Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 6

LUMBO 10 Bakang Jehofa Modimo wa Rona!

“Kudzani Zina la Jehova”

“Kudzani Zina la Jehova”

““Kudzani Yahwe, Imwi balanda ba Yahwe, kudzani zina la Yahwe.”​—PIS. 113:1.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore ke eng fa re tshwanetse go baka leina le le boitshepo la ga Jehofa.

1-2. Ini chi nga ti batsha ku hwisisa se kwa Jehova E zwihwa ne kwe ku chinyiwa kwe zina lile?

 A RE re mongwe yo o mo ratang o bua maaka a matala ka wena, bangwe ba bo ba mo dumela. Se se maswe le go feta ke gore batho bao ba a bolelela batho ba bangwe le bone ba bo ba a dumela. Ga go pelaelo gore o ne o tla utlwa botlhoko tota ka gonne batho bao ba goga leina la gago mo seretseng.​—Diane 22:1.

2 Sekai seno se re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o ile a ikutlwa jang fa Satane a ne a mo senya leina mme Adame le Efa ba bo ba mo dumela. Se se utlwisang botlhoko ke gore maaka ao a ga Satane a ile a dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Jehofa, go bo go felela ka gore batho botlhe ba nne le boleo e bile ba swe. (Gen. 3:1-6; Bar. 5:12) Mathata otlhe a re a bonang mo lefatsheng gompieno, go akaretsa loso, dintwa le kutlobotlhoko di nnile teng ka ntlha ya maaka a Satane a ileng a a bua kwa tshimong ya Edene. Dilo tseno tsotlhe di utlwisa Jehofa botlhoko, mme gone ga a nne fela a galefile. Tota e bile Baebele e a re ke “Modimo yo o itumetseng.”​—1 Tim. 1:11.

3. Ti na fanilo ipi?

3 Re ka bontsha gore se Satane a neng a se bua ka Jehofa ke maaka fa re ikobela taelo eno e e reng: “Bakang leina la ga Jehofa.” (Pes. 113:1) Re dira jalo fa re bolelela batho boammaaruri ka Jehofa. Le wena o ka baka leina la ga Jehofa. Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka mabaka a le mararo a go bo re tshwanetse go dira jalo.

TO SHATHISA JEHOVA HA TI KUDZA ZINA LILE

4. Ini Jehova E shatha ha ti kudza zina lile? Fanisa. (Bona itshwantsho.)

4 Jehofa o a itumela fa re mmaka. (Pes. 119:108) A seno se raya gore Jehofa o tshwana le batho ba ba sa itshepeng ba ba nnang fela ba batla go tlotlomadiwa? Nnyaa, le e seng! Mma re dire sekai. A re re mosetsanyana o tabogela kwa go rraagwe, a bo a mo haka a bo a mo raya a re: “Ke a go rata Papa ka gore o a re tlhokomela.” Seno se dira gore rraagwe a itumele. A go raya gore rre yono ga a itshepe e bile o batla gore morwadie a nne fela a mo tlotlomatsa? Nnyaa. Go na le moo, o itumelela go bona gore morwadie o na le lorato e bile o lebogela dilo tse a mo direlang tsone. O a itse gore dinonofo tseno di tla mo thusa gore e nne motho yo o itumetseng fa a ntse a gola. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itumela fa re mmaka.

Fela jaaka rre a itumela fa ngwana wa gagwe a mmolelela gore o a mo rata, Jehofa le ene o a itumela fa re baka leina la gagwe (Bona serapa 4)


5. I manyepkhwa api a ti nga nyanyayidza ha ti kudza zina le Ndzimu?

5 Satane a re ga go na ope yo o tla tswelelang a ikanyega mo Modimong fa a na le mathata. Gape a re re tla tlogela go direla Jehofa fa re bona mafulo a matalana. (Jobe 1:9-11; 2:4) Mme gone, fa re tswelela re direla Jehofa, re bontsha gore Satane o bua maaka a matala. Ke se Jobe a ileng a se dira, mme le wena o ka kgona. Rotlhe fela re ka itlhophela go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa le go mo itumedisa ka go tswelela re mo direla le fa re na le mathata.​—Diane 27:11.

6. Ti nga yedza She Dafite ne Balevi chini? (Nehemiya 9:5)

6 Batho ba ba ratang Jehofa ba baka leina la gagwe ka pelo yotlhe. Kgosi Dafide o ne a re: “Mma ke bake Jehofa; a sengwe le sengwe se se mo teng ga me se bake leina la gagwe le le boitshepo.” (Pes. 103:1) Fa re utlwa leina Jehofa, re akanya ka mong wa lone, dinonofo tsa gagwe tse dintle, le dilo tse di gakgamatsang tse a di dirang. Dafide o ne a batla go baka leina la ga Jehofa, e bile o ne a batla go dira jalo ka “sengwe le sengwe se se mo teng” ga gagwe. Seno se raya gore o ne a batla go mmaka ka pelo yotlhe. Balefi le bone ba ne ba ikutlwa fela jalo. Ba ile ba tlhalosa gore ga go kgonege gore ba bake leina la ga Jehofa ka botlalo. (Bala Nehemia 9:5.) Ga go pelaelo gore tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e ile ya dira gore Jehofa a itumele.

7. Ti nga kudza zina la Jehova chini mu nshingo wedu we ku rera mu buchilo gwedu gose?

7 Jehofa o a itumela fa re bua ka ene ka tsela e e bontshang gore re a mo rata, le fa re lebogela sengwe le sengwe se a re direlang sone. Fa re rerela batho, re tshwanetse go nna re gopotse gore boikaelelo jwa rona ke go ba thusa gore ba atamalane le Jehofa, le gore ba mo rate fela jaaka re mo rata. (Jak. 4:8) Re itumelela go ba bontsha gore Baebele e a re Jehofa o lorato, o rata tshiamiso, o botlhale, o na le maatla le dinonofo tse dingwe tse di ntle. Gape re baka Jehofa fa re leka ka natla go mo etsa. (Baef. 5:1) Fa re dira jalo, batho bangwe ba tla lemoga gore ga re tshwane le batho ba lefatshe leno le le bosula, ba bo ba ipotsa dipotso. (Math. 5:14-16) Seno se ka re naya tshono ya gore re ba tlhalosetse gore ke eng fa re tshela ka tsela e re tshelang ka yone, mme ba ba ratang boammaaruri ba ka nna ba kgatlhegela go ithuta ka Modimo. Fa re baka Jehofa ka ditsela tseno, o a itumela.​—1 Tim. 2:3, 4

TO SHATHISA JESO HA TI KUDZA ZINA LA JEHOVA

8. Jeso wa ka tungamila chini mu ku kudza zina la Jehova?

8 Ga go na ope kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng yo o itseng Jehofa go feta Jesu. (Math. 11:27) Jesu o rata Rraagwe, e bile o ile a baka leina la gagwe. (Joh. 14:31) Fa Jesu a ne a bua le Jehofa pele a swa, o ile a tlhalosa selo sa botlhokwa thata se a ileng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a re: “Ke ba rutile ka ga leina la gago.” (Joh. 17:26) O ile a dira seo jang?

9. Jeso wa ka shingisa itshwantsho chini ku chenesa zila ya ti nga linga Tate babe nayo?

9 Jesu ga a ka a bolelela batho leina la ga Jehofa fela. Bajuda ba ne ba setse ba itse leina la Modimo. Go na le moo, o ne a “tlhalosa gore Modimo ke mang.” (Joh. 1:17, 18) Ka sekai, Dikwalo Tsa Sehebera di tlhalosa gore Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelotlhomogi. (Ekes. 34:5-7) Jesu o ile a bontsha seo mo setshwantshong se a ileng a se dira sa morwa sesinyi. O ile a tlhalosa gore fa morwa yoo a itharabologelwa a bo a boela gae, rraagwe o ile a mmona “a sa ntse a le kgakala thata,” a bo a mo tabogela, a mo tlamparela a bo a mo itshwarela. Seno se re thusa go bona gore eleruri Jehofa ke Rre yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi. (Luke 15:11-32) Jesu o ile a thusa batho go tlhaloganya gore Jehofa o ntse jang.

10. (a) To ziba chini kuti Jeso wa ka shingisa zina la Tate babe kuti bathu ba li zibe ne ku li zibisa bangwe? (Mako 5:19) (Bona itshwantsho.) (b) Jeso u no shaka kuti ti thameni ngwenu?

10 Gape Jesu o ne a batla gore batho ba dirise leina la ga Rraagwe. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ka tswa ba ne ba dumela gore leina la Modimo ga le a tshwanela go dirisiwa. Mme Jesu ga a ka a letla seo se mo thibela go baka leina la ga Rraagwe. Ka sekai, nako nngwe fa a ne a le kwa kgaolong ya Bagerasa, o ile a fodisa monna mongwe yo a neng a tshwenngwa ke madimona. Fa batho ba lefelo leo ba bona se a neng a se dirile, ba ile ba tshoga ba bo ba mo kopa gore a tswe mo lefelong la bone. (Mar. 5:16, 17) Jesu o ile a tsamaya. Mme gone o ne a batla gore batho ba lefelo leo ba itse leina la ga Rraagwe, ka jalo, o ile a laela monna yo a neng a mo fodisitse gore a bolelele batho se Jehofa a mo diretseng sone. (Bala Mareko 5:19.) a Jesu o batla gore le rona re bolelele batho botlhe leina la ga Rraagwe. (Math. 24:14; 28:19, 20) Fa re dira jalo, o a itumela.

Jesu o ile a laela monna yo a neng a mo fodisitse gore a bolelele batho se Jehofa a mo diretseng sone (Bona serapa 10)


11. Jeso wa ka diya badiyiwa babe kuti ba tembezeleleni, ngono ini ichecho i li chithu chikulu? (Ezekiele 36:23)

11 Jesu o ne a itse gore Jehofa o batla go itshepisa leina la Gagwe, le go bontsha gore se Satane a neng a se bua ka ene ke maaka. Ke gone ka moo a ileng a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele ba re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Jesu o ne a itse gore go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ke kgang e e botlhokwa thata. (Bala Esekiele 36:23.) Ga go na ope kwa legodimong le mo lefatsheng yo o ileng a itshepisa leina la Modimo go feta Jesu. Le fa go ntse jalo, fa a ne a tshwarwa, o ne a latofadiwa ka gore o tlhapaditse leina la Modimo. E re ka Jesu a ne a itse gore go tlhapatsa leina la Modimo ke boleo jo bo masisi thata, o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore o tlile go bonwa molato wa selo se a neng a sa se dira. Leno e ka tswa e le lone lebaka la go bo a ne a le “mo kutlobotlhokong e e ngomolang pelo” fa a ne a tloga a tshwarwa.​—Luke 22:41-44.

12. Jeso wa ka thama kuti zina la Tate babe li yengemadziwe kwazo chini?

12 Jesu o ile a itshepisa leina la ga Rraagwe ka go itshokela go bogisiwa, go tlhapadiwa le go latofadiwa ka maaka. O ne a itse gore o ile a ikobela Rraagwe mo go sengwe le sengwe le gore ga a dira sepe se se phoso. (Baheb. 12:2) Gape o ne a itse gore Satane ke ene a mmakelang diteko tseo tse di ngomolang pelo ka gonne a batla gore a tlhanogele Jehofa. (Luke 22:2-4; 23:33, 34) Mme gone, Satane o ile a palelwa. Jesu o ile a bontsha gore Satane ke ramaaka le gore batlhanka ba ga Jehofa ba ka kgona go tswelela ba ikanyega mo go ene le fa ba lebane le diteko tse di ngomolang pelo.

13. U nga shathisa She iyo i no busa chini?

13 Fa o batla go itumedisa Jesu, tswelela o baka leina la ga Jehofa e bile o ruta ba bangwe ka botho jwa Gagwe jo bontle. Fa o dira jalo, o tla bo o etsa Jesu e bile o tla itumedisa Jehofa. (1 Pet. 2:21) Mo godimo ga moo, o tla bo o bontsha gore Satane ke ramaaka.

TO BATSHA KU BULUKA MACHILO HA TI KUDZA ZINA LA JEHOVA

14-15. I zwithu zwipi zwa ka naka zwi nga shingikala ha ti diya bathu ne kwa Jehova?

14 Fa re baka leina la ga Jehofa, re thusa batho gore ba atamalane le ene. Re raya jang? Satane o ‘foufaditse megopolo’ ya batho ba ba sa dumeleng. (2 Bakor. 4:4) Ka jalo batho ba le bantsi ba dumela maaka a a buiwang ka Modimo, a a jaaka gore Modimo ga a yo, Modimo ga a na sepe le batho le gore o setlhogo e bile o bogisa batho ba ba dirang dilo tse di bosula. Satane o bua maaka ano ka Modimo gore a mo senye leina le gore batho ba se ka ba batla go utlwa sepe ka Modimo. Mme gone fa re rera, re thusa batho gore ba se ka ba dumela maaka ao a ga Satane. Gape re ba thusa gore ba itse boammaaruri ka Jehofa e bile re baka leina la gagwe le le boitshepo.

15 Lefoko la Modimo le na le maatla. Fa re le dirisa go ruta batho ba bangwe ka Jehofa le gore o ntse jang, ga ba tlhole ba dumela maaka a ga Satane, e bile ba simolola go itse botho jwa ga Jehofa. Ka sekai, fa ba ntse ba ithuta, ba gakgamadiwa ke go itse gore Jehofa o na le maatla a a seng kana ka sepe. (Isa. 40:26) Ba simolola go mo tshepa fa ba lemoga gore o rata tshiamiso. (Dute. 32:4) Ba ithuta go le gontsi mo go ene ka gonne o botlhale. (Isa. 55:9; Bar. 11:33) Mo godimo ga moo, ba gomodiwa ke go itse gore o lorato. (1 Joh. 4:8) Fa ba ntse ba atamalana le Jehofa, ba tlhatswega pelo gore ba tlile go tshela go ya go ile. Ruri re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go thusa batho gore ba atamalane le Jehofa. Fa re dira jalo, re “dira mmogo” le ene.​—1 Bakor. 3:5, 9.

16. Bangwe ba no zwibata chini ha be ziba zina le Ndzimu? Lakidzila.

16 Re ka nna ra simolola ka go bolelela batho leina la Modimo, mme seno se ka ama pelo ya motho yo o ratang boammaaruri. Ka sekai, lekgarebe lengwe le le bidiwang Aaliyah b le ne le godiseditswe mo lelapeng la Mamoseleme. Le fa go ntse jalo, o ne a sa kgatlhegele bodumedi joo e bile o ne a sa ikutlwe a atamalane le Modimo. Seo se ile sa fetoga fa a simolola go ithuta Baebele le Basupi. O ile a simolola go atamalana le Modimo, e bile o ne a gakgametse tota fa a utlwa gore leina la Modimo le ntshitswe mo Dibaebeleng di le dintsi le bo le emisediwa ka direto tse di jaaka Morena. Go itse leina la Modimo go ile ga fetola botshelo jwa gagwe. O ile a re: “Tsala ya me e na le leina!” A re gone jaanong o na le kagiso e bile o lebogela go itse leina la Modimo. Monna mongwe yo o bidiwang Steve o godisitswe ke batsadi ba ba neng ba tsene ka tlhogo mo tumelong ya Sejuda. Mme gone, Steve o ne a sa rate dikereke ka gonne o ile a bona batho ba ba tsenang kereke ba dira dilo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, fa a sena go tlhokafalelwa ke mmaagwe, o ile a ipha nako ya go reetsa fa mongwe a ne a ithuta Baebele le Basupi. O ile a amega tota fa a utlwa gore Modimo o na le leina. A re: “Ke ne ke sa itse gore Modimo o na le leina. Ke ne ka simolola go lemoga gore ruri Modimo o teng le gore nka nna tsala ya gagwe.”

17. Ini wa ka zwimisila ku dwilila u kudza zina la Jehova? (Bona itshwantsho.)

17 Fa o le mo tshimong, a o bolelela batho leina la Modimo? A o ba thusa gore ba mo itse? Fa o dira jalo, o baka leina la Modimo e bile o thusa batho gore ba atamalane le ene. Mo godimo ga moo, o etsa sekao sa ga Jesu, mme sa botlhokwa le go feta, o itumedisa Jehofa. E kete o ka tswelela o “baka leina la [gagwe] ka bosakhutleng le go ya go ile”!​—Pes. 145:2.

Re baka Jehofa fa re ruta batho leina la gagwe le fa re ba thusa go mo itse (Bona serapa 17)

KU KUDZA ZINA LE NDZIMU KO . . .

  • shathisa Jehova chini?

  • shathisa Jeso Kirisiti chini?

  • buluka machilo chini?

LUMBO 2 Leina la Gago ke Jehofa

a Go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Mareko o ile a dirisa leina la Modimo fa a ne a nopola mafoko ano a ga Jesu. Ke gone ka moo le buseditsweng mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

b Maina mangwe a fetotswe.