Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Etsa Jehofa fa o Dirisana le Basadi?

A o Etsa Jehofa fa o Dirisana le Basadi?

RE ITUMELELA go direla Jehofa le bokgaitsadi a ba le bantsi ba ba ikanyegang. Re a ba rata ka gonne ba a ikanyega e bile ba dira ka natla. Ka jalo bakaulengwe, lekang ka natla go dirisana le bone sentle lo bo lo ba tlotle. Mme gone, e re ka re na le boleo, ka dinako dingwe go ka nna thata gore re dire jalo.

Bakaulengwe bangwe ba goletse mo ditsong tse mo go tsone banna ba le bantsi ba tseelang basadi kwa tlase. Ka sekai, molebedi mongwe wa potologo wa kwa Bolivia yo o bidiwang Hans a re: “Banna bangwe ba godiseditswe mo ditsong tse di kgothaletsang banna gore ba itseele kwa godimo. Seno se dira gore ba nyatse basadi e bile ba ba tseye e se batho ba sepe.” Mogolwane mongwe wa kwa Taiwan yo o bidiwang Shengxian a re: “Kwa ke goletseng gone, banna ba le bantsi ba tsaya gore basadi ga ba a tshwanela go itshunya nko mo dikgannyeng tsa banna. Fa monna a ka tlhalosa gore mosadi o mo file maele, o tsewa e le segatamarokgwana.” Banna ba bangwe bone ba nyatsa basadi ka ditsela tse di bofitlha. Ka sekai, ba ka dira metlae e e nyenyefatsang basadi.

Se se itumedisang ke gore banna ba ba rutilweng go nyatsa basadi ba ka fetoga ba bo ba simolola go ba tlotla. (Baef. 4:22-24) Ba ka thusiwa ke go etsa Jehofa. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Jehofa o dirisana jang le basadi, gore bakaulengwe ba ka mo etsa jang le gore bagolwane ba ka tlhomela ba bangwe sekao jang fa ba dirisana le bokgaitsadi.

JEHOFA O DIRISANA JANG LE BASADI?

Jehofa o tlhomela banna sekao se se molemo sa gore ba dirisane jang le basadi. Ke Rre yo o kutlwelobotlhoko e bile o rata bana botlhe ba gagwe. (Joh. 3:16) Basadi ba ba mo direlang ba botlhokwa thata mo go ene. A re tlotleng ka dilo tse di bontshang gore Jehofa o tlotla basadi le gore o a ba rata.

Ga a ba tseele kwa tlase. Jehofa o bopile banna le basadi mo setshwanong sa gagwe. (Gen. 1:27) Ga a ka a dira gore banna ba nne botlhale kgotsa ba nne le bokgoni go feta basadi e bile ga a rate banna go feta basadi. (2 Ditir. 19:7) O dirile gore banna le basadi ba kgone go tlhaloganya Baebele le gore ba kgone go etsa botho jwa gagwe. Gape o ba tsaya ka go lekana, le fa ba ka tswa ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise kgotsa go ya go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (2 Pet. 1:1, ntlh.) Ruri go a bonala gore Jehofa ga a tseele basadi kwa tlase!

O a ba reetsa. Jehofa o batla gore basadi ba mmolelele gore ba ikutlwa jang le gore ba na le mathata afe. Ka sekai, o ile a reetsa Hana le Ragele fa ba ne ba mo rapela e bile o ile a ba araba. (Gen. 30:22; 1 Sam. 1:10, 11, 19, 20) Gape o ile a dira gore dipego tsa banna bangwe ba ba ileng ba reetsa basadi di kwalwe mo Baebeleng. Ka sekai, Aborahame o ile a ikobela Jehofa fa a ne a mo raya a re a reetse mosadi wa gagwe e bong Sara. (Gen. 21:12-14) Kgosi Dafide o ile a reetsa Abigaile, e bile o ile a re Jehofa ke ene a mo rometseng gore a ye go bua le ene. (1 Sam. 25:32-35) Jesu o na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa, ka jalo o ile a reetsa mmaagwe e bong Marea. (Joh. 2:3-10) Dikai tseno di bontsha gore Jehofa o tlotla basadi ka gonne o a ba reetsa.

O a ba tshepa. Ka sekai, Jehofa o ile a naya Efa maikarabelo a gore a thuse Adame go tlhokomela lefatshe. (Gen. 1:28) Seno se bontsha gore o ne a sa tseele Efa kwa tlase. Gape Jehofa o ile a naya moporofeti wa mosadi e bong Debora le Huleda maikarabelo a go gakolola batho ba gagwe, go akaretsa moatlhodi le kgosi. (Baatlh. 4:4-9; 2 Dikg. 22:14-20) Gompieno Jehofa o letla basadi gore ba nne le seabe mo tirong e e direlwang Bogosi jwa gagwe. Bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang ke baboledi, babulatsela le barongwa. Ba thusa mo tirong ya go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le diofisi tsa makala. Bangwe ba bone ba direla kwa Bethele le kwa diofising tsa thanolo. Bokgaitsadi bano ke lesomo le legolo le Jehofa a le dirisang go dira thato ya gagwe. (Pes. 68:11) Ntle le pelaelo, Jehofa ga a tseye gore basadi ba bokoa kgotsa ga ba na bokgoni.

BAKAULENGWE BA KA ETSA JEHOFA JANG?

Bakaulengwe, lo tshwanetse go itlhatlhoba ka kelotlhoko go bona gore a lo etsa Jehofa fa lo dirisana le bokgaitsadi. Lo ka thusiwa ke eng? Fela jaaka ngaka e dirisa motšhine wa X-ray go bona gore motho o tshwerwe ke eng, le wena o ka dirisa Baebele go bona gore a tsela e o dirisanang le basadi ka yone e itumedisa Jehofa. Gape o ka kopa tsala e o e tshepang gore e go thuse.

Kopa tsala e o e tshepang gore e go thuse. (Diane 18:17) O ka mmotsa go re: “O akanya gore ke dirisana jang le bokgaitsadi? A ba kgona go lemoga gore ke a ba tlotla? A go na le se nka se dirang go tokafatsa tsela e ke dirisanang le bone ka yone?” Fa tsala ya gago e go bolelela dilo dingwe tse o tshwanetseng go di tokafatsa, o se ka wa kgopisega. Go na le moo, dira jalo ka bonako.

Ithute Lefoko la Modimo. Gape bakaulengwe ba tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo go itlhatlhoba. (Baheb. 4:12) Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla lemoga gore go ne go na le banna ba ba neng ba dirisana sentle le basadi le ba ba neng ba sa dirisane sentle le bone. Ka jalo leka go bona gore wena o dira jang mo kgannyeng eno. Mo godimo ga moo, go na le go tlhoma mogopolo mo temaneng e le nngwe e batho ba e dirisang go gatelela basadi, iphe nako go bala ditemana tse dingwe tse di tlhalosang gore monna o tshwanetse go dirisana jang le mosadi. Fa o dira jalo, o tla kgona go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka basadi. Ka sekai, 1 Petere 3:7 e a re monna o tshwanetse go tlotla mosadi ka gonne o tshwana le “sejana se se seng thata.” b A seno se raya gore basadi ga ba botlhale e bile ga ba na bokgoni jaaka banna? Nnyaa, le e seng! Re kgona go bona seo mo go Bagalatia 3:26-29, ka gonne e a re Jehofa o tlhophile banna le basadi gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong. Fa o ithuta Lefoko la Modimo e bile o kopa tsala e o e tshepang gore e go thuse, o tla kgona go dirisana sentle le bokgaitsadi.

BAGOLWANE BA BONTSHA JANG GORE BA TLOTLA BOKGAITSADI?

Gape bakaulengwe ba ka ithuta go tlotla bokgaitsadi ka go etsa bagolwane. Bagolwane ba bontsha jang gore ba tlotla bokgaitsadi? A re tlotleng ka dilo dingwe tse ba di dirang.

Ba a ba akgola. Moaposetoloi Paulo o tlhometse bagolwane sekao se sentle. O ile a akgola bokgaitsadi ba le mmalwa mo lekwalong le a neng a le kwaletse phuthego ya kwa Roma. (Bar. 16:12) Ga go pelaelo gore bokgaitsadi bao ba ile ba itumela tota fa lekwalo leo le balelwa phuthego. Ka tsela e e tshwanang, fa bagolwane ba akgola bokgaitsadi ka gonne ba na le dinonofo tse dintle e bile ba dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, bokgaitsadi ba kgona go lemoga gore ba a ratiwa le gore ba a tlotliwa. Mo godimo ga moo, fa bagolwane ba akgola bokgaitsadi, seno se thusa bokgaitsadi gore ba tswelele ba direla Jehofa ka boikanyegi.​—Diane 15:23.

Ba akgole

Fa bagolwane ba akgola bokgaitsadi, ba tshwanetse go ba bolelela gore ba ba akgolela eng. Ka ntlha ya eng? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jessica a re: “Ke a itumela fa mokaulengwe a nthaya a re: ‘Re leboga tiro ya bonatla.’ Mme ke itumela le go feta fa a tlhalosa gore o nkakgolela eng, jaaka gore o lebogela gore ke rutile bana gore ba se ka ba tlhodia mo dipokanong kgotsa gore ke tsaya matsapa go tla dipokanong le batho ba ke ithutang Baebele le bone.” Fa bagolwane ba akgola bokgaitsadi, bokgaitsadi ba ikutlwa ba le botlhokwa.

Ba a ba reetsa. Bagolwane ga ba tseye gore ke bomaitsegotlhe. Ka jalo ba na le go botsa bokgaitsadi gore ba ka tokafatsa kae, ba bo ba ba reetsa. Go dira jalo go ba tswela mosola e bile go kgothatsa bokgaitsadi. Re raya jang? Mogolwane mongwe yo o direlang kwa Bethele yo o bidiwang Gerardo a re: “Fa ke kopa bokgaitsadi gore ba mphe maele, tiro ya me e nna motlhofo. Bontsi jwa bone ba na le maitemogelo.” Mo phuthegong, babulatsela ba le bantsi ke bokgaitsadi, ka jalo ba itse batho ba tshimo e ba e berekang. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Bryan a re: “Bokgaitsadi ba na le dinonofo tse dintle, e bile ba na le bokgoni jo bo tlhokegang mo phuthegong. Ka jalo, o se ka wa tshaba go ba kopa gore ba go thuse.”

Ba reetse

Bagolwane ga ba itlhokomolose dikakantsho tsa bokgaitsadi. Ka ntlha ya eng? Mogolwane mongwe yo o bidiwang Edward a re: “Se kgaitsadi a se buang se ka thusa mokaulengwe gore a tlhaloganye kgang ka botlalo le gore a tlhaloganye gore batho ba bangwe ba ikutlwa jang.” (Diane 1:5) Le fa go ka se kgonege gore mogolwane a dirise kakantsho e kgaitsadi a mo nayang yone, o tshwanetse go mo leboga.

Ba a ba katisa. Bagolwane ba katisa bokgaitsadi gore ba kgone go dira ditiro tse di farologaneng mo phuthegong. Ka sekai, ba ba ruta gore ba ka tshwara pokano ya tshimo jang fa go se na mokaulengwe yo o kolobeditsweng. Gape ba ba ruta go dirisa dithulusu le metšhine gore ba kgone go thusa mo diporojekeng tsa go aga le go tlhokomela mafelo a kobamelo. Kwa Bethele, bokgaitsadi ba rutiwa go dira ditiro tse di jaaka go tlhokomela dikago, go reka, go dira diakhaonto, go bereka ka dikhomputara le ditiro tse dingwe. Fa bagolwane ba katisa bokgaitsadi, ba bontsha gore ba a ba tshepa le gore ba a itse gore ba na le bokgoni.

Ba katise

Bokgaitsadi ba le bantsi ba dirisa se bagolwane ba ba rutileng sone go thusa ba bangwe. Ka sekai, bokgaitsadi bangwe ba ba ileng ba bereka mo diporojekeng tsa go aga, ba ile ba thusa batho ba bangwe go aga matlo a bone morago ga masetlapelo a tlholego. Bokgaitsadi ba ba rutilweng go rera ba dirisa dikolotsana le ditafole tsa dikgatiso, ba thusa bokgaitsadi ba bangwe gore le bone ba kgone go dira jalo. Bokgaitsadi ba ikutlwa jang ka bagolwane ba ba ileng ba ba katisa? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jennifer a re: “Fa ke ne ke thusa mo porojekeng nngwe ya go aga Holo ya Bogosi, mogolwane yo a neng a nkatisa o ne a nna a nkakgolela tiro e ke e dirang. Ke ne ke rata go bereka le ene ka gonne o ne a ntshepa e bile a dira gore ke ikutlwe ke le motho wa botlhokwa.”

MELEMO YA GO DIRISANA SENTLE LE BOKGAITSADI

Re rata bokgaitsadi fela jaaka Jehofa a ba rata, ka jalo re ba tsaya jaaka ba malapa a rona. (1 Tim. 5:1, 2) Re lebogela go dira mmogo le bone, e bile re a itumela fa ba lemoga gore re a ba rata le gore re ba ema nôkeng. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Vanessa a re: “Ke leboga Jehofa fela thata go bo ke le mo phuthegong ya gagwe. Bakaulengwe ba nna fela ba nkgothatsa.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Taiwan a re: “Ke itumelela gore Jehofa o tlotla basadi e bile o a ba rata, mme go ntse fela jalo le mo phuthegong ya gagwe. Seno se nonotsha tumelo ya me e bile ke lebogela go bo ke le mongwe wa batho ba gagwe.”

Jehofa o a itumela fa a bona bakaulengwe ba leka ka natla go mo etsa fa ba dirisana le bokgaitsadi. (Diane 27:11) Mogolwane mongwe wa kwa Scotland yo o bidiwang Benjamin a re: “Banna ba le bantsi ba ba sa direleng Jehofa ba tseela basadi kwa tlase. Ka jalo, re batla gore fa bokgaitsadi ba le kwa Holong ya Bogosi, ba ikutlwe ba tlotliwa e bile ba ratiwa.” E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go etsa Jehofa, ka go bontsha gore re tlotla bokgaitsadi le gore re a ba rata!​—Bar. 12:10.

a Mo setlhogong seno fa re bua ka “bokgaitsadi,” re raya bokgaitsadi ba mo phuthegong, e seng bana ba motho.

b Fa o batla go itse gore mafoko a a reng “sejana se se seng thata” a kaya eng, bona setlhogo se se reng “Boleng Jwa ‘Sejana se se Bokoa,’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2006, le se se reng, “Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 1, 2005.