Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Baebele e a reng ka bokgoni jwa ga Jehofa jwa go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang?

Baebele e a re Jehofa o kgona go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang. (Isa. 45:21) Le fa go ntse jalo, ga e tlhalose gore o dira seo jang le gore o dira jalo mo maemong afe. Ka jalo ga re itse sengwe le sengwe ka bokgoni jono jwa gagwe. Mme gone, go na le dilo dingwe tse re di itseng.

Jehofa o kgona go dira sengwe le sengwe fela se a se batlang, mme ka dinako dingwe o tlhopha go sa dire dilo dingwe. O botlhale, ka jalo o kgona go itse sengwe le sengwe fela se se tla diregang mo nakong e e tlang. (Bar. 11:33) Le fa go ntse jalo e re ka a na le boikgapo, gape a ka tlhopha go sa itse se se tla diregang.​—Bapisa le Isaia 42:14.

Jehofa o diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Seno se re thusa jang go tlhaloganya bokgoni jwa gagwe jwa go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang? Isaia 46:10 e a re: “Go tswa kwa tshimologong, ke bolela se se tla diregang, e bile ke bolela dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong. Ka re, ‘Tshwetso ya me e tla diragala, e bile ke tla dira sepe fela se ke se batlang.’”

Ka jalo Jehofa o kgona go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang ka gonne o na le maatla a go dira se a se ikaeletseng. Ka dinako tse dingwe fa re bala buka kgotsa re lebeletse movie, re ya kwa bofelong ka gonne re batla go itse gore go tlile go direga eng. Jehofa ene ga a tlhoke go itse gore go tla direga eng mo nakong e e tlang. Go na le moo, a ka kgona go dira tshwetso ya gore go tla direga sengwe ka nako e e rileng, a bo a netefatsa gore go nna fela jalo.​—Ekes. 9:5, 6; Math. 24:36; Dit. 17:31.

Ke gone ka moo Baebele e dirisang mafoko a a jaaka “rulaganya,” “bopa” le “ikaelela” fa e bua ka dilo tse Jehofa a tla di dirang mo nakong e e tlang. (2 Dikg 19:25; ntlh.; Isa. 46:11) Mafoko ano a ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera le le tsamaisanang le lefoko “mmopi wa letsopa.” (Jer. 18:4) Fela jaaka mmopi wa letsopa a kgona go dira sejana se sentle a dirisa letsopa, Jehofa le ene o kgona go dira sengwe le sengwe fela go diragatsa se a se ikaeletseng.​—Baef. 1:11.

Jehofa o letla batho gore ba itirele ditshwetso. Ga a dire tshwetso ya gore mongwe le mongwe o tla diragalelwa ke eng mo botshelong. Gape ga a dire gore batho ba ba siameng ba dire sengwe se se tla dirang gore ba fedisiwe. Go na le moo, o letla mongwe le mongwe gore a itlhophele gore o tla tshela jang. Mme se se itumedisang ke gore o re ruta gore re ka tshela jang ka tsela e e siameng.

Mma re tlotle ka dikai di le pedi tse di bontshang gore Jehofa o letla batho gore ba itirele ditshwetso. Sekai sa ntlha ke sa batho ba kwa Ninife. Jehofa o ne a bolelela pele gore Ninife e tlile go senngwa ka gonne batho ba motse oo ba ne ba dira dilo tse di bosula. Mme gone, e rile ba ikwatlhaya, Jehofa ga a ka “a ba tlisetsa masetlapelo a a neng a rile o tla a tlisa.” (Jona 3:1-10) O ile a fetola se a neng a ikaeletse go se dira ka gonne Baninife ba ile ba ikwatlhaya fa ba utlwa molaetsa wa gagwe wa katlholo.

Sekai se sengwe ke sa ga Kurose. Baebele e ile ya bolelela pele gore o ne a tla golola Bajuda kwa botshwarwa a bo a laela gore tempele ya ga Jehofa e agiwe sesha. (Isa. 44:26–45:4) Go ile ga nna fela jalo, Kgosi Kurose wa kwa Peresia o ile a diragatsa boporofeti joo. (Esera 1:1-4) Le fa go ntse jalo, Kurose o ne a sa obamele Jehofa. Le fa gone Jehofa a ile a mo dirisa go diragatsa boporofeti, o ile a mo letla gore a itlhophele gore a o tla mo obamela.​—Diane 21:1.

Tseno ke dilo di le mmalwa fela tse re di itseng ka Jehofa mo kgannyeng eno. Boammaaruri ke gore re ka se kgone go tlhaloganya sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang. (Isa. 55:8, 9) Mme gone se re se itseng ka ene se re tlhatswa pelo gore ka metlha o dira se se siameng, go akaretsa le fa a bolelela pele se se tla diregang mo nakong e e tlang.