Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAKANTSHO YA GO ITHUTA

Kakantsho ya go Ithuta

Kakantsho ya go Ithuta

Re ithuta ka Jehofa fa re le kwa dipokanong le kwa dikopanong. Gape re dira jalo fa re le nosi kgotsa re na le ba malapa a rona. O ka dirisa dikakantsho tseno:

  • Lo ka baakanyetsa dipokano. Gape lo ka opela dipina le go thusa ba bangwe mo lelapeng go baakanyetsa gore ba tla araba jang.

  • Lo ka bala pego nngwe mo Baebeleng. Go tswa foo, lo bo lo torowa se se diragetseng mo pegong eo kgotsa lwa kwala se lo se ithutileng.

  • Lo ka bala thapelo nngwe mo Baebeleng lo bo lo leka go bona gore e ka lo thusa jang go tokafatsa dithapelo tsa lona.

  • Lo ka lebelela bidio nngwe mo jw.org, go tswa foo lo bo lo tlotla ka yone kgotsa lo kwala se lo se ratileng mo go yone.

  • Lo ka ikatisa gore lo tla reng kwa bodireding.

  • Lo ka leba popo lo bo lo akanyetsa kwa teng kgotsa lo tlotla ka gore e lo ruta eng ka Jehofa. a

a Bona setlhogo se se reng “Popo e re Ruta go le Gontsi ka Jehofa” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 2023.