso ke nngwe ya dithuto tse di boteng tse re di fitlhelang mo Lefokong la Modimo. Tempele eno ke eng? Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dintlha dingwe tse di mo bukeng ya Bahebera tse di tlhalosang tempele eno. Gape setlhogo seno se tla re thusa go lebogela go bo Jehofa a re letla gore re mo direle mo tempeleng eno.

b Fa o batla go bona gore buka ya Bahebera e bua ka eng, lebelela bidio ya setlhogo se se reng, Se se Mo Bukeng ya Bahebera mo jw.org.

c Buka ya Bahebera ke yone fela mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e e bitsang Jesu e re ke Moperesiti yo Mogolo.

d Buka nngwe e a re fa tempele ya kwa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E., go ka tswa go ne go setse go nnile le baperesiti ba bagolo ba ka nna 84 kwa Iseraele.

e Go na le dilo dingwe tse moperesiti yo mogolo a neng a di dira mo Letsatsing la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo. Go bona gore dilo tseo di kaya eng, lebelela bidio e e reng The Tent ka Seesemane mo jw.org.

g Bona lebokoso le le reng, “Kafa Moya o Neng wa Senola Bokao Jwa Tempele ya Semoya ka Teng” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2010, ts. 22.