Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 7

LUMBO 51 Re Ineetse mo Modimong!

Cha ti Nga Zwidiya mu Banaziri

Cha ti Nga Zwidiya mu Banaziri

“Mu misi yose ye kuzwipa kukwe kube Nnaziri unowobe akayengemala kuna Yahwe.”​—PALO 6:8.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore sekao sa Banasirite se ka re thusa jang gore re nne pelokgale le gore re ikemisetse go itima dilo dingwe gore re direle Jehofa.

1. Banamati ba Jehova ba ka zwibata ne zila ya ka lulwama chini mu history ye nthu?

 GA GO pelaelo gore o rata Jehofa fela thata. Fa e sa le go tloga bogologolo, batho ba le bantsi ba ile ba bontsha gore ba rata Jehofa, e bile ba ile ba itima dilo dingwe gore ba kgone go mo obamela. (Pes. 104:33, 34) Bangwe ba bone e ne e le Banasirite. Banasirite e ne e le bomang, mme re ka ithuta eng mo go bone?

2. (a) Banaziri ya ka be i li boyani? (Palo 6:1, 2) (b) Ini Baiziraele bangwe ba ka be be shalula ku be Banaziri?

2 Lefoko “Monasirite,” le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang yo o tlhophilweng kgotsa yo o ineetseng go dira tirelo e e kgethegileng. Banasirite e ne e le Baiseraele ba ba matlhagatlhaga ba ba neng ba itima dilo dingwe gore ba kgone go direla Jehofa ka tsela e e kgethegileng. Molao wa ga Moshe o ne o letla monna kgotsa mosadi gore a dire maikano a gore o tla direla Jehofa e le Monasirite ka lobaka lo lo rileng. a (Bala Dipalo 6:1, 2.) Fa Moiseraele a dirile maikano ao, o ne a tshwanetse go ikobela ditaelo dingwe tse Baiseraele ba bangwe ba neng ba sa tlhoke go di ikobela. Ka jalo, goreng Moiseraele a ne a ka tlhopha go nna Monasirite? O ne a dira jalo ka gonne a rata Jehofa e bile a lebogela dilo tsotlhe tse dintle tse a mo diretseng tsone.​—Dute. 6:5; 16:17.

3. Bathu be Ndzimu ngwenu ba no fanana ne Banaziri chini?

3 Fa Molao wa ga Moshe o ne o fedisiwa mme batho ba simolola go ikobela “molao wa ga Keresete,” thulaganyo ya Bonasirite le yone e ile ya fela. (Bagal. 6:2; Bar. 10:4) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Banasirite, batho ba ga Jehofa gompieno ba direla Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe. (Mar. 12:30) Fa re ineela mo go Jehofa, re dira maikano a gore re tla mo direla botshelo jotlhe. Re tshwanetse go dira se Jehofa a se batlang le go itima dilo dingwe gore re kgone go diragatsa maikano ao. Go ithuta kafa Banasirite ba neng ba diragatsa maikano a bone ka gone go tla re thusa gore le rona re dire jalo. b (Math. 16:24) Mma re bone gore re ka ithuta eng mo go bone.

ZWI DUSE CHIBAYILO

4. Ku yenda na Palo 6:3, 4, ku zwidusa chibayilo kwe Banaziri kwa ka likiwa chini?

4 Bala Dipalo 6:3, 4. Banasirite ba ne ba sa tshwanela go nwa bojalwa kgotsa go ja diterebe. Baiseraele ba bangwe bone ba ne ba nwa bojalwa e bile ba ja diterebe ka gonne go dira jalo go ne go se phoso. Tota e bile Baebele e tlhalosa gore beine ke mpho e e tswang kwa Modimong, e bile e a re: ‘Beine e dira gore pelo ya motho e itumele.’ (Pes. 104:14, 15) Le fa dilo tseno di dira gore motho a itumelele botshelo, Banasirite ba ne ba tsamaela kgakala le tsone. c

A o ikemiseditse go itima dilo dingwe jaaka Banasirite? (Bona serapa 4-6)


5. Madián na Marcela ba ka zwidusa chibayilo chini, ngono ne kutini?

5 Fela jaaka Banasirite, le rona re itima dilo dingwe gore re kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng. Seo ke se banyalani bangwe ba ba bidiwang Madián le Marcela ba ileng ba se dira. Madián o ne a amogela madi a mantsi e bile ba ne ba nna mo foleteng e ntle. Le fa go ntse jalo, ba ne ba batla go direla Jehofa mo go oketsegileng, ka jalo ba ile ba dira diphetogo dingwe. Ba a re: “Re ile ra simolola go somarela madi, ra fudugela kwa foleteng e nnye re bo re rekisa koloi ya rona.” Madián le Marcela ba ne ba sa tlhoke go dira diphetogo tseno, mme ba ile ba di dira ka gonne ba ne ba batla go direla Jehofa mo go oketsegileng. Gone jaanong ba itumelela tshwetso e ba e dirileng.

6. Ini Bakirisiti be zwidusa chibayilo ngwenu? (Bona itshwantsho.)

6 Batho ba ga Jehofa gompieno ba itumelela go itima dilo dingwe gore ba kgone go mo direla mo go oketsegileng. (1 Bakor. 9:3-6) Jehofa ga a lebelela gore re dire dilo tseno, e bile ga di phoso. Ka sekai, bangwe ba tlhopha go sa nne le matlo a bone, diphologolo tsa mo lapeng kgotsa ba tlogela tiro e ba e ratang. Ba bangwe ba tlhopha go sa tsene mo lenyalong ka lobaka lo lo rileng kgotsa go sa nne le bana ka bonako fela fa ba sena go nyalana. Ba bangwe bone ba direla kwa mafelong a go nang le baboledi ba le mmalwa kwa go one, le fa seo se dira gore ba nne kgakala le ba masika le ditsala. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba dira dilo tseno ka gonne ba batla go direla Jehofa ka bojotlhe. Itse gore Jehofa o itumelela go bona o itima dilo dingwe gore o kgone go mo direla mo go oketsegileng.​—Baheb. 6:10.

ZWILAKIDZE U LI NTHU U NGA ZWIMILILA

7. Nnaziri u nga dwa a ka lingisana ne mathatha api mu ku shinga se kwa a ka zwimisila? (Palo 6:5) (Bona itshwantsho.)

7 Bala Dipalo 6:5. Banasirite ba ne ba sa beole meriri ya bone go bontsha gore ba ikobela Jehofa ka botlalo. Fa Moiseraele a ne a ka fetsa lobaka lo loleele e le Monasirite, moriri wa gagwe o ne o tla nna moleele thata e bile ba bangwe ba ne ba tla mo lemoga. Go ne go tla nna motlhofo gore a diragatse maikarabelo a gagwe fa batho ba bangwe ba mo ema nôkeng. Ka maswabi, batho bangwe kwa Iseraele ba ne ba sa eme Banasirite nôkeng. Ka sekai, mo motlheng wa ga moporofeti Amose, Baiseraele ba ba neng ba tlhanogetse Jehofa ba ne ba ‘nna ba naya Banasirite beine gore ba nwe.’ Ba ka tswa ba ne ba dira jalo ka gonne ba batla gore Banasirite ba tlole taelo ya ga Jehofa ya gore ba se ka ba nwa beine. (Amose 2:12) Ka jalo, Banasirite ba ne ba tshwanetse go nna pelokgale gore ba diragatse maikano a bone le gore ba farologane le batho ba bangwe.

Monasirite yo a neng a diragatsa maikano a gagwe o ne a ikemiseditse go farologana le batho ba bangwe (Bona serapa 7)


8. Ini cha u no da mu na cha ka shingikalila Benjamin?

8 Le rona Jehofa a ka re thusa gore re nne le bopelokgale jwa go farologana le ba bangwe, tota le fa re le ditlhong kgotsa re le boboi. Akanya ka se se ileng sa diragalela Mosupi mongwe wa kwa Norway wa dingwaga di le lesome yo o bidiwang Benjamin. Fa naga ya Ukraine e sena go tlhaselwa, go ile ga dirwa sengwe kwa sekolong sa bone go bontsha gore ba ema batho ba kwa Ukraine nôkeng. Bana botlhe ba ile ba kopiwa gore ba opele ba apere mebala ya naga ya Ukraine. Benjamin o ile a emela kgakala ka gonne o ne a sa batle go tsaya karolo mo go se se neng se dirwa. Mme gone, morutabana mongwe o ile a mmona a bo a mo raya a re: “Re go emetse, itlhaganele!” Benjamin o ne a ya kwa go ene a bo a mo raya a re: “Ga ke tseye karolo mo dipolotiking. Tota e bile Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba kwa kgolegelong ka gonne ba gana go ya ntweng.” Morutabana ga a ka a nna le bothata. Le fa go ntse jalo, bana ba a tsenang tlelase le bone ba ile ba simolola go mmotsa gore ke eng fa a emetse kgakala. Benjamin o ne a tshogile tota e bile a geletse dikeledi. Mme gone, o ile a ba bolelela se a neng a se boleletse morutabana. Moragonyana o ile a bolelela batsadi ba gagwe gore Jehofa ke ene a mo thusitseng gore a kgone go ikemela.

9. Ti nga shathisa Jehova chini?

9 E re ka re ikobela Jehofa, batho ba bangwe ba tla lemoga gore re farologane le bone. Ka jalo re tlhoka go nna pelokgale gore re bolelele batho ba re berekang le bone le ba re tsenang sekolo le bone gore re Basupi ba ga Jehofa. Fa tsela e batho ba itshwarang ka yone e ntse e sulafalela pele, go ka nna thata gore re tshele ka melaometheo ya Baebele le gore re bolelele batho ba bangwe dikgang tse di molemo. (2 Tim. 1:8; 3:13) Le fa go ntse jalo, nna o gopotse gore re ‘itumedisa pelo ya ga Jehofa’ fa re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra tshwana le batho ba ba sa mo direleng.​—Diane 27:11; Mal. 3:18.

THAMA KUTI JEHOVA A BE MBELI MU BUCHILO GUGO

10. Ini ku tobela cha ka kwagwa mu na Palo 6:6, 7 cha ka lika Banaziri?

10 Bala Dipalo 6:6, 7. Banasirite ba ne ba sa tshwanela go atamela motho yo o suleng. Gongwe seno se ka lebega e se sepe se se kalo. Mme gone, go ne go ka nna thata fa Monasirite a tlhokafaletswe ke mongwe wa losika, ka gonne ka nako eo go ne go tlwaelegile gore batho ba atamele motho yo o suleng. (Joh. 19:39, 40; Dit. 9:36-40) Le fa go ntse jalo, Banasirite ba ne ba sa dire jalo, tota le fa go tlhokafetse mongwe mo lelapeng. Ba ne ba diragatsa maikano a ba a dirileng. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a nonotsha batlhanka bano ba gagwe gore ba kgone go itshokela maemo ao a a thata.

11. Nkirisiti wa ka fanila ku zwimisila ku thamani ha e thama zwithu zwe nsha? (Bona itshwantsho.)

11 Fa re ineela mo go Jehofa, re mo solofetsa gore re tla mo ikobela, mme seo se ama ditshwetso tse re di dirang. Ka sekai, re dira sotlhe se re ka se kgonang go tlhokomela ba malapa a rona. Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra tlola melao ya ga Jehofa fela gore re ba itumedise. (Math. 10:35-37; 1 Tim. 5:8) Tota e bile ka dinako tse dingwe re ka nna ra tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa, le fa ba malapa a rona ba sa dumalane le tsone.

A o ikemiseditse go ikobela Jehofa le fa go le thata? (Bona serapa 11) d


12. Alexandru wa kati a ka lingisana ne chimo cha ka sima che nsha,a ka thamani,ngono a ka si thameni?

12 Akanya ka se se ileng sa diragalela Alexandru. Ene le mosadi wa gagwe yo o bidiwang Dorina ba ne ba ithuta Baebele. Mme morago ga ngwaga, Dorina o ne a tlogela go ithuta e bile o ne a batla gore Alexandru le ene a tlogele. Le fa go ntse jalo, Alexandru o ile a mo tlhalosetsa ka bonolo gore ga a kitla a tlogela. Dorina o ne a sa itumela, e bile o ne a leka go pateletsa Alexandru gore a tlogele go ithuta. Alexandru a re o ne a sa tlhaloganye gore ke eng fa mosadi wa gagwe a ne a itshwara jalo. Fa Dorina a mo tshwaya diphoso kgotsa a mo tlhaba ka mafoko, a re e ne e kete a ka ineela. Mme gone ga a ka ineela, o ile a tswelela a ikobela Jehofa e bile a bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo rata le gore o a mo tlotla. Seno se ile sa dira gore Dorina a simolole go ithuta Baebele gape, mme moragonyana o ile a kolobediwa. Bona bidio ya setlhogo se se reng, Alexandru le Dorina Văcar: “Lorato lo Pelotelele e Bile lo Pelonomi” mo jw.org mo karolong ya “Boammaaruri bo Fetola Matshelo a Batho.”

13. Ti nga lakidza Jehova ne be nsha wedu ludo chini?

13 Jehofa ke ene a simolotseng lelapa, e bile o batla gore re itumele mo malapeng. (Baef. 3:14, 15) Fa e le gore re batla go itumela, re tshwanetse go dira se Jehofa a reng re se dire. Nna o gopotse gore Jehofa o a itumela fa a bona o itima dilo dingwe gore o kgone go mo direla. Gape o a itumela fa o tlhokomela ba lelapa la gago e bile o ba bontsha gore o a ba rata le gore o a ba tlotla.​—Bar. 12:10.

IBE NE NKUMBULO WE BUNAZIRI

14. Ndi boyani dumbu ba ta ka fanila kulumbidza ne cha ti no leba?

14 Botlhe ba ba direlang Jehofa ba tshwanetse go ikemisetsa go itima dilo dingwe ka gonne ba mo rata. Mme gone, ka dinako dingwe ga go motlhofo go dira jalo. Ka jalo, re tshwanetse go kgothatsana. (Jobe 16:5) Ka sekai, a go na le bangwe mo phuthegong ya lona ba ba lekang go tshela botshelo jo bo sa raraanang gore ba kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng? A go na le basha ba ba lekang ka natla gore ba farologane le bana ba ba tsenang sekolo le bone, le fa go dira jalo go se motlhofo? A go na le batho ba ba ithutang Baebele kgotsa badumedimmogo le wena ba ba tswelelang ba ikanyega le fa ba malapa a bone ba ba thatafaletsa botshelo? Fa go le jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang go ba kgothatsa mme o ba bolelele gore o a ba rata ka gonne ba le pelokgale e bile ba direla Jehofa ka bojotlhe.​—File. 4, 5, 7.

15. Bangwe ba ka batsha chini ba no shinga nshingo we chibaka chi zhele?

15 Ka dinako dingwe re ka kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. (Diane 19:17; Baheb. 13:16) Kgaitsadi mongwe yo o godileng wa kwa Sri Lanka o ile a dira jalo. Le fa maemo a ikonomi a ne a sa jese diwelang mo nageng ya bone, fa madi a gagwe a phenshene a sena go okediwa, o ne a batla go thusa bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela gore ba tswelele ba direla Jehofa. Ka jalo kgwedi le kgwedi o ne a ba duelela ditshenyegelo tsa founo. Ruri kgaitsadi yono o na le pelo e ntle!

16. Ti nga zwidiyani mu ndongoloso ye Banaziri ba ntolo?

16 Re ithutile go le gontsi mo sekaong sa Banasirite. Mme gape thulaganyo eno e re ruta go le gontsi ka Jehofa. Ka sekai, e re thusa go bona gore Jehofa o a itse gore re batla go mo itumedisa le gore re ikemiseditse go dira dilo dingwe gore re mo ikobele. Gape e re thusa go bona gore o a re tlotla ka go re naya tshono ya go bontsha gore re a mo rata. (Diane 23:15, 16; Mar. 10:28-30; 1 Joh. 4:19) Mo godimo ga moo, thulaganyo eno e re bontsha gore Jehofa o bona matsapa a re a tsayang le dilo tse re itimang tsone gore re mo direle. Ka jalo, e kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re direla Jehofa ka bojotlhe.

U NGA DABILA CHINI?

  • Banaziri ba ka lakidza ne zila dzipi kuti ba no zwidusa chibayilo kakale ba ka sima?

  • Ti nga kulumbidza bangwe chini ngwenu kuti ba be ne nkumbulo we Bunaziri?

  • Ndongoloso ye Banaziri i no lakidza chini se kwa Jehova e themba banamati babe?

LUMBO 124 Re Ikanyege ka Metlha

a Jehofa o ile a tlhopha batho bangwe gore e nne Banasirite. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba le bantsi ke bone ba neng ba itlhophela go nna Banasirite.​—Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Banasirite ba Jehofa a Neng a ba Tlhophile.”

b Ka dinako tse dingwe dikgatiso tsa rona di ne di tshwantsha Banasirite le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, mo setlhogong seno re tlile go bona gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ka etsa jang Banasirite.

c Ga go lebege Banasirite ba ne ba na le dikabelo tse dingwe tse ba neng ba tshwanetse go di dira gore ba diragatse maikano a bone.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Monasirite o kwa borulelong mme o lebile batho ba ya go fitlha mongwe wa losika. Ga a kgone go ya go mo fitlha ka gonne o dirile maikano.