Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 5

LUMBO 27 Go Galalediwa ga Barwa ba Modimo

“Andingakulashe!”

“Andingakulashe!”

“[Ngobe Ndzimu] wakati: ‘Andingakulashe, kene akusiya.’”​—BAH. 13:5b.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore Modimo ga a kitla a latlha batho ba gagwe fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ya kwa legodimong.

1. Ba ka dothedzegwa ba nowo be kudzimu bose lini?

 GO NE ga feta dingwaga di le dintsi batho ba ga Jehofa ba ipotsa gore batlodiwa ba ba setseng ba tla ya leng kwa legodimong. Re ne re tsaya gore batlodiwa bangwe ba tla tshela mo lefatsheng la Paradaise ka nakwana morago ga ntwa ya Aramagedona. Le fa go ntse jalo, makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013 o ne wa tlhalosa gore batlodiwa botlhe ba ba setseng ba tla bo ba le kwa legodimong pele ntwa ya Aramagedona e simologa.​—Math. 24:31.

2. I buzo dzipi dzi nga buzwiwa, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

2 Re ka nna ra ipotsa go re: Go tla direga eng ka ba “dinku tse dingwe” ba ba tla bong ba direla Jehofa ka boikanyegi ka nako ya “pitlagano e kgolo”? (Joh. 10:16; Math. 24:21) Bangwe ba bone ba ka tswa ba akanya gore fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sena go ya kwa legodimong, go tla bo go se na ope yo o ba kaelang. Mma re tlotle ka dipego tse pedi tsa Baebele tse di ka dirang gore ba akanye jalo. Go tswa foo, re tla bona gore ke eng fa re sa tshwanela go tshwenyega.

INI CHI SI NGOWO SHINGIKALA?

3-4. Bangwe ba nga chenamisiwa neni, ngono ne kutini?

3 Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore a ba dinku tse dingwe ba tla tswelela ba direla Jehofa fa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba Setlhopha se se Laolang ba tla bo ba sa tlhole ba le teng gore ba ba kaele. Dipego dingwe mo Baebeleng ke tsone tse di ka tswang di dira gore ba ipotse jalo. Ka sekai, akanya ka se se ileng sa diragalela Jehoashe. Moperesiti yo Mogolo Jehoiada le mosadi wa gagwe e bong Jehoshabeathe ba ile ba mo tlhokomela, ba bo ba mo thusa gore e nne kgosi e e siameng le gore a direle Jehofa. Fa Jehoiada a sa ntse a tshela, Jehoashe o ne a obamela Jehofa e bile a dira dilo tse di siameng. Mme fa Jehoiada a sena go tlhokafala, Jehoashe o ne a reetsa dikgosana tse di sa siamang a bo a tlhanogela Jehofa.​—2 Ditir. 24:2, 15-19.

4 Sekai se sengwe ke sa Bakeresete ba ba neng ba tshela morago ga motlha wa baaposetoloi. Go ne ga feta lobakanyana baaposetoloi ba ga Jesu ba dira ka natla go sireletsa phuthego mo batlhanoging. (3 Joh. 4) Johane le ene o ne a dira jalo. O ne a thusa Bakeresete ba le bantsi gore ba tswelele ba direla Jehofa ka boikanyegi. (1 Joh. 2:18) Le fa go ntse jalo, e re ka e ne e le moaposetoloi wa bofelo, fa a sena go swa, go ne ga nna le batlhanogi mo diphuthegong di le dintsi. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, ba ne ba ruta dithuto di le dintsi tsa maaka e bile ba ne ba letlelela boitsholo jo bo sa siamang mo phuthegong.

5. Ini cha ti sa ka fanila kumbula ne kwe khani idzedzi mbili?

5 A dikai tse re tlotlileng ka tsone di bontsha gore fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sena go ya kwa legodimong, ba dinku tse dingwe ba tla dira dilo tse di sa siamang fela jaaka Jehoashe, kgotsa e tla nna batlhanogi fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dira fa baaposetoloi ba sena go swa? Nnyaa, le e seng! Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sena go ya kwa legodimong, ba dinku tse dingwe ba tla tswelela ba direla Jehofa ka tsela e e mo itumedisang e bile o tla ba tlhokomela. Goreng re rialo?

NAMATO YE MALEBESWA HA I NGA CHINYIKE

6. I zwimo zwipi zwitatu zwa ti nowo leba ne kwazo?

6 Goreng re ka tlhatswega pelo gore batho ba ga Jehofa ba tla tswelela ba mo obamela ka tsela e a e amogelang? Ka gonne Baebele e re tlhalosetsa gore motlha o re tshelang mo go one, o farologane thata le motlha wa Baiseraele le motlha wa Bakeresete ba ba neng ba tshela fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala. A re tlotleng ka metlha eno e meraro: (1) Motlha wa Baiseraele ba bogologolo, (2) motlha wa Bakeresete ba ba neng ba tshela fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala, le (3) motlha wa rona, e leng motlha wa fa “dilo tsotlhe di dirwa disha.”​—Dit. 3:21.

7. Ku Iziraele wa ntolo, ini bathu ba ka be be thembeka ba ka be ba singa nyalemoyo ha ichaba na boshe be thama zwithu zwa ka bipa?

7 Motlha wa Baiseraele ba bogologolo. Pele Moshe a tlhokafala o ile a raya Baiseraele a re: “Ke itse sentle gore morago ga loso lwa me lo tla dira bosula lo bo lo fapoga tsela e ke lo e laetseng.” (Dute. 31:29) Gape Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore fa ba ka tlhanogela Jehofa, ba tla isiwa botshwarwa. (Dute. 28:35, 36) Go ne ga nna fela jalo. Fa nako e ntse e tsamaya, dikgosi tse dintsi tsa Iseraele di ne tsa dira dilo tse di bosula e bile di ne tsa tlhotlheletsa batho gore ba obamele medimo ya maaka. Ka jalo, Jehofa o ile a ba latlha e bile ga a ka a tlhola a letla gore go nne le dikgosi kwa Iseraele. (Esek. 21:25-27) Fa Baiseraele ba ba ikanyegang ba lemoga gore se Modimo a se buileng se a direga, ba ne ba tswelela ba mo direla ka boikanyegi.​—Isa. 55:10, 11.

8. A ta ka fanila chenamisiwa ne ku be gubungano le Bakirisiti be century ye bubili la ka be li thama zwithu zwa ka bipa? Chenesa.

8 Motlha wa Bakeresete ba ba neng ba tshela fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala. Ga re gakgamale gore go ne ga nna le batlhanogi mo phuthegong fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala, ka gonne Jesu o ne a boleletse pele gore seo se tla direga. (Math. 7:21-23; 13:24-30, 36-43) Moaposetoloi Paulo, Petere le Johane ba ne ba tlhalosa gore se Jesu a neng a se boleletse pele se ne se setse se direga mo motlheng wa bone. (2 Bathes. 2:3, 7; 2 Pet. 2:1; 1 Joh. 2:18) Fela fa moaposetoloi wa bofelo a sena go tlhokafala, go ne ga nna le batlhanogi mo phuthegong. Mme fa nako e tsamaya, batlhanogi bao e ne ya nna karolo ya Babelona yo Mogolo. Seo se ne se diragatsa se Jesu a neng a se buile.

9. Mazhuba iyawa a ti no chila mu ali a no leyana chini ne a ka be Baiziraele ba ntolo ne gubungano le Bukirisiti le century ye bubili be chila mu ali?

9 Motlha wa fa “dilo tsotlhe di dirwa disha.” Motlha o re tshelang mo go one o farologane thata le motlha wa Baiseraele ba bogologolo le motlha wa Bakeresete ba ba neng ba tshela fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala. Gantsi re bitsa motlha wa rona re re ke ‘malatsi a bofelo.’ (2 Tim. 3:1) Gape Baebele e tlhalosa gore re tshela mo motlheng o o kgatlhang o e o bitsang motlha wa fa “dilo tsotlhe di dirwa disha.” Motlha ono o tla tswelela go fitlha Bogosi Jwa ga Mesia bo sena go dira gore lefatshe e nne Paradaise. (Dit. 3:21) O simologile ka 1914 fa Jesu a tlhomiwa gore e nne kgosi kwa legodimong. Jehofa o ne a boa a tlhoma setlogolwana sa ga Kgosi Dafide gore e nne kgosi e e mo emelang. Mme ga go a ka ga felela foo. Moragonyana Jehofa o ile a thusa batlhanka ba gagwe gore ba boe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. (Isa. 2:2-4; Esek. 11:17-20) A go ne go tla nna le batho ba ba rutang dithuto tsa maaka gape mo phuthegong?

10. (a) Baibili i no lebela mbeli chini ne kwe namato ye malebeswa mu chibaka cha ngwenu? (Izaya 54:17) (b) Ini buporofiti igogu gu gadzikanya moyo?

10 Bala Isaia 54:17. Mafoko a a reng: “Ga go na sebetsa sepe se se diretsweng go go utlwisa botlhoko se se tla atlegang” a a diragadiwa mo motlheng wa rona. Gape re itumelela go bona gore mafoko ano le one a a direga: “Bomorwao botlhe ba tla rutiwa ke Jehofa, e bile kagiso ya bomorwao e tla ntsifala. O tla tiisiwa thata ka tshiamo. . . . Ga o kitla o boifa sepe e bile ga o kitla o nna le lebaka la go boifa sepe, gonne ga go na sepe se se tshosang se se tla go atamelang.” (Isa. 54:13, 14) Tota le “modimo wa lefatshe leno” e bong Satane ga a ka ke a kgona go re thibela go ruta batho ba bangwe ka Jehofa. (2 Bakor. 4:4) Jehofa o re thusitse gore re boe re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang e bile re tla tswelela re dira jalo go ya go ile. Ga go na sebetsa sepe se se diretsweng go re utlwisa botlhoko se se tla atlegang.

KOWO SHINGIKALANI?

11. Ini chi no ti suka moyo kuti mbunga nkulu ha u nga lashike ha ba ka dothedzegwa ba chi be kudzimu?

11 Go tla direga eng fa batlodiwa ba ya kwa legodimong? Nna o gopotse gore Jesu ke Modisa wa rona e bile ke tlhogo ya phuthego, ka jalo o tla tswelela a kaela ba dinku tse dingwe fa batlodiwa ba ba setseng ba ya kwa legodimong. O ne a re: “Moeteledipele wa lona o mongwe fela, e bong Keresete.” (Math. 23:10) Gone ke nnete gore ga re itse gore Jesu o tla kaela batho ba Modimo jang ka nako eo, mme ga re tlhoke go boifa. Mma re tlotle ka dikai dingwe tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng tse di re netefaletsang gore ba boidiidi jo bogolo ga ba kitla ba latlhega.

12. Jehova Wa ka thokomela bathu babe chini (a) shule kwe lufu gwa Mozisi? (b) shule kwe kuti Elija a piwe nshingo ungwe? (Bona itshwantsho.)

12 Moshe o ile a tlhokafala pele Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. A batho ba Modimo ba ne ba latlhega? Nnyaa. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Moshe a katisa Joshua gore a etelele batho ba Modimo pele. (Ekes. 33:11; Dute. 34:9) Mo godimo ga moo, go ne go na le banna ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba mo thusa. Ka sekai, go ne go na le baokamedi ba dikete, baokamedi ba makgolo, baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano le baokamedi ba masome. (Dute. 1:15) Ka jalo, batho ba Modimo ga ba a ka ba latlhega. Sekai se sengwe ke sa ga Elija. O ne a feditse dingwaga di le dintsi a thusa Baiseraele gore ba obamele Jehofa. Mme moragonyana Jehofa o ne a mo laela gore a ye go direla kwa Juda. (2 Dikg. 2:1; 2 Ditir. 21:12) A batho ba ba ikanyegang ba ditso tse di lesome ba ile ba latlhega? Nnyaa, go ne go na le banna ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba neng ba ba etelela pele. Ka sekai, Elija o ne a feditse dingwaga di le dintsi a katisa Elisha. Gape go ne go na le “bomorwa baporofeti,” ba le bone ba neng ba katisitswe. (2 Dikg. 2:7) Ka jalo, Jehofa o ne a tswelela a diragatsa boikaelelo jwa gagwe e bile o ne a tlhokomela batho ba gagwe ba ba ikanyegang.

Moshe (setshwantsho se se ka fa molemeng) le Elija (setshwantsho se se ka fa mojeng) ba ne ba katisa ba bangwe gore ba etelele batho ba Modimo pele (Bona serapa 12)


13. Bahebera 13:5b i no ti gadzikanya moyo chini? (Bona itshwantsho.)

13 Dikai tse re setseng re tlotlile ka tsone di re bontsha gore ga re tlhoke go tshwenyega ka gore go tla direga eng fa batlodiwa ba bofelo ba sena go ya kwa legodimong. Baebele e a re Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe. (Bala Bahebera 13:5b.) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba eteletseng pele ba a itse gore go botlhokwa thata gore ba katise ba bangwe, fela jaaka Moshe le Elija ba ile ba dira. Go fetile dingwaga di le dintsi bakaulengwe ba ba mo Setlhopheng se se Laolang ba katisa bakaulengwe ba dinku tse dingwe. Ka sekai, go na le dikolo tse di katisang bagolwane, balebedi ba ba etang, maloko a Dikomiti Tsa Makala, balebedi ba ba kwa Bethele le ba bangwe. Mo godimo ga moo, ba katisa bakaulengwe ba ba thusang mo dikomiting tse di farologaneng tsa Setlhopha se se Laolang. Bakaulengwe bano ba tla kgona go tlhokomela batho ba Modimo fa batlodiwa ba sena go ya kwa legodimong.

Bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba dira ka natla go katisa bakaulengwe ba ba ba thusang le go rulaganya dikolo tse di katisang bagolwane, balebedi ba ba etang, maloko a Dikomiti Tsa Makala, balebedi ba kwa Bethele le barongwa (Bona serapa 13)


14. Ko legwa ne kweni chikulu mu khani iyeyi?

14 Ntlha ya botlhokwa e re ithutileng yone mo setlhogong seno ke gore: Fa batlodiwa ba ya kwa legodimong go ela kwa bowelong jwa pitlagano e kgolo, batho ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ba tla tswelela ba mo obamela ka boikanyegi ba eteletswe pele ke Jesu. Ke nnete gore ka nako eo, ditšhaba tse di kopaneng tse Baebele e di bitsang Gogo wa Magogo di tla tlhasela batho ba Modimo. (Esek. 38:18-20) Mme ga ba kitla ba dira gore re se ka ra obamela Jehofa ka gonne o tla re sireletsa. Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a bona “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse dingwe bo tswa “mo pitlaganong e kgolo.” (Tshen. 7:9, 14) Seno se re netefaletsa gore Jehofa o tla ba sireletsa.

15-16. Ku yenda na Zumbunulo 17:14, Bakirisiti ba ka dothedzegwa ba na Kirisiti ba nowo be be shingani mu nghwa ye Amagedoni, ngono ini ichecho chi ti simisa?

15 Batlodiwa ba tlile go dira eng fa ba fitlha kwa legodimong? Baebele e a re dipuso di tlile go “lwa le Kwana” mme “Kwana o tla di fenya.” Gape e a re o tla bo a thusiwa ke “ba ba biditsweng,” “ba ba tlhophilweng” le “ba ba ikanyegang.” (Bala Tshenolo 17:14.) Fano go buiwa ka batlodiwa. Ka jalo, fa batlodiwa ba ya kwa legodimong go ela kwa bowelong jwa pitlagano e kgolo, kabelo ya bone ya ntlha e tla bo e le go lwa. Bangwe ba bone ba ne ba rata ntwa pele e nna Basupi. Ba bangwe e ne e le masole, mme fa ba sena go ithuta boammaaruri ba ne ba simolola go tshela le ba bangwe ka kagiso. (Bagal. 5:22; 2 Bathes. 3:16) Fa ba fitlha kwa legodimong, bone le Jesu le baengele ba tla fedisa batho ba ba sa rateng Modimo.

16 Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba setse ba tsofetse e bile ba bokoa. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go tsosediwa kwa legodimong e tla bo e le dibopiwa tsa moya tse di nang le maatla e bile ba tla bo ba na le Jesu kwa ntweng ya Aramagedona. Morago ga ntwa eo, ba tla thusa Jesu fa a tla bo a dira gore batho ba se ka ba tlhola ba nna le boleo. Ga go pelaelo gore ka nako eo ba tla kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba tla bong ba le mo lefatsheng, go feta ka tsela e ba ba thusang ka yone gone jaanong.

17. To ziba chini kuti balanda be Ndzimu ba nowo be ba ka bakiligwa mu chibaka che nghwa ye Amagedoni?

17 A o mongwe wa ba dinku tse dingwe? Fa go le jalo, o tshwanetse go dira eng fa ntwa ya Aramagedona e simologa? Tshepa Jehofa mme o ikobele ditaelo tse a go nayang tsone. Ditaelo tseo di ka akaretsa eno e e reng: “Tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo bo lo tswala dikgoro fa lo sena go tsena. Iphitlheng ka nakwana go fitlha tšhakgalo e fetile.” (Isa. 26:20) Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng ba tla bo ba sireletsegile ka nako eo. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re tlhatswegile pelo gore “dipuso kgotsa dilo tse di leng teng gone jaanong kgotsa dilo tse di tla tlang . . . ga di ka ke tsa kgona go dira gore Modimo a se ka a tlhola a re rata.” (Bar. 8:38, 39) Nna o gopotse gore Jehofa o a go rata e bile ga a kitla a go latlha.

HA BAKIRISITI BA KA DOTHEDZEGWA BE BUPELO BE TOLEGWA KUDZIMU,

  • ini chi si ngowo shingikala?

  • ti nga sukiwa moyo neni kuti namato ye malebeswa ha i nga chinyike?

  • ini chi no ti suka moyo kuti Jehova U nowo thokomela bathu babe?

LUMBO 8 Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona