Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

KA LABORARO ka di18 tsa January 2023, go ne ga dirwa kitsiso e e kgethegileng mo jw.org ya gore Mokaulengwe Gage Fleegle le Mokaulengwe Jeffrey Winder, ba tlhomilwe go nna maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Bakaulengwe bano ba na le lobaka lo loleele ba direla Jehofa ka boikanyegi.

Gage Fleegle a na le Nadia

Mokaulengwe Fleegle o goletse kwa Pennsylvania kwa U.S.A., a godisiwa ke batsadi ba Basupi. Fa a sa le mosha, ba ne ba fudugela kwa toropong e nnye kwa go neng go tlhokega baboledi gone. Morago ga moo, ka di20 tsa November 1988, o ne a kolobediwa.

Batsadi ba ga Mokaulengwe Fleegle ba ne ba tlhola ba mo kgothaletsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Gantsi ba ne ba laletsa bapotologi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang kwa Bethele gore ba tle kwa legaeng la bone. Ka jalo, Mokaulengwe Fleegle o ne a kgona go lemoga gore ba itumetse. Nakwana fa a sena go kolobediwa o ne a nna mmulatsela wa ka metlha ka di1 tsa September 1989. Dingwaga di le pedi moragonyana ka October 1991, o ne a simolola go direla kwa Bethele e e kwa Brooklyn, e leng mokgele o a neng a ipeetse one fa a na le dingwaga di le 12.

Mokaulengwe Fleegle o ne a fetsa dingwaga di le robedi a direla mo lefapheng le go dirwang dikgatiso kwa go lone, mme morago ga moo o ne a kopiwa go direla mo Lefapheng la Tirelo. Ka yone nako eo o ne a le mo phuthegong ya Se-Russia. Ka 2006 o ne a nyala Nadia, mme le ene o ne a ya Bethele. Ba ne ba direla mo phuthegong ya Sepotokisi, e bile ba ile ba fetsa dingwaga di feta lesome mo phuthegong ya Se-Spanish. Fa Mokaulengwe Fleegle a sena go fetsa dingwaga di le dintsi mo Lefapheng la Tirelo o ne a ya go direla kwa Ofising ya Komiti ya go Ruta, mme moragonyana a direla kwa Ofising ya Komiti ya Tirelo. Ka March 2022 o ne a tlhomiwa go nna mothusi mo Komiting ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang.

Jeffrey Winder a na le Angela

Mokaulengwe Winder o goletse kwa California kwa U.S.A. O godisitswe ke batsadi ba Basupi, e bile o ne a kolobediwa ka di29 tsa March 1986. Mo kgweding e e latelang, o ne a nna mmulatsela yo o thusang e bile o ne a itumelela tiro eo. Ka jalo, morago ga dikgwedi di le mmalwa, ka di1 tsa October 1986 o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.

Fa Mokaulengwe Winder a sa le mosha, o ile a etela bomogolowe ba babedi ba ba neng ba direla kwa Bethele. Seo se ne sa dira gore a batle go direla kwa Bethele. Mme ka May 1990 o ne a kopiwa gore a ye go direla kwa Bethele e e kwa Wallkill.

Mokaulengwe Winder o ile a bereka mo Lefapheng la go Phepafatsa, mo masimong a Bethele le kwa Ofising ya Bethele. O ne a nyala Angela ka 1997, mme fa e sa le go tloga ka nako eo ba ntse ba direla kwa Bethele mmogo. Ka 2014 ba ne ba ya kwa Warwick, mme Mokaulengwe Winder o ne a thusa mo porojekeng ya go aga ntlokgolo. Ka 2016 ba ne ba ya kwa Patterson, mme Mokaulengwe Winder o ne a bereka mo Lefapheng la Audio/Video. Dingwaga di le nnê moragonyana ba ne ba boela kwa Warwick, mme Mokaulengwe Winder o ne a bereka mo Ofising ya Komiti ya Badiri. Ka March 2022 o ne a tlhomiwa go nna mothusi mo Komiting ya Badiri ya Setlhopha se se Laolang.

Re rapela gore Jehofa a segofatse “banna [bano] ba ba nang le bokgoni” gore ba tswelele ba dira ka natla mo tirong ya gagwe.​—Baef. 4:8.