Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele go Letela Jehofa

Itumelele go Letela Jehofa

ROTLHE fela re swegaswega pelo go bona Jehofa a fedisitse dilo tse di bosula e bile a dirile dilo tsotlhe disha. (Tshen. 21:1-5) Mme gone, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore re nne re letile Jehofa re le pelotelele, segolobogolo fa re na le mathata. Mo godimo ga moo, fa sengwe se re se letetseng se tsaya nako go direga, re ka kgobega marapo.​—Diane 13:12.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore re mo lete re le pelotelele gore a dire se a se solofeditseng. Goreng a batla gore re dire jalo? Ke eng se se ka re thusang fa re ntse re letile?

GORENG JEHOFA A BATLA GORE RE NNE RE LETILE?

Baebele e a re: “Jehofa o letile ka bopelotelele gore a lo tlhomogele pelo, mme o tla go utlwela botlhoko. Gonne Jehofa ke Modimo wa tshiamiso. Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.” (Isa. 30:18) Mafoko ano a ne a kwaletswe Bajuda ba motlha wa ga Isaia ba ba neng ba le tlhogoethata. (Isa. 30:1) Mme gone, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba ikanyega. Ka jalo mafoko ao a ile a ba kgothatsa, mme le rona a ka re kgothatsa.

Re tshwanetse go nna re letile re le pelotelele ka gonne Jehofa le ene o letile a le pelotelele. O tlhomile letsatsi le a tlileng go fedisa lefatshe leno ka lone, mme o letile gore le goroge. (Math. 24:36) Ka nako eo go tla bo go bonala gore se Satane a ileng a se bua ka Jehofa le ka batho ba ba mo direlang ke maaka a matala. Go tswa foo, o tla nyeletsa Satane le botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe, mme rona o tla re “utlwela botlhoko.”

Fa re ntse re letile, re a itse gore Jehofa a ka se dire gore re se ka ra nna le mathata. Mme gone o re netefaletsa gore re ka kgona go leta re itumetse. Isaia o ile a tlhalosa gore re ka kgona go itumela fa re ntse re letile gore Jehofa a dire se a se solofeditseng. (Isa. 30:18) Mma re tlotle ka dilo di le nnê tse di ka re thusang gore re lete re itumetse.

SE SE KA RE THUSANG GO ITUMELA

Tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse di diregang mo botshelong jwa gago. Kgosi Dafide o ile a bona batho ba le bantsi ba dira dilo tse di bosula. (Pes. 37:35) Le fa go ntse jalo o ne a re: “Leta Jehofa o le pelotelele mo letele mme o bone gore o tla dira eng. O se ka wa galefisiwa ke motho yo o kgonang go diragatsa maano a gagwe.” (Pes. 37:7) Dafide ga a ka a nna motlhanka wa mafoko a gagwe, o ile a dira fela jalo. O ne a tlhomile mogopolo mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya gore o tla mo thusa. Gape o ne a nna a akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a neng a mo diretse tsone. (Pes. 40:5) Le rona fa re nna re tlhomile mogopolo mo dilong tse dintle tse di diregang mo botshelong jwa rona, e seng mo mathateng a re nang le one, go tla nna motlhofo gore re nne re letile Jehofa.

Dirisa tshono nngwe le nngwe go baka Jehofa. Mokwadi wa Pesalema 71 yo go lebegang e le Dafide, o ne a raya Jehofa a re: “Ke tla tswelela ke letile; ke tla nna ke go baka.” (Pes. 71:14) O ile a baka Jehofa jang? O ne a bolelela batho ba bangwe ka ene e bile a mo opelela dipina tsa pako. (Pes. 71:16, 23) Fela jaaka Dafide, le wena o ka itumela fa o ntse o letile Jehofa. Re baka Jehofa fa re rerela batho, fa re bua ka ene le ba masika le ditsala le fa re opela dipina tsa kobamelo. Ka jalo fa o opela pina ya Bogosi, iphe nako ya go akanyetsa kwa teng ka mafoko a yone, mme o leke go bona gore a ka go thusa jang gore o itumele.

Letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba go kgothatse. Fa Dafide a ne a lebane le dikgwetlho o ne a raya Jehofa a re: “Ke tla solofela mo leineng la gago . . . , ke na le batho ba gago ba ba ikanyegang.” (Pes. 52:9) Le rona re ka letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re kgothatse e seng fela fa re le kwa dipokanong le kwa bodireding, mme gape le fa re iketlile le bone.​—Bar. 1:11, 12.

Dira dilo tse di tla go tlhatswang pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng. Pesalema 62:5 e a re: “Ke letetse Modimo ke le pelotelele ka gonne tsholofelo ya me e tswa kwa go ene.” Go botlhokwa gore re tlhatswege pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng, ka gonne seno se tla re thusa gore re tswelele re itshokile le fa bokhutlo bo sa tle ka nako e re neng re akanya gore bo tla tla ka yone. Ke eng se se tla re thusang go tlhatswega pelo jalo? Ke go ithuta Baebele. Ka sekai, iphe nako ya go akanya ka boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe, le kafa se bakwadi ba ba farologaneng ba Baebele ba se kwadileng se dumalanang ka gone. Gape iphe nako ya go akanya ka dintlha tse Jehofa a ileng a dira gore di kwalwe ka ene tse di re thusang gore re mo itse. (Pes. 1:2, 3) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go nna re rapela re “thusiwa ke moya o o boitshepo.” Go dira jalo go tla re thusa gore re tswelele re atamalane le Jehofa fa re ntse re letile gore a dire se a se solofeditseng.​—Jude 20, 21.

Nna o gopotse gore Jehofa o tlhokomela ba ba nnang ba mo letile e bile o ba bontsha lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng. (Pes. 33:18, 22) Ka jalo, tswelela o letile Jehofa o le pelotelele ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse di diregang mo botshelong jwa gago, ka go mmaka, ka go letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba go kgothatse le ka go dira dilo tse di tla go tlhatswang pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng.