Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kakantsho ya go Ithuta

Kakantsho ya go Ithuta

Re ka Bona Kae Dithuto Tse di Tokafaditsweng?

Re itumelela gore re tshela mo nakong e dithuto tsa Baebele di nnang di tokafadiwa mo go yone. (Dan. 12:4) Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go gopola dithuto tsotlhe tse di tokafaditsweng. Re ka di bona kae?

Watch Tower Publications Index e na le setlhogwana se se reng, “Beliefs Clarified.” Mo go sone go na le ditlhogo tse di tlhalosang dithuto tse di tokafaditsweng go ya ka dingwaga. Gore o kgone go di bona, tsena mo Watchtower Library kgotsa mo Watchtower ONLINE LIBRARY o bo o tsenya “understanding clarified” (o tsentse mafoko ano mo ditsejwaneng) mo lebokosong la go senka.

Research Guide for Jehovah’s Witnesses e na le ditlhogo di le mmalwa fela. Ya kwa “Jehovah’s Witnesses,” o bo o ya kwa “Views and Beliefs,” go tswa foo o bo o ya kwa “Clarification of Our Beliefs.”

Fa o ithuta o le nosi, o ka tlhopha thuto nngwe o bo o dira dipatlisiso go bona gore gone jaanong re e tlhaloganya jang le mabaka a go bo e tokafaditswe.