Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 8

LUMBO 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

Dwilila u Tobela Butungamili Gwa Jehova

Dwilila u Tobela Butungamili Gwa Jehova

“Ndimi, Yahwe, Ndzimu . . . iwo unomudiya.”​—IZA. 48:17.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore Jehofa o kaela batho ba gagwe jang gompieno le gore go ikobela kaelo ya gagwe go re tswela mosola jang.

1. Lakidza kuti ini ta ka fanila tobela butungamili gwa Jehova.

 A RE re o mo sekgweng mme o latlhegile. O tshogile ka gonne go na le diphologolo tse di bogale tsa naga le ditshenekegi tse di nang le botlhole e bile o ka nna wa wela mo dikhuting. Go ne go ka nna botoka thata fa o ne o tsamaya le mongwe yo o itseng lefelo leo ka gonne o ne a tla go kaela gore o ye kae gore o se ka wa tlhagelwa ke kotsi. Lefatshe leno le tshwana le sekgwa. Le na le dilo di le dintsi tse di ka senyang botsala jwa rona le Jehofa. Se se itumedisang ke gore Jehofa o a re kaela gore re se ka ra wela mo dikotsing tseo, e bile o tla re thusa gore re tshelele ruri kwa lefatsheng le lesha.

2. Jehova U no ti diya chini?

2 Jehofa o dirisa Baebele le batho go re kaela. Ka sekai, o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go re ruta, mme dithuto tseo di re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. (Math. 24:45) Gape Jehofa o dirisa balebedi ba potologo le bagolwane go re kgothatsa le go re naya kaelo e e re thusang go itshoka fa re na le mathata. Eleruri re lebogela go bo Jehofa a re kaela mo malatsing ano a bofelo a a tletseng mathata. Kaelo ya gagwe e re thusa gore re tswelele re atamalane le ene, le gore re tswelele re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

3 Go ka nna thata go ikobela kaelo ya ga Jehofa, segolobogolo fa re e newa ke batho ba ba dirang diphoso. Goreng? Ka gonne ba ka nna ba re kopa gore re dire sengwe se re sa batleng go se dira. Kgotsa ba ka re naya kaelo e re tsayang gore ga e utlwale, re bo re ipolelela gore ga e tswe kwa go Jehofa. Fa seno se direga, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa ke ene a kaelang batho ba gagwe, le gore go ikobela kaelo ya gagwe go re tswela mosola ka metlha. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore (1) Jehofa o ne a kaela batho ba gagwe jang mo nakong e e fetileng, (2) o re kaela jang gompieno le gore (3) go ikobela kaelo ya gagwe go re tswela mosola jang.

Jehofa ga a bolo go kaela batho ba gagwe a dirisa banna ba a ba tlhomileng (Bona serapa 3)


SE KWA JEHOVA A KA TUNGAMILA ICHABA CHE IZIRAELE

4-5. Jehova Wa ka lakidza chini kuti wa ka be e shingisa Mozisi ku tungamila Baiziraele? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

4 Jehofa o ile a tlhoma Moshe gore a kaele Baiseraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto. O ile a dira gore go bonale gore o dirisa Moshe go ba kaela. Ka sekai, fa go le motshegare o ne a dirisa pilara ya leru, mme fa go le bosigo o ne a dirisa ya molelo. (Ekes. 13:21) Moshe o ne a latela pilara eo gongwe le gongwe kwa e yang gone, mme e ile ya ba isa kwa Lewatleng le Lehibidu. Baiseraele ba ne ba tshogile ba akanya gore Baegepeto ba tlile go ba bolaya. Ka jalo ba ile ba re Moshe o ne a dirile phoso go ba isa koo. Mme go ne go sa nna jalo. Jehofa ke ene a neng a dirisitse Moshe go ba kaela gore ba ye kwa Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 14:2) Ka jalo o ile a ba sireletsa ka tsela e e gakgamatsang.​—Ekes. 14:26-28.

Moshe o ne a ya gongwe le gongwe kwa pilara ya leru e neng e ya gone fa ba le kwa nageng (Bona serapa 4 le 5)


5 Go ne ga feta dingwaga di le 40 Moshe a latela pilara eo ka gonne o ne a itse gore Jehofa o e dirisa go kaela batho ba gagwe. a Nako nngwe Jehofa o ile a e baya mo godimo ga tente ya ga Moshe, mo Baiseraele botlhe ba neng ba kgona go e bona teng. (Ekes. 33:7, 9, 10) Jehofa o ne a bua le Moshe go tswa mo pilareng eo, mme Moshe o ne a fetisetsa ditaelo tsa ga Jehofa mo Baiseraeleng. (Pes. 99:7) Go ne go le mo pepeneneng gore Jehofa o dirisa Moshe go kaela Baiseraele.

Moshe le Joshua (Bona serapa 5 le 7)


6. Baiziraele ba ka zwibata chini mu butungamili gwa Jehova? (Palo 14:2, 10, 11)

6 Se se utlwisang botlhoko ke gore Baiseraele ba le bantsi ba ile ba gana go amogela gore Jehofa o dirisa Moshe go ba kaela. (Bala Dipalo 14:2, 10, 11.) Ka jalo Jehofa ga a ka a ba letla go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng.​—Dipa. 14:30.

7. Lakidza se kwa bangwe ba ka sala shule butungamili gwa Jehova. (Palo 14:24) (Bona itshwantsho.)

7 Mme gone, Baiseraele bangwe ba ne ba ikobela kaelo ya ga Jehofa. Ka sekai, Jehofa o ne a re: “Kalebe . . . [o ne] a nna a ntshala morago ka pelo yotlhe.” (Bala Dipalo 14:24.) Jehofa o ile a segofatsa Kalebe, e bile o ile a mo letla gore a itlhophele gore o batla go nna kae kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Josh. 14:12-14) Baiseraele ba ba ileng ba letlelelwa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le bone ba ne ba ikobela kaelo ya ga Jehofa. Fa Moshe a sena go swa, Joshua ke ene a neng a ba etelela pele, “mme ba ne ba mo tlotla thata malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” (Josh. 4:14) Ka jalo Jehofa o ile a ba segofatsa ka go ba tsenya mo lefatsheng le a neng a ba solofeditse lone.​—Josh. 21:43, 44.

8. Chenesa se kwa Jehova a ka tungamila bathu babe mu chibaka cha kwa ka be ku busa boshe. (Bona itshwantsho.)

8 Dingwaga moragonyana, Jehofa o ile a tlhoma baatlhodi gore ba kaele batho ba gagwe, mme ka motlha wa dikgosi o ile a tlhoma baporofeti. Dikgosi tse di ikanyegang di ne di reetsa kgakololo ya baporofeti bao. Ka sekai, fa moporofeti Nathane a ne a kgalemela Dafide, Dafide o ile a ikokobetsa a bo a amogela kgalemelo eo. (2 Sam. 12:7, 13; 1 Ditir. 17:3, 4) Kgosi Jehoshafate o ile a reetsa kgakololo ya ga moporofeti Jahasiele e bile o ile a laela batho ba Juda gore ba ‘nne le tumelo mo baporofeting ba Modimo.’ (2 Ditir. 20:14, 15, 20) Kgosi Hesekia ene o ile a kopa moporofeti Isaia gore a mo thuse fa a ne a tlaletswe. (Isa. 37:1-6) Nako le nako fa dikgosi di ne di ikobela kaelo ya ga Jehofa, o ne a di segofatsa a bo a sireletsa batho ba gagwe. (2 Ditir. 20:29, 30; 32:22) Ruri go ne go bonala gore Jehofa o dirisa baporofeti go kaela batho ba gagwe! Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba le bantsi le dikgosi ba ne ba gana go ba reetsa.​—Jer. 35:12-15.

Kgosi Hesekia le moporofeti Isaia (Bona serapa 8)


SE KWA JEHOVA A KA TUNGAMILA BAKIRISITI BA NTOLO

9. Jehova Wa ka shingisa yani ku tungamila Bakirisiti mu century ye kutanga? (Bona itshwantsho.)

9 Fa Jesu a sena go tsosiwa, Jehofa o ile a tlhoma phuthego ya Bakeresete. O ne a ba kaela jang? O ile a tlhoma Jesu gore e nne tlhogo ya phuthego. (Baef. 5:23) Mme Jesu ene o ne a dirisa baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema gore ba etelele pele. (Dit. 15:1, 2) Mo godimo ga moo, go ne ga tlhomiwa bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe gore ba etelele pele.​—1 Bathes. 5:12; Tito 1:5.

Baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema (Bona serapa 9)


10. (a) Bunji gwe Bakirisiti be century ye kutanga ba ka zwibata chini mu ku hwilila butungamili? (Mishingo 15:30, 31) (b) Ini bangwe mu chibaka che ku kwagwa kwe Baibili ba ka kongwa hwilila bamilili ba Jehova? (Bona box li noti “ Goreng Bangwe Ba ne Ba Gana go Reetsa?”)

10 Se se itumedisang ke gore Bakeresete ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba itumelela kaelo e ba neng ba e newa e bile ba ne ba e dirisa. Baebele e a re: ‘Ba ne ba itumelela mafoko a a kgothatsang’ a ba neng ba a newa. (Bala Ditiro 15:30, 31.) Mme gone, Jehofa o ntse a kaela batho ba gagwe jang mo motlheng ono wa rona?

SE KWA JEHOVA E TI TUNGAMILA NGWENU

11. Lakidza se kwa Jehova A ka tungamila ba na ndawulo mu chibaka cha ka pinda.

11 Jehofa o sa ntse a kaela batho ba gagwe le gompieno. O dirisa Baebele le Morwawe, e leng tlhogo ya phuthego. Gape go na le bosupi jo bo bontshang gore Jehofa o dirisa batho go re kaela. Ka sekai, akanya ka se se ileng sa direga morago ga ngwaga wa 1870. Fa Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ntse ba dira dipatlisiso, ba ile ba lemoga gore Bogosi Jwa Modimo bo ne bo tla tlhomiwa ka 1914. (Dan. 4:25, 26) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a ba kaela. Se se ileng sa direga ka ngwaga oo se ne se bontsha gore Bogosi Jwa Modimo bo setse bo simolotse go busa. Go ile ga runya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, mme morago ga moo go ile ga nna le malwetse a leroborobo, dithoromo tsa lefatshe le ditlhaelo tsa dijo. (Luke 21:10, 11) Eleruri Jehofa o ne a dirisa banna bano ba ba ikanyegang go kaela batho ba gagwe.

12-13. Kwa ka be ne ndongoloso ipi ye ku rera ne ku diya mu chibaka che nghwa ye World War II?

12 Gape akanya ka se se ileng sa direga ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe. Bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele ba ile ba dira dipatlisiso, mme ba ile ba lemoga gore go ya ka Tshenolo 17:8, Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe e ne e ka se felele ka Aramagedona. Gape ba ile ba lemoga gore go ne go tla nna le nako ya kagiso, mme seo se ne se tla thusa Basupi gore ba kgone go rerela batho ba le bantsi. Ka jalo ba ile ba tlhoma Sekolo sa Baebele sa Gileade, le fa ka nako eo go ne go lebega go sa utlwale go dira jalo. Sekolo seo se ne se katisa barongwa gore ba ye go rera kwa dinageng tse di farologaneng. Tota le ka nako eo ya ntwa, barongwa ba ne ba ntse ba romelwa go ya go rera. Mo godimo ga moo, go ile ga nna le Khoso ya Bodiredi Jwa Puso ya Modimo b e e neng e katisa baboledi mo diphuthegong gore ba tokafatse tsela e ba rerang le e ba rutang ka yone. Modimo ne a baakanyetsa batho ba gagwe tiro ya go rera e e neng e larile kwa pele.

13 Tota go a bonala gore Jehofa o ne a kaela batho ba gagwe mo nakong eo e e thata. Fa e sa le go tloga ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, batho ba ga Jehofa ba ntse ba rera ka kgololesego mo dinageng di le dintsi mme seo se thusitse batho ba le bantsi gore ba itse Jehofa.

14. Ini ta ka fanila themba butungamili gwe gubungano la Jehova ne bakugwana? (Zumbunulo 2:1) (Bona itshwantsho.)

14 Bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba ikobela kaelo ya ga Jesu. Ba batla gore go bonale gore ditaelo tse ba di nayang bakaulengwe le bokgaitsadi di tswa kwa go Jehofa le Jesu. Ba dirisa balebedi ba potologo le bagolwane go kaela diphuthego. c Tota e bile, Baebele e a re bagolwane ba mo seatleng sa ga Jesu sa moja. (Bala Tshenolo 2:1.) Gone ke nnete gore bagolwane ba dira diphoso fela jaaka Moshe, Joshua le baaposetoloi le bone ba ne ba di dira. (Dipa. 20:12; Josh. 9:14, 15; Bar. 3:23) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jesu o kaela motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le bagolwane, e bile o tla tswelela a dira jalo “malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.” (Math. 28:20) Ka jalo re tshwanetse go ikobela kaelo e a re nayang yone a dirisa banna bano.

Setlhopha se se Laolang (Bona serapa 14)


TO BONA MBAYILO MU KU DWILILA TI TOBELA BUTUNGAMILI GWA JEHOVA

15-16. U nga zwidiyani mu na cha ka shingikalila ba ka be be sala butungamili gwa Jehova shule?

15 Go ikobela kaelo ya ga Jehofa go dira gore a re segofatse. Ka sekai, Andy le Robyn ba ile ba ikobela kaelo e motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a re nayang yone ya gore re tshele botshelo jo bo sa raraanang. (Baheb. 13:5) Seno se ile sa ba thusa gore ba kgone go ithaopa mo diporojekeng tsa go aga Diholo Tsa Bogosi le dikago tse dingwe tsa Basupi. Robyn a re: “Re ile ra nna mo mafelong a mannye, a go le gantsi a neng a se na khitšhine. Gape ke ile ka rekisa dilo tse ke neng ke di dirisa go tsaya dinepe. Ke ne ke utlwile botlhoko thata ka gonne ke rata go tsaya dinepe. Mme fela jaaka mosadi wa ga Aborahame e bong Sara, ke ne ke ipoleletse gore ga nkitla ke leba kwa morago.” (Baheb. 11:15) A tshwetso e Andy le Robyn ba ileng ba e dira e ile ya ba tswela mosola? Robyn a re: “Re itumetse ka gonne re a itse gore re direla Jehofa ka bojotlhe. Fa re thusa mo diporojekeng tsa go aga, re kgona go bona lemmenyana la gore go tla bo go ntse jang kwa lefatsheng le lesha.” Andy ene a re: “Re itumetse ka gonne re dirisa nako le maatla a rona go direla Jehofa.”

16 Go ikobela kaelo ya ga Jehofa go re tswela mosola jang gape? Akanya ka se Marcia a ileng a se dira. Fa a fetsa sekolo o ne a batla go nna mmulatsela. (Math. 6:33; Bar. 12:11) A re: “Ke ile ka newa basari ya gore ke ye yunibesithing dingwaga di le nnê, mme nna ke ne ke batla go direla Jehofa mo go oketsegileng. Ka jalo, ke ile ka ya kholetšheng gore ke ye go ithuta bokgoni bongwe jo bo neng bo tla nthusa go nna le lotseno fa ke ntse ke le mmulatsela. Ga ke ikwatlhaele tshwetso e ke ileng ka e dira. Gone jaanong ke itumelela go nna mmulatsela, tiro e ke e dirang e ntetla gore ke kgone go thusa kwa Bethele e bile ke kgona go dira ditiro tse dingwe tse dintsi mo phuthegong ya ga Jehofa.”

17. Ti nga bona mbayilo upi ha ti dwilila ti sala butungamili gwa Jehova shule? (Izaya 48:17, 18)

17 Ka dinako tse dingwe phuthego ya ga Jehofa e re naya kgakololo e e re sireletsang. Ka sekai, re gakololwa gore re se ka ra rata madi le gore re se ka ra dira dilo tse di ka senyang botsala jwa rona le Jehofa. Go latela kaelo eno le gone go re tswela mosola. Go re thusa gore re nne le segakolodi se se siameng le gore re se ka ra ipiletsa mathata a le kgakala. (1 Tim. 6:9, 10) Seno se re thusa gore re direle Jehofa ka pelo yotlhe, mme ga go na sepe se se itumedisang go feta seno.​—Bala Isaia 48:17, 18.

18. Ini wa ka zwimisila ku dwilila u sala butungamili gwa Jehova shule?

18 Ga go pelaelo gore Jehofa o tla tswelela a dirisa batho go re kaela ka nako ya pitlagano e kgolo le ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. (Pes. 45:16) A o tla tswelela o ikobela kaelo ya ga Jehofa le fa o kopiwa gore o dire sengwe se o sa batleng go se dira? Fa re ikobela kaelo ya ga Jehofa gone jaanong, go tla nna motlhofo gore re dire jalo le mo nakong e e tlang. Ka jalo a re ikemisetseng go tswelela re ikobela kaelo ya ga Jehofa, go akaretsa le e re e newang ke bagolwane. (Isa. 32:1, 2; Baheb. 13:17) Re ka ikobela kaelo ya ga Jehofa re tlhatswegile pelo gore o tla re thusa gore re se ka ra wela mo dikotsing tse di ka senyang botsala jwa rona le ene, le gore o tla re thusa gore re tshelele ruri kwa lefatsheng le lesha.

U NGA DABILA CHINI?

  • Jehova Wa ka tungamila ichaba che Iziraele chini?

  • Jehova Wa ka tungamila Bakirisiti ba ntolo chini?

  • To bona mbayilo upi mu ku tobela butungamili gwa Jehova ngwenu?

LUMBO 48 Go Tsamaya le Jehofa ka Metlha

a Gape Jehofa o ne a tlhomile moengele “yo o neng a eteletse Baiseraele pele” go ya go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Go bonala moengele yono e ne e le Mikaele, e leng leina le Jesu a neng a bidiwa ka lone pele a tla mo lefatsheng.​—Ekes. 14:19; 32:34.

b Moragonyana khoso eno e ne ya bidiwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Gone jaanong ke karolo ya dipokano tsa mo gare ga beke.

c Bona lebokoso le le reng, “Maikarabelo a Setlhopha se se Laolang” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2021, ts. 18.