Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 1

PINA 38 O Tla go Nonotsha

Tshepa Jehofa fa o Boifa

Tshepa Jehofa fa o Boifa

TEMANA YA NGWAGA YA 2024: “Fa ke boifa, ke a go ikanya.”​—PES. 56:3.

SE GO BUIWANG KA SONE

Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se tla re thusang go tshepa Jehofa fa re boifa.

1. Goreng ka dinako tse dingwe re boifa?

 ROTLHE fela re a tle re boife. Gone ke nnete gore go ithuta Baebele go re thusa gore re se ka ra tshaba baswi, madimona kgotsa gore go tla direga eng ka batho mo nakong e e tlang. Le fa go ntse jalo, re tshela mo malatsing a bofelo. Go na le dintwa le bokebekwa e bile re a lwala. Ka jalo, dilo tseno di dira gore ka dinako tse dingwe re tshoge. (Luke 21:11) Gape re ka nna ra tshaba balaodi ba puso ba ba re gatelelang kgotsa ba malapa a rona ba ba sa rateng Basupi. Mo godimo ga moo, bangwe ba tshaba gore ga ba kitla ba kgona go itshokela mathata a ba nang le one gone jaanong kgotsa a ba ka nnang le one mo nakong e e tlang.

2. Go ile ga direga eng fa Dafide a ne a le kwa Gathe?

2 Dafide o ne a tle a tshoge. Ka sekai, nako nngwe fa Kgosi Saulo a ne a batla go mmolaya, o ne a siela kwa motseng wa Bafilisitia o o bidiwang Gathe. Kgosi ya motse oo e bong Akishe, o ile a utlwa gore Dafide ke ene yo go neng go tlhola go opelwa ka ene gotwe o bolaile Bafilisitia ba le “dikete di le masome.” Dafide o ne a simolola go tshoga fela thata ka gonne o ne a tshaba gore Kgosi Akishe o tla mmolaya. (1 Sam. 21:10-12) Mme gone, ke eng se se ileng sa mo thusa gore a nne pelokgale le fa a ne a tshogile?

3. Go ya ka Pesalema 56:1-3 le 11, ke eng se se thusitseng Dafide gore a nne pelokgale?

3 Mo go Pesalema 56, Dafide o tlhalosa gore fa a ne a le kwa Gathe, o ne a tshogile. Mme gape o tlhalosa gore ke eng se se mo thusitseng gore a nne pelokgale. O ne a tshepa Jehofa, mme Jehofa ga a ka a mo swabisa. (Bala Pesalema 56:1-3, 11.) Jehofa o ne a thusa Dafide gore a tle ka leano lefe? O ne a itira e kete o a tsenwa, mme leano leo le ile la atlega. Akishe o ne a sa tlhole a na le kgatlhego ya go bolaya Dafide. Ka jalo, Dafide o ile a falola ka lesoba la nnale.​—1 Sam. 21:13–22:1.

4. Ke eng se se ka re thusang gore re tshepe Jehofa? Dira sekai.

4 Le rona re ka kgona go nna pelokgale fa re tshepa Jehofa. Mme gone, ke eng se se ka re thusang gore re tshepe Jehofa, segolobogolo fa re tshogile? Mma re dire sekai: A re re o bolelelwa gore o na le bolwetse bongwe jo bo rileng. Ntle le pelaelo o ne o tla tshoga kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, a re re ngaka ya gago e go bolelela gore e ile ya kgona go thusa batho ba le bantsi ba ba neng ba na le bolwetse joo, e bile e go reetsa ka kelotlhoko fa o ntse o tlhalosa gore o ikutlwa jang. Mo godimo ga moo, o go naya melemo mengwe e e ileng ya thusa batho bangwe mo nakong e e fetileng. Ga go pelaelo gore seo se ne se tla dira gore o wele makgwafo le gore o se ka wa tlhola o tshoga. Ka tsela e e tshwanang, fa re akanya ka se Jehofa a ileng a se dira mo nakong e e fetileng, se a se dirang gone jaanong le se a tla re direlang sone mo nakong e e tlang, re tla mo tshepa. Ke se Dafide a ileng a se dira. Fa re ntse re tlotla ka se a ileng a se kwala mo go Pesalema 56, leka go bona gore mafoko a gagwe a ka go thusa jang gore o tshepe Jehofa le gore o nne pelokgale.

SE JEHOFA A ILENG A SE DIRA MO NAKONG E E FETILENG

5. Dafide o ne a akanya ka eng fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing? (Pesalema 56:12, 13)

5 Le fa gone botshelo jwa ga Dafide bo ne bo le mo kotsing, o ne a nna a akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a ileng a di dira mo nakong e e fetileng. (Bala Pesalema 56:12, 13.) Nako le nako fa Dafide a na le mathata o ne a dira jalo. Ka sekai, ka dinako tse dingwe o ne a akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Go dira jalo go ne go mo thusa gore a nne a gopotse gore Jehofa o na le maatla le gore o a re rata. (Pes. 65:6-9) Gape Dafide o ne a akanya ka dilo tse Jehofa a neng a di diretse batho ba bangwe. (Pes. 31:19; 37:25, 26) Mo godimo ga moo, o ne a akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jehofa a neng a mo diretse tsone. Ka sekai, Jehofa o ile a mo sireletsa go tloga fela e sa ntse e le losea. (Pes. 22:9, 10) Ga go pelaelo gore go akanya jalo, go ile ga thusa Dafide gore a tshepe Jehofa le go feta.

Go akanya ka se Jehofa a ileng a se dira mo nakong e e fetileng, se a neng a se dira ka nako eo le se a neng a tla se dira mo nakong e e tlang, go ile ga thusa Dafide gore a mo tshepe le go feta (Bona serapa 5, 8, 12) d


6. Ke eng se se ka re thusang go tshepa Jehofa fa re boifa?

6 Fa e le gore go na le sengwe se se go boifisang, ipotse go re, ‘Ke eng se Jehofa a se dirileng mo nakong e e fetileng?’ Leka go akanya ka dilo tse a di bopileng. Ka sekai, leba ka kelotlhoko tsela e Jehofa a tlhokomelang dinonyane le malômô ka yone le fa gone a di bopile di se na dinonofo tse a nang le tsone, e bile di sa kgone go mo obamela. Fa o dira jalo, o tla kgona go lemoga gore Jehofa o a re rata e bile o tla mo tshepa le go feta. (Math. 6:25-32) Gape akanya ka se Jehofa a se diretseng batlhanka ba gagwe. O ka bala ka mongwe yo o neng a na le tumelo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, kgotsa ka motlhanka mongwe wa ga Jehofa wa mo motlheng wa rona. a Mo godimo ga moo, o ka akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a se dirileng go bontsha gore o a go rata. Ka sekai, o ile a go thusa jang gore o itse boammaaruri? (Joh. 6:44) O ile a araba dithapelo tsa gago jang? (1 Joh. 5:14) Setlhabelo sa Morwawe se go tswela mosola jang letsatsi le letsatsi?​—Baef. 1:7; Baheb. 4:14-16.

Go akanya ka se Jehofa a ileng a se dira mo nakong e e fetileng, se a se dirang gone jaanong le se a tla se dirang mo nakong e e tlang, go tla re thusa gore re mo tshepe le go feta (Bona serapa 6, 9-10, 13-14) e


7. Se se ileng sa diragalela moporofeti Daniele se ile sa thusa Vanessa jang?

7 Kgaitsadi mongwe wa kwa Haiti yo o bidiwang Vanessa b o ne a iphitlhela a le mo mathateng a a seng kana ka sepe. Monna mongwe mo lefelong la bone o ne a mo founela e bile a mo romelela melaetsa letsatsi le letsatsi a leka go mo pateletsa gore ba ratane. Le fa go ntse jalo, Vanessa o ile a gana nnang ya banyana. Monna yoo ga a ka a ineela, tota e bile o ne a simolola go mo tshosetsa. Vanessa a re: “Ke ne ke tshogile.” Mme gone, o ile a dira sengwe go itshireletsa e bile mogolwane mongwe o ile a mo thusa gore a ye mapodiseng. Mo godimo ga moo, o ne a akanyetsa kwa teng ka bangwe ba Jehofa a ileng a ba sireletsa mo nakong e e fetileng. Vanessa a re: “Ke ne ka akanyetsa kwa teng ka moporofeti Daniele. O ne a latlhelwa mo khuting ya ditau le fa a ne a sa dira sepe se se phoso. Mme gone, Jehofa o ne a mo sireletsa. Ka jalo, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse ka bothata joo. Morago ga moo, ke ne ka wela makgwafo.”​—Dan. 6:12-22.

SE JEHOFA A SE DIRANG GONE JAANONG

8. Dafide o ne a tlhatswegile pelo ka eng? (Pesalema 56:8)

8 Le fa gone Dafide a ne a le mo gare ga dinaka tsa kukama fa a le kwa Gathe, ga a ka a nnela go akanya ka dilo tse di neng di dira gore a boife. Go na le moo, o ne a akanya ka tsela e Jehofa a neng a mo thusa ka yone ka nako eo. Ka sekai, Dafide o ne a kgona go lemoga gore Jehofa o a mo kaela le gore o a mo sireletsa e bile o ne a itse gore o tlhaloganya gore o ikutlwa jang. (Bala Pesalema 56:8.) Gape Jehofa o ne a neile Dafide ditsala tse di siameng tse di neng di mo kgothatsa e bile di mo thusa tse di jaaka Jonathane le Moperesiti yo Mogolo Ahimeleke. (1 Sam. 20:41, 42; 21:6, 8, 9) Mo godimo ga moo, le fa gone Kgosi Saulo a ne a batla go bolaya Dafide, Jehofa o ile a mo sireletsa. Ka jalo, Dafide o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o itse mathata a gagwe le gore o ikutlwa jang.

9. Ke eng se Jehofa a se itseng ka rona?

9 Fa e le gore o na le mathata a a dirang gore o boife, nna o gopotse gore Jehofa o a go bona e bile o a itse gore o ikutlwa jang. Ka sekai, Baebele e a re fa Baiseraele ba ne ba sa tshwarwe sentle kwa Egepeto, Jehofa o ne a bona seno e bile a “itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekes. 3:7) Dafide le ene o ile a re Jehofa o a bona gore o a “boga” e bile o ‘itse matshwenyego a gagwe a magolo.’ (Pes. 31:7) Mo godimo ga moo, fa batho ba Modimo ba ne ba lebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa dilo tse di bosula tse ba neng ba di dira, Jehofa “o ne a tshwenyega.” (Isa. 63:9) Ka jalo fa o na le mathata, nna o gopotse gore Jehofa o a itse gore o ikutlwa jang e bile o batla go go thusa.

10. Goreng o tlhatswegile pelo gore Jehofa o a go rata le gore o tla go thusa go lebana le mathata a o nang le one?

10 Fa o na le mathata, go ka nna thata go lemoga gore Jehofa o a go thusa. Fa go le jalo, mo kope gore a go thuse go bona kafa a go emang nôkeng ka gone. (2 Dikg. 6:15-17) Ka sekai: A go na le puo kgotsa kakgelo nngwe kwa dipokanong e e neng ya nonotsha tumelo ya gago? A go na le kgatiso, bidio kgotsa pina nngwe mo jw.org e e neng ya go kgothatsa? A mongwe o ile a go bontsha temana nngwe e e neng ya go gomotsa? Nna o gopotse gore Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re kgothatsa le Lefoko la gagwe go re thusa. (Isa. 65:13; Mar. 10:29, 30) O dira jalo ka gonne a re rata, ka jalo re ka mo tshepa.​—Isa. 49:14-16.

11. Ke eng se se ileng sa thusa Aida gore a se ka a tshwenyega thata?

11 Kgaitsadi mongwe wa kwa Senegal yo o bidiwang Aida o ile a lemoga gore Jehofa o mo ema nôkeng fa a na le mathata. E re ka e le leitibolo, batsadi ba gagwe ba ne ba lebeletse gore a ba tlhokomele. Mme fa Aida a sena go nna mmulatsela, o ne a sa tlhole a na le lotseno. Ka jalo, ba lelapa la gaabo ba ne ba galefa e bile ba mo tshwayatshwaya diphoso. A re: “Ke ne ke tshaba gore ga nkitla ke kgona go tlhokomela batsadi ba me le gore ba lelapa la gaetsho ba tla ntshenya leina. Tota e bile, ke ne ke pega Jehofa molato ka mathata a ke neng ke na le one.” Letsatsi lengwe fa a le kwa dipokanong, o ile a utlwa sengwe se se kgothatsang. A re: “Mokaulengwe yo o neng a neela puo o ile a tlhalosa gore Jehofa o itse sengwe le sengwe se se re tlhobaetsang. Fa nako e ntse e tsamaya, kgakololo e bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba ileng ba nnaya yone e ne ya nthusa go lemoga gore Jehofa o a nthata. Seo se ile sa nthusa gore fa ke rapela, ke se ka ka belaela gore Jehofa o tla nthusa, e bile ke ile ka itumela tota fa ke bona a araba dithapelo tsa me.” Moragonyana Aida o ile a bona tiro e e ileng ya mo thusa gore a tswelele e le mmulatsela le gore a kgone go tlhokomela batsadi ba gagwe. A re: “Ke ile ka ithuta gore ke tshwanetse go tshepa Jehofa ka pelo yotlhe. Gone jaanong go rapela go nthusa gore ke wele makgwafo.”

SE JEHOFA A TLA SE DIRANG MO NAKONG E E TLANG

12. Go ya ka Pesalema 56:9, Dafide o ne a tlhatswegile pelo ka eng?

12 Bala Pesalema 56:9. Temana eno e tlhalosa sengwe gape se se ileng sa thusa Dafide gore a nne pelokgale. Le fa gone botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing, o ile a akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a neng a tla mo direla sone mo nakong e e tlang. O ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo sireletsa ka gonne o ne a mo tlhophile gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele. (1 Sam. 16:1, 13) Dafide o ne a itse gore fa Jehofa a solofetsa sengwe, o a se dira.

13. Jehofa o solofetsa gore o tla re direla eng?

13 Jehofa o solofetsa gore o tla re direla eng? Gone ke nnete gore ga re a lebelela gore a dire gore re se ka ra nna le mathata. c Le fa go ntse jalo, nna o gopotse gore le fa o ka tswa o na le mathata afe, Jehofa o tla a fedisa kwa lefatsheng le lesha. (Isa. 25:7-9) O na le maatla a go tsosa baswi, go fedisa malwetse le dilo tsotlhe tse di re tlhobaetsang le go nyeletsa ba ba re ganetsang.​—1 Joh. 4:4.

14. Re ka akanyetsa kwa teng ka eng?

14 Fa e le gore go na le sengwe se se dirang gore o boife, akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a tlileng go re direla sone mo nakong e e tlang. Akanya fela gore go tla bo go ntse jang fa Satane a seyo, batho ba ba bosula ba fedisitswe e bile boleo bo ntshiwa mo go rona ka bonya ka bonya. Pontsho nngwe e e ileng ya dirwa kwa kopanong ya tikologo ya 2014, e ile ya bontsha gore re ka dira seo jang. Rre o ne a tlotla le ba lelapa la gagwe ka 2 Timotheo 3:1-5, mme a fetotse mafoko a yone go bontsha gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa Paradaiseng. O ne a re: “Kwa lefatsheng le lesha re tla bo re itumetse. Gonne batho e tla nna ba ba ratang ba bangwe, ba ba ratang boammaaruri, ba ba boingotlo, ba ba seng mabela, ba ba bakang Modimo, ba ba utlwang batsadi, ba ba lebogang, ba ba ikanyegang, ba ba ratang ba malapa a bone, ba ba dirang tumalano, ba ba buang sentle ka ba bangwe, ba ba nang le boikgapo, ba ba bonolo, ba ba ratang se se molemo, ba ba tshepegang, ba ba reetsang, ba ba boikokobetso, ba ba ratang Modimo go na le go rata menate, ba ba ineetseng mo Modimong ka peloyotlhe, mme bano o ba ngaparele.” A o a tle o tlotle le ba lelapa la gago le bakaulengwe le bokgaitsadi ka gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa lefatsheng le lesha?

15. Ke eng se se ileng sa thusa Tanja gore a tswelele a ikanyega mo go Jehofa?

15 Akanya ka se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa Macedonia yo o bidiwang Tanja. Batsadi ba gagwe ba ne ba sa batle gore a ithute Baebele. Ka jalo ba ne ba mo thatafaletsa botshelo. Go akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jehofa a tla re direlang tsone mo nakong e e tlang, go ile ga mo thusa gore a se ka a ineela. A re: “Dilo dingwe tse ke neng ke tshaba gore di tla direga, di ile tsa direga. Nako le nako fa ke tswa dipokanong Mama o ne a mpetsa, e bile ene le Papa ba ne ba tlhola ba re ba tla mpolaya fa nka nna Mosupi wa ga Jehofa.” Ba ne ba feleletsa ba kobile Tanja kwa lapeng. O ile a dira eng? A re: “Ke ne ka nna ke gopotse gore fa nka tswelela ke ikanyega ke tlile go tshelela ruri ke itumetse. Mo godimo ga moo, ke ne ke itse gore kwa lefatsheng le lesha, Jehofa o tlile go nnaya dilo tsotlhe tse di ntatlhegetseng e bile ga nkitla ke gopola dilo tse di botlhoko tse di ntiragaletseng.” Tanja o ne a tswelela a ikanyega e bile Jehofa o ile a mo thusa go bona kwa a ka nnang teng. Gone jaanong o nyetswe e bile ene le monna wa gagwe ba mo tirelong ya nako e e tletseng.

SE SE KA RE THUSANG GO TSHEPA JEHOFA LE GO FETA

16. Ke eng se se tla re thusang go nna pelokgale fa dilo tse go buiwang ka tsone mo go Luke 21:26-28 di direga?

16 Ka nako ya pitlagano e kgolo, batho ba tla “idibala ka ntlha ya letshogo.” Mme batho ba ga Jehofa bone ga ba kitla ba tshoga, go na le moo ba tla nna pelokgale. (Bala Luke 21:26-28.) Ka ntlha ya eng? Ka gonne ba tla bo ba tshepa Jehofa. Tanja yo re buileng ka ene mo serapeng se se fetileng, a re dilo tse di mo diragaletseng mo botshelong, di mo thusa go emelana le maemo mangwe le mangwe fela. A re: “Ke ithutile gore Jehofa a ka re thusa go itshokela mathata ape fela a bo a re segofatsa. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga lebega e kete ga re na kgoro ya botso. Mme gone, Jehofa o maatla. Le fa re ka lebana le mathata afe, a tla fela.”

17. Temana ya ngwaga ya 2024 e tla re thusa jang? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

17 Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore re boife. Mme fela jaaka Dafide, ga re a tshwanela go di letla gore di re nyemise moko. Temana ya ngwaga ya 2024 e a re: “Fa ke boifa, ke a go ikanya.” (Pes. 56:3) Motho mongwe yo o ithutang Baebele o ne a re Dafide “ga a ka a nnela go akanya ka dilo tse di neng di dira gore a tshoge kgotsa ka mathata a gagwe. Go na le moo, o ne a ikaega ka Modimo ka gonne o ne a itse gore o tla mo golola.” Fa o lebana le dilo tse di dirang gore o tshoge mo dikgweding tse di latelang, akanya ka temana ya ngwaga. Iphe nako ya go akanya ka se Jehofa a ileng a se dira mo nakong e e fetileng, se a se dirang gone jaanong le se a tla se dirang mo nakong e e tlang. Fa o dira jalo, o tla bua jaana jaaka Dafide: “Ke ikanya Modimo; ga ke boife.”​—Pes. 56:4.

Morago ga masetlapelo a tlholego, kgaitsadi o akanyetsa kwa teng ka temana ya ngwaga (Bona serapa 17)

O KA NNA PELOKGALE JANG FA O AKANYA KA . . .

  • se Jehofa a ileng a se dira mo nakong e e fetileng?

  • se Jehofa a se dirang gone jaanong?

  • se Jehofa a tla se dirang mo nakong e e tlang?

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

a Go bona tshedimosetso eo ya kwa jw.org, o bo o kwala “etsa tumelo ya bone” kgotsa “maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa” mo lebokosong la go senka. Mo JW Library® mo karolong ya ditlhogo tse dingwe, ya kwa “Etsa Tumelo ya Bone” kgotsa “Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa.”

b Maina mangwe a fetotswe.

c Bona buka ya setlhogo se se reng Atamalana le Jehofa kgao. 7, ser. 13-22.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Dafide o ne a akanya ka gore Jehofa o ile a mo naya maatla a gore a bolaye bera, gore o a mo thusa a dirisa Ahimeleke le gore o tla mo dira kgosi mo nakong e e tlang.

e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o kwa kgolegelong o akanya ka gore Jehofa o ile a mo thusa gore a tlogele go goga, gore o mo kgothatsa ka makwalo a a tswang kwa bathong ba ba mo ratang le gore o tla mo naya botshelo jo bo sa khutleng kwa Paradaiseng.