Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Goreng Baebele e boaboeletsa mafoko mangwe?

KA DINAKO dingwe bakwadi ba Baebele ba ne ba boaboeletsa mafoko. A re tlotleng ka mabaka a le mararo a a ka tswang a dirile gore ba dire jalo.

Nako e e kwadilweng ka yone. Kwa Iseraele wa bogologolo, batho ba le bantsi ba ne ba se na dikhopi tsa Molao. Gantsi ba ne ba utlwa Molao fa o balwa kwa motlaaganeng fa ba ne ba phuthegile mmogo. (Dute. 31:10-12) Go ka tswa go ne go na le dilo tse di ba itayang tsebe e re ka ba ne ba fetsa nako e telele ba eme fa Molao o ntse o balwa. (Neh. 8:2, 3, 7) Ka jalo go boaboeletsa mafoko go ne go ba thusa gore ba kgone go gopola dintlha tsa botlhokwa le gore ba di dirise. Gape go ne go ba thusa gore ba kgone go gopola melao ya Modimo.​—Lefi. 18:4-22; Dute. 5:1.

Tsela e e kwadilweng ka yone. Baebele e na le dipina di le dintsi. Bontsi jwa tsone di mo bukeng ya Dipesalema, Sefela sa Difela le Dikhutsafalo. Dipina dingwe di boaboeletsa mafoko, mme seno se ne se thusa batho gore ba utlwe gore pina eo e bua ka eng le gore ba kgone go tshwarelela mafoko a yone. Ka sekai, Pesalema 115:9-11 e a re: “Wena Iseraele, tshepa Jehofa. Ke ene thuso ya gago le thebe ya gago. Lona ditlogolwana tsa ga Arone, tshepang Jehofa. Ke ene thuso ya lona le thebe ya lona. Lona ba lo boifang Jehofa, tshepang Jehofa. Ke ene thuso ya lona le thebe ya lona.” Go boaboeletsa mafoko a pina go ne go thusa baopedi gore ba nne ba gopotse molaetsa wa yone.

Go gatelela dintlha tsa botlhokwa. Ka dinako dingwe bakwadi ba Baebele ba ne ba boaboeletsa dintlha tsa botlhokwa. Ka sekai, fa Jehofa a ne a naya Baiseraele molao wa gore ba se ka ba ja madi, o ile a laela Moshe gore a boeletse lebaka la go bo ba sa tshwanela go dira jalo makgetlo a le mmalwa. Modimo o ne a batla go gatelela ntlha ya gore madi a emela botshelo. (Lefi. 17:11, 14) Moragonyana fa baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema ba ne ba kwala dilo tse Mokeresete a sa tshwanelang go di dira gore a itumedise Modimo, ba ne ba boa ba gatelela ntlha ya go sa je madi.​—Dit. 15:20, 29.

Le fa gone Baebele e boaboeletsa mafoko mangwe, seno ga se reye gore Jehofa o batla gore re itlwaetse go nna re boaboeletsa mafoko mangwe mo Baebeleng. Ka sekai, Jesu o ile a re: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe fela.” (Math. 6:7) Go tswa foo, o ile a re naya sekai sa dilo tse re ka di rapelelang. (Math. 6:9-13) Le fa gone re sa tshwanela go boaboeletsa mafoko fa re rapela, ga go phoso go rapelela sengwe gangwe le gape.​—Math. 7:7-11.

Go boaboeletsa mafoko ke tsela nngwe e Jehofa a e dirisang go re thusa gore se re se balang se re tswele mosola.​—Isa. 48:17, 18.